O ne O ka Reng?
Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
Bala Genesise 19:15-17, 23-26. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase, mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go torowa dilo tse di tlhaelang.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke eng se se diragaletseng mosadi wa ga Lote, mme ke ka ntlha yang fa go mo diragaletse? Ke eng se o se ithutang mo pegong eno?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno, o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 6 Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go nna bonako ka sone? Jakobe 1:․․․
TSEBE 7 Ke eng se mosimane yo o tlogelelwang fela a tla se dirang? Diane 29:․․․
TSEBE 10 Modimo o leba jang motho yo o ratang thubakanyo? Pesalema 11:․․․
TSEBE 20 Re ka tlhomamisega gore Modimo o mogolo go feta eng? 1 Johane 3:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Ke morwa wa lefatlha wa ga Juda yo a mo tsho-letsweng ke Tamare, mme ga ke a ka ka bofelelwa tlhale e e bo-hibidu jo bo letlhololo mo seatleng sa me.
Bala Genesise 38:24-30
5. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Mosadi wa me e ne e le seaka kwa motseng wa Jeriko.
Bala Joshua 2:1; Mathaio 1:5.
6. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Motlholagadi wa Momoabe o ne a nna mosadi wa me.
Bala Ruthe 4:9, 10.
◼ Dikarabo di mo tsebe 29
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31
1. Mosadi wa ga Lote.
2. Morwadie Lote wa ntlha.
3. Morwadie Lote wa bobedi.
4. Perese.—Luke 3:33.
5. Salamone.—Luke 3:32.
6. Boase.—Luke 3:32.