Masetlapelo Ano a Tla Fela Leng?
GO TLA fela leng gore bana ba gapiwe, ba sotliwe, ba dirisiwe ka tsela e e maswe thata le go tlhotlhelediwa maswe ke balekane ba bone? A bana ba ka sirelediwa ke fa go gagamadiwa melao le fa batho ba ba ba sotlang ba otlhaiwa botlhoko? A go okediwa ga dithulaganyo tsa loago tsa go ba tlamela ka dijo, bonno le thuto go tla fedisa go sotliwa le go ngwega ga bone? A go ruta batsadi ba ba amegang ka bana ba bone mekgwa e e botoka ya puisano go ka thusa batsadi go thibela dilo tse di raelang bana ba bone go ya kwa mafelong a a kotsi?
Le mororo dilo tseno di ka nna tsa thusa ka tsela nngwe, fa selo sa konokono se se bakang masetlapelo ano se sa nyelediwe, bana ba tla nna ba ntse ba boga thata. Go ya kafa mosha mongwe a ileng a bolela ka teng, maiteko ape fela a a dirwang go leka go rarabolola mathata a bana ba ba ngwegang mme a sa fedise go sotliwa le go tlhokomologiwa mo lelapeng, go ka direga thata gore a se ka a atlega gonne dilo di setse di senyegile thata.
Modi wa Bothata
Selo se segolo se se bakang mathata ano otlhe ke eng? A tla rarabololwa jang? Baebele e tlhalosa gore meya e e boikepo e e sa bonaleng, ke gore, Satane le badimona ba gagwe ke bone ba ba tlhasetseng malapa, ba itumelela go bona batho ba bediwa botlhoko, ba betelelwa le go sotliwa. (Genesise 6:1-6; Baefeso 6:12) Fa Jesu a santse a le mo lefatsheng, badimona bano ba ne ba tle ba tlhasele bana. Mosimane mongwe o ne a boga ka go tlhola a ngatega e bile a tlhola a wetse mo molelong.—Mareko 9:20-22.
Tota le mo makgolokgolong a dingwaga pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, badimona ba ne ba itumelela go bona bana ba bogisiwa le go fisiwa ka molelo go fitlha ba swa, ba isediwa medimo e e boikepo ya boheitane e e jaaka, Baale, Kemose le Moleke ditlhabelo. (1 Dikgosi 11:7; 2 Dikgosi 3:26, 27; Pesalema 106:37, 38; Jeremia 19:5; 32:35) Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamalela go bo gompieno mo lefatsheng leno le le ntseng le nnela boikepo go ya pele, badimona ba bo ba bogisa bana thata ka go dirisa baemedi ba batho ba ba sotlang basha, ba ba utlwisa botlhoko le go ba bolaya. Batho ba ba dirang dilo tse di maswe tseo gantsi ba fepa megopolo ya bone ka ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tse di ba rotloeletsang mekgwa ya bone e e leswe.
Tsela e badimona ba tlhotlheletsang batho ka yone e oketsegile thata mo motlheng wa rona, ka gonne Baebele e bitsa motlha ono wa rona ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya gompieno e e boikepo ya dilo. E ne ya bolelela pele gore e ne e tla nna “dipaka tse di tlhokofatsang.” Tsela e badimona ba tlhotlheletsang batho ka yone e dira gore ba nne boikepo fela jaaka dibopiwa tseno tse di boikepo tsa moya go feta nako epe pele. Baebele e ne ya bolelela pele gore batho mo motlheng wa rona ba ne ba tla nna bogale, ba sena boithibo ba se na lorato lwa tlholego, e se barati ba molemo gope.—2 Timotheo 3:1-5, 13.
Seno se tlhalosa sentle batho ba ba pelotshetlha ba ba tlhagisang difilimi, direkoto, dimakasine le dibuka tse di tlotlomatsang boaka, diokobatsi, go ipolaya, go bolaya, go betelela, go tlhakanela dikobo le wa losika, go golegwa le go bediwa ga batho. Ka tsone dilo tseno le tse dingwe tse di tshwanang le moya o o maswe, badimona ba kgotletse dikakanyo tsa basha le bagolo ka go tshwana, ba tlosa dilo tsa botlhokwa mo lelapeng le boitsholo jo bo siameng jwa bomodimo.
