Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
1, 2. (a) Ke eng se batho bangwe ba se dumelang kaga dikudumedi tse di dirwang ke dilo tse di tshwanang le tladi? (b) Ke eng se batho ba bantsi ba se dumelang kaga baswi?
MARU a mantsho a a kokoana. Tladi e a ratha. Pula e simolola go na ka marothodi a makima. Mo teng ga ntlwana nngwe go na le lelapa la batho ba supa ba kgobokane mmogo e bile ba solofela gore badimo ba bone ba tla ba sireletsa. Ka tshoganetso, ka modumo o o boifisang, legadima le a itaya, ntlo ya ba ya kapa molelo. Ga falola ba le babedi fela mo lelapeng leno. Ba babedi bano jaanong ba “boifa go nna mo motsaneng o ba ntseng ba nna mo go one ka jaana ba dumela gore o loilwe le gore moloi mongwe o leka go nyeletsa lelapa lotlhe.”
2 Pego eo e ne e le mo go The Times of Swaziland, January 28, 1977. Lelapa leno le ka nna la bo le ne le itse sentle gore tladi e dirwa ke motlakase o o tswang mo marung. Mme pego e bontsha gore ba ne ba dumela gape gore mmaba o ne a ka nna a dira gore meya e e sa bonaleng e romele tladi kwa lefelong le le rileng, mme gape ba ne ba dumela gore bagologolwane ba ba suleng ba ka ba sireletsa fa go tlhokega.
3. Ke eng se batho ba le bantsi ba dumelang e le sone se se dirang dikotsi, malwetsi le mathata a mangwe?
3 Leba jaanong mo motseng mongwe wa setoropo wa Afrika mo bonnong jwa mophekodi kana “ngaka ya setswana.” Go na le mmè moo yo o tshotseng losea lwa gagwe lo lo bobolang. E ne ya re fa losea lo simologelwa ke letshoroma le mala ka potlako fela a lo tseela kwa kokelong ya motse. Morago ga go tsaya dibeke a ntse a boaboela kwa kokelong le go dirisa melemo e a e filweng kwa kokelong, ngwana o ne a sa tokafale. Ka go itlhoboga, mmè yoo jaanong o tlile ngakeng ya setswana, a solofela gore o tla bona kalafi. Ga se ene fela yo o foo. Go na le lekawana lengwe le le tlileng go senka “molemo” go rarabolola mathata a lone a go sa bone tiro. Rre mongwe yo mogolwane, yo o ipaakanyetsang go tsaya loeto lo loleele, o sa tswa go amogela “maswalo” a a tla tsamayang ka one. Batho bano botlhe, ba itse sentle gore go na le megare e e dirang bolwetsi, ba itse gore gompieno go bokete go bona tiro ka ntlha ya go wela tlase ga itsholelo, ba itse sentle gore go kgweetsa koloi motho a tagilwe le go kgweetsa koloi e e sa itekanelang ke gone go bakang dikotsi tsa tsela. Mme gape ba dumela gore jone bomadimabe jo bo tshwanang le jo bo ka nna jwa dirwa kana jwa thibelwa ke meya e e sa bonaleng le gore ngaka ya setswana e na le nonofo e e tswang kwa meyeng eno e e sa bonaleng.
4, 5. Ke ka ntlha yang fa tirisabadimo e na le seabe se segolo jaana mo matshelong a batho ba le bantsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe? Jang?
4 Mo Afrika, kwa ditlhaketlhakeng di le dintsi tsa Pacific, kwa Asia, kwa dikarolong dingwe tsa Amerika Borwa le kwa mafelong a mangwe mo lefatsheng, didikadike tsa batho di na le ditumelo tse di tshwanang le tse. Mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi ba nna ba amegile ka se meya eo e e sa bonaleng e ka se dirang, go ba direla kana go nna kgatlhanong le bone. Ba dumela gore loso ga se bokhutlo jwa botshelo mme ke go tswa ga moya mo mmeleng. Mo go bone, loso ke nako fela e mo go yone moya o a bong o fetela mo botshelong jo bongwe kana “lefatsheng la meya.”
5 Se ga se dumelwe ke batho ba ba nnang mo metseng ya magae ba le bosi kana batho ba ba sa rutegang fela, mme se dumelwa le ke batho ba le bantsi ba ba rutegileng mo ditoropong tse dikgolo. Mo godimo ga ba ba dirisanang le ditumelo tsa setso tsa morafe, maloko a le mantsi a dikereke tsa Labokeresete le makoko a Mamoselema a dumela gore ditiragalo tsa botshelo di laolwa ke meya e e sa bonaleng kana di amana le yone. Fa bomadimabe bongwe bo nna gone, jaaka bolwetsi jo bo maswe kana loso lwa tshoganetso mo lelapeng, ba ya go botsa kwa mophekoding kana kwa ngakeng ya setswana. O ka nna gongwe a gasa “marapo a tse di suleng” kana a dirisa mothale mongwe go bolelela ba ba tlileng go botsa gore a meya ya badimo ba bone e gaketse kana gore a ba ba tlileng go botsa ba konopilwe ke baba. O ka nna gongwe a ba neela dipheko go di ikgokelela kana ditlhare tse di nwelwang go itshireletsa. Gantsi go bolawa podi, nku kana koko go kokobetsa meya e e sa bonaleng.
6. Mabaka mangwe a ka one batho ba le bantsi ba botsang mo go ba ba buang le badimo ke afe?
6 Mabaka a ka one batho mo lefatsheng ba yang kwa go ba ba buang le badimo kana dingaka tsa setswana ka one a mantsi: go sireletsa legae le lelapa; go sireletsa ngwana yo o sa tswang go tsholwa; go alafa boopa kana go thibela go senyegelwa mo pelegong; go dupa kwa magodu a gone; go nna le ditsala; go atlega mo thatanong, mo kgwebong, mo letsomong, mo ditlhatlhobong kwa sekolong le mo metshamekong tota. Ditlhopha tsa kgwele ya dinao di ile ka dinako tse dingwe tsa thapa dingaka tsa setswana go di thusa go fenya. Fa batho bangwe ba latlhegelwa ke tiro, ba ya kwa ngakeng ya setswana mme ba neelwa setlhare go itshasa mo dintshing, kana modi o ba tla o hupang kafa tlase ga loleme fa ba buisana le mongwe yo o ka nnang a ba hira. Go na le bongaka jo bo kgethegileng jo bo dirwang mo masimong fa go lengwa kana fa go dirwa maiteko a go nesa pula. Mo ditsong di le dintsi, fa motho a a swa morafe mongwe le mongwe kana motse mongwe le mongwe o dira bongaka jo bo rileng kana mekgwa e e leng ya yone fela. Go sa kgathalesege gore tiragalo ke efe, mo e ka nnang mo kgannyeng nngwe le nngwe boikaelelo ke go kokobetsa bogale jwa meya e e sa bonaleng kana go kopa thuso ya yone. Le mororo kamano e ka nna ya se ka ya iponatsa ka metlha, dingwao di le dintsi le ditlwaelo tse di amanang le go tsalwa ga ngwana, go rupa, bogwera le bojale, lenyalo, letsomo, go rua dikgomo, go nna le setsha le loso di tshwaragane ka tlhamalalo kana e seng ka tlhamalalo le kobamelo ya meya.
7. Ke dipotso dife tse jaanong di ka bodiwang, mme ke eng se se bontshang gore dikarabo tsa batho di le tsosi ga di a lekana?
7 A meya e e sa bonaleng e e nang le dinonofo tse di fetang nonofo ya motho eleruri e gone? Go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo jo bo bontshang gore e teng. Fa go ntse jalo, a go senka go buisana le meya eo e e sa bonaleng kana go lopa thuso ya yone go tla re solegela molemo kana go tla re gobatsa? A meya eo ke meya ya bagologolwane ba ba suleng? Ka sekai, a ba losika ba ba suleng, eleruri ba ka thusa, ba sireletsa kana ba gakolola batshedi? Fa e le gore go senka thuso ya meya e e sa bonaleng go na le mosola, ke ka ntlha yang fa ka metlha re utlwalela dipego kaga bohula, tsietso, boitsholo jo bo maswe le eleng polao gareng ga bao ba tseneletseng thata mo kobamelong ya meya? Ke ka ntlha yang fa go na le dikgopolo, ditlwaelo le dipono tse dintsi jaana tse di farologaneng, tse bontsi jwa tsone di ganetsanang? Re ka leba kae go bona dikarabo tse di tshwanetseng?
KAFA RE KA BONANG DIKARABO TSE DI TSHWANETSENG KA TENG
8. Ke mophuthelo ofe wa “makwalo” o Mmopi a o abileng? Ka ntlha yang?
8 Go sa kgathalesege gore ba leba jang masomosomo a meya, bontsi jwa batho bo dumela gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo e leng Motswedi wa botshelo jotlhe, Mmopi yo o sa khutleng. Jaaka Moneibotshelo go tswa kwa tshimologong o ka nna ka tshwanelo a bidiwa ga twe ke Rre yo mogolo wa lotso lotlhe lwa motho. Akanyetsa potso eno, he: Fa o ne o le rre wa lelapa mme o tshwanelwa ke go nna kgakala le bana ba gago, a o ne o se kake wa ba kwalela gangwe le gape? Borre ba ba molemo ba dira jalo, ba romelela bana ba bone dikgang kaga bone le go ba neela kgakololo e e lorato. A lotso lwa motho lo na le puisano epe e e ntseng jalo le Mmopi wa lone le Rraalone? Karabo ke, Ee, go na le mophuthelo wa “makwalo” a le 66 kana mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ba ya neelwa ke Mmopi e e nang le tshedimosetso ya botlhokwa le kgakololo ya rona rotlhe. Mophuthelo o o tlhotlheleditsweng oo ke: Bibela.
9. Ke eng se se bontshang gore Bibela ga se buka ya lotso lo le longwe kana batho?
9 Bibela ga e a kwalwa ke Mayuropa, mme e kwadilwe ke banna ba Botlhabagare, kwa Asia. Mme le gale ke ya batho botlhe gongwe le gongwe. Ga e tlhaole batho ka manno a bone mo lefatsheng, lotso kana mmala, ekane motho a le mosetlha, montsho, morokwa kana mosweu. Mo go yone re fitlhela mafoko a a tlhotlheleditsweng ano a ga moaposetoloi Petere: “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.
10. Ke ka ditsela dife tse ka tsone Bibela e leng ya mofuta wa yone fela, e farologaneng thatathata?
10 Mo dibukeng tsotlhe tse di senang palo tse di kwadilweng, Bibela ke yone fela e begang ditiragalo tsa motho tsa bogologolo go gaisa mekwalo yotlhe ya bogologolo, yone e kwadilwe ke banna bangwe ba le 40 go simolola ka Moshe mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng (ka 1513 B.C.E.). Lefa go ntse jalo, dibuka tsotlhe tsa Bibela tse 66 di dumelana ka tsela e e gakgamatsang. Go ile ga abiwa diketekete tsa dimilione tsa dikaelo tsa yone, e feletse kana bontlhabongwe jwa yone, ka dipuo tse di fetang 1 800. Ke selo se se teng gore mo dipuong dingwe Bibela ke yone fela buka e e teng ka dipuo tseo. Sa botlhokwa thata, ke yone buka fela e le yosi mo lefatsheng e e bolelang polelo e e phepafetseng ka tshimologo ya motho, lebaka la go bo a na le mathata jaanong le se bokamoso jwa gagwe e tla nnang sone. Kwantle ga pelaelo, Bibela ke yone fela ya mofuta wa yone.
11. Leina la Mmopi ke mang, mme dingwe tsa dinonofo tsa gagwe ke dife?
11 Bibela e re senolela leina la Mmopi wa legodimo le lefatshe—Jehofa—leina la Sehebera le le rayang “O Dira Gore go Diragale.” Pesalema 83:18 e bolela jaana kaga gagwe: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Ke Modimo “o o sa kakeñ oa aka,” o o umakiwang mo go Tito 1:2. Ka jalo o ka ikanya Jehofa. Ga a ke a aka, ga a ke a tsietsa, ga a ke a dira matlhale a boferefere. Gape Pesalema 86:15 e bua jaana kaga gagwe: “Me wèna, Yehofa, u Modimo o o tletseñ pelotlhomogi, u pelochweu, u bonya go galeha, u letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” Re ka tlhomamisa seo jang? Re ka tshepa jang gore buka ya gagwe, Bibela, ke buka ya boammaaruri?
BOPEROFETI JWA BIBELA BO ITSHUPA BO LE BOAMMAARURI
12. (a) Ke eng se se supang gore Bibela e boammaaruri? (b) Bongwe jwa boperofeti kaga Jesu Keresete jo bo ileng jwa diragala makgolokgolo a dingwaga morago ga go kwalwa ke bofe?
12 Bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela e boammaaruri ke gore e tshotse makgolokgolo a boperofeti jo bo ileng jwa diragadiwa. Boperofeti ke go bolela go sale pele ditiragalo tsa lobaka lo lo tlang. Ka sekai, go na le boperofeti bo le bontsi kaga Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete. Jotlhe bo ne bo boletswe makgolokgolo a dingwaga pele ga a tsholwa. Mme jotlhe bo ne jwa itshupa bo le boammaaruri. Moperofeti Isaia o ne a bolelela pele gore Jesu o ne a tla tsholwa ke kgarebane. (Isaia 7:14) Seo se ne sa diragadiwa dingwaga di feta 700 moragonyana. (Mathaio 1:23) Mika 5:2 e ne ya bolelelapele gore Jesu o ne a tla tsalelwa kwa Bethelehema. Sekaria 11:12 e ne ya bolela go sale pele gore o ne a tla okiwa ka dipapetlana tsa selefera di le 30. Pesalema 22:16-18 e ne ya bolela go sale pele gore diatla tsa gagwe le dinao di ne di tla ntshiwa dintho le gore diaparo tsa gagwe di ne di tla laolwa ka bola. Le eleng selelo sa gagwe sa pitlagano mo koteng ya tlhokofatso se ne sa bolelelwa pele mo go Pesalema 22:1. Boperofeti jono jotlhe, le jo bongwe jo bontsi, bo ne jwa diragadiwa, jaaka dipolelo tsa ba ba boneng ka matlho di bontsha.—Mathaio 2:1-6; 26:14, 15; Yohane 20:25; Mathaio 27:35, 46.
13. Ke boperofeti bofe jwa bogologolo jo bo diragalang gompieno?
13 A se ga se re neele bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bibela ke buka ya boammaaruri? Lefa go ntse jalo, mongwe o ka nna a re, ‘Ee, mme gotlhe moo kana go ile ga diragala bogologolotala.’ Ke boammaaruri, mme le gompieno, fa pele ga matlho a rona, go diragadiwa boperofeti bo le bontsi jwa Bibela. Fa e sale go tloga ka 1914 re ile ra bona dintwa tse dikgolo fela thata le dipolao tsa batho tse dintsi go gaisa dipe tse di kileng tsa direga, mmogo le go anama ga ditlhaelo tsa dijo le bolwetsi, fela jaaka go tlhalositswe ka puo ya tshwantshetso mo go Tshenolō 6:1-8. Baeteledipele ba le bantsi ba lefatshe ba a dumela gore ga ba itse kafa ba ka rarabololang ka teng mathata a batho a a senang palo a a ntseng a oketsegela pele. Dilo tse di dira gore go nne le poifo e ntsi, fela jaaka Bibela e ile ya bolela go sa le pele: “Pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Luke 21:25, 26; bala gape le 2 Timotheo 3:1-5.a
14. Ke dipotso dife tse Bibela ka boammaaruri e ka di re arabelang?
14 Ke eng, he, se Bibela e se re bolelelang kaga meya e e sa bonaleng? Ke bomang e bile ba tswa kae? Go tweng kaga nonofo ya bone go re thusa kana go re gobatsa? Mme ke eng se re tlhokang go se dira gore re kgone go ipelela botshelo jo bo itumedisang, jwa kagiso le jo bo bolokesegileng jo batho botlhe ba ba itekanetseng ba bo batlang?
KE BOMANG BA BA NNANG MO SEBAKENG SA MOYA?
15, 16. (a) A go na le batho ba bangwe ba moya kwantle ga ga Jehofa Modimo? (b) Matshelo otlhe a batho ba, ba moya kana ba nama, ke a ga mang?
15 Bibela e bontsha gore rona batho ba re nnang mono lefatsheng ga se rona fela batho ba ba tshelang, ba ba botlhale mo lobopong lotlhe. E senola gore, fela jaaka go na le sebaka sa dibopiwa tsa nama tse di hemang moya wa lefatshe, di e nwa metsi a lone le go ja dijo tsa lone, gape go na le sebaka sa moya, se se sa tlhokeng dilo tse di mo lefatsheng go tsweledisa botshelo. Mme e bile e bontsha gore yo Mogolo mo sebakeng seo sa moya ke Mmopi ka boene, Jehofa Modimo. Jesu o ne a bolela jaana ka ene: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:24.
16 Go na le batho ba ba ka tshwarang dimilione tse di dikete tse tlhano ba ba leng gone mono lefatsheng gone jaanong. Bibela e senola gore mo sebakeng sa moya, kwantle ga Mmopi, go na le batho ba moya ba bangwe ba le dimilionemilione ba ba bidiwang baengele. (Daniele 7:9, 10; Tshenolō 5:11) Batho bano ba bangwe ba ile ba fiwa botshelo ke Mmopi wa legodimo le lefatshe mme e bile ba ile ba nna teng bogologolo pele ga batho ba ntlha mo lefatsheng ba bopiwa. Jaaka Tshenolō 4:11 e bolela: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” Ga go na batho bape, e ka ne e le ba nama kana moya, bao matshelo a bone a sa tsweng kwa go Mmopi ebong Jehofa Modimo.
17. (a) Ke mang yo la ntlha a ileng a tsuologela Modimo? (b) Ke ditsuolodi dife tse dingwe tse di ileng tsa mo sala morago?
17 Pego ya Bibela ya hisitori e bontsha gore e ne ya re fa go sena go bopiwa morwa le morwadi ba Modimo ba ntlha mo Edena, Adame le Efa, moengele mongwe yo o nonofileng, a tlhotlhelediwa ke boithamako le boikgodiso, o ne a tsuologela Modimo. A dirisa tsietso le go ba gogela ka bopelotshetlha jwa bone, o ne a atlega mo go direng gore batho ba babedi ba tsuologe le ene. E re ka a ile a nna mmaba wa ga Jehofa, Mmopi, o bidiwa Satane, moo ka Sehebera go rayang “moganetsi” kana “mmaba.” (Genesise 3:1-13; Tshenolō 12:9) E ne ya re moragonyana a tlhotlheletsa barwa ba bangwe ba selegodimo ba Modimo kana baengele go tsaya tsela e e tshwanang ya botsuolodi.
18. (a) Dibopiwa tseo tsa moya di ile tsa tsuologa leng? (b) Ke eng se se ileng sa ba tlhotlheletsa go tlogela tirelo ya ga Jehofa?
18 Moaposetoloi Petere o bua ka meya eo e e neng ya “gana go utlwa, yale ka bopelotelele yoa Modimo bo ba lebeletse mo metlheñ ea ga Noa.” (1 Petere 3:19, 20) Hisitori ya Bibela e bontsha gore go kgatlhegela tlhakanelodikobo go ne ga nna le seabe mo go tlhokeng kutlo moo, ga dira gore barwa bao ba moya ba tle mo lefatsheng, ba ikapese mebele ya batho mme ka gone ba tlogele lefelo le ba neng ba le abetswe mo tirelong ya ga Jehofa. Re bala jaana mo go Genesise 6:2 kaga metlha ya ga Noa pele ga Morwalela: “Bomorwa Modimo ba bōna bomorwadia batho ha ba le bantlè, me ba tsaea basadi mo go bonè, botlhe ba ba ba ratañ.”
19. Ke eng se se ileng sa diragalela baengele bao ba ditsuolodi fa Morwalela o tla?
19 Jehofa Modimo o ne a se ka a dumelela seno go tswelelapele fela jalo ka bosakhutleng. O ne a tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng o o neng wa apesa lefatshe lotlhe, a kgopha lotso lwa motho lotlhe lo lo senyegileng mme a boloka fela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka jalo, bomorwa Modimo ba ba senang kutlo ba moya ba ne ba tshwanelwa ke go iphetola, ke gore, ba latlhe sebopego sa bone sa batho mme ba boele sebakeng sa moya. Morago ga foo ba bo ba bidiwa badimona kana meya e e bosula. E le go bontsha gore Modimo ga o a ka wa ba dumelela go ikapesa mebele ya batho gape mme e bile o ba beile mo boemong jo bo nyatsegang, ba bonwe molato, Yude 6 ya re: “Baengele ba ba se kañ ba tshegetsa boèmō yoa bōnè, me ba tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè, [Modimo] o ba letisitse letsatsi ye legolo ya tshèkō, ba le mō dikgolegoñ tse di sa hunololweñ ka bosakhutleñ, ba le kwa tlhatse ga lehihi.”
20. (a) “Modimo” wa lefatshe leno ke mang? (b) Nonofo ya gagwe e bogolo bo kae?
20 Fa e sale go tloga ka nako eo, Satane a thusiwa ke meya e e bosula eo kana badimona, o ntse a le “modimo” wa lefatshe leno le ditsamaiso tsa lone tse di bosula. O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa seo. Mme bala Yohane 14:30 le 2 Bakorintha 4:4 mme o tla bona sentle gore fa Lefoko la Modimo le bua ka “kgōsana ea lehatshe” kana “modimo oa lehatshe yeno” lea bo le sa bue ka Jehofa Modimo mme eleng ka Satane Diabolo. Moaposetoloi Johane o kwala jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” mme gape o bolela fa Satane e le ene “motsietsi oa lehatshe yeotlhe.”—1 Yohane 5:19; Tshenolō 12:9.
21. Ke ka ntlha yang fa kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo e le botlhokwa?
21 Bibela, he, e bontsha gore ga se gore go na le meya e e molemo fela e le yosi, jaaka baengele, mme gape go na le badimona kana meya e e bosula. Kitso ya boammaaruri jo e botlhokwa fela thata, ka go bo ke sekopololo se se bulang kgoro ya go utlwisisa kafa meya e e sa bonaleng e amanang le rona ka gone le ditiragalo tsa matshelo a rona a letsatsi le letsatsi. Ako re boneng kafa kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo e re thusang ka gone go bona karabo ya dipotso tse di botlhokwa tse di latelang.
MELAETSA YA MOYA E TSWA KAE?
22. Mosetsana mongwe wa kwa Brazil o ile a diragalelwa ke eng malebang le melaetsa e e tswang kwa lefatsheng la moya?
22 Batho ba le bantsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba dumela gore melaetsa e ka amogelwa go tswa lefatsheng la moya. Batho ba le bantsi ba ba reng ba ile ba amogela melaetsa e e ntseng jalo ba ile ba diragalelwa ke se se diragaletseng mosetsanyana mongwe kwa Brazil. Letsatsi lengwe o ne a simolola go utlwa “mantswe.” O ne a ya kwa go ba ba buang le badimo go bona thuso. Ka dingwaga tse dintsi morago ga moo o ne a tle a re ka tshoganetso a bone seriti se sentsho se eme fa pele ga gagwe a bo a tsena mo maibing. Mme e re a le mo boemong joo a kgone go bolela melemo ya malwetsi le go dira dilo tse di neng di golola batho ba ba neng ba tlhasetswe ke dinonofo tse di neng di feta motho ka maatla.
23. (a) Ke jang batho bangwe ba ba lwalang ba lekang go alafa malwetsi a bone? (b) Ke mang yo ba dumelang gore melaetsa e a bo e tswa kwa go ene?
23 Gangwe le gape, motho yo o lwalang o ka nna a ya kwa mothong yo o buang le badimo, ngaka ya setswana kana motho yo o fodisang ka moya e le gore a tle a bone sengwe se a ka alafang bolwetsi jwa gagwe ka sone. Yo o buang le badimo a bo a mo raya a re a ye gae mme a boe mo mosong. Mo bosigong motho yo o lwalang, ka toro, a bo a bolelelwa gore ke modi wa mofuta ofe o a tshwanetseng go o dirisetsa bolwetsi jwa gagwe le gore o ka o bona kae. Go dumelwa gore molaetsa ono o a bo o tswa kwa go mongwe wa losika yo o suleng, gongwe mmaagwemogolo yo totatota go bonalang e kete o a mmona mo torong.
24. Ke megopolo efe e e farologaneng e batho ba nang le yone ka baswi?
24 Bontsi jwa ba ba dumelang mo melaetseng e e ntseng jalo ba dumela gape gore badimo ba bone ba a tshela mo lefatsheng la moya le gore badimo bano ba ka nna ba thusa kana ba gobatsa ba ba tshelang mo lefatsheng. Maloko a dikereke tsa Labokeresete gantsi a dumela gore fa motho a a swa, moyasebele, o ba reng ga o swe, o ka nna wa ya legodimong kana diheleng, kana, fa ba le Baroma Katoliki, gore o ka nna wa ya kwa lefelong le le bidiwang pakatori pele ga o ya legodimong. Batho bangwe, ba babotlanyana ka palo, ba dumela gore loso ke bokhutlo, gore ga go na botshelo morago ga loso. Dilo tse batho ba di dumelang kaga baswi ka phepafalo di a ganetsana. Ke ka ntlha yang o sa sekaseke se Jehofa Modimo, Moya o o nang le Thatayotlhe yo o tlhodileng botshelo jotlhe, a se bolelang kaga seno?
A MOYASEBELE GA O SWE?
25. Re ka dira jang gore “Modimo o hitlhelwe o le boamarure”? (Bala gape 2 Timotheo 3:16.)
25 Ako sa ntlha re tlhatlhobeng tumelo e e tumileng thata, e e anameng ya gore moyasebele ga o swe, gore ga o kake wa swa. A ke se o se dumelang? Re ka tlhomamisa jang? Eleruri Ene yo o tlhodileng moya o tshwanetse go itse, ka go bo a agile mo sebakeng sa moya, a le Moya o o nang le Thatayotlhe, Jehofa Modimo. Bibela ya re: “A Modimo o hitlhèlwe o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki.” (Baroma 3:4) A o iketleeditse go utlwa Modimo go na le batho? Ke eng se Bibela e se senolang?
26. (a) Tlhaloso “moyasebele o o sa sweng” e fitlhelwa ga kae mo Bibeleng? (b) Ke dibopiwa dife tse dingwe, kwantle ga motho, tse di bolelwang fa e le meyasebele?
26 Fa o ne o ka bala Bibela go tswa kwa tshimologong ya yone go ya kwa bofelong o ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore se Bibela e se bolelang kaga moyasebele se farologane thatathata le se batho ba le bantsi ba se dumelang. Sa ntlha, o tla fitlhela gore tlhaloso “moyasebele o o sa sweng” ga e yo gotlhelele mo Bibeleng, lefa e le gangwe fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, o tla fitlhela gore mo mafelong a a farologaneng ditlhapi, dinonyane le diphologolo tsotlhe di bolelwa fa e le “meyasebele” (NWb).—Genesise 1:20, 21, 24, 30; Dipalō 31:28.
27. A meyasebele e ka senngwa? Esekiele 18:4, 20 e bontsha seo jang?
27 Gongwe e bile e le mo go gakgamatsang le go feta, mo go Yakobe 5:20; Pesalema 116:8; Isaia 53:12 le mo dikwalong tse dingwe gape tse dintsi o tla fitlhela gore “mōea[sebele]” o ka ‘senngwa.’ Mo boperofeting jwa ga Esekiele, Jehofa Modimo o re bolelela ka papamalo gore “mōea[sebele] o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4, 20) E re ka moyasebele o o swa, go phepafetse gore ga o na bosasweng.
28. (a) Ke eng se Bibela e se bolelang kaga bosasweng? (b) Ke tumelo efe e e tumileng thata e e sa tshegediweng gope mo Bibeleng?
28 Bibela e bontsha sentle ka papamalo gore go na le jaaka batho ba le bantsi ba akanya, bosasweng ga se selo se re tsetsweng ka sone. Mo dibopiweng tsotlhe tsa ga Jehofa Modimo, ke Jesu Keresete yo o tsositsweng yo a tlhalosiwang jaaka “eo o nañ le bosashweñ a le esi.” (1 Timotheo 6:16) Mme gape 1 Bakorintha 15:50-54 e tlhalosa gore, batlhanka bangwe ba Modimo ba tla amogela bosasweng e le tuelo ya go ikanyega ga bone mo go ene. Se se raya gore tumelo e e tumileng thata ya gore mongwe le mongwe o tsalwa a na le moyasebele o o sa sweng ga e tshegediwe gope mo Lefokong la Modimo. Re tla ikanya lefoko la ga mang, he, la Mmopi kana la batho? Eleruri Moya o o nang le Thatayotlhe, Jehofa Modimo, o tshwanelwa ke gore re mo ikanye. Batho ba ka nna ba aka, mme Modimo wa boammaaruri one ga o kake.
KE ENG SE TOTA SE DIRAGALANG FA BATHO BA A SWA?
29. Ke maaka afe a ntlha a a nnileng gone pele ga one otlhe, mme a ne a buiwa ke mang?
29 Ke eng se se diragaletseng bagologolwane ba rona fa ba a swa, le gone ke eng se se ka re diragalelang fa re ka swa? Akanyetsa se se ileng sa diragalela bagologolwane ba rona ba ntlha, batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa. Ba ne ba itekanetse mme e bile ba ka bo ba ile ba tshelela ruri fa ba ka bo ba ile ba tswelela ba utlwa Modimo. Mme Modimo o ne a ba tlhagisa kaga ditlamorago tse di boitshegang tsa fa bane ba ka tlhoka kutlo, a re, “Rure u tla shwa.” (Genesise 2:17) Moragonyana, mmaba yo mogolo le motsietsi, Satane, o ne a atamela Efa mme a feta a bua maaka a e leng one a ntlhantlha go kwalwa. Ka maiteko a go tsietsa Efa le go dira gore ene le Adame monna wa gagwe ba hularele Modimo, Satane o ne a dirisa noga jaaka mmueledi wa gagwe, a bolela jaana, “Ruri ga lo ketla lo shwa.”—Genesise 3:4.
30. Ke eng se se ileng sa diragalela batho ba ntlha ba babedi fa ba ne ba a swa?
30 Ke mang yo o neng a bua boammaaruri, Modimo kana Satane? A go santse go na le golo gongwe koo re ka bonang Adame a tshela gone mono lefatsheng? Eleruri ga go yo. Fela jaaka Modimo o ile wa bolela, Adame o ne a swa. (Genesise 5:5) Mme e ne ya re fa batho ba ntlha ba babedi ba a swa, se se ileng sa direga se ne se ntse fela jaaka Modimo o ne o ile wa se ba bolelela ka papamalo: “U boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:19) Modimo ga o ise o ko o bue sepe kaga go ya ga bone legodimong kana diheleng kana lefatsheng lengwe la moya.
31. Ke eng se Bibela e se bolelang kaga boemo jwa baswi?
31 Malebang le boemo jwa baswi jwa boammaaruri, Lefoko la Modimo le bua jaana: “Bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) A ba ka bontsha lorato longwe kana kilo mo go ba ba tshelang? Bibela e araba jaana gape: “Loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla . . . gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ.” (Moreri 9:6, 10) Go tlhomamisa seno, Pesalema 146:4 e bolela gore motho “a boèle mo mbuñ oa gagwe, ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwe a nyèlèle.” Mme gape Pesalema 115:17 e oketsa jaana: “Bashwi ga ba bake Yehofa, leha e le opè eo o hologèlañ mo tuulaloñ.”
32. (a) Loso mo Bibeleng lo tshwantshiwa le eng? (b) A baswi ba ka thusa kana go gobatsa batshedi?
32 Ka ntlha ya seno, mo Bibeleng boemo jwa loso gantsi bo tshwantshiwa le boroko. Ditihō 13:36 e bolela gore e ne ya re fa Kgosi Dafide a a swa “a rōbala.” Bathesalonia wa Ntlha 4:13, 14 e bolela fa Bakeresete ba ba neng ba sule e le “ba ba rōbalañ.” Jesu le ene, o ne a bua ka Lasaro ka tsela e e tshwanang fa a ne a ya go mo tsosa mo losong. O ne a re: “Kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.” (Yohane 11:11-14; Daniele 12:13) Ka gone, o ka bona sentle gore ke ka ntlha yang go sa tlhokege gotlhelele go boifa baswi, go leka go kokobetsa bogale jwa bone kana ka tsela nngwe go leka go ba ithatisa. Lefoko la Modimo le bontsha gore ba sule, ga ba itse sepe, ba mo tuulalong e bile ga ba kgone go buisana le batshedi kana go bontsha boikutlo bongwe kana kgato nngwe. Ga ba kake ba thusa lefa e le gone go gobatsa batshedi.
TSOGO
33. (a) Lasaro o ne a diragalelwa ke eng se se gakgamatsang? (b) O ne a ntse a le kae ka malatsi a manè?
33 Tsweetswee a ko o akanye ka kelotlhoko e kgolo kaga boitemogelo jo bo gakgamatsang thata joo jwa ga Lasaro. E ne ya re fa Jesu a goroga kwa legaeng la ga bone Lasaro go ne go setse go fetile malatsi a le manè a ntse a sule. (Yohane 11:39) Mmele wa gagwe o ne o setse o simolotse go senyega. Ke fa Jesu a dira sengwe se go senang ngaka epe ya setswana kana mofodisi ope wa moya a ka se dirang. O ne a “goa ka lencwe ye le godileñ, a re, Lasaro, cwa. Eo o na a shule a cwa.” (Yohane 11:43, 44) O ne a tswa kae? Mo “dipokong”? Nnyaa, o ne a tswa mo lebitleng koo a neng a ntse a letse teng a sa itse sepe, a robetse mo losong, ka malatsi ao a manè.
34. Ke kgakgamatso efe e nngwe e e kwadilweng mo go Mareko 5:42, mme e bile batsadi ba morweetsana ba ile ba ikutlwa jang kaga yone?
34 Mo lobakeng lo longwe Jesu o ne a tsosa morweetsana wa dingwaga tse 12 mo baswing. O ka akanya kafa batsadi ba gagwe ba ileng ba ipela ka gone fa se se ne se diragala! Polelo e e mo go Mareko 5:42 e bolela gore “ba gakgamala ka kgakgamalo e kgolo.” Go bona morwadiabone yo mmotlana a tsidifetse e bile a se na botshelo ka lobakanyana mme e re moragonyana gape ba bo ba mo tlamparela a tshela e ne e le tiragalo e e gakgamatsang thata. Kwantle ga pelaelo seno se ne se le botoka fela thata go gaisa go amogela molaetsa o go tweng o tswa kwa go moratiwa yo o suleng, ka yo o buang le badimo kana ngaka ya setswana.
35. (a) Ke eng se Jesu a tla se dirang ka selekanyo se segolo mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse di sekete ya kagiso? (b) Paulo o ne a gatisetsa seno jang?
35 Mme seno se na le thuto e e molemo e rotlhe re e ithutang. Se Jesu a ileng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng ka go tsosa baswi e ne e le pontsho e potlana fela ya se a neng a tla se dira ka selekanyo se segolo mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse di sekete ya kagiso, e e setseng e atametse thata. Jesu ka boene o ne a re: ‘Botlhe ba ba mo diphupung ba tla utlwa lentswe ja gagwe, mme ba tla tswa.’ (Yohane 5:28, 29) Tshenolō 20:13 e tlhalosa nako eo e e gakgamatsang thata jaana: “Me lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna, le Bobipō yalo; me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè.” Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ . . . ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.”—Ditihō 24:15.
36. Ke eng se tsholofetso e e gakgamatsang ka tsogo e se bontshang malebang le boemo jwa baswi?
36 Jaanong, tsweetswee araba dipotso tse mo mogopolong wa gago: A tsholofetso eno e e phepafetseng e ya tsogo ga e ganetse kgopolo ya gore baswi ba a tshela? Fa e ne e le gore baswi ba a tshela e bile ba ipelela go nna gone kwa legodimong kana kwa lefatsheng lengwe la moya, boikaelelo jwa tsogo he e ne e tla bo e le bofe? E ne e tla bo e sa tlhokafale. Go tshwanetse ga bo go phepafetse sentle go tswa mo Lefokong la Modimo gore kgopolo ya gore ‘loso ke tsela fela ya go feta ga moya go ya botshelong jo bongwe’ ga e na boammaaruri gotlhelele. Bibela e ruta gore totatota baswi ba sule, ga ba itse sepe, ba robetse go fitlhelela go tsosiwa mo gogolo ga tsogo ya baswi mo lefatsheng le lesha la Modimo.
37. Ke dipotso dife tse jaanong di tshwanetseng go arabiwa?
37 Mme, gongwe o ka nna wa re: ‘Fa e le gore he go ntse jalo, re ka tlhalosa jang diponatshegelo le melaetsa e e ileng ya amogelwa?’ Mo motlheng wa rona, batho ba ba senang palo mo lefatsheng ba ile ba amana le lefatshe la moya ka ba ba dirisanang le badimo, dingaka tsa setswana, ditoro le ka dilo tse dingwe. E re ka baswi ba sa itse sepe mme e bile ba ka se buisane le batshedi, melaetsa eno e tswa kwa go mang?
MOTSWEDI WA MMATOTA WA MELAETSA YA MOYA
38. (a) Ke bomang ba ba nnang mo lefatsheng la moya? (b) Modimo o buisana le rona jang gompieno?
38 Re ithutile gore ke bomang ba ba nnang mo sebakeng sa moya. Kwantle ga Moya o o nang le Thatayotlhe, Jehofa Modimo, le baengele ba gagwe ba ba ikanyegang, go na le mmaba wa Modimo, Satane, le masomosomo a gagwe a baengele ba ba sa ikanyegeng kana badimona. Re bone tsela e Modimo o re neetseng molaetsa wa gagwe ka yone kana kafa a buisanang le rona ka gone. Ke ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ebong Bibela, le a ileng a le neela banna ba ba ikanyegang ba bogologolo mme e bile o le bolokile go tla motlheng ono gore le re kaele.
39. (a) Totatota motswedi wa boammaaruri wa melaetsa e e bonalang e kete e tswa baswing ke ofe? (b) “Rra aōna maaka” ke mang?
39 Go tweng mme he kaga melaetsa e mengwe eno? A e ka nna ya bo e le gore mo boemong jwa gore e bo e tswa kwa bagologolwaneng ba ba suleng e tswa kwa mmabeng wa Modimo le badimona ba gagwe? A o akanya gore go ka ketefalela baengele ba ba boikepo ba ba ntseng jalo go iphetola le go itira e kete ba sule mme ka gone ba tsietse batho? E re ka Satane a ile a leka go tsietsa batho ba babedi ba ntlha kaga loso, a se e ka se nne tsela e e botlhale ka ene go leka go tshegetsa thuto ya gagwe ya maaka? Ee, segolobogolo fa re ka gakologelwa gore Bibela e bitsa Satane “moaki, le rra aōna maaka.”—Yohane 8:44.
40. (a) Go ka dirwa phetso efe ka 2 Bakorintha 11:14, 15? (b) Go ya ka 1 Timotheo 4:1, ke bomang ba ba bolotseng letsholo la go tsietsa?
40 Mme gongwe o ka nna wa re: ‘Mme ke ka ntlha yang he, go bonala e kete mengwe ya melaetsa eno e molemo e bile e a thusa, jaaka mo go fodiseng malwetsi ka mongwe yo o dirisanang le badimo kana ngaka ya setswana?’ Modimo o ne wa tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go neela karabo e e motlhofo thata ka seo, ka go re: “Ga se mo go ka gakgamalèlwañ: gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō.” (2 Bakorintha 11:14, 15) Go phepafetse gore, e le gore ba tsietse le go latlha batho motlhofo fela, badimona gantsi ba itira e kete ba a thusa. Paulo o tlhagisa gape ka letsholo leno la go tsietsa a re: “Bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo.”—1 Timotheo 4:1.
41. Ke eng se re ka se lebelelang fa e le gore melaetsa ya moya e ne e tswa motsweding o o molemo?
41 Fa ruri melaetsa eno ya moya e ne e tswa kwa motsweding o o siameng e ne e tla nna molemo yotlhe, a ga go a nna jalo? Fela jaaka Keresete Jesu a ile a re: “Dihañ setlhare se nnè molemō, le louñō loa shōna lo nnè molemō; kgotsa dihañ setlhare se nnè boshula, le louñō loa shōna lo nnè boshula; gonne setlhare se itsiwe ka louñō loa shōna.” (Mathaio 12:33) Ke “louñō” lwa mofuta ofe loo gantsi re lo fitlhelang lo amana le ditirisano tseno tsa moya?
42. (a) Ke jang boitemogelo jwa motlholagadi mongwe kwa Lisbon bo bontshang botlhokwa jwa go itse kwa melaetsa ya moya e tswang teng? (b) A Moya o Mogolo, Jehofa Modimo, o boifisa batho?
42 Akanyetsa kgang ya motlholagadi mongwe kwa Lisbon, Portugal. O ne a bala dibuka tse di buang kaga go buisana le meya e e sa bonaleng mme kgabagare a simolola go utlwa lentswe lengwe le mmolelela kafa a neng a ka kwala dikwalo tsa Sefora ka teng. Se se ne sa mo itumedisa mme a tswelela ka go amogela melaetsa e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, e ne ya re moragonyana a simolola go utlwa medumo e e boifisang mo ntlwaneng ya gagwe bosigo. Ka dinako tse dingwe o ne a tle a utlwe e kete maatla mangwe a a sa bonaleng a leka go mo kgoromeletsa kwa tlase ga maribela gore a we. Selo se kwa tshimologong se neng se bonala e kete se mo solegela molemo jaanong se ne se mmoifisa. Kwantle ga pelaelo o tshwanetse wa bo o kile wa utlwa ka batho ba ba nnileng le maitemogelo a a tshwanang, gongwe le e leng mathata a a maswe fela thata mo ba ileng ba bo ba batla thuso ka potlako thata. A mme e ke yone tsela e Moya o Mogolo, Jehofa Modimo, a dirisanang le batho ka yone? Bibela e re bolelela gore Modimo o lorato le gore o batla gore re mo rate. (1 Yohane 4:8) Mme mo go 1 Yohane 4:18 e bolela gore re ka atamela Jehofa Modimo ka kgololesego ya go bua ka go bo “ga go na poihō epè mo loratoñ: me loratō lo lo itekanetseñ lo tlo lo latlhèle poihō kwa ntlè . . . eo o boihañ ga aa dihwa boitekanèlō mo loratoñ.”
43. Ke eng se Jehofa a re rutang gore re nne sone tebang le batho ba bangwe, mme se se tsosa potso efe?
43 Ka ntlha ya gore o lorato, Moya o Mogolo, Mmopi wa rona, o re eleletsa molemo. O re ruta gore re se ka ra nna pelotshetlha le gore re bontshe ba bangwe mofuta o o tshwanang wa lorato leo a lo re bontshang. Mme ke eng se gantsi re se bonang malebang le ba ba amanang le tirisabadimo?
LORATO LWA MADI
44. Ke jang dingaka tsa setswana kana ba ba buang le badimo, go farologana le moya o o ileng wa bontshiwa ke Jesu le barutwa ba gagwe, ba bontshang lorato lwa madi?
44 Ke ga kae o kileng wa utlwa go twe ngaka nngwe ya setswana kana ba ba dirisanang le badimo ba ile ba direla batho mahala kwantle ga tuelo? Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana, “Lo amogetse hèla, naeañ hèla.” (Mathaio 10:7, 8) A go ntse jalo ka ba ba amanang le tirisabadimo? Mo lefatsheng lengwe mo borwa jwa Afrika ngaka ya setswana kana yo o fodisang ka moya o ka tla mo gae mme a fete a kgatšhe molora o o tswakilweng le ditlhare le metsi go dikologa ntlo, gongwe a tshwaya difapaano mo lebating le e leng go “tlhaba” lelapa ka motswako mongwe. A se se dirwa ka bopelonomi, kwantle ga tuelo? Nnyaa, mo boemong jwa seo, go duelela seno se go tweng ke tshireletso kgatlhanong le go gobadiwa ke meya e e sa bonaleng, ngaka ya setswana e lopa madi a mantsi fela thata a a ka tsayang mong wa lelapa dibeke di le tharo kana di le nnè go a berekela.
45. Mokgwa o mongwe gape ke ofe, o dingaka tsa setswana di o dirisang mo mafelong mangwe, go dira madi a mantsi?
45 Mo mafelong a mangwe, dingaka tsa setswana di tsaya dilo dingwe mme mo go tsone ba bo ba dira bongaka bongwe gore di nne le pheko nngwe mo go tsone. Mme ka bomo fela ba tlogele dilo tse mo ditseleng e le gore batho ba tle ba di sele. Gantsi ba ba di selang, ba boife gore ba tla gobala ka mokgwa mongwe mme ba ye ngakeng ya setswana go bona thuso. Mme thuso eo e tshwanelwa ke go duelelwa, jalo he ngaka ya setswana e ba tseele madi ka tsela eo. A o akanya gore e ke yone tsela e e siameng ya go dira dilo?
46. Ke eng se se ileng sa diragalela Paulo kwa Filipi? Ka ntlha yang?
46 Bogologolo mo metlheng ya Bibela bohula jo bo tshwanang le jo bo ne jwa bontshiwa ke batho ba ba neng ba tseneletse thata mo tirisongbadimo. E ne ya re Paulo a santse a le mo motseng wa Filipi, a tshwenngwa gangwe le gape ke morweetsana wa lelata yo o neng a na le “mōea oa tōō.” Labofelo, Paulo o ne a kgalemela ledimona gore le ‘tswe mo go ene’ mme moya wa mo tlogela. Paulo o ne a dira seno mahala, a sa lope kana go tsaya tuelo epe. Mme beng ba morweetsana, boemong jwa gore ba itumele, ba gakala thata ba bo ba dira gore Paulo a latlhelwe mo kgolegelong. Ka ntlha yang? Bibela e re bolelela gore e ne e le ka ntlha ya gore ba ne ba ntse ba bona “papadi” e kgolo ka ditiro tsa morweetsana tsa go bolela masaitseweng.—Ditihō 16:16-24.
BOITSHOLO JO BO MASWE JWA TLHAKANELODIKOBO
47, 48. Ke ditlwaelo dife tse di leswe tse di amanang le meya e e bosula?
47 Re setse re bone gore barwa ba ga Jehofa ba moya ba ile ba gogelwa ke tlhakanelodikobo gore ba tlogele tirelo ya gagwe, mo go neng ga felela ka gore ba nne ditsuolodi. A re bona boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo bo amana le kobamelo ya meya e e sa bonaleng gompieno? Mo mafelong mangwe ga se selo se se sa tlwaelegang go utlwa ka basadi ba e a reng ba ntse ba robetse ba utlwe e kete ba na le mongwe yo o sa bonaleng go ya ntlheng ya gore ba bo ba nne le kgotelo ya tlhakanelodiko jaaka e kete motho mongwe yo o sa bonaleng o ne a tlhakanela dikobo le bone.
48 Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, basadi ba ba baopa ba amana le meya e e sa bonaleng ka yo o dirisanang le badimo e le gore ba tle ba bone se se ka alafang boopa jwa bone. Mme ka dinako tse dingwe ba tlhokwa go tlhakanela dikobo le “ngaka” e le bontlhabongwe jwa “kalafi.”
49. Ke eng se se ileng sa bakiwa ke boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo pele ga Morwalela, mme e bile bo dira eng gompieno?
49 A o akanya gore dilo tse di ntseng jalo di tlisa molemo mongwe kana gore di ka thusa go dira malapa a a itumetseng le baagi ba ba itumetseng? Bibela e bontsha gore e ne ya re fa barwa bao ba moya ba tsuologa pele ga Morwalela mme ba tsenelela mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, “lehatshe le ne [la tlala] thubakanyō.” (Genesise 6:1-11) Boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo gompieno le jone bo tlisa dikomang, dintwa le tshololo ya madi.
DIPOLAO LE BOSETLHOGO
50. Jehofa o ikutlwa jang kaga polao?
50 Ga go ope wa rona yo o batlang go swela mo diatleng tsa mmolai. Bibela e bolela gore Jehofa Modimo o ila babolai. Mongwe wa Melao e e Lesome ya gagwe wa re: “U se ka ua bolaea motho.” (Ekesodo 20:13) Ke eng se re se bonang mo go ba ba amanang le tirisabadimo kana kobamelo ya badimo mo ntlheng eno? Ela tlhoko mabaka a a latelang:
51-54. Neela dikai tsa polao e e amanang le tirisabadimo.
51 Dipolao tsa go dira dipheko kana ditlhabelo ka batho ga di letlelelwe mo dinageng tsotlhe. Mme gone, mo go ba ba obamelang badimo le dingaka tsa setswana mo dinageng dingwe ditlwaelo tse di setlhogo tseno di santse di tsweletse pele. Kwa Ghana, ka sekai, fa go o swa kgosana nngwe ya maemo a a kwa godimo ka tlwaelo o fitlhwa le magata a ba ba bolaetsweng mo sephiring go dira dipheko ka bone. Bosheng jaana ka 1974 batho ba le babedi ba ne ba bonwa molato wa go bolaya batho go dira dipheko ka bone malebang le loso lwa kgosikgolo nngwe ya koo. Le mororo molao o sa go letlelele, mokgwa ono o santse o ganeletse, ka ntlha ya tumelo e e thaetsweng mo maakeng a bodumedi, a gore meyasebele ya ba ba bolailweng e pata kgosana go ya go mo direla se a se tlhokang kwa “lefatsheng la dipoko.”
52 Ka August 9, 1977, pampiri ya dikgang kwa Liberia, The Liberian Age, e ne ya nna le kgang ya setlhogo se se reng “Dipolao Tsa go Dira Dipheko—Jaaka Tlhotlhomiso E Ntse E Tsweletse ‘Dirukutlhi di le 11’ Di Pegilwe Molato wa Polao.” E ne ya anela gore banna ba le 11, go akaretsa le badiredi ba maemo a a kwa godimo, ba ne ba pegwa molato wa go bolaya monna mongwe setlhogo, a bolaelwa go ya go dira dipheko ka ene, matlho a monna yoo, ditsebe, nko, mapele le loleme tsotlhe di segilwe mo mmeleng wa gagwe. Pego e ne ya bolela gore dilo tseo di ne di tla dirisiwa jaaka “maswalo” a go thusa ba ba pegilweng molato wa polao go bona maemo a a kwa godimo.
53 Pego ya dikgang go tswa Botswana ka June 8, 1977, ya re: “‘Ngaka ya setswana’ [yo o dirisanang le badimo] e tlhotse e boletse gore monna mongwe yo o kileng ya bo e le lepolotiki la Botswana o ne a mo neetse maina a batho ba le 18 ba a neng a batlile gore ba bolawe ka boloi.”
54 Mo go bileng go sisimosa mmele le go feta ke lebaka la gore batho ba basha le bana e nnile bone ba welwang ke dilo tse. Pego e e tswang Nigeria ya re:
“Kobamelo ya madi jaanong e kgarameleditse batho ba le bantsi ba Nigeria mo ditlwaelong tsa segologolo tse di etsang go utswa batho ba basha gore ba ye go bolaelwa mo mafelong a kobamelo a a dirang madi.
“Ke selo se se belaelwang ke botlhe gore a tota dingaka tsa setso tsa Nigeria di ka fetolela ditlhogo tsa batho go nna madi. Mme se se sa fopholediweng ke gore bananyana ba Nigeria ba utswelwa yone tiro eo.”—Daily Times, December 31, 1976.
55. Le mororo bangwe ba ka bolela gore go na le fa tirisabadimo e leng “molemo” teng, ke eng se mabaka a se bontshang?
55 Eleruri fa e le gore o motho yo o ratang se se molemo, he ditlwaelo tse di boletsweng fa godimo di tshwanetse go go dira gore o ikutlwe o feroga sebete e bile o utlwa botlhoko ka dipogiso tse di dirwang. Le gale, o tshwanetse gongwe wa bo o utlwile ka lebaka le gantsi le ntshiwang la gore tirisabadimo e na le fa e leng molemo teng. Ka sekai, dingaka di le dintsi tsa setswana, di tatalalela gore di a bo di dirisa dipheko le maselamose le ‘go phekola’ ka boikaelelo jo bo molemo fela. Mme gone mongwe le mongwe yo o ba elang tlhoko o tshwanetse go dumela gore ke ka sewelo, fa e le gore gone go a tle go direge, gore ba bo ba ka okaoka go dirisa tsone dilo tse di tshwanang le tse go hutsa ba bangwe ka tsone, gantsi e le gore ba tle ba bone tuelo nngwe ya madi kana mpho nngwe.
56, 57. (a) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko e kgolo? (b) Re ka bona kae boammaaruri jwa kgang?
56 Kgang eno e tlhoka gore o e akanyetse ka kelotlhoko thata. Le mororo gongwe o ka utlwalela ka diponatshegelo, melaetsa le ditoro tse di bonalang di le molemo, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re tlhagisa gore Satane le badimona ba gagwe ba dira “ka thata eotlhe le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka, le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ.”—2 Bathesalonia 2:9, 10.
57 O gopotse ka dilo tseno, akanyetsa jaanong se Lefoko la Modimo le se bolelang kaga ba ba dirisanang le badimo le ba ba dirisang maselamose kana dingaka tsa setswana.
SE BIBELA E SE BONTSHANG KAGA BA BA DIRISANANG LE BADIMO LE BA BA BUANG LE BONE
58. (a) Tirisabadimo e ne e atile thata mo merafeng efe makgolokgolo a dingwaga a a fetileng? (b) Seemo se ne se ntse jang kwa Kanana fa Baiseraele ba ne ba fenya lefatshe leo? (c) Ke taolo efe malebang le tirisabadimo e Jehofa a neng a setse a e neetse Iseraele?
58 Bibela e senola gore diketekete tsa dingwaga tse di fetileng kobamelo ya meya le tiriso ya maselamose e ne e le dilo tse di tlwaelegileng mo mafatsheng a a tshwanang le Egepeto, Babelona le Kanana. (Ekesodo 7:10-12; Duteronome 18:14; Isaia 47:1, 12, 13) Ke mo go sa gakgamatseng, he, gore e rile fa Jehofa Modimo a golola morafe wa Iseraele mo botlhankeng kwa Egepeto mme a ba lere mo lefatsheng la Kanana ba ne ba fitlhela batho ba ba neng ba nna koo ba tsene ka tlhogo mo tirisongbadimo. Ke taolo efe eo Jehofa Modimo a ileng a e neela batlhanka ba gagwe? O ne a ba bolelela ka papamalo gore ba ne ba tshwanetse go obamela ene fela a le nosi. Re ka bona gore ke ka ntlha yang fa se se ne se siame, ka jaana e le Moya o o nang le Thatayotlhe yo e leng ene Monei wa botshelo mme ka gone e le ene fela yo o tshwanelwang ke kobamelo jaaka Modimo wa boammaaruri wa legodimo le lefatshe. (Ekesodo 20:3-6) Go obamela moya mongwe o o sa bonaleng kana meya go na le ene e ne e tla bo e le go tlontlolola Mmopi fela thata. Ka ntlha ya gone moo Modimo o ne a tlhagisa Baiseraele jaana: “Se hapogeleñ kwa go bōnè ba ba buañ le badimo, leha e le kwa go bōnè ba ba lōañ; lo se ka loa ba batla, go tla lo itshekololwa ke bōnè.”—Lefitiko 19:31.
59. Ke eng se molao wa ga Jehofa o neng o se bua kaga kwatlhao ya ba ba neng ba amana le tirisabadimo?
59 Jehofa Modimo o ne a tlhagisa Baiseraele gore ba ne ba ka se latlhegelwe ke lesego la gagwe fela mme gape le ke matshelo a bone fa ba ne ba ka itlhokomolosa kiletso ya gagwe ya kobamelo e e ntseng jalo ya meya, ka go re: “Me motho eo o hapogèlañ kwa go bōnè ba ba buañ le badimo, le kwa baloiñ, ba ba akahalèla, ke tla behèla motho eouō hèla, ke mo kgaola mo bathuñ ba ga gabō. Le monna, kgotsa mosadi eo o buañ le badimo, kgotsa eo o leñ moloi, a ba bolawè rure.”—Lefitiko 20:6, 27.
60, 61. (a) Jalo he Jehofa o ikutlwa jang kaga tirisabadimo? (b) Dingwe tsa ditsela tse ka gale e dirisiwang ka tsone mo lefelong la ga lona ke dife?
60 Moragonyana, Modimo o ne wa gatelela thata kafa o ilang ka gone ditlwaelo tsa botlhokakutlo tse di neng di amana le kobamelo ya meya e e sa bonaleng, jaaka boloi le go bolelela pele ditiragalo, ka go bua jaana ka moperofeti Moshe: “U tla re u sena go hitlha mo lehatshiñ ye Yehofa Modimo oa gago o le gu naeañ, u se ka ua ithuta go diha kaha diloñ tse di makgapha tsa merahe ele. Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o ralatsañ morwawè kgotsa morwadiè molelō, leha e le moñwe eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, leha e le mophekodi, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.”—Duteronome 18:9-12.
61 A seo ga se a papamala eleruri e bile a ga se bontshe sentle ka phepafalo kafa Modimo Mothatayotlhe a ikutlwang ka teng kaga ba ba dirisanang le badimo le ba ba buang le bone le kobamelo ya bone ya meya e e sa bonaleng? Go ya ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Jehofa Modimo o ila ditlwaelo tse di ntseng jalo tsotlhe go sa kgathalesege gore di ka nna ka sebopego sefe kana gore di fitlhelwa mo karolong efe ya lefatshe. Mme e bile ka ntlha ya lorato lwa gagwe, o re tlhagisa jaana e le gore re tle re se ka ra boga kgobalo e go tlhomamisegang sentle gore e tlisiwa ke ditlwaelo tse di ntseng jalo.
62. Ke maitemogelo afe a Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ileng ba nna le one le meya e e bosula?
62 Fa Jesu Keresete a ne a santse a le mo lefatsheng, o ne a ganediwa ke mmaba wa Modimo, Satane, le ditsuolodi tsa moya tse di ileng tsa mo ema nokeng. E ne ya re fa Satane a leka go dira gore Jesu a mo obamele ka go mo solofetsa gore o tla mo neela thata le kgalalelo, Jesu o ne a araba ka go re: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, [mo Bibeleng mo go Duteronome 5:9; 6:13], U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna eo u tla mo dihèlañ.” (Mathaio 4:8-10) Ka makgetlho a le mantsi, ene le baaposetoloi ba gagwe ka mo go tshwanang ba ne ba leleka meya e e bosula kana badimona go tswa mo bathong ba e neng e ba tshwenya.—Mareko 1:39; 3:14, 15.
63. Ke eng se se tla diragalelang Bakeresete ba ba amanang le tirisabadimo?
63 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go obamela fela Moya o o nang le Thatayotlhe fela, Jehofa Modimo, le go dumela mo Lefokong la gagwe, Bibela. (Yohane 4:23, 24; 17:6, 17) Barutwa ba gagwe ba ne ba na le pono e e tshwanang ka tirisabadimo le ditlwaelo tsa yone fela jaaka Rara wa bone wa selegodimo, Jehofa. Ka tlhotlheletso ya Modimo, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela baobamedikaene jaana: “Me yana ditihō tsa nama dia bōnala, tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, le tihèlō ea medimo ea disètwa, le boloi . . . Ke lo tlhagisa kaga cōna . . . gore, ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Mmopi le Motswedi wa botshelo ga a kake e bile ga a kitla a neela batho ba ba iphapaanyang le se Lefoko la gagwe le se bolelang kaga go obamela meya e e sa bonaleng, go na le go mo obamela, botshelo jo bo sa khutleng. Go ya ka polelelopele e e mo bukeng ya Tshenolō, batho ba ba sa ikwatlhaeng mme ba tswelela pele ba nna gareng ga bao e leng “baloi” ba tla swa “losho loa bobedi,” loo lo rayang tshenyego ya bosakhutleng loo mo go lone go senang tsogo.—Tshenolō 21:8; 22:15.
64. (a) Bibela e tshwantshanya tirisabadimo le eng? (Bona Bagalatia 5:19, 20 fa e re boloi.) (b) Ke moya wa mofuta ofe o o ka letlang batho go o neela kobamelo le tirelo?
64 Ee, Bibela e rulaganya tlwaelo ya tirisabadimo (boloi) le “ditihō tsa nama,” gammogo le boaka le maswe. Re bone bosupi bo le bontsi jwa gore tirisabadimo eleruri e leswe e bile e a gobatsa. E dira gore re seka ra obamela le go ineela mo go yo re tshwanetseng go mo obamela le go ineela mo go ene ebong Jehofa Modimo. Ka gone, moya mongwe le mongwe o o sa bonaleng, o o dumelelang batho go o neela kobamelo e e ntseng jalo le tirelo o ka se nne moya o o molemo mme o tshwanetse wa bo e le moya o o bosula kana ledimona. Moaposetoloi Johane o ne a thusiwa ke moengele go kwala bontlhabongwe jwa Bibela. Mme e ne ya re fa Johane a wela fa pele ga moengele go mo obamela, moengele yo o ikanyegang o ne a re: “U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna, le ka ba ga eno ba ba bolokileñ chupō ea ga Yesu: ōbamèla Modimo.”—Tshenolō 19:10.
65. Ke moya wa mofuta ofe o o ka dirisanang mmogo le yo o buang le badimo kana yo o bolelelang pele ditiragalo?
65 Mme, e re ka Lefoko la Modimo le bontsha gore go nna motho yo o dirisanang le badimo kana yo o buang le badimo kana yo o dirisang maselamose kana yo o buisanang le baswi ke sengwe se se makgapha mo Modimong, he go phepafetse gore moya mongwe le mongwe o o sa bonaleng o o tla dirisanang mmogo le batho ba ba ntseng jalo ka mo go tshwanang o tshwanetse wa bo e le moya o o bosula kana ledimona. Melaetsa mengwe le mengwe e e amogelwang go tswa kwa motsweding o o ntseng jalo e ka se ke e bo e nne e e tswang Modimong wa boammaaruri, Moya o o nang le Thatayotlhe, kana a e amogela.
66. Ke mang yo Isaia a ileng a bontsha gore re tshwanetse go ya kwa go ene fa re batla boammaaruri le go nna le tsholofelo e e tlhomamisegang ya isagwe?
66 Ke sone se Modimo, ka moperofeti wa gagwe Isaia, o ileng wa bua mafoko ano a tlhagiso le Baiseraele: “Me e tla re ha ba lo raea, ba re, Botsañ ba ba buañ le badimo, le mo go ba e leñ baloi, ba ba cwirinyañ, le ba ba pepedumañ; a chaba a ga e ke e lōpa mo go o e leñ modimo oa eōna? a kaga ba ba tshedileñ, a go ka bodiwa bashwi?” (Isaia 8:19) Fa re batla go itse boammaaruri le go nna le tsholofelo e e tlhomamisegang ka lobaka lo lo tlang ga re a tshwanela go ya kwa go ba ba botsang baswi kana ba ba dirisanang le badimo, mme re ye kwa Modimong o o tshedileng, Motlhodi wa botshelo jotlhe.
67. (a) Ke eng se Paulo a ileng a se bolelela moloi mongwe? (b) Kgakololo ya ga Jehofa ke eng kaga go nna le seabe mo ditlwaelong tse di ntseng jalo tse di leswe?
67 Ke sone seo, gape, ba ba dirang ditiro tsa meya ka metlha ba ganetsang molaetsa o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le moloi mongwe mo setlhaketlhakeng sa Kupero mme o ne a leka go kganela ba bangwe go reetsa molaetsa wa mafoko a a molemo a a neng a lerilwe ke moaposetoloi Paulo. Paulo o ne a mo raya a re: “Wèna eo u tletseñ boherehere yotlhe, le bolōtsana yotlhe, wèna ñwana oa diabolo, mmaba oa tshiamō eotlhe, a ga u nka u bakèla go shokamisa ditsela tse di siameñ tsa Morèna?” (Ditihō 13:9, 10) Go na le go nna gareng ga ba ba faposang le go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Modimo, re tshwanetse go batla go ikgolola gotlhelele mo kobamelong e e leswe ya meya, tlwaelo e e sa dumelaneng le Lefoko la Modimo. Moya o o nang le Thatayotlhe o tlhaba mokgosi ono: “Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”—2 Bakorintha 6:17.
68. Go tsoga potso efe kaga batho ba ba ileng ba tsenelela mo mofuteng mongwe wa tirisabadimo?
68 Gongwe o iphitlhela o le mo maemong a a dirang gore se se bonale e kete se tla go ketefalela fela thata. O ka nna gongwe wa bo o tshwana le ba bangwe ba bantsi ba ba ileng ba dirisa kobamelo ya badimo kana mofuta mongwe fela wa tirisabadimo mo botshelong jotlhe jwa bone. Gongwe e bile ba losika lwa gago le batho ka bontsi mo lefelong la gaeno ba santse ba latela dingwao tse di amanang le tseno, gongwe e bile ba santse ba tsaya ditlhare tse di rileng, mafika, dinoka, dithaba kana mafelo a mangwe, jaaka mafelo a boikhutso a meya. Ke jang, he, o ka ikgololang mo kobamelong e e ntseng jalo ya meya e e sa bonaleng gore o tle o amogelwe, o sirelediwe le go segofadiwa ke Moya o o nang le Thatayotlhe, Jehofa Modimo?
GO IKGOLOLA MO THATENG YA MEYA E E BOSULA
69-71. Mosetsana mongwe wa kwa Brazil o ile a gololesega jang mo meyeng e e bosula?
69 Fa meya e e bosula e setse e kgonne go laola kana go tlhotlheletsa motho ga go motlhofo go ikgolola mo go yone. Mme, ka thuso ya ga Jehofa Modimo, o ka kgona mme e bile diketekete tsa batho di setse di kgonne. Sekai se se kgothatsang ke sa mosetsanyana yole wa kwa Brazil yo o neng a tlhotlhelediwa ke meya le go bolelela batho se se ka ba alafang. (Bona serapa 22.) Dingwaga moragonyana, e ne ya re bosigo bongwe a ntse a robetse, a utlwa nonofo nngwe e mo goga mo bolaong jwa gagwe. Le mororo a ne a santse a robetse, o ne a tswela kwantle a ya kgatlamping nngwe e e fa gaufi e e neng e tletse ka metsi. O ne a kgotšwa ke sengwe mme a thanya. Tiragalo eno e ne ya mo tshwenya fela thata ya ba ya mo dira gore a batle go gololesega mo taolong ya meya e e sa bonaleng e a neng a ntse a dirisana le yone. O ne a dirang?
70 Kgato ya gagwe ya ntlha e ne ya nna go rapela Modimo gore o mo golole. Mo mosong o o latelang mongwe o ne a kokota mo lebating la gagwe. O ne a utlwa “mantswe” a meya a mmolelela gore a se ka a bula lebati, gore “Diabolo o ne a mo letetse.” Mme, ka boiteko jo bogolo, o ne a bula lebati. Moeti e ne e se Diabolo mme e ne e le lekawana le le neng la mo neela sekaelo sa makasine wa Bibela, Tora ya Tebelo. E ne e le o o buang ka tlhotlheletso ya meya e e bosula. O ne a ikutlwa a tlhomamisa sentle gore seno e tshwanetse ya bo e le karabo ya thapelo ya gagwe e e tlhoafetseng.
71 O ne a simolola go ithuta Bibela le go e dirisa ka go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe, e seng fela go ithuta mme gape le go dira thato ya Modimo. Ka bonya ka bonya o ne a gololesega mo taolong ya badimona. A bo a ile a itumela jang ne go itemogela thuto e kgolo e Jesu a ileng a e ruta: “Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”—Yohane 8:32.
72. Motlholagadi mongwe kwa Lisbon o ne a dirang go kgaogana le meya e e bosula?
72 Go ne ga nna fela jalo le ka motlholagadi yole wa kwa Lisbon, yo o umakilweng kwa tshimologong. (Bona serapa 42.) E ne ya re fa go buisana ga gagwe le meya e e sa bonaleng go mo dira gore a nne le matshwenyego a magolo le e leng poifo, go ise go e kae o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ithuta Bibela le bone. O ne a ithuta se Bibela e se bolelang kaga boemo jwa boammaaruri jwa baswi, tsholofelo ya go tsoga ga baswi le mafoko a a molemo a kgalalelo a Bogosi jwa Modimo. E ne ya re fa a lemoga gore ene, fela jaaka ba bangwe ba bantsi mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ba ile ba tsiediwa ke badimona, a nna le tumelo mo Moyeng o o nang le Thatayotlhe, Jehofa Modimo, mme a ikgaoganya gotlhelele le meya e e timetsang eo.
73. Ke ka ntlha yang fa didikadike tsa batho ba ba senang seabe ka tlhamalalo mo tirisongbadimo ba tlhoka go itse boammaaruri kaga yone?
73 Ee, batho ba le bantsi fela thata mo lefatsheng ba ile ba budololwa matlho go itse boammaaruri kaga lefatshe la moya. Mme ga se gore ke dikgang tsotlhe tse di maswe fela thata jaaka tse di umakilweng. Dimilione tsa batho ba ba sa dirisaneng le meya e bile ba sa ipolele fa ka bobone ba kile ba utlwa “mantswe” a meya e e sa bonaleng gone mme ba santse ba ntse ba tlhoka gore ba tswe “mo lehihiñ ba shokologèlè mo lesediñ, ba cwè mo thateñ ea ga Satane ba shokologèlè mo Modimoñ.” (Ditihō 26:18) Ka ntlha yang? Ka gonne ba amegile fela thata ka botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi kaga dilo tse di tshwanang le botlhodi, “boloi,” meila le dipheko tse di sireletsang le mekgwa tse di golaganeng le kobamelo ya meya go na le Modimo wa boammaaruri, Mmopi yo o nang le Thatayotlhe wa legodimo le lefatshe.
74. Batho ba le bantsi ba tlhoka go gololwa mo “bobing” bofe?
74 Fela jaaka bobi jwa segokgo jo bo rareetsang le go kapa ntsi kana setshedinyana sengwe se se tsenang mo go jone, fela jalo go na le bobi jwa dingwao tsa lelapa le morafe le mekgwa e e dirang gore batho ba le bantsi ba nne mo poifong. Ba tshaba gore, fa ba ka se ka ba tlhokomela dingwao tseo tsotlhe, ba ka se ke ba amogele thuso ya badimo kana gore ba tla gobadiwa ke meya e mengwe e e sa bonaleng. Ba boifa gore ba ka se ke ba atlege mo go nneng le bana kana gore bana ba bone ba tla swa, kana gore dikgomo tsa bone di tla tsenwa ke bolwetsi le go swa, le gore masimo a bone a ka se ke a ntshe dijalo tse di lekaneng kana gore dikgwebo tsa bone di ka se ke di atlege.
75. Ke mang yo batho ba tlhokang go ya kwa go ene gore ba bone thuso?
75 Ke boammaaruri jwa Lefoko la Modimo fela jo bo ka ba gololang. Ka go ithuta se Lefoko la gagwe le se bolelang, ba ka lemoga gore go na le meya e e sa bonaleng e e dirisanang mmogo le ba ba dirisanang le badimo le dingaka tsa setswana mme gore nonofo ya bone ga se ya sepe fa e bapisiwa le nonofo ya Modimo wa boammaaruri. Batho ba ba simololang go tlhaloganya gore thuso ya Modimo e kgolo fela thatathata go na le thuso lefa e le efe e e tswang motsweding mongwe o sele ba lemoga gore ga go na kgobalo epe eo motho yo o dirisanang le badimo, ngaka ya setswana kana moya mongwe o o sa bonaleng a ka nnang a ba tshosa ka yone e e ka tshwanang le go latlhegelwa ga motho ke lesego la yo e leng ene fela Motswedi wa botshelo.—Mathaio 10:28.
76. (a) Jalo he kgato ya ntlha ke efe mo go kgaoganeng le kobamelo ya meya? (b) Ke potso efe e jaanong e tsogang?
76 Ka jalo kitso kaga Modimo wa boammaaruri le maikaelelo a gagwe ke kgato ya ntlha e e gololang mo bokgobeng jo bo ntseng jalo. Ka go ithuta Lefoko la Modimo re simolola go itse boemo jwa boammaaruri jwa baswi, gore ba robetse mo losong, ga ba itse sepe mme e bile ga ba kgone go bontsha lorato kana letlhoo, kana go ka neela thuso kana go gobatsa. Gape re tlhaloganya sebopego sa ba ba agileng mo lefatsheng la moya tota le gore barwa Modimo ba le bantsi ba moya ba ile ba tsuologa. Mme ke ka ntlha yang fa Modimo o dumeletse meya eno ya ditsuolodi go tswelela e ntse e le gone go tla go fitlha motlheng ono?
77. Fa ba tsuologa kgatlhanong le Modimo, a Satane le badimona ba gagwe ba ne ba gwetlha nonofo ya Modimo?
77 Ke ka ntlha ya gore botsuolodi joo e ne e le kgwetlho mo go Jehofa Modimo. Satane le badimona ba gagwe ga ba a gwetlha thata ya Modimo e kgolo mo go tsone tsotlhe, ka jaana ba itse gore o nonofile go ba gaisa e bile o na le thata ya go ba senya. Re bala jaana mo Bibeleng mo bukeng ya Yakobe 2:19: “Ua dumèla ha Modimo o le moñwe hèla; u diha sentlè; badimo le bōne baa dumèla, me ba tsitsibane hèla ba rorome.” Ba a roroma ka gonne ba itse gore Jehofa o setse a boletse boikaelelo jwa gagwe jwa go ba senya. E rile fa Jesu Keresete, a direla jaaka moemedi wa Modimo, a tloga a golola batho bangwe mo tlhotlheletsong ya badimona, go bolelwa fa ba ile ba goa ba botsa gore a o tlile ‘go ba senya pele ga motlha o o leng one.’ (Mathaio 8:29; Mareko 1:24) Ka jalo barwa ba moya ba ditsuolodi ba itse sentle gore ba ka se ka ba atlega go gwetlha nonofo ya Modimo Mothatayotlhe.
78. (a) Ke eng se Satane a neng a se gwetlha? (b) Ke potso efe e nngwe e e ileng ya tsosiwa mme ke sekai sefe sa seno se se fitlhelwang mo Bibeleng?
78 Se Satane a ileng a se dira e ne e le go gwetlha tshwanelo ya Modimo ya go busa dibopiwa tsa Gagwe tsotlhe. Mafoko a gagwe a a neng a a raya Efa a bontsha gore o leka go dira gore batho ba dumele gore Modimo eleruri ga se Rre yo o lorato yo o eleletsang dibopiwa tsa gagwe molemo. Lebaka la go bo banyalani ba ntlha ba babedi ba bo ba ile ba ema le ene mo botsuoloding joo le lone le tsosa potso e nngwe. Potso eo e ne e le ya gore a dibopiwa tse dingwe tsotlhe tsa Modimo di tla tlhotlheletsega go Mo hularela le go ikanya mongwe o sele. Re ka bona se mo kgannyeng ya motlhanka wa Modimo Jobe. Satane o ne a bolela gore Jobe o ne a tla direla Jehofa Modimo fa fela dilo di ne di mo tsamaela sentle le gore fa Jobe a ne a ka nna le mathata kana a itshokela pogo o ne a tla tlogela go dumela mo Modimong a bo a mo hularela.—Yobe 1:7-12; 2:4, 5.
79. (a) Ke eng se se ne se tla tlhokwa go araba dipotso tseo ka botlalo? (b) Ke eng se se diragalelang nako e e santseng e saletse Satane?
79 Go araba kgwetlho e le go fedisa dikgang tseno ka phepafalo le kwantle ga pelaelo go ne go tla tlhoka nako. Ka jalo, le mororo batho ba ntlha ba babedi ba ile ba tsuologa, Jehofa Modimo o ne a ba dumelela go tshela ka lobakanyana pele gore ba tshole bana. (Genesise 3:14-19) O ile a dumelela Satane le badimona ba gagwe go leka go supa maiphako a bone mo kganetsanong e kgolo eno mme e bile o dumeletse batho go lekwa tebang le gore a ba tla nna le tumelo mo go Modimo Mogodimodimo kana, ka ntlha ya mabaka a bogagapa, ba tla mo hularela. Go boammaaruri gore go fetile dingwaga di ka nna 6 000 fa e sale kgwetlho e dirwa la ntlha kwa Edena. Mme Bibela e re bolelela gore, mo Modimong wa Bosakhutleng “dinyaga di le makgolo a shomè, di nntse yaka letsatsi le le leñwe hèla.” (2 Petere 3:8) Jalo he dingwaga tse di dikete tse thataro tse di ntse fela jaaka malatsi a le marataro mo go Ene. Lefoko la Modimo le bontsha gore nako jaanong e a fela le gore Satane jaanong o “tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo le lokhutshane” pele ga Modimo o tsaya kgato go emisa botsuolodi jono.—Pesalema 90:2, 4; Tshenolō 12:12.
KA TUMELO E E TLETSENG TSAYA KGATO JAANONG
80. Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisa gore o tla bona thuso fa o ka sokologela kwa go Jehofa?
80 Ka ntlha ya bopelotelele jwa Modimo, boitshoko le kutlwelobotlhoko, mongwe le mongwe wa rona o neelwa sebaka sa go bontsha gore o eme fa kae le gore ke mang yo re tla mo ikanyang. Fa o eletsa go gololesega mo bokgobeng jwa meya e e sa bonaleng le mo bobing jwa dingwao le mekgwa tse di bayang batho mo botlhankeng jo bo ntseng jalo, he se okaoke go batla thuso mo go Jehofa gone jaanong, “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō . . . o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 34:6) Morongwa wa Modimo, Jesu Keresete, o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Re gololè mo go eo o boshula.” (Mathaio 6:13) O ka tlhomamisa gore Jehofa o utlwa dithapelo tse di tswang mo pelong e e itshekileng. “Matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ, le ditsèbè tsa gagwè mo mekokotleloñ ea bōnè.”—1 Petere 3:12; Diane 15:29.
81. Gore o ikgolole mo tirisongbadimo, ke kgato efe e o tshwanetseng go e tsaya? Ka ntlha yang?
81 Fa o tlhoafetse, le wena o tla tshegetsa ditopo tsa gago mo Modimong ka go dira tumalanong le se o se lopang. Se se rayang malebang le dingwao le mekgwa tse di amanang le tirisabadimo? Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng ebong Paulo o kwala jaana: “Ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo . . . ga lo kake loa yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo.” (1 Bakorintha 10:20, 21) Re tshwanetse go tlhopha magareng a go obamela Modimo le go obamela badimona, e re ka Jehofa Modimo le badimona ba sa utlwane. Fa re batla botsalano jwa ga Jehofa le tshireletso re tshwanetse go ikgaoganya le dikamano tsotlhe le bokopano le tirisabadimo le mefuta yotlhe ya yone e mentsi. Seo se akaretsa go senya dilo tsotlhe tse di amanang le tirisabadimo. Dilo tse di ntseng jalo di tla dira fela gore re nne re ntse re tshwerwe mo bobing jwa tlhotlheletso ya badimona. Go tlosiwa kana go senngwa ga dilo tse di ntseng jalo ke kgato ya botlhokwa ya go ikgaoganya le tlhotlheletso e e ntseng jalo.
82. Lefoko la Modimo le bontsha jang gore ga re a tshwanela go boifa selo sepe, se se jaaka setshwantsho?
82 Fano, le gone, Lefoko la Modimo le na le thuso e kgolo go re neela bopelokgale jwa go tsaya kgato e e ntseng jalo. Le re bontsha gore ke ka ntlha yang re sa tshwanela go boifa dilo tse di ntseng jalo, le mororo batho bangwe ba ka di leba jaaka tse di loilweng kana tse di nang le nonofo nngwe e e sa tlwaelegang. Ka moperofeti wa gagwe Jeremia, Jehofa Modimo o ne a neela mafoko ano a kgothatso: “Lo se ka loa ithuta mokgwa oa merahe . . . Gonne ditèmalō tsa dichaba ke boithamakō: gonne moñwe o tla a rème setlhare mo sekgweñ, e le tihō ea diatla tsa eo o rèmañ ka selèpè. Ba se kgabise ka selefera le ka gouda; ba se kokothèle ka dimapō le ka dinōtō, gore se se ka sa tshikinyèga. Di nntse yaka setlhare sa mokolane, e le tsa tihō ea mosètō, me ga di bue: di na le go rwalwa hèla, ka di retelèlwa ke go tsamaea. Lo se ka loa di boiha: gonne ga di na thata ea go diha boshula, me ga goeō mo go cōna go diha molemō.” (Yeremia 10:2-5) Ngwananyana o ka tshaba setshosa mo tshimong mme bagolo bone ba itse fela gore ke setshosa. Mme Lefoko la Modimo le bontsha gore, fela jaaka setshosa se ka se ke se bue kana go tsamaya kana go thusa mongwe kana go mo utlwisa botlhoko, go ntse fela jalo le ka ditshwantsho tse batho ba di dirang mme ba bo ba re di boitshepo.
83. Bibela e bontsha jang boeleele jwa motho yo o obamelang sengwe se se dirilweng ka diatla tsa motho?
83 Bibela e bontsha kafa batho ba ba lebang dilo tse di dirilweng ka diatla tsa batho jaaka e kete di na le thata nngwe e e fetang ya motho ba leng dieleele ka gone. Ka sekai, polelelopele e e tlhotlheleditsweng ya ga Isaia e re bolelela ka motho yo o remang setlhare se setona mo sekgweng, a bo a tsaya bontlhabongwe jwa sone go gotsa molelo ka sone le go apaya senkgwe mme a bo a dirisa bontlhabongwe gape go bo dira setshwantsho mme “a se ōbamèle, a se rapèle, a re, Nkgolola tlhè, gonne u modimo oa me.” Jehofa Modimo o bua jaana ka batho bao: “Ga ba itse, le gōna ga ba gopole, gonne o ba buduladitse matlhō, yalo ba sa kake ba bōna: le dipelo tsa bōnè, yalo ba sa kake ba tlhaloganya. Me ga go opè eo o ikgopodisañ, le gōna ga go na kicō leha e le tlhaloganyō ea go re, ke hisitse ntlha ñwe ea shōna mo moleloñ; E, le gōna ke besitse senkgwè mo magaleñ a shōna: ke besitse nama ka e ya: me a ke tla tloga ke diha makgapha ka mo go setseñ; a ke tla wèla ha pele ga sesana sa setlhare? O ya melōra hèla; . . . me a sa kake a golola mōea oa gagwè, leha e le, go re, A yana maaka ga a mo seatleñ sa me se segolo?”—Isaia 44:14-20.
84. (a) A logong, khai kana mogala ka botsone di ka re thusa kana go re utlwisa botlhoko? (b) Ke eng se tota se ka re gobatsang?
84 Logong lo fela lo ntse lo le logong go sa kgathalesege gore motho o ka lo betla go le kana kang. Ke sone se setshwantsho sa logong se ka fisiwang le go senngwa fela jaaka logong longwe le longwe. Se ka se ke se itshireletse gore se se ka sa senngwa. Go ntse fela jalo le ka khai kana mogala kana seretse kana lentswe kana dipeo kana eng fela se batho ba ka se dirisang go dira gore se nne selo sengwe sa kobamelo ya moya. Tsotlhe di ka senngwa ka ditsela tse di farologaneng. Fa e le gore dilo tse di ka se itshireletse, eleruri di ka se sireletse ba bangwe. Mme kgobalo ya mmannete e tswa mo go dumeleng mo dilong tse di ntseng jalo mme ka gone go dumelela meya e e tsietsang, e e leswe, badimona, go re tsenya mo kgolegelong ya dilo tsa maaka mme e bile di le boferefere. Lefoko la Modimo le re bontsha tsela ya go ikgolola mo maakeng a a ntseng jalo.
85. Bakeresete bangwe ba kwa Efeso ba ile ba dira eng?
85 Bibela e re bolelela ka batho ba ba neng ba na le tumelo le bopelokgale jwa go senya dilo tsa bone tse di neng di amana le meya, lefa go ba baketse ditshenyegelo tse dikgolo. Morago ga go tlhalosa kaga go supa kaga Modimo wa boammaaruri mo go neng go dirilwe ke moaposetoloi Paulo mo motseng wa Efeso, buka ya Bibela ya Ditihō e ne ya tlhalosa jaana: “Bantsi ba bōnè ba ba dihañ ditihō tsa tseanyo, tse di horañ, ba kgobokanya dikwalō tsa bōnè, ba di hisa ka molelō ha pele ga batho botlhe: me ba bala madi a cōna, me ba hitlhèla a le dipondo di le makgolo a mashomè matlhano.” (19:19) A bo seo e ne e le namane e tona ya madi jang ne! Mme gone, go amogelwa ke Modimo Mothatayotlhe le go gololesega mo tlhotlheletsong ya badimona go ne go le botlhokwa thata mo go bone go na le se se neng se emetswe ke madi ao.
86. (a) Diphelelo tsa tirigalo eo e ne ya nna dife? (b) Se se tshwanang se nnile boammaaruri jang mo bathong ba le bantsi gompieno?
86 Ke ka ntlha yang o sa lebe mo legaeng la gago mme o ipotse gore a o bontsha tumelo e e tshwanang le go latela sekao seo, o tlosa sengwe le sengwe se se amanang le kobamelo ya meya? Diphelelo tsa tiragalo eo ya kwa Efeso di ne di kgothatsa fela thata: “Lehoko ya Modimo ya tota ya henya ka nonohō e e kalo.” (Ditihō 19:20) Go ile ga nna fela jalo le gompieno gareng ga diketekete tsa batho ba ba ileng ba hularela tirisabadimo ba ya kwa Modimong wa boammaaruri le kobamelo ya gagwe. Nonofo ya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo e ba tlhotlheleditse go kgobokanya dibuka tsotlhe, dipheko, mereo, mehitshana, maseka a “maswalo,” diaparo le sengwe le sengwe se se amanang le tirisabadimo go di senya.
87. Ke eng se mosadi mongwe mo borwa jwa Afrika a ileng a se dira, mme phelelo e ne ya nna eng?
87 Ka sekai, mosadi mongwe mo borwa jwa Afrika yo o neng a bua le badimo o ne a amogela thuso e a neng a e neelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ithuta Bibela. E ne ya re fa ba bala ka polelo ya Bibela e e nopotsweng fa godimo e e neng e tlhalosa kafa batho ba ba dipelo di ikanyegang mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ileng ba senya dibuka tsa bone tsa tirisabadimo ka teng, mosadi o ne a botsa gore a o tshwanetse go dira se se tshwanang. Mosupi o ne a bontsha kafa seno se ka dirang gore a amogelwe ke Modimo ka teng, mme ba dumalana ka letsatsi la go dira seo. Fa Mosupi a goroga, o ne a filhela mosadi yoo a setse a ipaakantse ka diaparo tsotlhe tsa gagwe tsa bodumedi le dilo tsa tirisabadimo le parafine. Ba ne ba gotsa molelo mme ba fisa dilo tseo tsotlhe. Go ne ga felela jang? Mosadi o ne a gololesega mo tlhotlheletsong ya badimona mme jaanong o ipelela tshiamelo e kgolo ka boene ya go thusa ba bangwe go ikanya Modimo wa boammaaruri.
88. Ke jang monna mongwe mo lefelong leo a ileng a ikgolola mo kobamelong ya meya?
88 Ka tsela e e tshwanang, monna mongwe mo lefelong lone leo o ne a setse a simolotse go ithuta bongaka mo ngakeng nngwe ya setswana e e tumileng mme e bile a dirile botswelelopele jo bo bofefo, mo a neng a le mothusimogolo wa yo o mo rutang bongaka. Lefa go ntse jalo, mosadi wa ngaka eno, o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe mothusimogolo o ne a nna gone mo thutong. Dikwalo di ne tsa tlotliwa di bontsha gore Modimo o iletsa go nwa kana go itshela madi. (Lefitiko 17:10-14; Duteronome 12:23, 24; Ditihō 15:20, 29) Se se ne sa kgatlha monna fela thata. O ne a setse a tloga a “aloga” mo thutong ya gagwe ya “bongaka” le maselamose mme e bile a itse sentle gore go nwa madi e ne e le bontlhabongwe jwa “kaloso.” O ne a fetsa jang? O ne a batla go itumedisa Motswedi wa botshelo, Jehofa, go na le go leka go amogelwa ke meya e e sa bonaleng e e ganetsang. Ka jalo o ne a tlogela go amana le tirisabadimo kwantle ga tiego, a tswelela a ntse a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme jaanong o ipelela go gololwa mo bokgobeng jwa meya e e sa bonaleng e e bogagapa.
89. Ke dikgato dife tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tsewa go fenya meya e e sa bonaleng?
89 Gore o kgone go gololesega mo meyeng e e ntseng jalo e e sa bonaleng, go botlhokwa gore o se ka wa rapelela thuso ya ga Jehofa Modimo fela, mme gape le gore o “nnèlè rure mo thapeloñ.” (Baroma 12:12) Lefoko la Modimo le bontsha gore go botlhokwa e seng fela go khutlisa ditlwaelo tsa tirisabadimo mme gape le go tlosa dilo tsotlhe tse e leng tsa tirisabadimo tse di tla dirang gore o nne o ntse o amana le kobamelo ya meya e e sa bonaleng. Mme e bile, gore o tle o bone phenyo le kgololesego eo e e tlisang, o tlhoka go dirisa le thuso ya ba bangwe e le gore o tle o se ka wa lebagana le baba ba moya o le nosi.
GO KOPANELA LE BATLHANKA BA MODIMO WA BOAMMAARURI
90. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go kopanela le batho ba Modimo?
90 Bibela e re kgothaletsa go kopana mmogo le ba bangwe gore re gole mo loratong le mo tumelong. (Bahebera 10:24, 25) O ka dira seo le bomang? Le mororo maloko a dikereke tsa Labokeresete a iphaka gore a dumela mo Bibeleng, gantsi ke one a leng gareng ga bao ba senkang ditirelo tsa ba ba buang le badimo le dingaka tsa setswana mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya tsela e e farologaneng. Ba ipoloka ba le phepa mo go sengwe le sengwe se se ka ba gogelang mo taolong ya meya e e sa bonaleng e e kgatlhanong le dithuto tsa Lefoko la Modimo. Ba itumelela go thusa mongwe le mongwe go ithuta Bibela le go ithuta ka boammaaruri jwa yone jo bo neelang kgololesego. Mme, fela jaaka Jesu le barutwa ba gagwe, ba dira seno kwantle ga tuelo. Ba tla itumelela go go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa gago ka thuto e e ntseng jalo ya mahala.
91, 92. Ke melemo efe e go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa go e tlisang?
91 Gape ba kopana ka metlha go ithuta dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Lefoko la Modimo, mme dipokano tseno le tsone ke tsa mahala, ga go na dikoleke dipe tse di tsewang. Go nna teng mo go tsone ke thuso e kgolo fela thata mo go tlhabaneng ntwa eo moaposetoloi Paulo a kwalang kaga yone fa a re: “Re lwa le . . . mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” Go tsweng foo moaposetoloi o tswelela ka go re kgothaletsa rotlhe gore “re tseeñ dibolaō cotlhe tsa Modimo,” le gore re ‘eme, . . . re itlamile mo dithekeng ka boammaaruri, re bile re apere letlatla ja tshiamo ja sehuba, . . . thebe ya tumelo, . . . tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya moya, e e leng Lefoko la Modimo.’—Baefesia 6:12-17.
92 Go itse kafa re ka dirisang ka teng dibolao tseno tsa moya le “chaka ea Mōea” ka botswerere go ka nna ga tsaya nako. Mme go kopana ga gago le ba bangwe ba ba ileng ba bona phenyo le ba ba ntseng ba e bona mo tlhabanong ya bone ya moya go tla go thusa gore o tswelele pele sentle. Jaaka o ntse o ithuta mo go oketsegileng kaga boikaelelo jwa Mmopi wa Lobopo lotlhe le Mmusi, Jehofa Modimo, le go bona botlhale jwa melao ya gagwe le dilo tsa tshiamo tse a di batlang, tumelo ya gago e tla gola. O tla nna le tsholofelo e e gakgamatsang ya botshelo mo lefatsheng la paradaise, koo bapelonomi botlhe ba lefatshe ba tla ipelelang botshelo jo bo sa khutleng teng, go se na bolwetsi le pogo, mo Bogosing jwa Modimo ka Keresete Jesu. O tla ithuta kafa o ka nnang gareng ga bao ba ba tla tshelang ba na le tsholofelo ya go bona nako ya fa Modimo o “phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”—Tshenolō 21:4; Pesalema 37:10, 11; Mathaio 5:5.
93. Ke phetogo efe ya botho e e tlhokwang?
93 Gore re gololesege mo taolong ya meya e e sa bonaleng e e bogagapa re tlhoka go latela kgakololo ya Bibela ya go ‘apola motho wa bogologolo kaga mokgwa wa botshelo jwa rona jwa gale’ mme re “aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” (Baefesia 4:22-24) Gongwe mokgwa wa rona wa pele wa go tshela o ne o ile wa laolwa, e seng ke thato ya Modimo, mme ke dingwao tsa batho le mekgwa ya batho mo lefelong la rona. Re tlhoka go tlhatlhoba boitshwaro jwa rona go bona gore re tila dilo tsotlhe tse di amanang ka tsela nngwe le maaka a bodimona a gore baswi ba ka thusa kana ba utlwisa batshedi botlhoko.—2 Bakorintha 13:5.
NNA O TLHABANA NTWA E E MOLEMO YA TUMELO
94. Fela fa re setse re gololesegile mo bodimoneng, go tlhokafala eng gore re tswelele re ntse re gololesegile?
94 Fela fa o setse o ikgolotse mo bodimoneng o tshwanetse go tlhabana ka thata go nna o ntse o gololesegile. Jesu o ne a bolela gore “eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13) Letsatsi lengwe le lengwe re tshwanetse go nna re ntse re lwa le maiteko a go re gogela morago kwa bobing jwa dingwao le ditlwaelo tsa bodimona tse di tla re amogang lesego la Modimo.
95. Ke mekgwa efe eo Satane gantsi a e dirisang go re koafatsa?
95 Satane le badimona ba gagwe ba ka dirisa methale e le mentsi e e farologaneng go leka go re koafatsa. Ba ka nna ba dirisa ba losika kana ditsala go re ganetsa. Gantsi go ntse fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele: “Le baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè.” (Mathaio 10:36) Fa o senka go gololesega mo ditlwaelong tsotlhe tsa bodimona e le gore o tle o supe lorato lwa gago mo Modimong le go tshwarelela mo ditaolong tsa gagwe go sa kgathalesege gore batho ba bangwe ba reng kana ba dirang, akanyetsa jaanong di sekae tsa diteko tse di ka nnang tsa tlela motho.—1 Yohane 5:3; Bakolosa 2:8.
FA MONGWE A A SWA
96, 97. (a) Ke mokgwa ofe wa phitlho o o atamalaneng thata le kobamelo ya badimona? (b) Pono ya Mokeresete kaga diphitlho ke efe?
96 Mo dikarolong dingwe tsa Afrika, ke selo se se tlwaelegileng go rulaganyetsa gore go nne le “tebelelo” fa motho mongwe a sule. Ba losika le ditsala ba phuthegela mo legaeng la moswi kana “kwa gagabo.” Go a bokolelwa, go a opelwa, go lediwa meropa, go a nowa le go dira ditlwaelo tse dingwe go ya ka mekgwa ya lefelo leo. Mo mabakeng mangwe, fa moswi a sena go tlhapisiwa le go apesiwa diaparo tsa gagwe tse dintle, oa “ladiwa” e le gore ditsala di tle di fete fa go ene di tlhomagane fa bolaong jwa gagwe go mmona labofelo pele ga a ka fitlhiwa.
97 Ke selo sa tlholego go hutsafala morago ga loso lwa tsala kana mongwe wa losika. Jesu o ne a hutsafalela loso lwa tsala ya gagwe Lasaro a bo a lela. (Yohane 11:33, 35) Lefa go ntse jalo, dikeledi tsa bohutsana jwa boammaaruri di farologane thata le dipokolelo le dilelo tse gantsi di dirwang mo diphitlhong di le dintsi mo mafatsheng mangwe. Ke selo sa tlholego go lela, le e leng go ya bokgakaleng jwa go bokolela, fa o swetswe ke moratiwa. (2 Samuele 1:11, 12) Lefa go ntse jalo, go lela le go bokolela ka ntlha ya go boifa go kgopisa meya e e sa bonaleng, kana ka ntlha ya go boifa maloko a mangwe a lelapa, ga go dumelane le Lefoko la Modimo. Gantsi mafoko a a dirisiwang fa go ntse go bokolelwa le go opela a a bo a bua le moswi kana badimo ka thapelo kana mokokotlelo. Eleruri, ditebelelo dingwe totatota di dirwa ka ntlha ya go boifa baswi. Ka jalo le mororo go se phoso ka motho yo o boifang Jehofa go nna gone mo phitlhong, go molemo go gakologelwa kgakololo ya go ‘lomologana le bone le go sa ame sepe se se itshekologileng.’ (2 Bakorintha 6:17) Re ka senka ditsela tsa go bontsha kutlwelobotlhoko le go neela kgomotso ya boammaaruri kwantle ga go nna le seabe mo ditirelong dipe tse di amanang le kobamelo ya meya. Gape, batho ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go iteseletsa go fenngwa ke bohutsana, ka jaana ba na le tsholofelo ya tsogo. Ke sone se Bibela e reng: “Me ga re rate loa tlhōka go itse, ba ga echo, kaga ba ba rōbalañ; gore lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.”—1 Bathesalonia 4:13.
98. Ke mekgwa efe e mengwe e le yone e ka nnang ya bo e amana le bodimona?
98 Le gale, mekgwa e e amanang le loso, diphitlho le meila e e dirwang ke ba losika ba ba tshelang e farologana thata go ya ka ditumelo tsa mafelo a a rileng le dingwao tsa one. Mme gantsi di a bo di thailwe mo tumelong ya gore baswi ba kgona go bona batshedi, mme e bile di akareletsa ditlwaelo di le dintsi tse di sa dumelaneng le Lefoko la Modimo. Motlhanka wa boammaaruri wa Modimo ga a kitla a batla go iteswefatsa ka tsone. Mo mafelong mangwe mo Afrika, ngwaga morago ga loso lwa motho, go nna le ditirelo dingwe tse di kgethegileng tse di dirwang ‘go gorosa moswi mo gae.’ Go dumelwa gore ka loso moya ga o tsamaye fela ka potlako go ya ‘lefatsheng la moya’ mme o tsena mo boemong jwa go sa dire go fitlhelela tirelo nngwe ya bobedi ya phitlho e tshwarwa pele mme e bo e nna gone o ka tsenang mo ‘lefatsheng la meya.’ Mo mafelong a mangwe gantsi go tlhabiwa seruiwa sengwe go bo go ntshiwa dino dingwe jaaka setlhabelo sa badimo mo phitlhong. Balatedi ba dikereke tsa Labokeresete le tsa Mamoselema ba nna le seabe mo ditirelong tse di ntseng jalo.
99, 100. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tlhoka go nna podimatseba mo dipakeng tse di ntseng jalo? (b) Ke eng se Jehofa a ka se keng a se itshokele?
99 Lefa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ke seo Lefoko la Modimo le se bolelang kaga ditlwaelo tse di ntseng jalo. Ka sekai, mo go Pesalema 106:28, 29 le bua ka Baiseraele ba ba sa ikanyegang ba ba ileng ba obamela kobamelo ya maaka mme ba simolola go “ya dichupèlō tsa bashwi.” Le bontsha gore ba ne ba ‘tlhotlheletsa bogale’ jwa Modimo ka ditiro tse di ntseng jalo mme a se ka a tlhola a ba amogela. Re setse re ithutile go tswa mo Bibeleng gore fa motho a a swa, ke Modimo fela o ka dirang gore motho yoo a tshele gape ka tsogo ya baswi.—Bona dirapa 33 go ya go 36.
100 Ee, dintsho, diphitlho, manyalo, boimana, matsalo, go rupa tsotlhe ke ditiragalo tse motho a tshwanetseng go nna podimatseba ka tsone. Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.” (1 Petere 5:8) Ke selo se se motlhofo thata go ineela mo kgatelelong gore o bo o itshase go le gonnye fela ka “setlhare” jaaka pheko. Mme ene yo o batlang go amogelwa ke Modimo o tla gakologelwa gore Jehofa ke “Modimo o o lehuha.” (Ekesodo 20:4-6) Ga a ke a itshokela kobamelo ya maaka e e thailweng mo maakeng e bile a ka se segofatse ope wa batlhanka ba gagwe fa a le “motlha” kaga ditaolo tsa gagwe.—Tshenolō 3:16.
KA DINAKO TSA BOLWETSI
101. Ke kotsi efe e e ka nnang gone mo “bongakeng jwa setswana”?
101 Mo dinakong tsa bolwetsi batho bangwe ba ka leka dingaka di le mmalwa le dipatela mme ba se ke ba fole. Bangwe gongwe ba ka ikutlwa gore ba tshwanetse go ya go se mo mafelong mangwe se bidiwang “bongaka jwa setswana,” ke gore, thuso ya mofodisi mongwe yo o alafang. Bontsi jwa “dingaka” tseno bo dirisa ditlhare le melemo e mengwe fela ya tlholego, eo, ka boyone, e ka neng e se na kotsi epe fela. Mme kotsi e mo lebakeng la gore boraditlhare ba ba ntseng jalo kana “dingaka tsa setswana” di ka nna tsa kopanya tirisabadimo le tiriso ya bone ya ditlhare le melemo e mengwe. Mo Bibeleng, lefoko “tirisabadimo” jaaka le fitlhelwa mo go New World Translation go Tshenolō 21:8 le tswa lefokong la Segerika phar·ma·kiʹa, leo totatota le rayang “tirisadiokobatsi.” Se ke ka ntlha ya gore mo metlheng ya bogologolo ba le bantsi ba ba neng ba bua le badimo le ba bangwe ba ba neng ba amana le tirisabadimo ba ne ba dirisa diokobatsi mo ditirelong tse ba neng ba di dira.
102. Ke jang tirisabadimo e ka tsenngwang mo “dikalafong” tse di akantshitsweng?
102 Ba ba fodisang ba ka nna ba dira bongaka jwa bone ka go dira setlhabelo (nonyane kana seruiwa sengwe se se ntshitsweng ke molwetsi), ka go dirisa maselamose, kana ka go phekola. Mo lefatsheng lengwe la Afrika bophirima, monna mongwe o ne a kaelwa gore a ye kwa mosading mongwe go bona setlhare sa go alafa leino. Fa a mo neela molemo, mosadi o ne a mmolelela gore a se ka a o leba. Fa a bodiwa gore ke ka ntlha yang, o ne a re molemo ‘o tla felelwa ke nonofo’ fa a ne a ka o leba. Mme tota ke jang setlhare kana molemo mongwe o ka itseng fa e le gore ‘o lebilwe’? A dilo tse di ntseng jalo di na le matlho? Ka phepafalo nnyaa, ka jalo go bonala sentle gore mofodisi o ne a dumela mo meyeng gore e tla dira mo molemong, e o neela nonofo ya boselamose.
103. Ke eng se “dingaka tsa setswana” di inaakanyang le sone mo ditirong tsa bone?
103 “Dingaka tsa setswana” dingwe di ka nna tsa ba tsa ipolela fa di tlotla melao ya Modimo kgatlhanong le tirisabadimo, fa gone totatota di dirisana le maselamose mo ditirong tsa bone. Ba ka nna gongwe ba dirisa seretse sengwe kana ditlhare go fodisa. Mme, fa ba tlosa seretse seo, ba ntsha selo sengwe, gongwe jaaka lentswe kana lekgasa lengwe le legologolo mme ba re ke tsone dilo tse di ntseng di dira bolwetsi jo ba reng ba bo nyeleditse mo mmeleng.
104. Re ka reng ka ditlhabelo tse di amanang le “bongaka jwa setswana”?
104 Re setse re badile se Modimo Mothatayotlhe o se akanyang ka ba ba dirisanang le maselamose le boloi le kafa o ba lebang ka teng jaaka ba ba “makgapha.” (Duteronome 18:10-12; bona dirapa 58 go ya go 61.) “Bongaka jwa setswana” gantsi bo dirisa mediro, ditirelo le ditlhabelo go ikuela kwa ‘medimong.’ Ka jalo, fa “ngaka ya setswana” nngwe e ne e ka go lopa gore o tle ka koko kana podi ya setlhabelo, seo se ne se tla bo se rayang? Totatota seruiwa se se ntseng jalo se tla bo se ntshediwa bomang setlhabelo? Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng Paulo a re: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa [badimona], e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le [badimona].”—1 Bakorintha 10:20-22.
105. Fa e le gore rona kana bana ba rona ga re fole le morago ga go dirisa ditsela tsotlhe tse di tshwanetseng, ke eng se re tshwanetseng go se dira?
105 Fa re setse re gololesegile mo bokgobeng jwa tlhotlheletso ya badimona, re ka se ke re iteseletse go gogelwa gape mo bobing jwa ditlwaelo tsa maaka le dingwao mme re sale re ntse re gololesegile. Mme go tweng fa e le gore re ile ra leka ditsela tsotlhe tse di tshwanetseng tsa go alafiwa malwetsi a rona mme go padile? Bibela e re bolelela jaana: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa.” (Pesalema 55:22) Mo rapele, e seng gore a tle a go fodise ka kgakgamatso nngwe, mme e leng gore o tle o nne le botlhale jwa go tlhopha kalafi e e botlhale le e e tshwanetseng, mme mo godimo ga tsotlhe, gore o tle o tswelele o ntse o itekanetse semoyeng o bile o nonofile, o bolokile tumelo e e nonofileng le go nna le tsholofelo e e itumedisang, go sa kgathalesege gore lobaka lwa gago lwa bolwetsi lo loleele go le kana kang kana gore le masisi go le kana kang. O ka baya bana ba gago gape fa pele ga Jehofa. Botshelo jwa bone ke jwa Gagwe. Gape o ka ba dibela mme e seng ka dilo tse di tshwanang le “ditlhare tsa go itshireletsa” kana maseka, ditlhabelo, ditirelo kana mediro e mengwe e sele.
106. Ke tsholofelo efe e e tshegeditseng batlhanka ba Modimo ba ba lwalang le ba ba ka nnang ba swa?
106 Re itse sentle gore batho ba ba amanang le tirisabadimo, go akaretsa le bafodisi le “dingaka tsa setswana” le bone, ba tle ba lwale gone jaanong kana moragonyana mme e bile botlhe ba bolawa ke dilo tse di farologaneng. Le mororo batlhanka ba boammaaruri ba Modimo le bana ba bone ba ba gololesegileng mo tirisong badimo ba boga ka nako e e rileng kana le e leng go tlhagelwa ke bolwetsi jo bo sa alafesegeng, ba na le tsholofelo e e gakgamatsang go ba tshegetsa. Ba itse gore Jehofa Modimo o na le nako e a e beileng ya fa a tla bo a tlosa malwetsi otlhe le loso. Ba ba nnang ba ikanyegile mo Modimong, jaanong ba tla amogela dilo tsa botshelo, tse di tshwantshitsweng le “noka ea metse a botshelō” e go neng go na le ditlhare tse matlhare a tsone a “hodisañ merahe.” (Tshenolō 22:1, 2) Ka jalo, lefa re ka lebana le loso, re ka gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a boloka botshelō yoa gagwè bo tla mo latlhègèla: me eo o latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me o tla bo bōna.” (Mathaio 16:25) Go na le go leka go boloka matshelo a rona ka go dirisa ditlwaelo tse di leswe tsa tirisabadimo, re ka nna le tsholofelo mo nonofong ya Modimo Mothatayotlhe le go ikanya gore o tla re busa mo losong ka tsogo ya baswi go ya botshelong mo lefatsheng la gagwe le lesha le go nang le boitekanelo mo go lone.
DITORO
107, 108. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa dirise ditoro go re kaela gompieno? (b) Go ikaega ka ditoro go na le phelelo efe e e bosula?
107 Moya o o sa bonaleng wa mmaba, ebong Satane, o ka nna gape a dirisa ditoro go dira gore batlhanka ba Modimo ba hularele kobamelo ya gagwe e e itshekileng. Batho ba le bantsi ba tlotla ditoro thata. Ka makgetlho a sekae ba tle ba bonale e kete ba bolelela pele ditiragalo dingwe tse e reng moragonyana di diragale. Mme e bile go boammaaruri gore mo metlheng ya bogologolo batlhanka ba Modimo ba sekae, jaaka morwa yo o rategang wa ga Jakobe ebong Josefa, ba ne ba dirisiwa go bolelela pele ditiragalo tse di rileng ka ditoro. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore mo metlheng eo ba ne ba se na dikwalo tsotlhe tsa Bibela go ba neela kaelo e e feletseng. Gompieno re na le tsone. Ka dikwalo tseo re bala jaana: ‘Lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo . . . gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeleletse rure tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:16, 17.
108 Lefoko la Modimo, Bibela, ke kaelo ya rona e e FELETSENG mo tirong nngwe le nngwe e e molemo. Fa e sale Modimo o dira gore le kwalwe lotlhe, Lefoko le le tlhotlheleditsweng leno, mme e seng ditoro, le nnile tsela ya Modimo ya go kaela batlhanka ba gagwe ba boammaaruri, go tla motlheng ono. Tota, Lefoko la gagwe le re tlhagisa kaga ditoro tse di amanang le go bua le badimo le kobamelo ya maaka, ka go re: “Baitseanape ba bonye maaka; ba boletse ditōrō tsa tsieco.” (Sekaria 10:2; Duteronome 13:1-3) Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le tla re kaela ditsela tse di siameng. Mme ba ba ikanyang ditoro kwantle ga pelaelo ba tla gogelwa mo ditseleng tsa maaka, kgakala le kobamelo ya boammaaruri.—Yeremia 23:25-27, 32; 27:9, 10.
BOKAMOSO JO BO GALALELANG JWA BAOBAMEDI BA BOAMMAARURI
109. Lefoko la Modimo le dira jang go go segofatsa le go go sireletsa?
109 Go na le gore o ikanye ditoro, ikanye boperofeti jo bo gakgamatsang jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Lefoko leo ga le tsietse mme le go bolelela boammaaruri kaga kobamelo ya meya e e sa bonaleng le boemo jwa nnete jwa baswi. Le go golola mo poifong e e ka go fetolang motlhanka ka go go bontsha gore baswi ga ba itse sepe mme e bile ba ka se ke ba thuse lefa e le go gobatsa batshedi. Le go sireletsa ka go senola badimona jaaka meya e e tsietsang e e ka kgonang go itira jaaka e kete ke baswi mme ka gone e tsietsa batho ba le bantsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o dirisa dithuto tsa Bibela mo botshelong jwa gago, o tla fitlhela gore di tlisa melemo e megolo, e e tshwanang le kagiso ya mogopolo le boitumelo jwa pelo. Mme e bile o ka bona kafa boperofeti jwa Bibela bo diragalang ka teng ka mo go phepafetseng gompieno.
110. “Babelona o Mogolo” o tshwantshetsa eng?
110 Boperofeti jono bo re bolelela eng ka bokamoso? Bo bolelela pele gore kobamelo yotlhe ya maaka, go akaretsa le kobamelo ya meya e e bogagapa e e sa bonaleng ka dingwao tsa yone tsa meya le ditlwaelo, di tloga di senyediwa ruri. Mo Bibeleng ditumelo tsotlhe tsa maaka tsa lefatshe lotlhe, go akaretsa le ditumelo tsa maaka tsa Labokeresete, di tshwantshiwa le mosadi yo o makgapha wa tshwantshetso yo o bidiwang “Babelona o Mogolo.” O tshwantshiwa jaaka bogosi jo bogolo jwa sekamotse o o “dutseñ mo metsiñ a mantsi” mme metsi ao a raya “dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō.”—Tshenolō 17:1, 5, 15, 18.
111. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhagisa batho ba gagwe go tswa mo go Babelona o Mogolo?
111 Re ka bona kafa bodumedi jwa maaka jwa mefuta e e farologaneng bo agileng mmuso o o golegang le go gatelela batho ka teng mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe go tla motlheng ono. Fa le bua le motse one oo wa tshwantshetso, Lefoko la Modimo la re “merahe eotlhe e ne e tsiediwa ke boloi yoa gago.” (Tshenolō 18:23) Ka ntlha ya gore bodumedi jwa maaka bo dirisiwa ke meya e e bogagapa e e sa bonaleng go tsietsa batho le go dira gore ba hularele kobamelo e e itshekileng, Modimo o a bo ila. Bibela e bua jaana ka mmuso wa bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo wa tshwantshetso: “O tla hisediwa rure ka molelō; gonne go thata Morèna Modimo o o mo atlhotseñ.” Le mororo badimona le mmusi wa bone Satane ba na le thata e e fetang nonofo ya motho, ba bokoa fela thata fa ba bapisiwa le Jehofa Modimo le mephato ya gagwe ya selegodimo. Meya eo e e bogagapa e e sa bonaleng ga e kitla e bo e kgona go boloka ba ba tshwaregileng mo ditlwaelong tse di sa dumelaneng le Lefoko la Modimo, fa nako ya Modimo e tla ya go fedisa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, Babelona o Mogolo. Ke sone se Modimo o re tlhagisang jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè.”—Tshenolō 18:4, 8.
112. Ke ntwa efe e jaanong e tla latelang? Ke bomang ba ba tla e falolang?
112 Tshenyego eo ya bodumedi jwa maaka e tla latelwa ka bonako fela ke ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ He, jaaka moemedi wa Modimo, Keresete Jesu yo o galaleditsweng o tla etelela pele mephato ya segosi ya baengele ba selegodimo kgatlhanong le baba botlhe ba Modimo mo lefatsheng. Ka tsela eno Modimo o tla phepafatsa lefatshe ka go feela boikepo ga motlhofo fela jaaka mosadi a ka phepafatsa legae la gagwe. (Tshenolō 16:14-16) A go tla nna le bafalodi bangwe? Bibela e bolela go re “bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nnetse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ, le ba ba dihañ ka bonōñwane ba tla khumolwa mo go yeōna.” (Diane 2:21, 22) Ee, “bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:10, 11, 29; Diane 12:7.
113. Ke bokamoso bofe jo bo galalelang jo re bo solofetseng?
113 A o ka akanya o ipona o tshela mo lefatsheng leo le le tsosolositsweng go nna paradaise e ntle ka batho ba ba ikokobeditseng ka boammaaruri ba le lorato jaaka ditsala tsa gago, o se kafa tlase ga ditsamaiso dipe tse di bogagapa, tse di gatelelang tsa sepolotiki mme o le kafa tlase ga puso e e itekanetseng ya tshiamo? (Daniele 2:44; Isaia 65:17, 21, 22, 25) A o ne o ka rata go tshela mo nakong e mo go yone thato ya Modimo e tla bong e dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong le koo batho ba tla bong ba sa tlhole ba ithuta ntwa gope? (2 Petere 3:13; Mathaio 6:10; Mika 4:3, 4) Ga go na bolwetsi bope, botlhoko kana go boifa loso tse di tla nnang gone koo! Mme e bile se segolo ke gore, bone ba ba ileng ba dira gore go nne le pogo e e kanakana mo lefatsheng ka tirisabadimo, ke gore, Diabolo le badimona ba gagwe, ba tla nyelelediwa ruri! A bo Lefoko la Modimo le bua ka tsholofelo e e molemolemo jang ne: Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise ka kagiso, polokesego le boitekanelo!—Tshenolō 21:3, 4; 20:10.
114, 115. Jalo he ke eng se o tshwanetseng go se dira?
114 Fa o rata botshelo, he tswelela pele o gola mo kitsong ya Modimo Mothatayotlhe le maikaelelo a gagwe. Jesu Keresete o ne a bolela jaana fa a rapela Rraagwe wa selegodimo: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Jesu Keresete.”—Yohane 17:3.
115 Lefa go ntse jalo, go tla tlhokega gore o dire maiteko a mmatota. Moaposetoloi Paulo a re, “Tlhabanañ ntwa e e molemō ea tumèlō.” Ka boikaelelo bofe? Go ‘tshwara botshelo jo bo sa khutleng.’ (1 Timotheo 6:12) Ee, ikgolole mo bobing jo bo rareetsang jo bo dirang motho lekgoba la meya e e bogagapa e e sa bonaleng. Mme he o tswelele ka go ‘tlhabana le diabolo, mme o tla go tshaba. Atamela Modimo, me o tla go atamela.’ (Yakobe 4:7, 8) Nna le tumelo e e nonofileng. Mme e kete “Rra mautlwèlō botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe” o ka go neela phenyo le boipelo jwa go mo direla ka bosakhutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.—2 Bakorintha 1:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bosupi jo bo oketsegileng jwa kafa Bibela e leng boammaaruri ka teng bo ka fitlhelwa mo dibukeng tsa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Motho? le “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.”
b Koo NW e tlang morago ga nopolo nngwe gone, go supa gore e ranotswe go tswa mo go New World Translation of the Holy Scriptures ya Seesamane, Phetolelo e Ntšha ya 1984.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Ka go dumela gore meya e e sa bonaleng e ka thusa ngwana wa gagwe mosadi yo o etetse “ngaka ya setswana”
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ditshwantsho tseo di emelang meya ya badimo di dirilwe ka tumelo e e phoso ya gore badimo ba ba a tshela mo lefatsheng la moya
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Ditlhapi, dinonyane le diphologolo di bidiwa “meya” mo Bibeleng, fela jaaka motho. Mme ga go epe ya tsone e e sa sweng
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Mo pusong e e tlang ya dingwaga tse di sekete ya ga Jesu Keresete, batho ba ba suleng ba tla busediwa botshelong
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Iseraeleng wa bogologolo, Modimo o ne o laotse gore leha e le mang yo o neng a dirisana le tirisabadimo a kgobotlediwe ka maje
[Setshwantsho mo go tsebe 34]
Batho bangwe ba tsaya ditlhare tse di rileng, mafika a magolo, dinoka, maphothophotho, dithaba kana mafelo a mangwe fela jaaka mafelo a boikhutso a meya e e sa bonaleng
[Setshwantsho mo go tsebe 37]
Ditumelo tse di phoso di tshwere batho ba le bantsi ka “bobi” jwa poifo
[Setshwantsho mo go tsebe 42]
Fela jaaka setshosa se ka seke se tsamaya, go bua, go thusa kana go utlwisa ope botlhoko, go ntse fela jalo le ka ditshwantsho tseo batho ba di dirang
[Setshwantsho mo go tsebe 43]
A Modimo wa disetwa o o dirilweng ke batho o na le dinonofo dingwe tse di fetang motho ka thata? Modimo o wa disetwa o dirilwe ka sone setlhare se monna o bileng a besa dikgong tsa sone go apaya dijo tsa gagwe. Ereka modimo wa disetwa o ka fisiwa ke motho ga motlhofo fela jaaka a ka fisa dikgong, a o ka nna le nonofo nngwe ya go thusa kana go gobatsa batho?
[Setshwantsho mo go tsebe 45]
Diketekete tsa batho di ile tsa hularela tirisabadimo le go senya dilo tsotlhe tse di amanang le yone
[Setshwantsho mo go tsebe 48]
Ka go kopana ka metlha go ithuta Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, re ka kgona go tlhabana ka katlego kgatlhanong le “mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo”
[Setshwantsho mo go tsebe 61]
Mo lefatsheng la paradaise, batho botlhe le diphologolo ba tla tshela ka kagiso e e itekanetseng, ebile go se kitla go tlhola go le tlala, bohutsana, bolwetsi kana loso