LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 10 ts. 108-116
  • A O Rata go Lebana le Boammaaruri mo Botshelong jwa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Rata go Lebana le Boammaaruri mo Botshelong jwa Gago?
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhokafalo ya Kgakololo le Kgalemelo
  • “A Moñwe le Moñwe
  • Modimo o Babalela ba ba Dirisang Boammaaruri
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bua Boammaaruri le Moagelani wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 10 ts. 108-116

Kgaolo 10

A O Rata go Lebana le Boammaaruri mo Botshelong jwa Gago?

1, 2. (a) Boammaaruri bo ka re solegela molemo jang? (b) Wena ka bowena o dumela gore motswedi wa boammaaruri oo go tla tswang kagiso ya sebele le polokesego go ona ke eng?

GO ITSE boammaaruri go ka nna mosola thata. Fa bo dirisiwa ka botlhale, bo ka go sireletsa mo kgobalong kana tatlhegong mme bo tlatseletse mo boitumelong jwa gago le mo polokesegong. Go ntse fela jalo ka mo go kgethegileng malebana le boammaaruri kaga se se kwa pele ga kokomana e.

2 Mo leseding la se se setseng se tlhalositswe mo bukeng e, o ka nna wa dumela gore motho ga a ka ke a tlisa kagiso ya boammaaruri le polokesego. Gongwe o ka lemoga gore se Bibela e se bolelang ke boammaaruri​—⁠gore ke Modimo fela, ka Bogosi jwa gagwe, yo o ka rarabololang mathata a a lebaneng le setho. Fa go ntse jalo a ga go kitla go nna botlhale mo letlhakoreng ja gago go dira tumalanong le se o se itseng jaanong go nna boammaaruri? (Yakobe 1:​22) Seno se kopanyeletsa eng?

3. Diphetogo tse motho o tlamegileng go di dira mo botshelong jwa gagwe di botlhokwa jang fa e le gore o batla go tshela mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo?

3 Bibela e tlhoma ditekanyetso tse di rileng tse di tshwanetseng go fitlhelelwa ke bao Modimo o tla ba amogelang go tsena mo Thulaganyong e Ntšha ya gagwe ya tshiamo. Ditekanyetso tse di tlhoka diphetogo gone jaanong mo botshelong jwa mongwe le mongwe yo o batlang go tshela ka nako eo. Ke boammaaruri, go tswa ntlheng ya pono ya motho, ga go tsewe gore botshelo jwa mongwe le mongwe jwa jaanong ke jo bo bosula. Lefa go le jalo, go fetogela ditekanyetsong tsa Bibela go kopanyeletsa pono e ntšha gotlhelele ya botshelo. Ke sone se Baroma 12:2 e reng: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore le lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”

4. Fa e le gore ruri re ile ‘go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri,’ re tlamegile go tlhomamisa se se molemo le se se bosula mo motheong ofe?

4 Phetogo e e ntseng jalo e tla ama tsela eo re tlhomamisang ka yone se se molemo le se se bosula. Mo nakong e e fetileng re ka ne re ile ra bo re ikaegile ka megopolo ya ba bangwe kana re ile ra itlhomela ditekanyetso tsa rona. Mme jaanong re lemoga gore e ne e le yone pono eno e e ileng ya dira gore Adame le Efa ba gane Modimo jaaka Mmusi wa bone, ka matswela a a kotsi. Fa e le gore re batla kamogelo ya Modimo, re tlamegile go leba go one go bona ditekanyetso tsa boammaaruri tsa se se molemo le se se bosula. Ditekanyetso tseo di fitlhelwa ka bofefo fela mo Lefokong la Modimo, ebong Bibela. Jaaka Pesalema 119:​151 e re: ‘Ditaolo tsotlhe tsa one di boammaaruri.’ Ka jalo, go dumalana le tsone go raya ‘go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri.’ (Pesalema 86:​11) A ruri seo ga se sone seo o batlang go se dira?

Tlhokafalo ya Kgakololo le Kgalemelo

5. (a) Fa e le gore re ile go dira diphetogo mo matshelong a rona, ke boammaaruri bofe kaga rona jo re tlamegileng go rata go lebana le bone? (b) Gantsi ke eng se se thibelang motho go dumela phoso, mme ka diphelelo dife?

5 Fa e le gore motho o ile go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe, o tlamegile go dumela gore seno se a tlhokafala. “Ga go na motho opè eo o sa leohañ,” go bolela Bibela. (1 Dikgosi 8:​46) Lefa go le jalo batho ba bantsi ga ba rate go dumela diphoso. Ka ntlha yang? Boikgodiso bo eme mo tseleng ya bone. Go na le go dumela ka boikokobetso phoso ya bone, gantsi ba pega ba bangwe molato. Mo go feteletsa bothata fela.

