Go Tlhatlhoba Dipolelo Tseno
BATHO ba tsibogela dipolelo tseno tsa motlha wa gompieno tse di kaga go kopana ga batho le baengele ka ditsela tse di farologaneng. Santlha, go na le badumedi. Ba bolela gore ka ntlha ya gore dipolelo tse di ntseng jalo di le dintsi jaana e bile di aname thata jaana, di tshwanetse tsa bo di le boammaaruri. Sa bobedi, go na le babelaedi. Ba bolela gore ga go na bosupi jo bo tlhomameng go tshegetsa dipolelo tseno. Ba bolela gore lebaka fela la gore selo se dumelwa thata, ga le reye gore se tshwanetse sa bo se le boammaaruri. Gone e bile, batho ba kile ba dumela gore go na le noga ya mo metsing. Sa boraro, go na le ba ba sa tseyeng letlhakore. Fa e tlhalosa kgopolo eno ya go se tseye letlhakore, buka ya Angels—Opposing Viewpoints e bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba bolela gore ba kile ba bona baengele. Ga ba ka ke ba supa se tota ba se boneng; motho o dirisa tumelo fela go ba dumela. Le fa go ntse jalo, le e leng le bone babelaedi ga ba kgone go ntsha bosupi jwa seo ba se ganetsang, le fa ba le mmalwa ba bone ba leka.”
Batho ba le bantsi ba dumela gore Baebele ke motswedi o o ikanyegang wa tshedimosetso e e kaga lefelo la semoya.a E kgona go re thusa go tlhatlhoba dipolelo tsa gompieno tse di buang ka baengele. Jaaka o ka tswa o itse, Baebele e re tlhomamisetsa gore baengele ke dibopiwa tsa moya tsa mmatota, tse di maatla le tse di galalelang. Baebele e na le dipolelo tsa baengele ba tsamaisa melaetsa le go namola batlhanka ba Modimo mo dikotsing.—Pesalema 104:1, 4; Luke 1:26-33; Ditiro 12:6-11.
Gape Baebele e bontsha gore go na le baengele ba ba boikepo. Dibopiwa tseno tsa moya di tsietsa le go timetsa batho, di dira gore ba tlhanogele Modimo. (2 Bakorintha 11:14) Go a utlwala he, go bo Baebele e tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di thaega mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Ka sekai, pele re ka dumela dipolelelopele tsa motho yo o ipolelang gore ke moporofeti, ka botlhale re tla tsaya se a se buang re se bapise le se Lefoko la Modimo le se buang, le a ka tswang a bolela gore o a le emela. Eleruri, re tshwanetse go lebelela gore dipolelo tsa gompieno tse di kaga go bonala ga baengele mo bathong di kgone go ikemela fa di tlhatlhobiwa ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, dipolelo tsa gompieno tse di buang kaga go kopana ga batho le baengele di eme jang fa di bapisiwa le se se kwadilweng mo Dikwalong?
Baengele Ga se Se ba Le Bantsi ba se Dumelang
Mma re simololeng pele ka go tlosa dikgopolo di le pedi tse di anameng thata tse di seng boammaaruri ka baengele. Go farologana le se se dumelwang thata, baengele ga ba a ka ba simolola go tshela e le batho. Ba ne ba le teng kwa legodimong bogologolo pele Modimo a bopa dilo tse di tshelang mo lefatsheng. Baebele e bolela gore ka nako ya fa Modimo a ne a “thaya lefatshe . . . , bomorwa Modimo botlhe [ba baengele] ba ne ba simolola go goa ba baka.”—Jobe 38:4-7, NW.
Kgopolo e nngwe e e seng boammaaruri ya gompieno ke ya gore baengele ba repisitse letsogo e bile ga ba re sepe le fa motho a dira se se sa siamang. Go na le moo, baengele ba ba ikanyegang ba tshegeditse ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo e bile ba dira dilo go ya ka kaelo ya gagwe. Ba direla Modimo, e seng batho.—Pesalema 103:20.
Baengele ba Kgatlhegela Bomoya Jwa Rona
Mo dipolelong tsa bosheng jaana tse di buang ka baengele, tse dintsi thata ke tsa fa ba namola batho mo dikotsing. Mo go nngwe ya dibuka tse di rekisiwang thata, re bala ka mosetsana mongwe yo monnye yo o ntshiwang bonolo fela ke letsogo lengwe le le sa bonaleng mo ntlong e e jewang ke molelo. Buka e nngwe e bua ka baithuti bangwe ba babedi ba kholetšhe ba ba neng ba gaeletswe mo sefefong sa semathana ba se na se ba ka se dirang. Ka tshoganyetso fela, go tlhaga lori nngwe mme e gogela koloi ya bone kwa lefelong le le babalesegileng, le fa go ntse jalo go sala go se na le fa e le motlhala wa yone! Mo bukeng e nngwe, kgang e nngwe e bua ka Ann, yo o nang le kankere. Malatsi a le mararo pele a ya kwa bookelong go ya go ariwa, monna mongwe yo moleele yo a sa mo itseng o ema mo kgorong ya gagwe. O ipitsa Thomas mme o bolela gore o romilwe ke Modimo. Thomas o tsholetsa letsogo la gagwe, mme Ann o utlwa lesedi le le phatsimang le le mogote le feta mo mmeleng wa gagwe. Fa a goroga kwa bookelong gore a tle go ariwa, dingaka di tshwarwa ke kgakge. Kankere ya gagwe e fedile!
Dipolelo tseno di dira gore motho a ipotse, Fa e le gore mongwe le mongwe o na le moengele wa mmabaledi, ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba namolwa, mme ba bangwe ba le bantsi bone ba sa namolwe? Dimilione di se kana ka sepe tsa batho di sule ka ntlha ya bolwetse, dintwa, leuba, le ka ntlha ya masetlapelo a tlholego. Ga go pelaelo gore ba le bantsi ba ne ba rapelela thuso ka tlhoafalo. Ke ka ntlha yang fa moengele wa mmabaledi a ne a sa ba boloke?
Baebele e re thusa go araba potso eno. E bontsha gore Modimo ga o tlhaole. (Ditiro 10:34) Mo godimo ga moo, le fa baengele ba ba ikanyegang ba Modimo ba kgatlhegela go re bona re itekanetse sentle mo mmeleng, ba kgatlhegela thatathata bomoya jwa rona. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha seno ka go botsa jaana: “A botlhe [baengele] ga se meya ya tirelosetšhaba, e e rometsweng go ya go direla ba ba tlileng go rua poloko?” (Bahebera 1:14) Motho o solegelwa molemo wa nakwana fela fa a thusiwa ka mathata a a nang le one mo mmeleng, mme fa a thusiwa mo dilong tsa semoya a ka kgona go bona melemo ya bosakhutleng.
Dipolelo di le dintsi tse di buang ka baengele di utlwala e le boithamako fela. Go bolelwa gore baengele ba kgona go thusa mmè yo o lapileng go fetola dilakane mo bolaong, ba gopotsa moreki go reka mokgwaro, e bile ba thusa le bakgweetsi go bona mafelo a go phaka dikoloi. Mosadi mongwe yo mosha kwa Scotland o bolela jaana a sule ka ditshego: “Mo dibekeng di le tharo tse di fetileng ke ne ke ntse ke phaka koloi ya me mo go sa letlelelwang go phaka teng mo St Mary’s Street, mme ke ne ke kopa moengele wa me gore a e tlatse ka lorato le kutlwelobotlhoko. Fa go direga gore mongwe wa balebedi ba pharakano a atamele kwa go yone, o tla tlala ka maikutlo a lorato mo e leng gore a lese koloi ya me fela jalo. Le jaanong ga ke ise ke newe thekete.” Ga go gakgamatse go bo bangwe ba tshwantsha moengele wa mmabaledi wa motlha wa gompieno le mmè wa tlhamane yo o ikarabelelang ka bone kgotsa Santa Claus wa bagolo.
Baengele ba ba Ikanyegang ga ba Ganetsane le Lefoko la Modimo
Dibuka tsa baengele di tletse ka diane le dikgakololo tse go bolelwang gore di tswa kwa lefelong la meya. Ka sekai, buka nngwe e bolela gore e na le dithuto dingwe tse di tswang kwa moengeleng yo mogolo e bong Mikaele mme tsa newa mosadi mongwe wa kwa Colorado, U.S.A. Gareng ga “dipolelo” tseno tse di tswang kwa go Mikaele go na le e e reng: “Ditsela tsotlhe di isa kwa Modimong. Ditumelo tsotlhe, boammaaruri jotlhe jwa lesedi bo isa kwa Modimong.” Go farologana le seno, Jesu o ne a bolela gore go na le ditsela di le pedi fela tsa bodumedi le gore ke e le nngwe fela ya tsone e e dirang gore motho a amogelwe ke Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng. E nngwe e dira gore motho a se ka a amogelwa e bile e isa tshenyegong ya bosakhutleng. (Mathaio 7:13, 14) Go bonala sentle gore dipolelo tseno ga di ka ke tsa nna boammaaruri ka bobedi.
“Baengele” ba “bomoya jo bosha” ba reng ka lenyalo le ka boitsholo? Mo bukeng nngwe mmadi o ithuta ka Roseann, yo “moengele” wa gagwe a neng a mo raya a re: “O na le batho ba le bantsi ba o sa ntseng o tlhoka go kopana le bone, mme tsela ya gago ya botshelo ga e tlhole e go tlhoka gore o nne le [monna wa gago]. O a mo rata le ene o a go rata, le fa go ntse jalo, ke nako ya gore lo kgaogane.” O ne a tlhala. Mme Baebele e bontsha gore Modimo o tlhoile tlhalo e e dirwang fela ka mabaka a a sa utlwaleng. (Malaki 2:16) Polelo e nngwe e bua ka batho bangwe ba babedi ba ba dirang boaka, ka ba dumela gore baengele ba ba leba ka boipelo e bile ba ba tlisetsa boitumelo jo bo seng kana ka sepe. Mme Baebele ya re: “O se ka wa dira boaka.”—Ekesodo 20:14.
A e ka tswa e le gore melaetsa eno ya motlha wa gompieno e tlhabolola Baebele? Nnyaa, Lefoko la Modimo ga le fetoge. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela batho bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga a re: “Ke gakgamalela go bo lo tlosiwa ka bofefo jaana mo go Yo o lo biditseng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Keresete lo isiwa kwa mofuteng o mongwe wa dikgang tse di molemo. Mme ga se o mongwe; ke fela gore go na le bangwe ba ba lo bakelang letshwenyo ba bile ba batla go kgopamisa dikgang tse di molemo kaga Keresete. Lefa go ntse jalo, le eleng fa rona kgotsa moengele mongwe go tswa kwa legodimong a ne a ka lo bolelela sengwe a re ke dikgang tse di molemo se se fetang se re neng ra se lo bolelela re re ke dikgang tse di molemo, a a hutsege.”—Bagalatia 1:6-8.
“Go Bitsa Baengele Botlhe!”
A re tshwanetse go kopa thuso ya baengele fa re lebane le mathata le dikotsi mo botshelong? Eno ke kgang e dibuka di le dintsi di buang ka yone. Dikai di le pedi ke tseno. Go bolelwa gore buka ya Ask Your Angels e bontsha babadi ‘kafa ba ka bonang maatla go tswa mo baengeleng ka teng go ba thusa go boa ba itlhaloganya gape le go fitlhelela mekgele ya bone.’ Buka e nngwe e e tshwanang le eno ke ya Calling All Angels!: 57 Ways to Invite an Angel Into Your Life.
Lefa go ntse jalo, Baebele ga e re kgothaletse go kopa thuso ya baengele. Jesu o ne a bontsha ntlha eno sentle mo thapelong ya sekao. O ne a re: “He, lo tshwanetse go rapela ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong . . . ’” (Mathaio 6:9) Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo.”—Bafilipi 4:6.
Mo Leineng la Baengele
“Bomoya jo bosha” bo gatelela thata gore go tshwanetse ga ithutiwa maina a baengele. Dibuka tse di ratiwang thata di bua ka se go akanngwang gore ke maina a diketekete tsa baengele. Ka ntlha yang? Ga se go dira fela gore batho ba itse; ke go dira gore batho ba ba bitse ka maina. Seno se amana thata le maselamose. Encyclopedia of Angels e bolela gore meetlo, dilo tsa maselamose, le dithapelo, mmogo le “go bitsa ‘maina a dilo tse di maatla,’ kgotsa maina a meya e e rileng, go go tsenya boikutlo bongwe jo bo nonofileng jo bo go kgontshang go tsena mo lefelong la meya o ntse o le mo nameng, mme seno se kgontsha motho wa maselamose go . . . buisana le meya.” Mme Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “Lo se ka lwa dira maselamose.”—Lefitiko 19:26, NW.
Baebele ka boyone e senola maina a baengele ba le babedi fela ba ba ikanyegang, Mikaele le Gabariele. (Daniele 12:1; Luke 1:26) Fa Baebele e bolela maina ano e supa gore baengele ke batho ba semoya ba ba tlhomologileng. Ke ka ntlha yang go sa bolelwa ka maina a mangwe a a oketsegileng? Go bonala lebaka e ne e le go thibela batho go tlotlomatsa baengele ka tlotlo e e fetang e e ba tshwanelang—e leng selo se baengele ka bobone ba sa lebelelang go se bona. Ka jalo, fa Jakobe a ne a kopa moengele mongwe gore a mo senolele leina la gagwe, moengele o ne a gana. (Genesise 32:29) Moragonyana, moengele yo a neng a bonala kwa go Joshua o ne a seka a ipitsa ka leina mme o ne a re ke “kgosana ya lesomo la ga Jehofa.” (Jošua 5:14, NW) Ka mo go tshwanang, fa rragwe Samesone a ne a botsa moengele mongwe leina la gagwe, o ne a bolelelwa jaana: “O boletsang leina la me, e tswa e le le le gakgamatsang?” (Baatlhodi 13:17, 18) Baengele ba ba ikanyegang ba Modimo ba batla gore re tlotle Modimo le go kopa thuso ya gagwe, e seng ya bone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e bontshang lebaka la go bo Baebele e le motswedi o o ikanyegang, bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, jo bo gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
“Batho ba ba ikutlwang ba hupeditswe thata ke Modimo le ke melao ya gagwe, . . . ba tlhopha gore bogolo ba ineele mo baengeleng ba [Motlha o Mosha] . . . ba pelonomi e bile ga ba ba atlhole. Mme ba ka bonwa ke mongwe le mongwe fela jaaka dipilisi tsa tlhogo.”—Makasine wa Time
[Lebokoso mo go tsebe 25]
“Go Kopana” ga Batho le Baengele le Batswagosele Gompieno
Gompieno batho ba le bantsi ba bolela gore ba kile ba bona baengele ba bo ba bua le bone. Ba bangwe ba bolela gore ba kile ba kopana le batswagosele ba ba tswang kwa dipolaneteng tse dingwe. Buka ya Angels—An Endangered Species e ntsha lenaane la dilo tse dipego tseno di tshwanang ka tsone, e bolela gore dipego tseno tsoopedi di ka tlhalosiwa ka mokgwa o o tshwanang.b Dintlha tse di latelang di bontsha dilo dingwe tse di kwadilweng mo bukeng eno tse dipego tseno di tshwanang ka tsone.
1. Ka bobedi baengele le batswagosele ba tswa kwa mafatsheng a mangwe.
2. Ka bobedi jwa bone ke mefuta ya ditshedi tse di gatetseng pele thata, mo dilong tsa semoya kgotsa mo go tsa boranyane.
3. Mofuta wa tsone o o botsalano o lebega o le mosha o bile o le montle, mme ba pelonomi e bile ba tletse boutlwelobotlhoko.
4. Ka bobedi jwa bone ga ba na mathata ka dipuo, ba bua puo ya moreetsi wa bone sentle.
5. Ka bobedi jwa bone ke ditswerere tsa go fofa.
6. Fa baengele le batswagosele ba tlhaga, ba tlhaga ba le mo leseding le le tsabakelang.
7. Ka bobedi ba tlhaga ba apere diaparo tse di feletseng, ka tlwaelo ba apare dipurapura kgotsa tšhuniki tse di ba tlamparelang. Mmala o ba o ratang thata ke o mosweu kgotsa o mobududu.
8. Gantsi boobabedi ba lekana le batho ka boleele.
9. Boobabedi ba bontsha gore ba amegile ka boemo jo bo hutsafatsang jwa batho le jwa polanete eno.
10. Motho yo o boneng batswagosele le baengele ke ene yo o ka supelang gore o ne a kopana le bone.
[Ntlha e e kwa tlase]
b Mokgwa o o tshwanang wa go tlhalosa dipego tseno ke gore go bonala meya e e boikepo, kgotsa badimona, e le bone ba dirang gore batho ba “kopane” le baengele le batswagosele. Jaaka Baebele e bolela, “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14)—Bona Tsogang!, July 8, 1996, tsebe 26.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Baebele e na le dipolelo tsa boammaaruri tsa baengele ba bonala mo bathong