Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
Dipolelo tse di tumileng tsa Keresemose di bontsha naledi eno e le letshwao le le siameng le le tswang kwa legodimong. A tota go ne go ntse jalo?
◼ Mokwadi wa Baebele e bong Mathaio o tlhalosa gore, naledi eno e ne ya gapa kgatlhego ya “banna ba ba botlhale” ba kwa Botlhaba mme kgabagare ya ba isa kwa go Jesu yo mmotlana. (Mathaio 2:1-12, Baebele e e Boitshepo) Dipolelo tse di tumileng tsa Keresemose di bontsha naledi eno e le letshwao le le siameng le le tswang kwa legodimong. Buka nngwe ya tshupiso e tlhalosa naledi eno e le karolo ya “thulaganyo ya Modimo e mo go yone . . . ngwana Jesu a tlotliwang le go anaanelwa ke Rara jaaka Morwawe yo o rategang.” Tota le dipina tsa Keresemose di tlotla naledi eno. Naledi eno e ne e le eng?
Ba bangwe ba akantsha gore e ne e le lesedi le le gakgamatsang la tlholego. Baithuti ba le mmalwa ba akantsha gore e ne e le dipolanete tse dintsi tse di kopaneng. Lefa go ntse jalo, The New Bible Dictionary e bontsha gore, “tiragalo eo e ka se tlhalosiwe e le ‘naledi.’” Dipolanete tse dintsi tse di fetang gaufi le tse dingwe di tla bonala e le masedi a a ikemetseng mme e seng jaaka naledi e le nngwe. Ba bangwe ba ile ba akantsha gore ke masedi a legodimo a a jaaka naledi ya motshotshonono kgotsa ya supernova. Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya dilo tseno e e ka kgonang go bontsha banna bano motse o o rileng e bo e ema mo ntlong e e rileng.
A naledi eno ke tiragalo fela ya tlholego kgotsa a e ne e tlile ka kaelo ya Modimo? Ela tlhoko dintlha tseno: “Banna ba ba botlhale” e ne e se ba gompieno re ka reng ke barutegi; e bile e ne e se dikgosi. E ne e le “balepadinaledi” jaaka dithanolo tsa segompieno tsa Setswana di balega. Ba ne ba dira sengwe se se kgalwang ke Dikwalo Tse di Boitshepo. (Duteronome 18:10-12) Ela tlhoko gore e ne e le balepadinaledi bano fela ba go begilweng gore ba “bone” naledi. Fa e le gore naledi eno e ne e le naledi ya mmatota, e ka bo e bonetse sentle jaaka masedi a a kaelang dikepe a bonala mo bathong ka kakaretso. Tota le e leng Kgosi Herode o ne a tshwanela ke go ba botsa gore naledi eo e ne e ntse jang. Naledi eno e ne ya isa balepadinaledi pele kwa Jerusalema, kwa go Herode yo e neng e le mmaba yo mogolo wa Mesia yo o neng a tla. O ne a ikaeletse go bolaya ngwana Jesu. Morago ga foo, naledi e ne ya fetola kwa e neng e ya gone mme ya isa balepadinaledi kwa borwa jwa Bethelehema kwa Jesu a neng a le gone, mme seno se ne se baya botshelo jwa ga Jesu mo kotsing.
Dintlha tseno di bontsha gore naledi eno e ne e tswa mo motsweding o o boikepo, o go bonalang e le Satane Diabolo. Baebele e mo tlhalosa e le yo o dirisang “ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso.” (2 Bathesalonika 2:9) Ka jalo, ga go a tshwanela go gakgamatsa Bakeresete ba boammaaruri gore Satane a ka dira gore e nne balepadinaledi fela ba ba bonang selo seno se e keteng naledi le gore “naledi” eo e ba ise kwa go Morwa Modimo, yo a neng a batla go mmolaya. Gone ke boammaaruri gore ga go na ope yo o ka gaisang Jehofa Modimo. Ka jalo, ga go gakgamatse gore leano la ga Diabolo la go bolaya Jesu pele ga nako le ile la itaya sefololetse.
Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore Modimo o ne a itsise gore go tsholwa ga ga Jesu e tla nna ka tsela ya kgakgamatso. Mo go jone bosigo jo Jesu a neng a tsholwa ka jone, moengele o ne a iponatsa mo setlhopheng sa badisa a bo a ba itsise ka go tsholwa ga ga “Mmoloki.” Gape moengele o ne a ba bolelela tsela ya go ya go bona Jesu. Morago ga moo, lesomo le lentsi la baengele le ne la bonala mme la baka Modimo. (Luke 2:8-14) Modimo o ne a dirisa baengele bano e seng naledi go itsise batho ka go tsholwa ga ga Jesu.