LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 80
  • Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kurose yo Mogolo
    Tsogang!—2013
  • Go Ikanya Thuso ya Modimo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Mokwalo mo Loboteng
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jehofa—“Modimo yo o Siameng le Mmoloki”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 80
Baiseraele ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona

POLELO 80

Batho ba Modimo ba Tswa mo Babelona

GO SETSE go fetile dingwaga di ka nna pedi fa e sa le Babelona e gapiwa ke Bameda le Baperesia. Mme bona se se diragalang jaanong! Baiseraele ba tswa mo Babelona. Go tlile jang gore ba gololwe? Ke mang yo o ba letlang go tsamaya?

Ke Kurose kgosi ya Peresia. Dingwaga di le dintsi pele Kurose a tsholwa, Jehofa o ne a laela moporofeti wa gagwe Isaia gore a kwale jaana ka Kurose: ‘O tla dira fela jaaka ke batla gore o dire. Dikgoro di tla tlogelwa di butswe gore o gape motse.’ Ka jalo Kurose o ne a etelela pele go gapa Babelona. Bameda le Baperesia ba ne ba tla mo motseng bosigo mme ba tsena ka dikgoro tse di neng di tlogetswe di butswe.

Mme gape moporofeti wa ga Jehofa e bong Isaia o ne a boletse gore Kurose o tla ntsha taelo ya gore Jerusalema le tempele ya yone di agiwe sesha. A Kurose o ne a ntsha taelo eo? Ee. Seno ke se Kurose a se bolelelang Baiseraele: ‘Tsamayang jaanong lo ye Jerusalema mme lo age tempele ya ga Jehofa Modimo wa lona.’ Mme ke sone se Baiseraele bano ba ba leng mo loetong ba yang go se dira.

Mme gone ga se Baiseraele botlhe ba ba kwa Babelona ba ba ka kgonang go tsaya loeto lono lo loleele lwa go boela Jerusalema. Tota loeto loo lo loleele thata, ke dikilometara di le 800 mme bontsi jwa batho ba tsofetse thata kgotsa ba a lwala mo ba ka se kgoneng go tsamaya sekgala se seleele jaana. Gape go na le mabaka a mangwe a a dirang gore batho bangwe ba se ka ba kgona go tsamaya. Mme Kurose o raya ba ba sa kgoneng go tsamaya a re: ‘Nayang batho ba ba yang go aga Jerusalema le tempele ya yone selefera le gauta le dimpho tse dingwe.’

Ka jalo, Baiseraele bano ba ba boelang Jerusalema ba newa dimpho tse dintsi. Gape Kurose o ba naya dijana le dikopi tse Kgosi Nebukadenesare a neng a di tsere kwa tempeleng ya ga Jehofa fa a ne a senya Jerusalema. Batho ba boela Jerusalema ba tshotse dilo di le dintsi.

Morago ga dikgwedi di ka nna nnè Baiseraele ba le mo loetong, ba goroga kwa Jerusalema ka nako. Ke dingwaga di le 70 fa e sa le motse o sentswe, mme naga e ne e tlogetswe gotlhelele e sa nniwe. Mme gone, le fa Baiseraele ba boetse mo nageng ya bone, ba sa ntse ba tla lebana le mathata, jaaka re tla ithuta mo ditsebeng tse di latelang.

Isaia 44:28; 45:1-4; Esera 1:1-11.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela