LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/12 ts. 7-9
  • Go Ikanyega go Lere Katlego ya Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega go Lere Katlego ya Mmatota
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melemo ya go Ikanyega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kgwebo ya Gago e Tla go Tlhoka Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Ikanyega go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 1/12 ts. 7-9

Go Ikanyega go Lere Katlego ya Mmatota

“Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

GO NNA le lotseno ke selo se se botlhokwa mo botshelong. Re na le boikarabelo mo Modimong jwa go itlamela le go tlamela ba malapa a rona.—1 Timotheo 5:8.

Mme go tweng fa go nna le madi le dilo tse di rekwang ka one e se fela tsela ya go itshedisa? Go tweng fa e le gore o tshelela one fela? Batho ba maitlhomo a bone a magolo e leng go nna le dikhumo ba fitlhela go le motlhofo go dira ditiro tsa go sa ikanyege gore ba nne le one. Ba ka tswa ba sa lemoge go fitlha go setse go le thari gore go sa ikanyege go dira gore ba se ka ba nna le katlego ya mmatota. Mo godimo ga moo, fela jaaka Baebele e bolela, go rata madi go baka ditlhabi tse dintsi.—1 Timotheo 6:9, 10.

Ela tlhoko dikai di le nnè tse di latelang tsa batho ba ba tlhalosang katlego e le selo se se fetang go kokoanya dikhumo.

Go Itlotla

“Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng ke ne ka botsolotsa motho yo o neng batla go reka inshorense ya didolara di le milione. Ke ne ke tlile go dira khomishene ya didolara di le diketekete. O ne a mpolelela gore fa e le gore ke batla go dira kgwebo le ene, ke tla tshwanela ke go mo naya halofo ya khomishene ya me. Ke ne ka mmolelela gore se a neng a se batla ga se amogelesege e bile ga se kafa molaong.

“Ke ne ka leka go mmontsha mabaka ka go mmotsa gore a tota o ne a ka batla go neela motho yo o sa ikanyegeng tshedimosetso ya gagwe ya sephiri le ya madi. Ke ne ka boeletsa se ke se mmoleletseng mme ka mmolelela gore a ikgolaganye le nna fa e le gore o batla gore ke nne moemedi wa gagwe. Ga a ise a ko a boele gape mo go nna.

“Fa nkabo ke ile ka dumalana le kopo ya gagwe, bothokgami jwa me bo ka bo bo ile jwa senyega mme go itlotla ga me jaaka Mokeresete go ka bo go ile ga senyega gotlhelele. Nkabo ke ile ka nna lekgoba la monna yo o neng a ntlhotlheletsa go nna le seabe mo ditirong tsa go sa ikanyege.”—Don, U.S.A.

Kagiso ya Mogopolo

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo, Danny o ne a solofediwa go newa madi a mantsi a pipamolomo fa a ne a ka bua maaka a gore feketeri e e neng e tshwanetse go ba tlamela ka dilwana e ne e tla kgona go dira jalo. O ne a tsibogela seo jang?

“Ke ne ka leboga manejara go bo a ile a ntaletsa go tla dijong tsa maitseboa mme go tswa foo ka mmusetsa enfelopo e e neng e na le madi. O ne a nnela go leka go dira gore ke fetole mogopolo mme a re fa feketeri ya gagwe e ka falola tlhatlhobo ya rona, o tla oketsa madi ao. Ke ne ka gana.

“Fa nkabo ke ile ka amogela madi ao, ke ne ke tla nna ke tshogile gore ke tlile go tshwarwa. Moragonyana, mothapi wa me o ne a utlwa ka se se diragetseng. Ke ne ke itumetse fela thata e bile ke wetse makgwafo gore ga ke a ka ka dira sepe sa go sa ikanyege. Ke ne ka gakologelwa Diane 15:27 e e reng: ‘Yo o dirang poelo e e sa siamang o tlisetsa ntlo ya gagwe matlhabisa ditlhong, mme yo o tlhoileng dimpho [kgotsa dipipamolomo] ke ene yo o tla tswelelang a tshela.’”—Danny, Hong Kong.

Boitumelo Jwa Lelapa

“Ke a ipereka mo kgwebong ya go aga. Go na le ditshono tse dintsi tsa go tsietsa bareki kgotsa go tila go duela makgetho. Mme nna le ba lelapa la me re ile ra solegelwa molemo ke go bo ke ile ka ititaya sehuba go nna ke ikanyega.

“Go ikanyega e tshwanetse go nna selo sa ka metlha, e seng selo sa kwa tirong kgotsa mo kgwebong fela. Go itse gore monna wa gago kgotsa mosadi wa gago a ka se ka a itlhokomolosa melao ya Modimo ya go ikanyega go dira gore lo tshepane le go feta mo lelapeng. Molekane wa gago o ikutlwa a sireletsegile fa a itse gore bothokgami ga se selo se o se aparang le se o se apolang fa go tshwanela.

“O ka nna wa bo o na le khampani e kgolo go gaisa mo lefatsheng mme o bo o sa kgone go bona tharabololo ya mathata a lelapa. E re ka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke fitlhetse gore go latela melaometheo ya Baebele go thusa gore botshelo bo nne tekatekano. Ke na le nako ya go itumela le ba lelapa la me, ke sa laolwe ke lefatshe leno le le laolwang ke madi le bogagapa.”—Durwin, U.S.A.

Kamano e e Molemo le Modimo

“Tiro ya me e akaretsa go rekela khampani ya rona dilwana. Ka dinako tse dingwe baemedi ba dikgwebo ba akantsha gore go na le gore ke neye khampani ya rona madi otlhe a ba a fokoleditsweng, ba tla nnaya diperesente tse di rileng tsa madi a khampani ya rona e rekang ka one. Mme seno e tla bo e le tsela nngwe ya go utswetsa khampani ya rona.

“Ke amogela madi a mannye mme ke tlhoka madi a a oketsegileng. Mme ga go na sepe se nka se bapisang le go nna le segakolodi se se phepa le go amogelwa ke Jehofa Modimo. Ka jalo, mo tirisanong nngwe le nngwe ya kgwebo, ke latela molaomotheo ono wa Baebele o o mo go Bahebera 13:18: ‘Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.’”—Raquel, Philippines.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Melaometheo ya go Ikanyega mo Kgwebong

Melao e e amogelesegang ya se se siameng le se se sa siamang mo kgwebong e farologana go ya ka mafelo. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e ka dirisiwa go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Go dira kgwebo ka boikanyegi go akaretsa dilo tse thataro tse di latelang:

Go Bua Boammaaruri

Molaomotheo: “Lo se ka lwa akelana.”—Bakolosa 3:9.

Go Ikanngwa

Molaometheo: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Mathaio 5:37.

Go Tshepiwa

Molaomotheo: “O se ka wa senola puo ya sephiri ya yo mongwe.”—Diane 25:9.

Go Ikanyega

Molaomotheo: “Ga o a tshwanela go amogela pipamolomo, gonne pipamolomo e foufatsa batho ba ba bonang sentle.”—Ekesodo 23:8.

Go Nna Tekatekano

Molaomotheo: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

Kafa Molaong

Molaomotheo: “Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho.”—Baroma 13:7.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Kafa o ka Bolokang Bothokgami Jwa Gago mo Kgwebong ka Teng

● Itse Dilo Tse di Tlang Pele. Ka sekai, go nna le dikhumo go botlhokwa go le kana kang mo go wena fa go bapisiwa le go nna le kamano e e molemo le Modimo?

● Dira Tshwetso E sa Le Gale. Akanya ka maemo a a tla dirang gore go nne thata gore o ikanyege mme o dire leano la gore o tla tsibogela seo jang.

● Dira Gore go Itsiwe Gore o Eme Kae. Fa o simolola ditirisano tse disha tsa kgwebo, itsise ba bangwe ka botlhale ka melao e o e latelang.

● Kopa Thuso ya ba Bangwe. Fa o lebana le thaelo kgotsa bothata jo bo amanang le go dira se se siameng, kopa kgakololo mo mothong yo o latelang melao e o e latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa o ikanyega, o tla nna le kagiso ya mogopolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela