Thoromo ya Lefatshe Kwa Haiti—Go Bontsha Lorato le Tumelo
Ka Labobedi, January 12, 2010, ka 4:53 p.m., Evelyn o ne a utlwa modumo o o sa kgaotseng o e keteng wa sefofane se segolo se se tlhatlogang mme lefatshe le ne la simolola go roroma. Dipilara tsa samente tse di neng di le gaufi di ne tsa phatloga ka modumo o mogolo mme dikago di ne tsa simolola go wa. Fa thoromo eno e sena go kgaotsa, Evelyn o ne a palamela kwa lefelong le a neng a tla kgona go bona sentle gone mme a lebelela se se diragalang. O ne a utlwa batho ba goa ba lela gongwe le gongwe. Go ne go tsogile lerole la samente mo toropokgolong ya Haiti ya Port-au-Prince.
MO METSOTSWANENG fela, magae, dikago tsa puso, dibanka, dikokelo le dikolo di ne tsa wa. Go ne ga swa batho ba ba fetang 220 000 ba maemo a a farologaneng. Ba bangwe ba le 300 000 ba ne ba gobala.
Batho ba le bantsi ba ba ileng ba falola ba ne ba gamaregile, ba lebile masalela a magae a bone. Ba bangwe ba ne ba epa ka diatla mo matlotleng gore ba falotse ba masika le baagelani ba bone. Motlakase o ne o kgaogile mme go ne ga nna lefifi ka bonako mo banamodi ba neng ba patelesega go bereka ba dirisa lesedi la ditotšhe le la dikerese.
Mo toropong ya Jacmel, Ralphendy wa dingwaga di le 11 o ne a rapaletse a le ka fa tlase ga bontlhanngwe jwa kago e e neng e ole. Setlhopha sa banamodi sa mo toropong se ne sa bereka diura di le dintsi gore se mo falotse. Go roroma go go neng ga latela go ne ga ba pateletsa go tlogela se ba neng ba se dira, ka gonne ba ne ba tshaba gore bodilo jo bo kwa godimo jo bo phatlogileng bo ka ba wela. Philippe, yo e leng morongwa wa Basupi ba ga Jehofa o ne a gana go ineela, a bua jaana: “Nka se kgone go tlogela Ralphendy fano gore a swe.”
Philippe le ba bangwe ba le bararo ba ne ba itshukunyetsa mo phatlheng e e tshesane e e ka fa tlase ga kago e e thubegileng mme ba ya ka bonya kwa Ralphendy a neng a rapame teng, maoto a gagwe a ne a gatisitswe ke matlapa a a oleng. Go tloga bosigogare ba ne ba ntse ba bereka ka kelotlhoko ba ntsha matlapa ano a a thubegileng. Fa go ntse go nna le dithoromo tse dingwe tse dinnye, ba ne ba utlwa dipota tsa samente tse di kwa godimo ga bone di suta di bo di phatloga. Ka 5:00 a.m., mo e ka nnang diura di le 12 morago ga thoromo, ba ne ba kgona go ntsha Ralphendy ba mo falotsa.
Ka maswabi, ga se maiteko otlhe a ba ileng ba a dira a a neng a atlega. Mo toropong ya Léogâne e e neng e amilwe thata ke thoromo, Roger le morwawe yo mogolwane e bong Clid, ba ne ba falola fa ntlo ya bone e ne e wa. Morwawe yo mmotlana e bong Clarence o ne a tlhokafala. Mosadi wa ga Roger e bong Clana ene o ne sa ntse a tshela e bile a kgona go bua le fa tlhogo ya gagwe e ne e gatisitswe ke siling e e neng e ole. Roger le tsala ya gagwe ba ne ba bereka ka natla go mo falotsa. O ne a goeletsa jaana a le ka fa tlase ga matlotla a kago e e oleng: “Itlhaganeleng! Ke felelwa ke maatla! Ke a swa!” Diura di le tharo moragonyana, setlhopha sa banamodi se ne sa goroga. Mme fa ba ne ba mo ntsha o ne a setse a tlhokafetse.
Laboraro, January 13, Letsatsi la Bobedi
Fa letsatsi le le latelang le tlhaba, go ne go bonala sentle gore thoromo eno e bakile tshenyo e e kana kang. Bogolo jwa Port-au-Prince e ne e le matlotla. Fa dikgang ka ga thoromo eno di ntse di anamela kwa dinageng tse dingwe go ralala lefatshe, mekgatlho ya namolo le batho ba bangwe ba bantsi ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo, ba ne ba tla go thusa. Baithaopi go tswa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Dominican Republic, e e bokgakala jo bo ka nnang dikilometara di le 300, le bone ba ne ba utlwile thoromo eo. Fa Basupi ba kwa Dominican ba utlwa gore lefelo le thoromo e neng e runtse mo go lone le ne le le gaufi le toropo e e nang le batho ba bantsi ya Port-au-Prince, e e nnang batho ba ba ka tshwarang nngwe tharong ya baagi ba Haiti ba ba dimilione di le robongwe, Basupi bano ba ne ba simolola go rulaganya dithuso tsa namolo.
Go ne go setse go fetile dingwaga di le 150 fa e sa le thoromo e kgolo ya lefatshe e itaya lekgetlo la bofelo kwa Haiti. Batho ba Haiti ba ne ba setse ba tlogetse go aga dikago tse di kgonang go emelana le dithoromo tsa lefatshe mme jaanong ba ne ba aga mefuta ya dikago tse di sireletsang batho mo ditsuatsueng le mo merwaleleng. Ka jalo, bontsi jwa mabota a ditena le marulelo a konkereite ga a a ka a kgona go emelana le maatla a thoromo ya bogolo jwa 7,0. Le fa go ntse jalo, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Haiti, e e weditsweng go agiwa ka 1987, e ne ya agiwa go dumalana le melao ya dikago e e thusang gore dikago di emelane le dithoromo tsa lefatshe. Le fa gone ofisi eno e le gaufi le toropo ya Port-au-Prince, ga ya ka ya senyega.
Mo bosigong joo, ofisi eno ya kwa Haiti e ne ya nna lefelo le le tlhanaselang le batho ba tshabelang kwa go lone. E re ka go ne go sa kgonege go tlhaeletsana le batho ka dithelefouno le go romela melaetsa ka di-e-mail, badiri ba mo ofising eo ba ne ba tsamaya ka dikoloi ba ya kwa molelwaneng wa Dominican Republic gabedi gore ba kgone go romela dipego kwa dinageng di sele. Ka nako eo, makgolokgolo a batho ba ba amegileng, ba bontsi jwa bone ba neng ba gobetse thata, ba ne ba thologela kwa ofising ya lekala ya kwa Haiti. Ba bangwe ba bantsi ba ne ba isiwa kwa dikokelong di le mmalwa tse di neng di sa ntse di bereka mo lefelong leo, tse di neng tsa tlala ka bonako.
Go ne go tletse batho ba ba rapaletseng fa fatshe gotlhe fela mo dikokelong—ba tshologa madi e bile ba ntse ba goa. Mo gare ga batho bano go ne go na le Marla, yo o neng a wetswe ke kago e e oleng. O ne a sa kgone go utlwa maoto a gagwe e bile o ne a na le diura di le robedi e mo wetswe mme a sa kgone le go a sutisa. Baagelani ba gagwe ba ne ba mo ntsha mme ba mo isa kwa bookelong mme gone e ne e le bookelo bofe? Evan, yo e leng ngaka nngwe ya Mosupi e e neng ya goroga ka bonako go tswa kwa Dominican Republic, e ne ya tswa letsholo la go mmatla mme e ne e itse fela leina la gagwe.
Ka nako eo, go ne go setse go fetile diura di le 24 fa e sa le thoromo e itaya mme jaanong go ne go setse go nna bosigo gape. Evan o ne a tsamaya a gata ditopo tse di neng di rapaletse kwa ntle mo kokelong nngwe, a rapela ka tidimalo mme a nna a bitsa leina la ga Marla. Kgabagare o ne a utlwa mongwe a araba a re: “Ke nna yo!” Marla o ne a mo lebile ka monyenyo a itumetse. Evan o ne a botsa jaana a gakgametse: “Ke ka ntlha yang fa o nyenya?” O ne a araba ka gore, “Ke ka gonne jaanong ke na le mokaulengwe wa me wa semoya.” Evan ga a ka a kgona go itshwara mme a tsholola dikeledi.
Labone, January 14, Letsatsi la Boraro
Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa United States—mmogo le makala a a kwa Canada, Dominican Republic, Fora, Jeremane, Guadeloupe, Martinique le kwa dinageng tse dingwe—di ne tsa dira dithulaganyo tsa namolo e le gore go dirisiwe sentle dithoto tse di leng teng, dipalangwa, ditlhaeletsano, madi le badiri ba ba neng ba tla thusa. Mo baithaoping ba le bantsi ba ba neng ba tla go thusa, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 78 ba ba ithutetseng tiro ya kalafi. Ka 2:30 a.m., lori ya dithuso tsa namolo e ne ya tloga kwa lekaleng la Dominican e ya kwa ofising ya lekala ya kwa Haiti, e rwele dikilogerama tse di ka nnang 6 800 tsa dijo, metsi, melemo le dilo tse dingwe.
Moragonyana gone mo mosong oo fa dithoto tseno di sena go goroga, badiri ba ofisi ya lekala ya kwa Haiti ba ne ba simolola go di kgaoganya gore di tle di abelwe batho. E le go thibela magodu gore a se ka a utswa dijo le go di rekisa, badiri ba namolo ba ne ba khurumetsa dithoto tseno gore di se ka tsa bonwa ke batho. Baithaopi ba ne ba bereka bosigo le motshegare ba paka dijo le dilwana tse dingwe mo dikgetsing tse dinnye gore ba di abele malapa le batho ba ba nnang ba le nosi. Mo dikgweding tse di latelang, tiro ya botlhokwa e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba e dira e ne e le go abela batho dithoto tse di ka fetang dikilogerama di le 450 000, go akaretsa le dijo tse di fetang 400 000 mahala.
Labotlhano, January 15, Letsatsi la Bonè
Mo motshegareng wa letsatsi leno, Basupi ba le 19 ba ba neng ba akaretsa dingaka, baoki le batho ba bangwe ba ba ithutetseng tiro ya kalafi, ba ne ba goroga kwa Haiti ba tswa kwa Dominican Republic le kwa Guadeloupe. Ka bonako fela ba ne ba tlhoma tliliniki ya thuso ya potlako. Batho ba ba neng ba alafiwa koo, ba ne ba akaretsa bana ba le bantsi ba ba neng ba nna kwa legaeng la go tlhokomela bana ba dikhutsana. Mo godimo ga moo, badiri ba Basupi ba ne ba abela lefelo leno la go tlhokomela dikhutsana ditente tse di neng di tla nna mafelo a bonno a nakwana. Mookamedi wa lefelo leo e bong Étienne, o ne a re: “Ke leboga Basupi ba ga Jehofa fela thata, ga ke itse gore re ne re tla dirang fa e ne e se ka bone.”
O ne A Latlhegile Mme a Bonwa
Fa thoromo e ne e itaya, Islande wa dingwaga di le supa, o ne a lebeletse kwa ntle ga legae la bone mme o ne a bona megala ya motlakase e kgaoga mme e tlola ditlhase. Dipota di ne tsa mo pitlaganyetsa mo teng, a welwa ke ditena tse di neng tsa mo roba leoto mme a gobala mo go botlhoko. Fa a sena go ntshiwa mo matlakaleng ao a ditena, rraagwe e bong Johnny, o ne a mo isa kwa bookelong jo bo ka kwa ga molelwane wa Dominican. O ne a isiwa ka sefofane kwa bookelong bongwe kwa Santo Domingo, e leng toropokgolo ya naga eo. Mme moragonyana fa Johnny a leletsa kwa bookelong jo a neng a mo isitse kwa go jone, Islande o ne a seyo.
Johnny o ne a batla Islande gongwe le gongwe ka malatsi a le mabedi mme o ne a itaya sefololetse. O ne a isitswe kwa bookelong bo sele, kwa moithaopi mongwe wa kwa bookelong joo a neng a mo utlwa a rapela Jehofa. (Pesalema 83:18) Moithaopi yono o ne a mmotsa jaana: “A o rata Jehofa?” Islande o ne a araba ka gore “Ee,” a ntse a lela. Moithaopi o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “O se ka wa tshwenyega, Jehofa o tla go thusa.”
Johnny o ne a kopa ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Dominican Republic go mo thusa go batla Islande. Mosupi mongwe yo o bidiwang Melanie o ne a ithaopela go mmatla. Fa Melanie a ne a botsa kwa bookelong bongwe, moithaopi yo o neng a utlwa Islande a rapela, o ne a utlwa go buiwa ka ene mme a ba bontsha mosetsanyana yono. Go ise go ye kae, Islande o ne a kopana le ba gagabo gape.
Dikaro le Thulaganyo ya go Thusa Batho go Fola
Batho ba le bantsi ba ba neng ba gobetse ba ne ba bone kalafi e nnye kgotsa ba ne ba ise ba e bone gotlhelele, pele ga ba goroga kwa tliliniking e e neng e butswe kwa ofising ya lekala ya Basupi kwa Haiti, dintho tse di mo matsogong le mo maotong a bone di ne di etegetse e bile di bola. Gantsi, go kgaolwa ditokololo e ne e le gone fela go go neng go ka boloka botshelo jwa molwetse. Mo malatsing a ntlha morago ga thoromo, didirisiwa tsa karo, melemo le e leng melemo e e okobatsang botlhoko, e ne e tlhaela. Seemo seno se ne se tshosa le e leng dingaka. Ngaka nngwe e ne ya re: “Go na le ditshwantsho le medumo e ke eletsang e kete Modimo a ka e phimola mo mogopolong wa me.”
Mo bekeng ya bobedi morago ga thoromo, dingaka tsa Basupi go tswa kwa Yuropa tse di nang le maitemogelo e bile di na le didirisiwa tsa go dira dikaro tse di masisi tse di tlhokegang ka potlako, di ne tsa simolola go goroga. Setlhopha seno sa kalafi se ne sa dira dikaro di le 53 e bile se ne sa thusa ka mefuta e mengwe e mentsintsi ya kalafi. Mosupi mongwe yo o bidiwang Wideline, yo o nang le dingwaga di le 23, o ne a goroga kwa Port-au-Prince letsatsi pele ga thoromo eno. Fa e ne e itaya, letsogo la gagwe la moja le ne la robega mo le neng la tshwanelwa ke go kgaolwa kwa bookelong bongwe jwa lefelo leo. Ba losika ba ne ba mo isa kwa bookelong jo bo gaufi le legae la gaabo kwa Port-de-Paix, e e leng bokgakala jwa loeto lwa diura di le supa. Mme seemo sa ga Wideline se ne sa nna maswe le go feta mo e leng gore badiri ba kwa bookelong ba ne ba tlogela go mo naya kalafi ba akanya gore o a swa.
Fa setlhopha sa kalafi sa Basupi se ne se utlwa ka seemo sa ga Wideline, se ne sa tswa kwa Port-au-Prince go ya go mo alafa mme ba bo ba tla le ene gore ba tle ba tswelele ba mo tlhokomela. Fa balwetse ba bangwe ba ne ba bona gore bakaulengwe ba gagwe ba semoya ba ne ba tlile, le bone ba ne ba itumela. Ka thuso ya ba lelapa la gagabo le phuthego, Wideline jaanong o tlwaela maemo a gagwe a masha.
Kwa Dominican Republic, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba hira magae gore ba a dirisetse go tlhokomela balwetse ba ba neng ba isitswe teng. Magae ano a ne a tletse ka ditlhopha tse di neng di refosana tsa badiri ba baithaopi ba Basupi—dingaka, baoki, dingaka tse di sidilang le batlhokomedi ba bangwe. Ba ne ba itumelela go tlhokomela balwetse ka dilo tse ba di tlhokang fa ba ntse ba tokafala.
Go Bua ka Tumelo, Tsholofelo le Lorato
Mo Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di le 56 tse di mo lefelong le le neng le amilwe ke thoromo ya lefatshe kwa Haiti, ke di le thataro fela tse di neng di senyegile thata. Bontsi jwa Basupi ba thoromo e neng e sentse magae a bone ba ne ba nna kwa diholong tse di sa senyegang kgotsa mo mafelong a mangwe a a neng a se na batho. E re ka Basupi ba ne ba setse ba tlwaetse go kopana mmogo, ba ne ba kgobokana mmogo jaaka ba ne ba tle ba dire ka dikopano tsa bone.
Jean-Claude, yo e leng molebedi wa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leo o ne a tlhalosa jaana: “Re ne ra tshegetsa thulaganyo ya ka metlha ya phuthego ya dilo tsa semoya, e leng selo sa botlhokwa se se ileng sa thusa botlhe go nna ba tlhomame, basha le bagolo.” Matswela e ne ya nna afe? Monna mongwe o ne a re: “Ke itumela tota go bona Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba tsamaya ba rera. Fa re ne re sa lo bone, re ne re tla akanya gore dilo di ne di le maswe le go feta.”
Basupi ba ne ba gomotsa batho. Mosupi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Mo e batlileng e le mongwe le mongwe yo re kopanang le ene o dumela gore thoromo eno e ne e le kotlhao e e tswang kwa Modimong. Re ba tlhomamisetsa gore thoromo eno ya lefatshe e ne e le masetlapelo a tlholego e seng gore e bakilwe ke Modimo. Re ba bontsha Genesise 18:25. Mo temaneng eno Aborahame o tlhalosa gore go ka se direge gore Modimo a senye batho ba ba siameng mmogo le ba ba bosula. Gape re ba bontsha Luke 21:11. Mo go yone Jesu o ne a bolelela pele ka dithoromo tsa lefatshe tsa motlha ono mme re bo re tlhalosa gore go ise go ye kae, o tla tsosa baratiwa ba rona ba ba suleng le go fedisa pogo yotlhe. Batho ba le bantsi ba anaanela kitso eno fela thata.”a
Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le dikgwetlho. Jean-Emmanuel, yo e leng ngaka nngwe ya Mosupi, o ne a tlhalosa jaana: “Re setse re nnile le masetlapelo a ntlha a tlholego, e leng thoromo ya lefatshe. Jaanong re tshwanetse go lwantshana le ditlamorago tse di sa itumediseng tsa yone. Kwantle ga matshosetsi a maroborobo a malwetse a a nnang teng mo dikampeng tse mo go tsone batho ba kgotlhaganeng, tse di leswe e bile di tletse metsi a pula, batho ba na le bothata jo bo sa feleng jwa go tshwenyega mo maikutlong.”
Dibeke morago ga thoromo, Mosupi mongwe o ne a tla kwa tliliniking a tlhalosa gore o opiwa ke tlhogo e e sa foleng e bile ga a kgone le go robala, e leng matshwao a a tlwaelegileng a gore motho o amilwe ke masetlapelo. Mooki mongwe wa Mosupi o ne a mmotsa jaana: “A o iteilwe ke sengwe mo tlhogong?” Rre yoo o ne a araba jaana a tlhomamisegile: “Nnyaa, mosadi wa me yo re neng re nyalane ka dingwaga di le 17 o tlhokafetse. Mme gone re ne re lebeletse gore dilo tse di ntseng jalo di tla diragala. Jesu o tlhalositse gore di tla diragala.”
E re ka mooki a ne a lemoga gore ke eng se se bakang bothata, o ne a mo raya a re: “Ke ka gonne o latlhegetswe ke molekane wa gago wa botshelo jotlhe. Go utlwisa botlhoko tota! Go siame go hutsafala le go lela. Jesu o ne a lela fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a ne a tlhokafetse.” Fa a rialo, monna yono yo o neng a amegile thata o ne a thubega ka selelo.
Mo Basuping ba ba fetang 10 000 ba ba nnang mo nageng eo, ba le 154 ba bone ba ne ba tlhokafala ka ntlha ya thoromo eno. Go fopholediwa gore diperesente tse di fetang 92 tsa baagi ba Port-au-Prince ba tlhokafaletswe ke motho yo ba mo ratang a le mongwe kgotsa go feta mo masetlapelong ano. Go gomotsa batho bao ba ba hutsafetseng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela batho ba ba neng ba gobetse mo mmeleng le mo maikutlong gangwe le gape, ba ba naya tshono ya go bulela mongwe yo ba ka mo tshepang mafatlha. Le fa gone Basupi ba ba hutsafetseng ba itse ka tsholofetso ya Baebele ya tsogo le ka lefatshe la paradaise, le bone ba tlhoka go tshololela Mokeresete yo o amegang ka bone maikutlo le go utlwa mafoko a a gomotsang le a a kgothatsang.
Go Lebana le Maemo a Gone Jaanong le a Isagwe
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go sala tumelo, tsholofelo, lorato, tse tharo tseno; mme se segolo thata mo go tseno ke lorato.” (1 Bakorintha 13:13) Dinonofo tseo ke tsone tse di thusang Basupi ba le bantsi ba kwa Haiti go itshokela maemo a gone jaanong, go kgothatsa ba bangwe le go akanya ka isagwe ba sa boife. Tumelo ya boammaaruri, kutlwano le lorato ke tsone tse segolobogolo di dirang gore ba tswelele ba dira tiro ya go namola mo lefatsheng lotlhe. Petra yo e leng ngaka ya Mosupi yo o neng a tswa kwa Jeremane go tla go thusa, o ne a re: “Ga ke ise ke ko ke bone lorato lo lo ntseng jaana. Ke ne ka lela fela thata e seng ka ntlha ya kutlobotlhoko mme ka ntlha ya boitumelo.”
Lokwalodikgang lwa The Wall Street Journal lo ne lwa bitsa thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti ya 2010 lo re ke “masetlapelo a tlholego a a kileng a baka tshenyo e kgolo go gaisa fa a bapisiwa le a naga epe fela e kileng ya nna le one.” Le fa go ntse jalo, fa e sale tiragalo eo, go ile ga nna le masetlapelo a mangwe a a tshosang, e le a tlholego le a a bakilweng ke batho go ralala lefatshe. A a tla tsamaya a fela? Basupi ba ga Jehofa kwa Haiti le mo lefatsheng ka bophara, ba tlhomamisegile gore nako e e tla e mo go yone Modimo a tla diragatsang tsholofetso eno ya Baebele: “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona kgaolo 11 e e reng, “Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 15]
“Nka se kgone go tlogela Ralphendy fano gore a swe”
[Mafoko a a mo go tsebe 19]
“Ke itumela tota go bona Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba tsamaya ba rera”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]
GO AGELA BATHO BA BA AMILWENG KE THOROMO MATLO
Mo e ka nnang kgwedi morago ga thoromo eno ya lefatshe, baenjenere ba dikago ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba simolola go tlhatlhoba gore ke magae afe a a sireletsegileng gore batho ba ka boela mo go one. Ba le bantsi ba ba neng ba senyegetswe ke magae a bone ba ne ba tlhoka magae a ba ka nnang mo go one ka nakwana go fitlhela ba bona magae a a siameng.
John, yo e leng leloko la ofisi ya lekala ya kwa Haiti o ne a tlhalosa jaana: “Re etse tlhoko se mekgatlho ya lefatshe lotlhe ya namolo e neng e se dira, re ne ra dira magae a a sa tureng, a a motlhofo go tlhongwa, a a lekanang ka bogolo le magae a bontsi jwa batho ba neng ba nna mo go one. Matlo ano a sireletsa batho mo diphefong le mo puleng e bile ga ba boife gore a ka ba gobatsa fa go nna le dithoromo tse dingwe.” Dibeke di le tharo fela morago ga thoromo, setlhopha sa baithaopi ba kwa Haiti le ba ba direlang kwa dinageng di sele ba ne ba simolola go aga magae a nakwana.
Batho ba ba neng ba le mo mebileng ba ne ba itumelela go bona dilori di feta di rwele dikarolo tse di setseng di dirilwe tsa matlo ano. Fa modiredimogolo mongwe wa tsa makgetho wa kwa Haiti a ntse a dira tetla ya gore didirisiwa tsa kago di tsene mo nageng, o ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba batho ba ntlha go tsena mo molelwaneng go tla go thusa batho. Ga ba bue fela ka go thusa batho, tota ba a go dira.” Mo dikgweding di se kae fela morago ga thoromo, Basupi ba ne ba setse ba agetse batho ba matlo a bone a neng a senyegile magae a le 1 500.
[Mmapa mo go tsebe 14]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
HAITI
PORT-AU-PRINCE
Léogâne
Epicenter
Jacmel
DOMINICAN REPUBLIC
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Marla
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Islande
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Wideline
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa kwa Haiti ba tswa ba isa molaetsa wa kgomotso kwa bathong ba ba amilweng ke thoromo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ngaka e alafa mosimanyana mongwe kwa tliliniking e e tlhomilweng ke Basupi ba ga Jehofa