3. Nna Kelotlhoko fa o Apaya Dijo Le fa O di Baya
MOAPEI yo o botlhaswa kwa Iseraele wa bogologolo o ne a kgetla maraka a naga, le fa a ne ‘a sa a tlwaela.’ O ne a tsenya dijo tseo tse a sa di itseng mo logodung. Batho ba ba neng ba lo ja, ba ba neng ba boifa gore dijo tseo di ka tswa di na le botlhole, ba ne ba goa jaana: “Go na le loso mo pitseng.”—2 Dikgosi 4:38-41.
Fela jaaka sekai se se fa godimo se bontsha, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ja dijo tse di apeilweng botlhaswa ka gonne di ka re tlhagisetsa kotsi kgotsa tsa re bolaya. Ka jalo, gore o tile malwetse a a bakwang ke dijo tse di kgotletsweng, ithute go apaya le go baya dijo ka kelotlhoko. Ela tlhoko dikakantsho tse nnè tse di latelang:
● O se ka wa gakolosa nama ka go e baya fela kwa ntle ga foriji.
Lefapha la Temothuo la kwa United States le bolela jaana: “Le fa [nama] e ka tswa e sa ntse e aesitse fa gare fa e ntse e gakologa fa o e beile mo godimo ga tafole, bokafantle jwa yone bo ka tswa bo le mo ‘Dithemperetšhareng Tse di Kotsi,’ fa gare ga 40 [4°C] le 140°F [60°C]—dithemperetšha tse dibakateria di ikoketsang ka lobelo lo logolo mo go tsone.” Mo boemong jwa moo, gakolosa nama ka go e tsenya mo forijing mo go sa aeseng teng kgotsa ka go dirisa microwave kgotsa ka go e tsenya mo metsing a a tsididi e le mo sephuthelwaneng se se sa dutleng.
● Butswisa dijo sentle.
Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, “go apaya dijo sentle go bolaya mo e ka nnang ditshedinyana tsotlhe tse dinnyennye tse di kotsi.” Fa o apaya dijo, segolobogolo sopo le setshuu, tlhomamisa gore themperetšha ya tsone e fitlha bobotlana go didikirii di le 70.a E re ka go ka nna thata go itse themperetšha ya bokafagare jwa dijo dingwe, baapei ba le bantsi ba dirisa themometara ya nama.
● Di tshole ka bonako.
Dijo tse di apeilweng ga di a tshwanela go tlogelwa fela lobaka lo loleele di se mo forijing, ka jalo di tshole ka bonako, tota le eleng fela fa di sena go butswa, gore di se ka tsa senyega. Dijo tse di tshwanetseng go jewa di le tsididi di tshwanetse go bolokwa di le tsididi mme dijo tse di tshwanetseng go jewa di le bolelo di tshwanetse go bolokwa di le bolelo. O ka boloka nama e e bolelo mo ontong e e beilweng mo themperetšhareng e e ka nnang didikirii di le 90.
● Dirisa dijo tse di setseng ka botlhale.
Mmè mongwe wa kwa Poland e bong Anita gantsi o tshola dijo fela fa a fetsa go di apaya. A re fa go na le dijo tse di setseng, “ka bonako fela fa ke sena go di apaya ke di tsenya mo forisareng ke di kgaogantse ka dikarolo tse dinnye gore go tle go nne motlhofo go di gakolosa.” Fa o baya dijo tse di setseng mo forijing, di je pele go feta malatsi a le mararo kgotsa a le manè.
Fa o le kwa resetšhurenteng, o tshwanetse go ikanya motho yo mongwe gore a go apeele dijo. Ka jalo, o ka sireletsa lelapa la gago jang fa lo jela kwa marekisetsong a dijo tse di apeilweng?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dijo dingwe, tse di jaaka nama ya koko, di tlhoka go apewa ka themperetšha e e kwa godingwana.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
THAPISA BANA BA GAGO: “Fa bongwanake ba apaya dijo, ke ba gakolola gore ba bale le go latela ditaelo tse di mo sephuthelwaneng sa dijo.”—Yuk Ling, Hong Kong