6. Re tshwanetse go lebelela motsweding ofe go bona kgalemelo, mme ka ntlha yang?

6 Bothata jo bogolo ka go tshwana ke gore ga re a itekanela mme gantsi ga re lemoge tsela e e tshwanetseng go ka tsewa. Re ka nna ra tsiediwa mo go gopoleng gore tsela e e diphatsa e itshiametse fela. (Diane 16:​25) Jalo re tlhoka kgalemelo go tswa motsweding o o fetang motho e le gore re tle re direle molemong wa rona le molemong wa batho ka rona. Diane 3:​11 e kgetholola Motswedi oo: “Morwaaka, u se ka ua nyatsa koatlhaō ea ga Yehofa.”

7. (a) Kgalemelo go tswa go Jehofa e re fitlhelela jang? (b) Go amogela ga rona le go dirisa kgalemelo e e ntseng jalo go bontshang ka rona?

7 Jehofa o neelana jang ka kgalemelo e? Ka Lefoko la gagwe, Bibela e e Boitshèpō. Jalo fa re bala Bibela, kana re tlhokomedisiwa kgakololo ya yone ke modumedi mmogo, mme re lemoga gore ka mokgwa mongwe ga re fitlhelele ditlhokafalong, re amogela kgalemelo ya Modimo. Ka go amogela kgalemelo eo jaaka e e tshwanetseng re bo re e dirisa, re itshupa gore re lebana le boammaaruri. Re dumela tshwanelo ya Modimo go re neela tsamaiso mme re bontsha gore re mofuta wa batho oo a o batlang mo Thulaganyong e Ntšha ya gagwe. Ee, botshelo jwa rona bo ikaegile ka go tlhokomela kgalemelo ya bomodimo!​—⁠Diane 4:⁠13.

8. (a) Ke eng fa re tla bo re ikgobatsa tota fa e le gore re nna le boitimokanyi jwa go amogela kgalemelo mme ruri re sa fetole ditsela tsa rona? (b) Ke eng fa go gomotsa go itse gore Jehofa o a re bona gongwe le gongwe mo re leng gone?

8 Ruri fa e le gore re ile go ikamogelela molemo kgalemelong ya Modimo, re tlamegile go ikanyega ka borona. Ga go na go re thusa ka sepe fa re ka nna le boitimokanyi fa re lebilwe ke ba bangwe, e le fela go boela ditseleng tsa rona tsa pele fa ba sa re bone. Go itira baitimokanyi go tla fisa fela digakolodi tsa rona. Mme lemororo batho ba ka re leba ka kgatlhego, ga re kake ra tsietsa Mmopi. Diane 15:3 e re bolelela jaana: “Matlhō a ga Yehofa a mo maheloñ aotlhe, a lebeletse ba ba boshula le ba ba molemō.” Go itse go re Jehofa Modimo o lebeletse go tshwanetse go re kganela mo go direng phoso. Ka nako e e tshwanang re ka bona kgomotso mo tlhomamisong ya gore o leba “ba ba molemō” sentle.

“A Moñwe le Moñwe

a Bue Boamarure le Oa ga Gabō”

9. (a) Fa go tla mo go bueng boammaaruri, go amogelwa eng jaaka se se tlwaelegileng mo lefatsheng? Ka ntlha yang? (b) Jalo, fa e le gore motho ga a ketla a “bopèga yaka lehatshe yeno,” go tlhokega phetogo efe?

9 Lemororo ba sa iphake jaaka ba ba ngaparetseng thata mo Bibeleng, batho ba le bantsi gompieno ga ba ikaye go nna ba ba ikanyologileng. Mme ke ba le kae ba ba buang boammaaruri ka tlhomamo? Batho ba le bantsi gantsi ba shuba boammaaruri kana ba bua fela se ba dumelang gore se tla tsweledisa maikaelelo a bone. Lefa se se lebiwa jaaka se se tlwaelegileng mo lefatsheng, seo ga go se dire se se tshwanetseng. Lefatshe la setho le le ikgogonneng mo Modimong “le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” “Eo o boshula” yoo, Satane Diabolo, ke “rra aōna maaka.” Go aka go simologile mo go ene. (1 Yohane 5:​19; Yohane 8:​44) Jalo ga go a tshwanela go gakgamatsa motho fa a fitlhela gore o tlhoka go dira phetogo mo kgannyeng ya boammaaruri fa e le gore ga a kitla a “bopèga yaka lehatshe yeno.”

