Dikai Tsa Malapa a a Atlegileng—Karolo 1
Jaaka makasine ono wa Tsogang! o setse o bontshitse, ga go reye gore malapa a a atlegileng ga a na mathata. Kgang eo ga e gakgamatse, ka gonne re tshela mo metlheng e Baebele e e tlhalosang jaaka “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Ga go na pelaelo gore go tla nna le mathata a mofuta mongwe mo lelapeng lengwe le lengwe.
Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore go atlega ga go a ikaega ka maemo a go tweng a tshwanela sentle. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Malapa a a dirang gore a nne le dilo tse a di tlhokang semoyeng ka go latela melaometheo ya Baebele a bone sephiri sa go atlega—le fa a ka tswa a na le maemo a a sa itumediseng. Akanya ka dikai dingwe.
Go tlhokomela ngwana yo o golafetseng. Baebele e tsaya kgang ya go tlhokomela maloko a lelapa e le botlhokwa thata, go akaretsa le ba ba tlhokang go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng. Ya re: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:8.
Mo tsebeng ya 15 Victor yo e leng rre mongwe mo Afrika Borwa, o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba ileng ba tlhokomela ngwana wa bone yo o golafetseng ka dingwaga tse di fetang di le 40.
Go godisiwa ke batsadi ba ba sa go tsholang. Melaometheo ya Baebele e ka thusa motho go nna le boikutlo jo bo siameng ka ga gagwe—tota le fa batsadi ba gagwe ba ba mo tshotseng ba mo latlhile. Ee, Baebele ya re Jehofa Modimo ke “mothusi” wa ba ba se nang borraabone.—Pesalema 10:14.
Mo tsebeng ya 16, lekgarebe lengwe la kwa United States e bong Kenyatta, o tlhalosa kafa a ileng a tshwanelwa ke go itshokela bohutsana jwa go bo le ka motlha a ise a ko a kopane le batsadi ba gagwe ba ba mo tshotseng.
Go lepalepana le go tlhokafalelwa ke motsadi. Go tlhokafalelwa ke mmè kgotsa ke rre go ka dira gore o nne le bohutsana jo go leng boima gore bo fole. Baebele e ka thusa. Mokwadi wa yone e bong Jehofa, ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.”—2 Bakorintha 1:3.
Mo tsebeng ya 17, Angela lekgarebe lengwe la kwa Australia, o tlhalosa kafa kamano ya gagwe le Modimo e mo thusitseng ka teng go lepalepana le tatlhegelo e e botlhoko.
Malapa otlhe a na le dikgwetlho dingwe tse a tshwanetseng go lepalepana le tsone. Jaaka dikgang tse di mo ditsebeng tse di latelang di tla bontsha, batho ba ba dirisang melaometheo ya Baebele ba bone sengwe se se botlhokwa se se ba thusang gore ba lepalepane ka katlego le dikgwetlho tse ba lebanang le tsone.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go Tlhokomela Ngwana yo o Golafetseng
Jaaka go boletse Victor Maynes, Afrika Borwa
“Fa e sa le Andrew a tsholwa o ne a ikaegile ka rona gore re mo apese, re mo tlhapise mme ka dinako tse dingwe re mo thuse go ja. Gone jaanong o na le dingwaga di le 44.”
RE NE ra belaela gore go na le sengwe se se phoso fa Andrew a ne a sa kgone go tsamaya fa a sena go tshwara ngwaga wa gagwe wa ntlha. Mo e ka nnang ka yone nako eo, o ne a idibala. Re ne ra itlhaganelela kwa kokelong le Andrew mme re ne ra bolelelwa gore o na le mototwane. Mme e ne e se seo fela. Diteko tse dingwe di ne tsa tlhomamisa gore Andrew o golafetse mo tlhaloganyong.
Morago ga go lekeletsa mefuta e e farologaneng ya kalafi, re ne ra kgona go laola go idibala ga ga Andrew. Ka nakwana o ne a tshwanelwa ke go nwa mefuta e le menè e e farologaneng ya melemo gararo ka letsatsi. Gone mme, go golafala ga tlhaloganyo ya gagwe go ka se tokafadiwe ke melemo. Le e leng gone jaanong a le dingwaga di le 44, Andrew o na le selekanyo sa tlhaloganyo ya ngwana wa dingwaga di le tlhano kgotsa di le thataro.
Dingaka di ne tsa re gakolola gore re ise Andrew kwa setheong se se kgethegileng, mme re ne ra swetsa gore re se ka ra go dira. Re ne re kgona go tlhokomela Andrew ka sengwe le sengwe se a se tlhokang, ka jalo, re ne ra swetsa gore re tla mo tlhokomela mo gae, le fa go ne go na le dikgwetlho tse re neng re ka se kgone go di tila.
Ka jalo, re dirile tshwetso ya gore re mo tlhokomele re le lelapa. Bana ba rona ba bangwe—mosimane a le mongwe le basetsana ba le babedi ba ba neng ba nna kwa gae—ba ne ba re tshegetsa thata mme ke ba leboga tota! Mme jaaka Basupi ba ga Jehofa, maloko a phuthego ya rona a ne a re naya tshegetso e e molemo. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba re tlisetsa dijo tota le e leng go tlhokomela Andrew fa rona re nna le seabe mo bodireding kgotsa re dira dilo tse dingwe.
Ka metlha re ne re gakologelwa mafoko a a mo go Isaia 33:24, a a buang ka tsholofetso ya Modimo ya gore ka letsatsi lengwe “ga go na monni ope yo o tla reng ‘ke a bobola.’” Re dumela ka peloyotlhe gore Modimo o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisa lefatshe le lesha le go tlosa malwetse otlhe. (1 Petere 3:13) Ka gone, re lebeletse pele go bona letsatsi le ka lone Andrew a tla bong a fodile. Mme fa re ntse re letile nako eo, re na le tsholofelo mo mafokong a ga Jesu a gore fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo kwa pele mo matshelong a rona, re tla tlamelwa ka dilo tsotlhe tse re di tlhokang. (Mathaio 6:33) Re bone go ntse jalo ka metlha. Ga re ise re ko re tlhoke sepe.
Gone ke boammaaruri gore ga se botlhe ba ba kgonang go tlhokomela leloko la lelapa le le lwalang kwa gae. Mo go ba ba dirang jalo, sa ntlha, nka akantsha gore ba rapele ka metlha e bile e le go tswa pelong. (1 Petere 5:6, 7) Sa bobedi, tlhokomela ngwana wa gago ka lorato lo logolo mme le ka motlha o se ka wa nyatsa bokgoni jwa gagwe jwa go kgona go ithuta go rata Jehofa Modimo. (Baefeso 6:4) Sa boraro, akaretsa lelapa lotlhe mme ba letle gore ba thuse. Sa bonè, gakologelwa gore ngwana wa gago o tla amogela lorato lo lontsi mo lelapeng lwa gago. Gone mme, maemo a a farologana. Rona ga re ise re ko re ikwatlhaele go bo re tlhokomela Andrew mo gae. Mo go nna, ke ngwana yo o rategang thata—monna yo o rategang thata—yo ke mo itseng.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Go Godisiwa ke Batsadi Ba ba Sa go Tsholang
Jaaka go boletse Kenyatta Young wa kwa United States
“Fa e le gore o ngwana yo o tlileng le motsadi mo lenyalong la bobedi, o na le kamano le motsadi mongwe yo o go tshotseng. Mme e re ka ke godisitswe ke batsadi ba ba sa ntsholang, ga ke na kamano e e ntseng jalo. Ga ke itse le gore ke tshwana le mang.”
GA KE itse gore rre ke mang mme ga ke ise ke ko ke kopane le mmè yo o ntshotseng. O ne a tshwakgotswe ke bojalwa le diokobatsi fa a ne a nkimile. Fa ke tsholwa ke ne ka isiwa kwa setheong se go tlhokomelwang bana ba ba se nang batsadi le kwa malapeng a a farologaneng a a tlhokomelang bana ba ba ntseng jalo, pele ga ke tsewa ke batsadi ba ba nkgodisitseng fa ke ne ke le kafa tlase ga dingwaga di le pedi fela.
Rre yo o nkgodisitseng a re fa motho yo o neng a ikarabelela ka nna mo setheong se ke neng ke le mo go sone, a ne a mmontsha setshwantsho sa me, gone ka nako eo o ne a batla gore ke nne ngwana wa bone. Ka bonako fela ke ne ka rata mmè wa me yo mosha. Ke ne ka mmolelela gore ke mmè mme ke batla go ya le ene gae.
Le fa go ntse jalo, ke gakologelwa gore fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke tshaba gore ke tla dira sengwe se se phoso ke bo ke busediwa kwa lefelong le go tlhokomelwang bana ba ba se nang batsadi kwa go lone. Ke ne ke akanya gore ga ke a tshwanela go fetofetoga maikutlo kgotsa le e leng go lwala jaaka bana ba bangwe. Ke ne ka leka le e leng go tila gore ke tshwarwe ke sehuba! Batsadi ba me ba ne ba nna ba ntlhomamisetsa gore ba a nthata le gore ba ka se ka ba ntatlha.
Tota le fa ke le mogolo, ka dinako tse dingwe ke lwa le boikutlo jwa gore ga ke anaanelwe jaaka batho ba ba godisitsweng ke batsadi ba bone ba ba ba tshotseng. Fa fela ke batla go amogela seemo se ke leng mo go sone, mongwe o tla bo a nthaya a re: “O tshwanetse go leboga go bo o na le batsadi ba ba siameng jaana ba ba ileng ba go godisa jaaka ngwana wa bone!” Gone ke a leboga, mme dikakgelo tse di ntseng jalo di dira gore ke ikutlwe gore go na le sengwe se se phoso ka nna mme ka tsela nngwe go tsere mongwe matsapa a magolo gore a nthate.
Go thata gore ke amogele kgang ya gore gongwe le ka motlha nka se ka ka itse gore rre yo o ntshotseng ke mang. Ka dinako tse dingwe ke utlwa botlhoko go bo mmè yo o ntshotseng a ile a se ka a tlogela mekgwa ya gagwe e e sa siamang gore a nkgodise, e kete ke ne ke se botlhokwa mo go kalo. Ka dinako tse dingwe ke mo utlwela botlhoko. Gantsi ke akanya gore fa nka kopana le ene, nka rata gore a itse gore ke ile ka atlega mo botshelong le gore a se ka a ikutlwa molato go bo a ile a dira gore ke tsewe ke batsadi ba bangwe ba ba tla nkgodisang.
Batsadi ba me ba ba nkgodisitseng ke Basupi ba ga Jehofa mme nngwe ya dimpho tse di molemo thata tse ke di amogetseng mo go bone ke kitso ya Baebele. Ka metlha ke fitlhela mafoko ano a ga Pesalema 27:10 a gomotsa: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” Seo se boammaaruri tota mo seemong sa me. Mme go na le ditlamorago tse di itumedisang tse di nnileng teng ka go bo ke godisitswe ke batsadi ba bangwe. Ka sekai, ke kgatlhegela batho—tsela e ba godisitsweng ka yone le matshelo a bone—gongwe ke ka go bo nna ke sa itse batsadi ba me ba ba ntshotseng. Ke rata batho mme seno se botlhokwa thata mo bodireding jwa Bokeresete. Go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le go bo ke bua ka Baebele, go dira gore ke ikutlwe ke na le seriti le gore botshelo jwa me bo nne le bokao. Fa ke ngomogile pelo, ke a tswa ke bo ke ya go thusa batho ba bangwe. Fa ke ruta batho Baebele, ke lemoga gore ke kgona go nna le kamano ya mmatota le bone. Mongwe le mongwe o na le kgang e e kgatlhang e a ka tlotlang ka yone.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Go Lepalepana le Go Tlhokafalelwa ke Motsadi
“Fa rre a ne a tlhokafala, ke ne ke ikutlwa ke sa tlhole ke sireletsegile. Motho a le esi yo o neng a itse sengwe le sengwe e bile a kgona go baakanya sengwe le sengwe mo botshelong jwa me o ne a sa tlhole a le gone.”
Jaaka go boletse Angela Rutgers, Australia
RRE o ne a tlhokafala dingwaga di le lesome tse di fetileng, fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome. Dikgwedi di le thataro pele ga foo, o ne a ariwa, mme fa a ne a sa ntse a le kwa phaposing e a neng a folela kwa go yone, ngaka e ne ya re bolelela gore ga go tlhole go na le sepe se ba ka se dirang. Mmè o ne a batla thata go itse mo go oketsegileng, nkgonne o ne a idibala mme nna ke ne ke na le maikutlo a a tlhakatlhakaneng. Dikgwedi di le thataro morago ga foo, rre o ne a tlhokafala.
Ke ne ka nna le maikutlo a a tlhakatlhakaneng ka lobakanyana. Ke ne ke batla gore ditsala tsa me di tlhaloganye gore ke ikutlwa jang mme ke ne ke sa batle go utlwelwa botlhoko. Ka jalo, ke ne ka leka gore ke se ka ka ba bontsha gore ke ikutlwa jang. Kafa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke akanya gore fa ke nna ke itumelela botsala jwa bone go ne go tla raya gore ka tsela nngwe botshelo jwa me bo boetse bo ntse jaaka bo ne bo ntse pele mme go ne go sa nna jalo. Gone jaanong ke ipotsa gore ke ne ke dira gore ditsala tsa me di ikutlwe jang!
A ke ikutlwa molato ka ntlha ya loso lwa ga Rre? Ee, ke ikutlwa molato! Ke eletsa e kete nka bo ke mmoleletse gantsinyana ka re “Ke a go rata!” Ke eletsa e kete nka bo ke ile ka mo tlamparela gantsinyana kgotsa ka ipha nako e oketsegileng le ene. Le fa nka ipolelela gantsi go le kana kang gore ‘O ne a ka se batle gore o akanye jalo,’ go sa ntse go ntshwenya.
E re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke gomodiwa thata ke tsholofelo ya tsogo ya baswi e e theilweng mo Baebeleng. (Johane 5:28, 29) Ke leka go ipolelela gore rre o tsere loeto fela go ya kwa moseja mme ka letsatsi lengwe o tla boela gae, mme letlha le a tla boang ka lone ga le itsege. Gone go a gakgamatsa gore, fa batho ba ne ba nthaya ba re, “Rraago o tla boa mo tsogong ya baswi,” seo pele se ne se sa nkgothatse. Ke ne ke ikutlwa gore, ‘Ke batla gore rre a boe gone jaanong!’ Mme papiso ya loeto lwa kwa moseja e ile ya thusa. E ne e umaka tsogo ya baswi mme ka nako e e tshwanang e nthusa gore ke itshokele tatlhegelo e ke e utlwang gone jaanong.
Bakeresete ka nna ba ile ba ntshegetsa thata. Ke gakologelwa mongwe yo o neng a mpolelela gore ga a gololesege go bua ka loso lwa ga rre mme o ne a re o ntse a akanya ka nna le ba lelapa la gaetsho ka dinako tsotlhe. Ke ne ka nna ke ntse ke akanya ka se a se buileng. Seo se ne se nthusa ka malatsi a go neng go se na ope yo o neng a bua sengwe, ka gonne se ne se dira gore ke lemoge gore le fa gone ba sa bue sepe, ba akanya ka nna le ba lelapa la gaetsho. Seo se ne se nkgothatsa tota!
Dikgwedi di le nnè morago ga loso lwa ga Rre, Mmè o ne a simolola go nna le seabe mo bodireding mme ke ne ke kgona go bona gore ke sone thata se se neng se dira gore a itumele. Ka jalo, ke ne ka tsamaya le ene. Go a gakgamatsa go bona kafa go thusa ba bangwe go go thusang go itshoka ka gone. Go ile ga nonotsha tumelo ya me mo Lefokong la ga Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe, mme e bile go nthusa gone jaanong go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe.