Disekerete—A o A di Gana?
Setšhaba se e leng sone se simolotseng go dira motsoko mo lefatsheng se di goga kwa pele mo go lemoseng batho ka dikotsi tsa one.
MOKWALAHISITORI mongwe o ne a re: “Ga go na hisitori epe e e kwadilweng ka motsoko pele ga o ribololwa kwa Amerika.” Banni ba ntlha kwa Caribbean ba ne ba o abela Columbus. Go romelwa ga motsoko kwa dinageng tse dingwe go ne ga dira gore Jamestown, bonno jwa ntlha jwa leruri jwa Boritane kwa Amerika Bokone bo age bo ntse bo le teng. Go rekisiwa ga one go ne ga tshegetsa Phetogo e Kgolo ya Amerika ka madi. Mme boporesidente ba ntlha ba United States e bong George Washington le Thomas Jefferson e ne e le balemi ba motsoko.
Bosheng jaana, Hollywood e dirisitse disekerete e le lotshwao lwa lorato, go kgatlha le go nna monna tota. Masole a Amerika a ne a o neela batho bao a kopanang le bone mo dinageng tse a neng a lwa mo go tsone. Mme ga twe morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ne go ananngwa ka disekerete “go tloga Paris go ya Peking.”
Mme maemo a fetogile. Ka January 11, 1964, mookamedi wa dingaka tse di arang wa kwa United States o ne a ntsha pego ya ditsebe di le 387 a golaganya go goga le bolwetse jwa makgwafo jo bo bidiwang emphysema, kankere ya makgwafo, le malwetse a mangwe a a masisi. Go ise go ye kae molao wa feterale o ne wa batla gore go kwadiwe tlhagiso eno mo diphuthelong tsa sekerete tse di rekisiwang mo United States: “Tlhagiso: Go Goga Sekerete go ka Nna Kotsi mo Botsogong Jwa Gago.” Gone jaanong kwa United States go fopholediwa gore go swa batho ba le 434 000 ka ntlha ya go goga. Ke palo e e fetang Baamerika botlhe ba ba bolailweng mo ntweng mo lekgolong la dingwaga le le fetileng!
O a Ilediwa
Dingwaga di feta lesome tse di fetileng, kwa Aspen, kwa Colorado, lefelo le le etelwang thata mariga, go ne ga ilediwa go goga mo diresetšhurenteng tsa teng. Go tloga ka nako eo, mafelo a go sa gogelweng mo go one a ne a nna mantsi mo diresetšhurenteng, kwa tirong, le kwa mafelong a mangwe a batho botlhe. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, monna mongwe wa kwa California o ne a botsa morwadie gore ke resetšhurente efe mo Virginia e e nang le lefelo le go sa gogelweng mo go lone. O ne a araba jaana: “Rra, naga eno ke ya motsoko!” Lefa go ntse jalo, fa a ne a etile gape, halofo ya resetšhurente eo e ne e le lefelo la batho ba ba sa gogeng. Bosheng jaana ga a ka a tlhola a bona ope a goga koo.
Mme go nna le mafelo a batho ba ba gogang kwa thoko ga go baakanye sepe. Diboto tse dikgolo tsa phasalatso mo mebileng e megolo ya California tse puso e di emang nokeng ka madi di botsa jaana: “A o akanya gore mosi o kgona go nna fela mo karolong ya ba ba gogang?”
Fa New York City e ne e iletsa go goga mo diresetšhurenteng tsa yone tse dikgolo, beng ba tsone ba ne ba gana seo ka gonne ba re ga se ne se itumedisa bajanala ba ba tswang Yuropa, koo ba reng ga go na melaolao e e laolang go goga. Lefa go ntse jalo, patlisiso ya bosheng jaana e fitlhetse gore diperesente di le 56 tsa Baamerika ba ka rata thata go ya kwa diresetšhurenteng tse go sa gogiweng mo go tsone fa diperesente di le 26 fela ba ka se rate go dira jalo.
Lotshwao lo lo mo seporong sa terena se se tsamayang kafa tlase ga lefatshe kwa New York City la re: “Ka puo lefa e ka nna efe, molaetsa o a tshwana: Ga go gogiwe ka dinako tsotlhe, gongwe le gongwe, mo diteisheneng kgotsa mo ditereneng tsa rona. Re a lo leboga.” Lotshwao lono ga lo bolele molaetsa ka Seesemane fela mme lo o bolela le ka dipuo tse dingwe di le 15.
A kgang eno ruri e masisi jalo? Ee. Fa batho ba le 300 ba ne ba ka swa ka ntlha ya kotsi e kgolo, go ne go tla feta malatsi a le mantsi, gongwe dibeke, go buiwa thata ka yone. Mme setlhogo se se mo go The Journal of the American Medical Association se rile go fopholediwa gore Baamerika ba le 53 000 ba a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go hema mosi wa disekerete tsa batho ba bangwe ka lobaka lo loleele. Se rile, seo se dira gore go hema mosi wa motsoko wa batho ba bangwe kgotsa o o mo tikologong e nne “selo sa boraro se se bolayang batho thata se se ka thibelwang se se gaisiwang fela ke go goga le go nwa bojalwa thata.”
Bana—Batlhaselwa Ba ba Sa Kgoneng go Iphemela
Go tweng ka go goga mo gae? Healthy People 2000, kgatiso ya puso ya United States e e ipeetseng mekgele ya go fokotsa “go tlhokafala ga batho pele ga nako le bolwetse jo bo sa tlhokegeng le bogole,” e rile: “Mo United States go goga motsoko go bolaya batho ba ba fetang a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le barataro mme ke selo se le sengwe se segolo se se bolayang le go baka malwetse mo setšhabeng sa rona mme se ka thibelwa.”
E oketsa jaana: “Go goga sekerete ka nako ya fa motho a le moimana go dira gore diperesente di le 20 go ya go di le 30 tsa masea a tsholwe a na le boima jo bo kwa tlase thata, le diperesente di le 14 tsa masea a a tsholwang pele ga nako, le diperesente di ka nna 10 tsa masea otlhe a a swang.” E rile, bommè ba ba gogang ba ka fetisetsa dilo tse di mo mosing wa motsoko, e seng fela ka go le anyisa kana go goga gaufi le lone mme gape “ka go baya lesea mo kamoreng e go sa tswang go gogelwa mo go yone.”
Borre le bone ba na le seabe. Kgatiso yone eo e gakolola jaana: “Fa batho ba ba amanang le ngwana ba batla go goga, ba gogele kwa ntle kana kwa mafelong a a sa lereng phefo kwa ngwana a leng teng.” Go nna diphatsa thata go ya ka palo ya batho ba ba gogelang mo kamoreng e le nngwe le palo ya disekerete tse di gogiwang. Ka jalo, Joycelyn Elders, yo e kileng ya bo e le mookamedi wa dingaka tse di arang kwa United States o rile: “Bana ba lona ke batlhaselwa ba ba senang molato ba go tshwakgoga ga lona.”
Batho ba bangwe le bone ba mo kotsing. Phasalatso nngwe ya mo thelebisheneng e e engwang nokeng ke puso ka madi kwa California e bontsha monnamogolo a dutse a le nosi. O ne a re mosadi wa gagwe o ne a tlhola a mo ‘ganela’ go goga. “O ne a ba a ntshosetsa ka gore ga a kitla a tlhola a nkatla fa ke sa o tlogele. Ke ne ka re ke makgwafo a me le botshelo jwa me. Mme ke ne ke fositse. Ga ke a ka ka tlogela. Ke ne ke sa itse gore botshelo jo ke neng ke tla latlhegelwa ke jone e ne e se jwa me . . . E ne e le jwa gagwe.” Monnamogolo o oketsa jaana a lebile setshwantsho sa mosadi wa gagwe ka khutsafalo: “Mosadi wa me e ne e le botshelo jwa me.”
Pono e e Fetotsweng
Ditlhagiso tse di jaaka eno di dirile go le gontsi mo go fokotseng go goga kwa United States. Selo se se gakgamatsang ke gore, Baamerika ba ba fopholediwang go dimilione di le 46—diperesente di le 49,6 tsa ba ba neng ba goga—ba go tlogetse!
Lefa go ntse jalo, dikhampani tsa motsoko di beetse madi a le mantsi kwa thoko go o phasalatsa ka one go emelana le seo. Go ngotlega ga batho ba ba gogang go fokotsegile. Joseph A. Califano, Jr., wa Center on Addiction and Substance Abuse kwa Columbia University kwa New York, o rile: “Selo se segolo se se tshosetsang botsogo jwa setšhaba se se bakwang ke madirelo a motsoko [ke] tsela e a o bapatsang ka yone a lebile thata mo baneng le mo basheng ba ba emelang setlhopha se sesha sa batho ba ba simololang go tshwakgolwa ke dilo tseno tse di bolayang tse a di dirang.”
The Journal of the American Medical Association e rile: “Batho ba basha ba ka nna 3000, bontsi jwa bone e le bana le basha, ba simolola go goga ka metlha letsatsi le letsatsi. Bano ke batho ba ba ka nnang milione o le 1 ba ba simololang go goga bao ba emisetsang ba ba gogang ba ka nna dimilione di le 2 bao gongwe ba tlogetseng go goga kgotsa ba swa ngwaga nngwe le nngwe.”
Go feta halofo ya batho botlhe ba ba gogang kwa United States ba simolotse go goga ba le dingwaga di le 14. Mokomisinara wa U.S. Food and Drug Administration, David Kessler, o rile mo baneng ba le 3000 ba ba simololang go goga letsatsi le letsatsi, ba ka nna 1000 kgabagare ba tla bolawa ke malwetse a a amanang le go goga.
Fa dipalo tseno di go tshwenya, go ka nna molemo fa re gakologelwa gore bana ba rona ba sala dikao tsa rona morago. Fa re sa batle ba goga, le rona re se ka ra goga.
Dithekiso Tsa Kwa Moseja
Lefa go sa tlhole go rekwa disekerete thata kwa United States, di rekwa thata kwa dinageng di sele. Los Angeles Times e ne ya bega gore “tse di romelwang kwa dinageng di sele di oketsegile go menagane gararo e bile kgwebo ya madirelo a motsoko a United States e oketsegile thata kwa dinageng di sele.” The New England Journal of Medicine e rile mo dinageng tse di tlhabologang “ga go buiwe thata ka dikotsi tsa go goga,” mo go dirang gore dikhampani tsa motsoko “di oketsege thata kwa dinageng tse dingwe.”
Lefa go ntse jalo, Patrick Reynolds, morwa wa ga R. J. Reynolds, Jr., le setlogolo sa mothei wa khampani e e dirang disekerete tsa Camel le Winston, o rile motho a le 1 go ba le 5 ba ba swang kwa United States o bolawa ke go goga. Gape go begwa gore Reynolds o ne a re go goga go baka dintsho tse dintsi ka ngwaga go gaisa khokheine, bojalwa, heroine, molelo, go ipolaya, dipolaano, AIDS le dikotsi tsa dikoloi di kopantswe tsotlhe le gore ke sone fela selo se segolo se se ka thibelwang se se bakang go swa ga batho, bolwetse le go tshwakgoga mo motlheng wa rona.
A go lebega go sa tlwaelega gore setšhaba se se dirileng gore lefatshe le ithute go goga se bo se ka dira gore sotlhe fela se nne kgatlhanong le motsoko? Fa go le jalo, go ka nna molemo go ipotsa jaana, ‘Ke mang yo o ka itseng seno botoka?’
Makasine wa Modern Maturity o bua ka mosadi mongwe yo o neng a goga dingwaga di feta 50. O ne a re: “Fa o go tshwakgotse, ga o go tlogele.” Mme o ne a tlogela mokgwa ono, o o mo dirileng gore a simolole go goga, a sekaseka diipato tse di neng di dira gore a se o tlogele, mme a tlogela go goga.
O ne a kwala jaana: “Go leke, go itumedisa tota.”
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
Go ile ga “fopholediwa gore ka bo1990 mo dinageng tse di tlhabologang, motsoko o tla bolaya diperesente di ka nna 30 tsa batho botlhe ba dingwaga tse 35 go ya go 69, e leng selo se le sengwe se segolo se se bolayang batho pele ga nako mo mafatsheng a a tlhabologileng.”—NEW ENGLAND JOURNAL OF MEDICINE
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
DITLHAGISO KAGA KANKERE
Ditlhagiso tse di latelang di tswa mo boroutšhareng ya American Cancer Society, jwa Facts on Lung Cancer le Cancer Facts & Figures—1995:
• “Go ka direga ka 35% gore basadi ba ba sa gogeng ba tshwarwe ke kankere ya makgwafo fa banna ba bone ba goga.”
• “Go fopholediwa gore 90% ya banna ba ba bolawang ke kankere ya makgwafo le 79% ya basadi, ba bolawa ke go goga sekerete.”
• “Motho yo o gogang dipakana tse 2 ka letsatsi yo o nang le dingwaga tse 40 a goga, a ka bolawa ke kankere ya makgwafo ka makgetlho a le 22 go feta motho yo o sa gogeng.”
• “Tshireletso e e botoka kgatlhanong le kankere ya makgwafo ke gore o se simolole go goga kana o go tlogele ka yone nako eo.”
• “Ga go na sekerete se se seng kotsi.”
• “Go tshotla motsoko kana go o sunetsa go oketsa diphatsa tsa go tsenwa ke kankere ya molomo, magalapa, mometso le kgokgotso gape ke tlwaelo e e tshwakgolang thata.”
• “Kotsi e nngwe gape ya kankere ya marama le marinini e ka oketsega go menagane ga makgetlho a le masomeamatlhano mo bathong ba ba nang le lobaka lo loleele ba o sunetsa.”
• “Batho ba ba tlogelang go goga go sa kgathalasege dingwaga tsa bone, ba tshela lobaka lo loleele go feta ba ba tswelelang ba goga. Ba ba tlogelang go goga ba ise ba nne le dingwaga di le 50, go ka kgonega gore ba falole loso ka bontlhabongwe mo dingwageng tse 15 tse di latelang fa ba bapisiwa le ba ba tswelelang ba goga.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]
KAKABALO YA BORADIPOLASI
Go fetile lobaka lo loleele motsoko o ntse o tlamela malapa ao dipolasi tsa one di leng dinnye thata go a tlamela ka tuelo e e lekaneng fa a ne a ka bo a jetse dijalo di sele. Ga go pelaelo gore seno se ne sa tshwenya digakolodi tsa batho ba bantsi. Porofesara Stanley Hauerwas wa melao ya boitsholo mo go tsa bodumedi kwa Duke University, e e neng ya thewa ke mongwe yo o neng a buelela motsoko, o rile: “Ke akanya gore selo se segolo se se tshwenyang batho ba ba lemang motsoko ke gore . . . fa ba ne ba simolola go o lema ba ne ba sa itse gore o tla bolaya mongwe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Mosi ga o felele fela mo lefelong la ba ba gogang
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Go goga fa motho a le moimana go bolaya diperesente di le 10 tsa masea a a iseng a tsholwe