LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 11/8 ts. 3
  • Aids—Leroborobo le a Tswelela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aids—Leroborobo le a Tswelela
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Aids—Tsholofelo ke Efe ka Isagwe?
    Tsogang!—1998
  • Go Thusa Ba Ba Nang Le AIDS
    Tsogang!—1994
  • “Leroborobo le le Setlhogo go Gaisa Otlhe mo Hisitoring”
    Tsogang!—2002
  • Aids—Kafa O ka E Lwantshang ka Teng
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 11/8 ts. 3

Aids—Leroborobo le a Tswelela

KAREN o goletse kwa bophirima jwa United States.a Jaaka Mosupi wa ga Jehofa, o ne a itshola sentle tota fa a sa ntse a le mosha. Ka 1984, fa a ne a na le dingwaga di le 23, o ne a nyalana le Bill yo o neng a na le dingwaga di le pedi fela e le Mosupi. Ba ne ba segofadiwa ka bana ba babedi, mosimane le mosetsana.

Ka 1991 ba ne ba ratana tota mme ba ne ba kgotsofetse e bile ba itumetse. Mo bofelong jwa one ngwaga oo, Bill o ne a tswa ntho e e neng e sa fole mo lelemeng. O ne a ya go bona ngaka.

Moragonyana ga moo, Karen le bana ba ne ba le kwa ntle ba ntse ba haraka matlhare. Bill o ne a nna mo setepising sa mathudi a ntlo mme a bitsa Karen go tla go nna gaufi le ene. O ne a mo tshwara mo lethekeng mme a bua a tletse dikeledi mo matlhong gore o ne a mo rata e bile o ne a batlile go tshela le ene ka bosakhutleng. Jaanong o lelela eng? Ngaka e ne e belaela gore Bill o na le mogare wa HIV, baerase e e dirang gore motho a tshwarwe ke AIDS.

Lelapa leno le ne la tlhatlhobiwa. Bill le Karen ba ne ba fitlhelwa ba na le mogare ono. Bill o ne a tshwaeditswe pele ga a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa; mme ene o ne a tshwaeditse Karen. Bana bone ba ne ba se na mogare ono. Bill o ne a swa mo lobakeng lwa dingwaga di le tharo. Karen a re: “Ga ke kgone go tlhalosa kafa go leng ka teng go leba monna yo pele a neng a le montle, yo o mo ratang le yo o ikaeletseng go tshela le ene ka bosakhutleng, a nna a koafala ka iketlo a ba a sala a kokoropane e le letlalo le marapo fela. Ke ne ka lela masigo a le mantsi. O ne a swa dikgwedi di le tharo fela pele ga segopotso sa rona sa bolesome sa lenyalo. E ne e le rrabana yo o molemo le monna yo o molemo.”

Le fa gone ngaka e boleletse Karen gore le ene o tlile go latela monna wa gagwe, o sa ntse a tshela. Bolwetse jono bo setse bo le mo dikgatong tsa ntlha tsa AIDS.

Karen ke mongwe fela wa batho ba ka nna dimilione di le 30 ba jaanong ba tshelang ka bolwetse jwa HIV/AIDS, palo e kgolo thata go feta palo ya baagi ba kwa Australia, Ireland le Paraguay ba kopantswe mmogo. Go fopholediwa gore mo Afrika go na le batho ba le dimilione di le 21 ba ba tshwerweng ke bolwetse jono. Go ya ka dipalo tse di ntshitsweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, fa lekgolo le le latelang la dingwaga le simologa, palo eno e tla bo e tlhatlogile go nna batho ba le dimilione di le 40. Pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bolela gore bolwetse jono bo gaisana le malwetse a mangwe a magolo thata a leroborobo a a kileng a nna teng mo hisitoring. Mo bathong botlhe ba bagolo ba ba tlhakanelang dikobo ba ba nang le dingwaga di le 15 go ya go 49, a le 1 mo go ba le 100 ba bone o setse a na le mogare wa HIV. Mo go bone bano, ke a le 1 fela mo go ba le 10 yo o lemogang gore o na le mogare ono. Mo dinageng tse dingwe tsa Afrika, diperesente di le 25 tsa bagolo di na le mogare ono.

Fa e sa le leroborobo leno le simolola ka 1981, go fopholediwa gore go setse go sule batho ba le dimilione di le 11,7 ka ntlha ya AIDS. Go fopholediwa gore go sule batho ba ka nna dimilione di le 2,3 ka 1997 fela. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a masha a a neelang motho tsholofelo ya gore ntwa eno ya go lwantsha AIDS e ka fenngwa. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, palo ya batho ba ba tshwarwang ke AIDS e ntse e fokotsega kwa dinageng tse di humileng. Mo godimo ga moo, go na le diokobatsi dingwe tse di neelang batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono tsholofelo ya gore ba ka nna le botsogo jo bo botoka le botshelo jo boleelenyana.

O ka itshireletsa jang kgatlhanong le AIDS? Go na le dikgatelopele dife tsa bosheng tse di kaga kalafi le meento? A bolwetse jono bo tla ke bo fenngwe? Dipotso tseno di tla arabelwa mo ditlhogong tse di latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela