LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/15 ts. 12-13
  • Go Boela Gae

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boela Gae
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • A ke setse ke siametse go tswa mo gae?
    Tsogang!—2010
  • A ke Setse ke Siametse go Tswa mo Gae?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
    Tsogang!—2006
  • A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 10/15 ts. 12-13
Batsadi ba bula kgoro fa ngwana wa bone yo o godileng a boela gae

GO THUSA LELAPA | BASHA

Go Boela Gae

KGWETLHO

Basha ba le bantsi ba ba tswileng kwa magaeng a bone ba ya go leka go tshela ba le bosi ba ile ba tshwanelwa ke go boa ka gonne ba na le mathata a madi. A o diragaletswe ke se se tshwanang?

Le fa gone o rata batsadi ba gago, go ka nna thata gore o boele gae. Ka sekai, lekgarebe lengwe le le bidiwang Saraha la re: “Go nna ke le nosi go dirile gore ke itshepe ka gonne ke ne ke sa thusiwe ke ope. Mme go boela gae go dirile gore ke ikutlwe e kete ke ngwana.” Lekawana lengwe le le bidiwang Richard le lone le ne le ikutlwa jalo. “Ke ne ke sa batle go boela gae mme ke ne ke sa kgone go itlamela. Ke ne ke ikutlwa ke paletswe.”

Fa o le mo boemong jo bo tshwanang le jono, setlhogo seno se ka go thusa gore maemo a siame gape.

GORENG GO DIREGA?

Mathata a madi. Basha ba le bantsi ba a gamarega fa ba lemoga gore go nna ba le bosi go a tura. Richard yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Ke ne ka leka go itlamela ka madi otlhe a ke neng ke a bolokile.” Go ne ga direga se se tshwanang ka Shaina, lekgarebe le le tswileng kwa gae le na le dingwaga di le 24 mme la boa morago ga ngwaga le halofo. A re: “Nkabo ke kgonne go dirisa madi a me sentle. Ke tswile kwa gae ke se na madi mme ke boile ke le mo dikolotong.”b

Mathata a go bona tiro. Go latlhegelwa ke tiro go ka tlhakatlhakanya dithulaganyo tse motho yo o batlang go nna a le nosi a di dirileng—selo se Shaina a se itemogetseng. A re: “Ke ne ka aloga mo go tsa kalafi ka bo ka ikgolaganya le mokgatlho o o neng wa nthusa go bona tiro. Mme fa ke latlhegelwa ke tiro, go ne go se sepe se nka se dirang. Go ne go se na tiro ya se ke se ithutetseng kwa motseselegaeng o ke neng ke nna kwa go one!”

Go ijesa dijo tsa ditoro. Basha bangwe ba simolola go bereka ba sa ipaakanyetsa go lebana le dikgwetlho tsa gone. Gantsi tiro ya bone ga e monate jaaka ba ne ba akanya. Ba a gakgamala fa ba lemoga gore go ikemela ga go monate jaaka ba ne ba akanya. Ba ne ba sa akanye gore ba tla lebana le dikgwetlho fa ba godile.

SE O KA SE DIRANG

Bua le batsadi ba gago ka go boela gae. Tlotla le bone ka dilo tse di jaaka tseno: O tla nna mo gae go fitlha leng? Fa o ntse o le mo lapeng, o tla thusa jang ka go duelela ditshenyegelo? O ka dira ditiro dife mo lapeng? O tla dira lotseno jang? Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, gakologelwa gore o boetse kwa lapeng, ka jalo, o tshwanetse go ikobela melao ya batsadi ba gago.—Molaomotheo wa Baebele: Ekesodo 20:12.

Ithute go dirisa madi sentle. Buka ya The Complete Guide to Personal Finance: For Teenagers and College Students ya re: “Tsela e o dirisang madi a gago ka yone gone jaanong e tla bontsha gore a o tla kgona go a dirisa sentle fa o godile. . . . Kgakololo ya gore o se ka wa reka dilo tse o sa di tlhokeng e sa ntse e le botlhokwa thata.”—Molaomotheo wa Baebele: Luke 14:28.

Batla kgakololo e e molemo. Batsadi kgotsa batho bangwe ba ba godileng ba ka go naya kgakololo ya kafa o ka bolokang madi ka gone, go a dirisa le go duelela dikoloto. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Marie la re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go dirisa madi sentle. Tsala ya me e ne ya nthusa go dira lenaane la ditshenyegelo tse di botlhokwa le tse di seng botlhokwa. Ke ne ke sa dumele—ditshenyegelo tse dintsi tse ke neng ke na le tsone di ne di se botlhokwa! Gape ke ithutile go nna le nonofo ya botlhokwa ya go nna ke le nosi—go ikgalema.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 13:10.

Selo sa botlhokwa ga se gore o dira tiro efe, mme ke gore o e dire ka botswerere

Batla tiro. Dirisa nako e o ka bong o bereka go batla tiro. Ela tlhoko: Batho bangwe ba tla go raya ba re o “dire se pelo ya gago e se batlang” fa o batla tiro. Mme go batla ‘tiro e o e ratang’ go ka dira gore o se ka wa bona tiro le gore o fetwe ke ditshono tse dintsi tse di ka tlhagang! Go na le go fetsa nako e ntsi o batla tiro e e rileng, ipaakanyetse go amogela tiro nngwe le nngwe e o ka e bonang. Gakologelwa gore selo sa botlhokwa ga se gore o dira tiro efe mme ke gore o e dire ka botswerere. Tota e bile, go lemogilwe gore go nna le maitemogelo le bokgoni ka tiro e o dirang, go dira gore o e itumelele. Ga o tlhoke go dira tiro e o e ratang gore o itumelele go bereka!

a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

b Gantsi baithuti ba kholetšhe kwa United States ba lebana le bothata jo bo tshwanang le jono. Pego ya The Wall Street Journal ya re moithuti yo o adimileng madi o aloga a na le sekoloto sa madi a a kana ka R400 000.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Tlotla rrago le mmago.”—Ekesodo 20:12.

  • “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?”—Luke 14:28.

  • “Go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.”—Diane 13:10.

TSA BATSADI

Dirisa nako ya fa bana ba gago ba sa ntse ba le bannye go ba ruta go itlhokomela fa ba godile ba nna ba le bosi. Seno se akaretsa go ba ruta go dirisa madi sentle (go sa dire dikoloto tse di sa tlhokegeng), go dira ditiro tsa mo lapeng (go apaya, go tlhatswa, go aena le go baakanya dilo tse dinnye mo koloing) le go dirisana sentle le batho.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 305 le 306 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E teng mo www.pr2711.com/tn. Leba DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela