Dipokano tsa go Tlhotlheletsa mo Loratong le mo Ditirong tse di Molemo
Bakeresete ba pele ba ne ba kopana mmogo, gantsi mo magaeng fela, go amogela tao le go ipelela bokopano jo bo agelelang. Gompieno, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di kopana gararo ka beke. O lalediwa go nna gone mo go nngwe le nngwe ya dipokano tseno. Dipokano tsa bone ga se mokgwa fela, mme di itebagantse le thuto ya bomodimo. Dipokano tsa phuthego di bulwa le go tswalwa ka pina le ka thapelo. Ke tsa mahala fela mo go ba ba nnang gone, mme ga go na dikoleke dipe tse di tsewang.—Ditihō 4:23-31; 14:22; 15:32, 35; Baroma 16:5; Bakolosa 4:15.
Gongwe pokano ya ntlha eo o ka nnang mo go yone e tla bo e le puo ya phatlalatsa ya metsotso e le 45, e le e e buang ka dithuto tsa Bibela, dipolelelopele, kana kgakololo mo botshelong jwa Mokeresete. Morago ga puo eno, go na le thuto ya Bibela, e go dirisiwang setlhogo sengwe se se go Tora ya Tebelo seo se rulaganyeditsweng segolo-bogolo go ithutiwa ke phuthego. Thuto e tsamaisiwa ka tsela eno: Go balwa serapa go Tora ya Tebelo, mme motsamaisi o botsa dipotso mo thutong eo moreetsi ofe le ofe yo o eletsang go akgela a supang seno ka go tsholetsa letsogo la gagwe. Gantsi go nna le dikakgelo di le mmalwa mo serapeng sengwe le sengwe. Pokano e tsaya oura.
Moragonyana mo bekeng, go tshwarwa dipokano tse dingwe tse pedi tsa metsotso e le 45. Ya ntlha ke Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. Se baakanyetsa ka thapiso ya kafa ditlhogo tsa Bibela di ka kgobokanngwang ka gone le go ruta tshedimosetso ya tsone ka katlego. Morago ga tao e e kgethegileng ya metsotso e le 21, baithuti ba ba abetsweng go sa le gale ba neelana ka dipolelwana tse dikhutshwane. Morago ga polelwana nngwe le nngwe, motsamaisi wa sekolo o neela kgakololo a bontsha ka fa moithuti a ka dirang botswelelopele ka gone. Go ile ga baakanyediwa ka dibuka tsa thuto di le mmalwa go ka dirisiwa mo sekolong seno. Botlhe ba ba nnang gone ka metlha mo dipokanong ba ka ikwadisa, fa fela ba tshela ka tsela e e dumalanang le melao-metheo ya Bokeresete.
Pokano e e latelang e bidiwa Pokano ya Tirelo. E na le dikarolo di ka nna tharo kana nne tseo di buang kaga go neela mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo gammogo le dikarolo tse dingwe tsa bodihedi. Dikarolo tseno di neelwa jaaka dipuo, dipuisano, kana dipontsho, go dirwa gore bareetsi ba tseye karolo. Bogolo jwa thulaganyo bo thailwe mo boikitsisong jo bo fitlhelwang go Tirelo ya Rona ya Bogosi, pampitshana ya ditsebe tse nne e e gatisiwang kgwedi le kgwedi ke Mokgatlho wa Watch Tower.
Pokano ya boraro ke thuto ya beke le beke e e tshwarelwang mo ditlhopheng tse dipotlana, gantsi mo magaeng fela a a leng mo tshimong ya phuthego eo. Thuto e thailwe mo Bibeleng le mo bukeng ya bosheng e e gatisitsweng ke Mokgatlho. Ereka jaana setlhopha se le sebotlana, go na le sebaka se se molemo-lemo sa gore botlhe ba ka nna le seabe mo puisanong, mme go na le sebaka se sentle sa gore botlhe ba ba gone ba ka tlwaelana mmogo.
Diphuthego ka bontsi di tshwarela dipokano tsa tsone mo Holong ya Bogosi e e agilweng ke Basupi ba ga Jehofa. Ditshenyegelo ke tseo di duelelwang ka meneelo ya boithatelo go tswa mo Basuping ka bobone, mme mo mabakeng a le mantsi tiro e dirwa kwantle ga tuediso epe ke badiri ba ba ithaopileng. Matlole a meneelo a nna gone mo dipokanong tsotlhe go dirisiwa ke bao ba eletsang go ntsha moneelo.
Dipokano tsa phuthego di thusa Basupi ba ga Jehofa go latela kgakololo e e go Bahebera 10:24, 25: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.”
• Ke ditsela dife tsa dipokano tsa Bakeresete ba pele tse di ka bonwang mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa?
• Thadisa seo se dirwang mo dipokanong tse tlhano tseo di tshwarwang ka metlha ke Basupi.
• Diholo tsa bokopanelo di ile tsa bonwa jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 14]
Mogolwane a tsamaisa Thuto ya Tora ya Tebelo, mo United States
Mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo, mo Faeroe Islands
Thuto ya setlhopha mo legaeng, mo Yap
Holo ya Bogosi, mo New Braunfels, Texas, U.S.A., e e agilweng mo malatsing a le mabedi ke Basupi ba ga Jehofa
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Diholo tsa Bogosi mo dinageng tse di farologaneng
Japane
Australia
Austria
Spain