LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 5 ts. 16
  • “Ke Mokgwa o Mosha wa go Ruta!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Mokgwa o Mosha wa go Ruta!”
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Dibidio Tse di Nayang Bosupi di Amang Batho ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Bidio e Ntšha ya go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Basupi ba ga Jehofa—Mokgatlho O O Bidiwang ka Leina Leno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Ruta ka Dibidio
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 5 ts. 16
Morutabana wa kwa South Korea o bontsha baithuti bidio go tswa mo website ya jw.org

“Ke Mokgwa o Mosha wa go Ruta!”

SOO-JEONG yo e leng morutabana wa sekolo se segolo kwa South Korea o ntse a dirisa dibidio tse di mo website ya jw.org mo tlelaseng ya gagwe. A re: “Ke ile ka kgatlhiwa ke tsela e baithuti ba ileng ba tsiboga ka yone fa ba bona bidio ya Tsala ya Mmatota ke Efe? Fa ba sena go leba bidio eo ba ne ba re: ‘Ga ke ise ke akanye gore botsala bo tshwanetse go nna jaana. Ke mokgwa o mosha!’ Bangwe ba bone ba ile ba re ba tla tsena mo website eno fa ba batla kgakololo ka sengwe.” Soo-jeong a re: “Ke ile ka bolelela barutabana ba bangwe ka bidio eno mme ba ile ba itumelela go e dirisa mo ditlelaseng tsa bone.”

Bidio e nngwe e e ileng ya thusa baithuti ba le bantsi ba kwa South Korea ke ya, Fenya Mokgerisi Kwantle ga go Lwa le Ene. Motlhatlheledi mongwe yo o berekang mo Setheong sa go Thibela Tirisodikgoka mo Baneng o ile a bontsha baithuti ba gagwe bidio eo. A re: “Bana ba rata bidio eno ka gonne e na le ditshwantsho tse di kgatlhang. Gape e a thusa ka gonne ga e bontshe fela ditsela tsa go lebana le tirisodikgoka gape e bontsha ditsela tsa go e thibela.” Setheo seo se ile sa kopa tetla ya go dirisa bidio eno mo dithutong tsa bone kwa sekolong se sennye le kwa go se segolwane. Se ne sa newa tetla eo. Mapodise le one a dirisa dibidio tse di mo jw.org.

Fa e le gore ga o ise o tsene mo website eno, ke eng o sa dire jalo? Go motlhofo go tsena mo go yone mme sengwe le sengwe se o se itseelang moo, e ka tswa e le dikgatiso tsa mantswe fela kgotsa dibidio tsa Baebele, ke mahala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela