Tsela 5—Tlhotlheletsa Wena le Lelapa la Gago
“Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso.” (Diane 13:16) Go nna le tshedimosetso ya botlhokwa ka botsogo go tla go thusa e bile go tla go tlhotlheletsa go dira diphetogo tse di tlhokegang gore wena le lelapa la gago lo nne le botsogo jo bo botoka.
Nna o ithute. Ditheo tsa batho botlhe le tse di kgethegileng mo dinageng di le dintsi di na le dithulaganyo tsa thuto le dikgatiso tse di buang ka ditlhogo tse di farologaneng tsa botsogo. Di dirise mme o ithute ka ditsela tsa botlhokwa tsa go tokafatsa botsogo jwa gago le go tila go bo tsenya mo kotsing. Nna o iketleeditse go amogela dikgopolo tse disha mme o ikemisetse go dira diphetogo tse dinnye.
Mekgwa e mentle e o e ithutang le e o e dirisang e ka solegela bana ba gago le bana ba bone molemo. Fa batsadi ba tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng ya go ja dijo tse di nang le dikotla, bophepa, mekgwa e e siameng ya go robala, go ikatisa mmele le go thibela malwetse, bana ba bone ba ka solegelwa molemo.—Diane 22:6.
Ke eng gape se se tlhokegang? Go tlhokega se se fetang go amega ka botsogo jwa gago gore o tshele ka tsela e e ka solegelang botsogo jwa gago molemo. Go tlogela mekgwa e e sa siamang e o sa bolong go nna le yone e ka nna kgwetlho mme go dira diphetogo tse dinnye gantsi go tlhoka boikemisetso jo bogolo. Tota le e leng matshosetsi a bolwetse jo bo masisi kgotsa loso di ka nna tsa se tlhotlheletse bangwe go dira se ba itseng gore se ba siametse. Ke eng se se tla ba tlhotlheletsang? Fela jaaka rona rotlhe, ba tshwanetse go gakologelwa maikaelelo a magolo a botshelo.
Balekane ba tshwanetse go nna ba na le botsogo jo bo siameng le go nna ba nonofile gore ba tswelele ba thusana. Batsadi ba batla go tswelela ba thusa bana ba bone le go ba thapisa. Bana ba ba godileng ba tshwanetse go tlhokomela ba masika a bone ba ba godileng. Gape re na le keletso e kgolo ya gore re thuse setšhaba go na le gore re nne mokgweleo mo go sone. Dilo tseno tsotlhe di tlhoka gore re rate batho ba bangwe le gore re amege ka bone.
Tlhotlheletso e kgolo go di feta tsotlhe ke go nna le kanaanelo le boineelo mo Modiring wa rona. Batho ba ba dumelang mo Modimong ba batla go sireletsa mpho ya gagwe e e tlhwatlhwakgolo ya botshelo. (Pesalema 36:9) Fa re na le botsogo jo bo siameng, re tla kgona go direla Modimo ka matlhagatlhaga. Ga go na lebaka le lengwe le legolo go feta leno le le ka re tlhotlheletsang go tlhokomela botsogo jwa rona.
Itumelele melemo ya go tshela botshelo jo bo siameng