Tsela e go gapa bana, go ba betelela le go ba bolaya go oketsegileng ka yone, ke sengwe sa dilo tse di supang gore re mo metlheng ya bofelo. Mo godimo ga moo, Baebele e ne ya bolela gore ‘batho ba ne ba tla nna baithati, ba ba sa itshwareleng, ba sa tshepege, e le baoki.’ Ke gone ka moo gantsi batho ba tlhalanang e le gone fela ba nyalanang. Jaaka fa tlhalo e oketsega, go utswiwa ga bana ke batsadi le gone go oketsega fela jalo. E bile dipalo tsa batho ba ba itewang le go bolawa ke balekane ba bone ba gone jaanong kgotsa ba nako e e fetileng di oketsega tota mme bontsi jwa ba ba dirwang jalo ke basadi. Ka gone, re bona bana ba le bantsi ba ngwega mo magaeng ba rotloediwa ke batsadi ka go ba tlhokomologa le go ba sotla. Mo godimo ga moo, re tshela mo nakong e bana bangwe ba sa “utlweng batsadi ba bone” ba ba “tlhogoethata,” ba rata go sala ditsala morago go na le go latela melao ya bomodimo.—2 Timotheo 3:2-4.
Masetlapelo Ano a Tloga a Fela
Lefa go ntse jalo, Satane le badimona ba gagwe ba tloga ba fedisiwa. (Tshenolo 12:12) Boperofeti jwa Tshenolo 20:1-3 bo tlhalosa gore Modimo o tloga a nyeletsa Satane le badimona ba gagwe. Morago ga moo, Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo ka Jesu Keresete, bo tla busa lefatshe leno ka tshiamo bo dira gore batho botlhe ba direlwe dilo ka tshiamiso le gore ba babalesege. (Pesalema 72:7, 8; Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Dithulaganyo tsa bopelotshetlha tsa kgwebo tse di gatelelang bahumanegi le tse di dirisang makoa a batho go bona lotseno ga di kitla di tlhola di nna teng ka gonne “lefatshe le a feta le thato ya lone.” (1 Johane 2:17) Batho botlhe ba ba dirang boikepo ba tla nyelediwa, fela jaaka Diane 2:22 e bolelela pele jaana: “Baikepi ba tlaa . . . tlosiwa mo lefatsheng.”
Mika 4:4 e tlhalosa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo batho botlhe ba tla bo ba tshela ka pabalesego le ka kagiso: “Ope ga a ketla a ba boifisa.” Seno se ka kgonega jang? Se ka kgonega ka molao wa segosi wa lorato. Molao oo o mogolo o tla laola tsela e batho ba akanyang ka yone le e ba dirang dilo ka yone. Batho ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla bo ba na le botho jwa ga Jesu le Rraagwe e bong Jehofa Modimo, ka gonne fa ba sa dire jalo, ga ba kitla ba letlwa go tswelela pele ba tshela. Ka go ikapesa ka “bopelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele,” batho bano ga ba ne ba tlhola ba nna pelotshetlha. (Bakolosa 3:12) Ba tla bo ba tshela ba itumetse tota; malapa a atamalane e bile a ratana thata mo lefatsheng lotlhe.
Isaia 65:21-23 e solofetsa gore dijo di tla bo di le dintsi e bile mongwe le mongwe a na le legae le lentle: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. . . . Ga ba ketla ba kgokgolela lefela, le fa e le go tsholela thekisego bana.” Ga go motho ope yo o tla tlholang a sotliwa. Bana le bagolo ga ba ne ba tlhola ba boga.
Melemo ya Gone Jaanong
Tota le gone jaanong, mo diureng tsa bofelo tsa tsamaiso eno e e boikepo, go itse Jehofa le maikaelelo a gagwe a go tla go baakanya lefatshe leno go nna paradaise go solegela batho molemo. Go dirile gore basha le batsadi ba le bantsi ba nne le tsholofelo le lebaka la go itumela le mororo ba kile ba ne ba sotlega ka ntlha ya metlha e re mo go yone. Ka sekai, Tamara yo o umakilweng mo setlhogong sa rona se se fetileng, o tlhalosa se se ileng sa mo diragalela.
“Fa ke le dingwaga tse 18, ke ne ka nyalwa mme ka tsela nngwe ka kgaogana le ‘ditsala’ tsa me tse bangwe ba bone ba feletseng ba tshwerwe, bangwe ba tshwakgotswe ke diokobatsi kana ba ineeletse mo boakeng. Lefa go ntse jalo, ke ne ke sa fetola botho jwa me, ka jalo nna le monna wa me re ne ra simolola go kgothakgothana. Mme e ne ya re fa ke sena go tshola morwa wa rona, ke ne ka diragalelwa ke selo sengwe se se neng sa fetola botshelo jwa me gotlhelele. Ke ne ka nna le Baebele mme ka simolola go e bala. Maitseboa mangwe ke ne ka bala kgaolo nngwe mo go Diane, e e reng ‘go bona botlhale go tshwana le go bona dikhumo tse di subegileng.’ (Diane 2:1-6) Pele ga ke ya go robala mo bosigong joo ke ne ka kopa gore ke newe botlhale joo. Mo mosong o o latelang, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota mo legaeng la me. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le bone mme go ne ga ntsaya nakonyana gore ke simolole go dirisa dilo tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng. Kgabagare ke ne ka ititaya sehuba go tshela ka tsela ya Bokeresete mme ka kolobediwa. Gone jaanong, nna le monna wa me re thusa batho ba bangwe go bona thuso e Modimo a e re nayang.”
Ee, Tamara o ne a bona thuso mo Motsweding wa yone e bong Jehofa Modimo. Ke Rraarona wa selegodimo yo o se kitlang a latlha ba ba ikakatlelang ka ene. Pesalema 27:10 e re bolelela gore: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.”
Domingos yo o umakilweng pelenyana, le ene o ne a iponela lelapa la mmatota le le mo gomotsang, le mo kgothatsa le go mo ema nokeng. O bolela jaana: “Letsatsi lengwe mongwe o ne a nnaya khopi ya buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo mme ka gakgamadiwa ke go utlwa gore Modimo o na le leina, ke Jehofa.a Ke ne ka ya kwa go nngwe ya dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa mme ka gakgamadiwa ke go bona ba sa tsaane go ya ka maemo a bone. Basupi ba ne ba simolola go ithuta Baebele le nna le mororo ke ne ke apara diaparo tsa maemo a a kwa tlase, ke sena maitseo e bile ke sa tshepe ope. Ka bonya ba ne ba nthusa go latlha tsela e ke neng ke tshela ka yone pele. Ba ne ba bo ba nthusa go bona tiro. Kgabagare ke ne ka thusiwa go gatela pele go fitlha ke kolobediwa.”
Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke mafelo a a ka sireletsang basha. Basupi ba itumelela go thusa motho ope fela yo o batlang go itse ka dilo tse di molemo tse di solofetsweng. E re ka Basupi ba katisiwa go gakolola batho le go ba kaela ka Lefoko la Modimo Baebele, seno se dira gore batho bao ba ba thusang go tsalana thata le Rraabone wa legodimo ba gomotsege tota. Mosupi mongwe o tlhalosa gore basha ba tlhoka go lemotshiwa gore Jehofa le ene ga a itumelele maemo a a maswe ao ba iphitlhelang ba le mo go one. Mosupi yono a re: “Jehofa ga a rate go bona bana ba sotliwa. Ga a batle go bona ba sa itumela. Lefa go ntse jalo, ga a rate go bona ba iphalotsa tshotlego e nngwe ka go itsenya mo go e nngwe—tshotlego ya mo mebileng. Ba ka kopa thuso ya bangwe ba ba godileng sentle mo phuthegong ya ga Jehofa ba ba bolelela mathata a bone gore ba ba thuse.”
Lefoko la Modimo le ka nonotsha bana ba ba pelo di ikanyegang go tila serai sa go tlhotlhelediwa ke balekane ba bone. Frances, mosetsana wa dingwaga tse 17, o ne a tlhotlhelediwa ke bao a tsenang sekolo le bone gore a tshameke hooki le bone makgetlho a le mantsinyana morago ga sekolo a sa bolelele batsadi ba gagwe. Kgabagare o ne a ngwega mo gae. Morago ga gore batsadi ba gagwe ba fetse diura tse dintsi ba ngomogile pelo ka ntlha ya seno, o ne a bowa. Morago ga moo, Basupi ba babedi ba phuthego ya gaabo ba ne ba ba etela. Ba ne ba lemoga gore tsela e ba neng ba tshela ka yone mo lapeng e ne e se yone e bakang bothata jono, mme ba ne ba mo gakolola ka lorato. Ba ne ba mo tlhalosetsa gore basha ba Bakeresete ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone (Baefeso 6:1, 2); gore o tshwanetse go tila go se ikanyege, e re ka a ile a tshameka hooki a sa bolelela batsadi (Baefeso 4:25); le gore go botlhokwa gore a tile go itsalanya le batho ba ba bosula. (1 Bakorinthe 15:33) O ne a e amogela sentle.
Thuso e e Tswang Kwa Godimo
Cheryl le ene o ne a thusiwa ke Jehofa mo kgannyeng ya gagwe ya go utswelwa bana ke monna wa gagwe wa pele.b Fa a ne a bodiwa gore ke eng se se mo thusitseng go itshokela bothata jono jo bogolo, o ne a re: “Selo sa ntlha se ke neng ka se dira e ne ya nna go bala Dipesalema, segolobogolo Pesalema 35. Go ne go nkgomotsa go itse gore Jehofa o bona tshiamololo e ke neng ke lebane le yone.” Pesalema 35:22, 23 ya re: “Jehofa, wena o go bonye; o se ka wa didimala; Jehofa o se ka wa nna kgakala le nna. Kubuga, o tsogele katlholo ya me, e bong go mo go sekwang ga me.”
Morago ga dingwaga tse pedi, ka thuso ya ga Jehofa le go engwa nokeng ke Basupi, Cheryl o ne a itebaganya le monna wa gagwe wa pele mme a ya go etela bana. O ne a kgona go ba gomotsa ka go ba tlhalosetsa lebaka la go bo seno se ba diragaletse le go ba tlhomamisetsa gore ga a ba latlha. Ka gonne Cheryl a ne a thapisitse bana ba gagwe go tlotla Jehofa, o ne a kgona go ba bolelela fa a ba tshepa. O ne a tlhalosa jaana: “Ke a itse gore banake ba rata Jehofa e bile ga a kitla a letla gore ba gobale goyagoile.”
Ke kafa bothata jono bo neng jwa rarabologa ka teng. Ka ntlha ya maiteko ao Cheryl a neng a a dira, a ya gangwe le gape kwa badireding ba lephata la dikgang tsa batswakwa, le ka ntlha ya go ikaega ka Jehofa ka go rapela ka tlhoafalo, o ne a busediwa bana ba gagwe. Cheryl o ne a re: “Ruri ke ka thuso ya ga Jehofa fela ke kgonneng go ba bona gape.”
A bo go le botlhokwa jang ne gore gone jaanong re rute bana ba rona ka Jehofa le gore ba mo obamele! Mo go 1 Petere 3:12, Baebele e bolela gore matlho a ga Jehofa “a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone.” Ruri Jehofa ke botshabelo jwa bana ba rona. Leina la gagwe ke “kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.”—Diane 18:10.
Le mororo re tshela mo metlheng e e kotsi mme e bile re sa itse gore bana ba rona ba tla tlhagelwa ke eng, batsadi ba ba obamelang Jehofa bone ba itse gore ga a kitla a letla bana ba bone ba ba ikanyegang ba gobalediwa ruri. Tota e bile o solofetsa gore o tla tsosa batho botlhe ba ba ileng ba bolawa ka ntlha ya motlha o re tshelang mo go one le gore o tla fedisa ditlhabi le pogiso e e neng ya ba wela.—Isaia 65:17, 18; Johane 5:28, 29.
Go solofela lefatshe le lesha le Modimo a le solofetsang ke selo se se molemo tota. Go itse gore Modimo o tla tloga o fedisa lefatshe la ga Satane le tsamaiso eno ya gagwe e e boikepo le gone go molemo fela jalo. Bana ba rona ga ba kitla ba tlhola ba tshosediwa. Nngwe ya dipina tse Basupi ba ga Jehofa ba di opelang kwa dipokanong tsa bone e tlhalosa tsamaiso eo jaana: “Bana ba le mo boipelong/, setho se le mo kagisong/, o tla bona ba’a tsositsweng/, fa o leba kwa mokgeleng”!
Nako e e tlang fa o kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba kope gore ba go bontshe kafa o ka ithutang go le gontsi ka teng kaga dilo tse di tla tlogang di ipelelwa ke batho mo lefatsheng le lesha le le tlang la Modimo la tshiamo. Ba tla itumelela go go thusa go bona kafa Lefoko la Modimo le ka go gomotsang thata ka teng gone jaanong le ka botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang.—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:4, 5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona setlhogo se se mo go tsebe 6.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
“Jehofa ga a rate go bona bana ba sotliwa”