Botlhokwa Jwa go Bontsha Lorato
“BA TLAMPARELE gantsi!” go ne ga bolela jalo porofesa wa tlhaloganyo wa bana fa a ne a bua le mmè yo mosha yo o sa tswang go tshola bana ba mawelana. O ne a sa tswa go kopa kgakololo e e molemo ya go godisa bana ba gagwe. Porofesa o ne a oketsa jaana: “O tshwanetse go bontsha lorato ka ditsela tse mmalwa, tse di jaaka go ba tlamparela, go ba atla, go amega ka bone, go ba tlhaloganya, go bontsha tsela ya go itumela, go nna pelotshweu, go ba itshwarela mme fa go tlhokega ka go ba otlhaya ka tekatekano. Ga re a tshwanela go ipolelela fela gore bana ba rona ba a itse gore re a ba rata.”
Tiffany Field yo e leng motsamaisi wa Touch Research Institute kwa Yunibesithing ya kwa Miami, Florida kwa U.S.A., o dumalana le kakantsho eo. A re: “Go ama ngwana go botlhokwa thata mo kgolong ya gagwe fela jaaka dijo le go ikatisa le tsone di le botlhokwa.”
A le batho ba bagolo ba tlhoka go bontshiwa lorato ka go amiwa? Ee. Go ya ka patlisiso e moithutatlhaloganyo mo go tsa kalafi e bong Claude Steiner a e dirileng, o ne a swetsa gore go botlhokwa gore re kgothadiwe ka mafoko kgotsa ka go amiwa go sa kgathalesege dingwaga tsa rona. Laura yo e leng mooki yo o tlhokomelang setlhopha se segolo sa batho ba ba godileng a re: “Ke bone gore go botlhokwa go bontsha batho ba ba godileng lorato. Fa o ba tshwara sentle, o ba ama, o dira gore ba go ikanye mme ba latela ditaelo tsa gago motlhofo fela. Mo godimo ga moo, go ba bontsha lorato ka ditsela tse di ntseng jalo go bontsha gore o tlotla seriti sa bone.”
Mo godimo ga moo, go bontsha lorato go solegela molemo motho yo o lo bontshang le yo o lo bontshiwang. Fela jaaka Jesu Keresete a kile a bolela, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Go itumedisa thata fa batho ba ba tshwenyegileng, ba ba ngomogileng pelo kgotsa ba ba sa itshepeng ba bontshiwa lorato. Ditiragalo tse dintsi tse di mo Baebeleng di bontsha kafa batho ba ba ntseng jalo ba neng ba amogela thuso e e ntseng jalo ka teng.
Akanya kafa go tshwanetseng ga bo go ne go gomotsa ka gone fa ‘monna yo o tletseng lepero’ yo a neng a kgapetswe kwa thoko a ne a utlwa a amiwa ka tsela ya lorato ke Jesu Keresete!—Luke 5:12, 13; Mathaio 8:1-3.
Akanya kafa moporofeti Daniele yo a neng a tsofetse a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa a nonofile le go feta ka teng fa moengele wa Modimo a ne a mo nonotsha ka go mo kgothatsa ka lorato le go mo ama gararo. Go amiwa ka tsela e e lorato e e ntseng jalo le mafoko ao a a nonotshang, e ne e le sone se Daniele a neng a se tlhoka gore a tle a itharabologelwe mo letsapeng la gagwe la mmele le la mogopolo.—Daniele 10:9-11, 15, 16, 18, 19.
Mo lekgetlhong lengwe, ditsala dingwe tse di rategang tsa ga moaposetoloi Paulo di ile tsa tsamaya sekgala sa dikilometara tse di ka nnang 50 go tswa kwa Efeso go ya kwa Mileto go ya go kopana le ene. Fa ba le koo, Paulo o ne a ba bolelela gore go ka direga gore a se tlhole a ba bona gape. A bo moaposetoloi yono a tshwanetse a bo a ile a kgothatsega jang ne fa ditsala tsa gagwe tse di ikanyegang di ne di mo “tlamparela le go mo tsamaisa sentle ka go mo atla”!—Ditiro 20:36, 37, Today’s English Version.
Ka jalo, Baebele mmogo le dipatlisiso tsa segompieno di re kgothaletsa go bontshana lorato. Fa re dira jalo re tla solegelwa molemo mo mmeleng le mo maikutlong. Go bonala sentle gore ga se bana fela ba ba tlhokang go bontshiwa lorato.