Koo AIDS e Leng Leroborobo Teng
AIDS e ile ya tlhokofatsa batho mo kontinenteng nngwe le nngwe ya lefatshe mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse 15 tse di fetileng. Mo dingwageng di le mmalwa fela, bomo eno e ne ya thunya ka maatla mme ya ama batho ba bantsi thata. WHO (World Health Organization) e ile ya fopholetsa gore go tshwaediwa batho ba le 5 000 mo lefatsheng lotlhe letsatsi le letsatsi. Seo ke batho ba ba fetang ba le bararo motsotso mongwe le mongwe! Dinaga tse di amegang thata ke tse di humanegileng, tse di bidiwang gore ke tse di santseng di tlhabologa. WHO e ne ya bonela pele gore e tla re ka ngwaga wa 2000 dinaga tseno di bo di na le diperesente di le 90 tsa batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV mme kgabagare di tla nna le diperesente tse 90 tsa batho botlhe ba ba tshwerweng ke AIDS.
Ba ba Amegang Botlhoko Thata
Rose o ne a na le dingwaga di le 27 e bile a nyetswe a na le bana ba bararo fa monna wa gagwe a ne a lwala fela ka tshoganetso. O ne a swa dikgwedi di sekae moragonyana. Go ne go sa itsiwe gore monna wa gagwe o ne a bolailwe ke eng ka nako eo. Dingaka di ne tsa re ke thibii. Ba losika ba ne ba re o loilwe. Ba losika lwa monna ba ne ba gapa dilwana tsa ga Rose. Bomatsalaagwe ba ne ba tsaya bana ka dikgoka ene a seyo. Rose o ne a tshwanela go boela kwa motseng wa gaabo. Dingwaga tse pedi morago ga foo o ne a tlhaselwa ke go tlhatsa le letshololo. Ke fa a lemoga gore monna wa gagwe o bolailwe ke AIDS le gore le ene o na le yone. Rose o ne a swa dingwaga di le tharo morago ga foo a na le dingwaga tse 32.
Dikgang tse di utlwisang botlhoko jaaka tseno di tlwaelegile tota. Mo mafelong a mangwe go swa lelapa lotlhe le eleng motse otlhe.
“Bothata jo Bogolo go Gaisa Jwa Boitekanelo mo Motlheng wa Rona”
Dipuso tsa dinaga tse di santseng di tlhabologa di nna mo mathateng fa di leka go lwa le seemo seno. AIDS ke lefoko le le tla nnang le buiwa gonne go sena madi e bile go na le dilo tse dingwe tse di batlang madi a mantsi tse di tlhokegang ka bonako. Go wela tlase ga ikonomi mo lefatsheng lotlhe, tlhaelo ya dijo, dikotsi tsa masetlapelo, dintwa, ditiro tsa setso le tumelobotlhodi di gakatsa bothata. Go tlhokomela balwetse ba AIDS ba ba tshwaediwang ke malwetse kgapetsakgapetsa ka tsela e e kgethegileng ka didirisiwa le melemo go ja madi a mantsi. Dikokelo tse dintsi tse dikgolo di tletse thata, di onetse e bile ga di na badiri ba ba lekaneng. Bontsi jwa batho ba ba tshwerweng ke AIDS jaanong ba romelwa gae go ya go swela teng gore go tsenngwe balwetse ba bangwe ba ba tlhokang go okiwa ba ba ntseng ba oketsega. Malwetse a mangwe a a jaaka thibii a a tshwarang batho ba ba nang le AIDS a oketsega fela thata. Dinaga tse dingwe di bega gore batho ba ba bolawang ke thibii ba oketsegile gabedi mo dingwageng tse tharo tse di fetileng mme mo e ka nnang diperesente tse 80 tsa batho ba ba tshwerweng ke AIDS ba na le thibii.
Kafa AIDS e Amang Loago ka Teng
Go tlhaselwa ga batho ba bantsi ke AIDS ga go ame tsamaiso ya kalafi fela mme go ama le dikarolo tse dingwe tsa ikonomi le tsa loago. Palo e kgolo ya diperesente tse 80 tsa batho ba e ba tshwereng ke ba dingwaga tse di fa gare ga 16 le 40 e leng dingwaga tsa batho ba ba mosola thata mo setšhabeng. Bontsi jwa batho ba ba dirang ba wela mo dingwageng tseno. Malapa a mantsi a ikaegile ka bone mme fa ba ntse ba lwala mme morago ba swa, bana le batsofe ba tlogelwa ba sena yo a ka ba tlamelang. Mo Baafrikeng ba bantsi, fa batsadi ba ngwana ba tlhokafala, gantsi ka ngwao ngwana o tsewa ke mongwe mo lesikeng. Lefa go ntse jalo, gompieno fa batsadi ba swa, borremogolo le bommemogolo kana ba lesika bape fela ba ba tshelang ba a bo ba godile thata kana ba na le mokgweleo wa go tlamela bana ba bone ka namana. Boemo jono bo dirile gore go nne le dikhutsana tse dintsi le bana ba bantsi ba ba innelang fela mo mebileng. WHO e ne ya bonela pele gore mo dinageng tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sahara, go tla bo go na le bana ba dikhutsana ba le dimilione di le 10 fa lekgolo leno la dingwaga le fela.
Basadi ba fitlhela kgogodi eno ya AIDS e ngomola pelo le go imela go menagane gabedi. Gantsi basadi ke bone ba bilediwang go tla go tlhokomela ba ba lwalang le ba ba swang ka diura di le 24—ba dira seno mmogo le ditiro tse dingwe gape tsa mo lelapeng.
Seo se Dirwang
Kwa tshimologong ya bo1980, bontsi jwa badiredi ba bagolo ba dipuso, ba ba sa itseng botlhoko jo bo bakiwang ke AIDS e bile ba sa itse gore e anama ka bonako jo bo kana kang ba ne ba sa e kgatlhegele e bile ba sa tshwenyege ka gope. Lefa go ntse jalo, ka 1986, puso ya Uganda e ne ya bolela fa e tlile go lwa le AIDS. Mo dingwageng tse robong tse di fetileng, go ile ga bolelwa gore Uganda e “dirile maiteko a magolo a a fetang a a kileng a dirwa a go lwa le AIDS.”
Gompieno go na le mekgatlho ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba e le 600 mmogo le makgotlana kwa Uganda a a lekang go laola go anama ga AIDS. Makgotlana ano a a diretsweng go thusa batho a tlhomile mafelo a go ruta ka AIDS mo nageng eo yotlhe. Batho ba itsisiwe ka kgogodi ya AIDS ka diterama, ditantshe, dipina, dithulaganyo tsa radio le thelebishene, makwalodikgang le ka difouno. Batho ba ba tshwerweng ke AIDS mmogo le batlholagadi le dikhutsana ba a gakololwa fa ba ntse ba tlhokomelelwa kwa gae mmogo le go newa dijo tse ba di tlhokang.
Mo Basuping ba ga Jehofa go tlhokomela dikhutsana le batlholagadi go lejwa e le karolo ya kobamelo ya Bokeresete. (Jakobe 1:27; 2:15-17; 1 Johane 3:17, 18) Phuthego ga e tseye maikarabelo a ba lelapa a go tlhokomela bagabone. Mme fa go se na maloko ape a a gaufi a lelapa kana fa dikhutsana le batlholagadi ba sa kgone go itlamela, phuthego e ba thusa ka lorato.
Ka sekai, Joyce e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa mošateng wa Uganda, kwa Kampala. O ne a tsenwa ke AIDS mme a tlhokafala ka August 1993. O ne a kwala pego eno pele a tlhokafala: “Ke ne ka godisiwa jaaka Moporotesetanta mme ka nyalwa ke Mokatoliki. Lefa go ntse jalo, ke ne ka bona batho ba bantsi mo kerekeng ba dira boitsholo jo bo sa siamang, mme ka tlogela go tlhola ke ya. Nkgonne o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme o ne a mpolelela dilo tse a neng a di ithuta mo Baebeleng fa a nketetse.
“Monna wa me o ne a sa rate fa ke ithuta Baebele. Batsadi ba me le bone ba ne ba simolola go nkganetsa segolobogolo rre. Ke ne ka ganediwa jalo ka dingwaga tse pedi mme seno ga se a ka sa nkgoba marapo gonne ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke ithuta boammaaruri. Monna wa me o ne a galefa thata fa ke ne ke mmolelela gore ke batla go kolobediwa. O ne a ntitaya a bo a nkoba mo lelapeng. Ka jalo ke ne ka tsamaya ka ya go nna ke le nosi mo ntlwaneng e ke neng ke e hirile.
“Nako nngwe moragonyana, monna wa me o ne a nkopa gore ke boe. O ne a simolola go nna bokoa le go lwala go ise go fete lobaka ke boile. Ke ne ke gakgametse gonne e ne e le motho yo a neng a nna a itekanetse. Kgabagare re ne ra lemoga fa a na le AIDS. O ne a tlhokafala ka 1987. Ka nako eno ke ne ke le mmulatsela wa ka metlha [moefangele wa nako e e tletseng] mme ke ne ka tswelela ka tirelo ya bobulatsela le mororo ke ne ke le motlholagadi wa bana ba le batlhano.
“Dingwaga tse nnè moragonyana, ka 1991, ke ne ka lemoga gore monna wa me o ne a ntshetse AIDS. Ke ne ka simolola go nna bokoa mo mmeleng le go tswa diso mo letlalong, ka ota le go nnela go tshwarwa ke foluu. Ke ne ka tswelela ka bobulatsela e bile ke tshwara dithuto di le 20 tsa Baebele mme fa ke ntse ke felelwa ke nonofo ke ne ka di fokotsa tsa nna 16. Kgabagare baithuti ba le supa mo go bano ba ne ba kolobediwa.
“Ga ke ise ke ko ke ikutlwe ke latlhegile kana ke tshwenyegile thata mo maikutlong gonne phuthego e ne e nkema nokeng tota. Kgabagare, ke ne ka tshwanela go fosa dipokano tse dingwe gonne ke ne ke le bokoa mo mmeleng. Bakaulengwe ba ne ba di gatisa ka dikhasete mme ke ne ke fepiwa moyeng ka metlha. Bagolwane ba phuthego ba ne ba kwala thulaganyo ya gore bokgaitsadi ba me ba semoya ba refosane go nthusa le go nna le nna bosigo. Mme go ne go na le selo se le sengwe se se ntshwenyang—banake. ‘Go tlile go diragalang ka bone fa ke sa tlhole ke le teng?’ ke ne ka ipotsa jalo.
“Mo Afrika, dithoto tsa motho yo o suleng gantsi di tsewa ke ba losika, ka jalo ke ne ka rapela Jehofa ka seno ke sa kgaotse. Ke ne ka swetsa go rekisa ntlo ya me gore ke age matlwana a mannye a nka a hirisang gore bana ba me ba tle ba nne le kwa ba ka nnang teng mme ba ntse ba bona madi ka metlha. Bakaulengwe ba ba mo phuthegong ba ne ba nthusa go rekisa ntlo ya me mme ka kgona go reka setsha se sengwe ba bo ba nkagela matlwana ao. Ke ne ke nna mo go e nngwe ya one mme mogopolo wa me o ne wa ritibala ke itse gore bana ba me ba tlile go tlhokomelwa.
“Ba lesika ba ne ba galefa ka go bo ke ne ke rekisitse ntlo mme ba ne ba pega kgetsi kgatlhanong le nna. Bakaulengwe ba ne ba nthusa gape mme ba rarabolola bothata jono. Re ne ra fenya kgetsi eo. Le mororo jaanong ke ikutlwa ke le bokoa thata, mokgatlho o o lorato wa ga Jehofa le tsholofelo ya Bogosi di ntse di ntshegeditse. Ke mo kokelong jaanong ka ntlha ya boemo jwa me. Bokgaitsadi ba me ba semoya ba santse ba nthusa ka se ke se tlhokang bosigo le motshegare, gonne kokelo e sa kgone go ntlamela ka dijo le dikobo tse di lekaneng.”
Joyce o ne a romelwa gae morago ga go nna dikgwedi di le thataro kwa kokelong. O ne a swa malatsi a le mabedi morago ga foo. Bana ba gagwe ba batlhano jaanong ba tlhokomelwa ke kgaitsadi mongwe wa mmulatsela mo phuthegong yo le ene a nang le bana ba bararo.
Tharabololo
Kwa Uganda, koo AIDS e setseng e tshwere batho ba bantsi thata teng, Poresidente Yoweri Kaguta Museveni, o ne a re: “Ke dumela gore tsela e e di gaisang tsotlhe ya go lwa le dikotsi tse di leriwang ke AIDS le malwetse a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo ke go gatelela mo bathong e bile e le ka tlhamalalo gore mongwe le mongwe o tshwanetse go tseela moagisani wa gagwe kwa godimo, a mo tlotle le go nna le boikarabelo mo go ene.” Ka bokhutshwane fela, go tlhokega gore go boelwe gape kwa mokgweng wa gore motho a nne le motho a le mongwe fela yo a nyalaneng nae. Mongwe le mongwe o dumela gore ke yone tsela fela e e babalesegileng e AIDS e ka fenngwang ka yone. Lefa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba ba akanyang gore batho ba ka kgona go itshola jalo.
Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba batho ba ba dumelang gore go ka kgonega gore batho ba itshware jalo e bile ba a go dira. Mo godimo ga moo, fela jaaka Joyce, ba dumela tsholofetso ya Modimo ya gore o tlile go lere magodimo a masha le lefatshe le lesha a tshiamo e tla agang mo go one. (2 Petere 3:13) Mo lefatsheng le boikepo bo tla bong bo tlositswe mo go lone, Jehofa Modimo o tla diragatsa tsholofetso eno ya gagwe e e kwadilweng mo go Tshenolo 21:4: “O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Rre o ya go fitlha morwawe yo o bolailweng ke AIDS
[Motswedi wa Setshwantsho]
WHO/E. Hooper