10. Sediko se se bosula sa boikanyologi se direla jang kgatlhanong le kagiso ya boammaaruri le polokesego?

10 Go na le lebaka le le molemo la go ikanyega. Ga go sepe se se koafatsang kagiso le polokesego go feta tlholego ya go ikanyega ka dinako tsotlhe​—⁠kwa gae, mo tirong kana mo kgwebong, mo boitapolosong, le mo dikamanong tsa leago. Fa batho ba sa boloke lefoko ja bone, fa ba fora kana ba tsietsa, ga go ope yo o boelwang. Ba ba welwang ke boikanyologi gantsi ba a gakala le go galefa. Kwantle ga dikgatelelo tsa boikutlo le tlhaloganyo, boikanyologi bo ka lere kgobalo ya mmele mme le eleng loso. Ka sekai, tiro e e dirwang ka bofafalele, dilo tse di motlhofo, le maiphako a boferefere di ile tsa tlatseletsa mo dikotsing tse di masisi. Motho yo o gopolang gore o a boelwa ka boikanyologi jwa gagwe ka nako e e tshwanang o a latlhegelwa ka boikanyologi jwa ba bangwe. Le ene, gape, o duela ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa dilwana le ditirelo ka go bo ka bobedi bathapiwa le bareki ba a utswa. Ka gone boikanyologi bo dira sediko se se bosula. Jaaka batho ba ba oketsegileng ba amoga ba bangwe, go ntsifala maswabi, bothubaki, dikgobalo, le eleng dintsho.

11. Jehofa o ikutlwa jang kaga boikanyologi le go aka?

11 Mo ponong ya loungo le le ntseng jalo le le bosula, ga go gakgamatse go bo gareng ga dilo tse “Yehofa o di ilañ” e le go aka, tsietso, dibokete tsa selekanyo tsa maaka, le selekanyo sa pego sa maaka. (Diane 6:​16-19; 20:​23) Baaki ba ka metlha ga ba ka ke ba nna le kabelo epe mo masegong ao Modimo o a tsholetseng ba ba mo ratang. (Tshenolō 21:8) A ga re a tshwanela go solofela se mo Modimong wa tshiamo? Fa e le gore Modimo o ne o tla tswelela ka go leseletsa ba ba eletsang go boelwa ka tsietso tatlhegelong ya baagelani ba bone, ke jang leha e le mang a neng a ka ikutlwa a bolokesegile mo Thulaganyong e Ntšha ya Ona?

12, 13. (a) Bibela e reng ka boyone kaga puo ya boammaaruri? (b) Boikanyegi bo na le botlhokwa bofe gore a e ka ne re tla direla Jehofa jaaka basupi ba gagwe?

12 Ka jalo Bibela ga e bue ga motlhofo fa e laela jaana: “A moñwe le moñwe a buè boamarure le oa ga gabō.” (Sekaria 8:​16; Baefesia 4:​25) Mabapi le ditsholofetso kana ditumalano, “Ee” wa rona e tshwanetse go raya Ee, mme “Nnyaa” wa rona, Nnyaa. (Yakobe 5:​12) Fa e le gore re batla go emela “Yehofa, . . . Modimo oa boamarure,” re tlamegile go tlhomama ka ga go bua boammaaruri. (Pesalema 31:5) Fa motho a sa bue boammaaruri, ga a ka ke a bona tlotlo ya Modimo kana ya batho ka ene. Lefa e le go emela Modimo jaaka mongwe wa basupi ba Ona. Mopesalema o rile: “Moikepi, Modimo o mo raea, oa re, Wèna, u dihañ ka go bolèla melaō ea me, ha e bo ne ne hano u tsere kgōlaganō ea me mo molomoñ oa gago? U naea molomo oa gago boshula: le loleme loa gago lo baakanya tsieco.”​—⁠Pesalema 50:​16, 19.

13 Mme bangwe ba ka nna ba ipotsa: A motho o ka nna boammaaruri le boikanyegi mme a nne a falole mo lefatsheng leno? A o ka ‘tswelela’ mo kgwebong kwantle ga go dira se mongwe le mongwe o se dirang?

Modimo o Babalela ba ba Dirisang Boammaaruri

14. Bibela e re thusa jang go lemoga gore go ka kgonega go itshedisa kwantle ga go ikanyologa?

14 Go bolela gore motho ga a ka ke a itshedisa kwantle ga go ikanyologa go tla tshwana le gore Modimo ga o re sepe ka ba ba o ratang. Mme seno se fapaane le boitemogelo jwa batlhanka ba Modimo ka dikete tsa dingwaga. (Bahebera 13:​5, 6) Mopesalema Dafide o ne a tlhokomela jaana: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.” (Pesalema 37:​25) Ga go reye gore batho ba ba siameng ga ba itemogele mathata kana dinako tse di thata. Dafide ka boene o kile a patelesega go tshela ka nakwana jaaka selatlhiwa mo mokgatlhong. Mme o ne a nna le ditlhokafalo tsa botshelo.

15. Jesu o ne a reng kaga kgatlhego ya Modimo mo go boneng ga rona dilo tse di bonalang go tshegetsa botshelo?

15 Kobamelo ya boammaaruri ga e oke batho ka poelo ya dilo tse di bonalang. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go rapela Modimo gore A segofatse maiteko a bone go bona “seyō sa letsatsi.” (Luke 11:​2, 3) Ka go dumalana le tlhokafalo ya bone ya dilo tsa botshelo, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe a re: “Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe.” Mme o ne a ba kgothatsa a re: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:​25-34) A o dumela seo? Fa go le jalo, ga o ka ke wa raelesega go latlha ditekanyetso tsa tshiamo tsa Modimo ka go bo fela batho ba bangwe ba dira jalo. Go na le moo, o tla anaanela botlhale jwa se se kwadilweng go 1 Timotheo 6:​6-8, e e reng: “Me poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ ke papadi e kgolo: Gonne ga rea ka ra tla le sepè mo lehatshiñ, le gōna ga re kake ra cwa le sepè; Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.”

16. Go dirisa ga rona melao-metheo eno ya Dikwalo go ka re dibela jang?

16 Go latela kgakololo e go tlhoka ntlha ya pono e e fapaaneng tota mo go se se tlwaelesegileng mo lefatsheng gompieno. Seno, he, se kopanyeletsa gape go ‘fetolwa ga megopolo ya rona.’ Go thethebadiwa ke ditlhokafalo tsa botshelo go re thiba mo go lelekiseng madi le dilo tse di bonalang jaaka boitlhomo jo bogolo mo botshelong le mo go raelesegeng go tsietsa gore re amoge batho ba bangwe go bona dilo tse. (Diane 28:​20; Mathaio 6:​24; 1 Timotheo 6:​9, 10) Ba ba dirang dikhumo mokgele wa bone ba ka gopola gore di emela polokesego le boitumelo. Mme go na le moo go ntse fela jaaka fa Bibela e re, yo “o ratañ selefera ga a ketla a kgora selefera; le eo o ratañ letlōtlō ga a ketla a kgora loatō.” (Moreri 5:​10) Ba ba nang le mo gontsi ba batla mo go oketsegileng. Gantsi ba ntsha boitekanelo jwa bone setlhabelo le go nna le lelapa la bone go di bona. Go na le go ikutlwa ba bolokesegile, ba tshelela mo poifong ya go latlhegelwa ke se ba nang le sone.

17. (a) Fa motho a tlhoma pelo ya gagwe mo go bapaleng lohumo lwa dilo tse di bonalang, o tlhokomologa boammaaruri bofe? (b) Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore go a dira go dirisa melao metheo ya boikanyegi mo go itshidiseng?

17 Motho yo o lelekisang khumo ga a lebane le bonnete jwa gore jaaka Jesu a boletse, “botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:​15) Se se botoka go gaisa ke go nna le tumelo mo kgonong ya Modimo go baakanyetsa batlhanka ba ona. Mo mafatsheng a a fetang 200 gareng ga dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa, go na le tshupo e e tshelang ya gore Modimo o dira paakanyetso e e ntseng jalo. Tlase ga dibopego tsotlhe tsa mmuso le mo mofuteng o mongwe le o mongwe wa tiro e e letlelesegang, Basupi ba ditso tsotlhe le maitemogelo ba kgona go tswelela go tshela matshelo a a itumetseng, ka ditlhokafalo tsa bone di baakanyediwa. Tumelo ya bone mo kgonong ya Modimo go baakanyetsa, e sita lefa boikanyegi ekete bo ba baya mo bomadimabeng, bo ile jwa duelwa. Ba ile ba gapa tlotlo ya batho ka bone mme gantsi ba ratwa jaaka bathapiwa ka go bo batho ba sa ntse ba batla go dirisana le ba ba ikanyegang. Mme se se botlhokwa-tlhokwa ke gore ba ba thokgameng ba ipelela segakolodi se se phepa ka ntlha ya boikanyegi jwa bone.

18, 19. (a) Ke eng fa batho ba ba fetotse matshelo a bone go dumalana le ditekanyetso tsa Modimo? (b) Ke batho ba mofuta ofe bao Modimo o batlang go ba boloka go tsena mo Thulaganyong e Ntšha ya ona?

18 Pele ga ba nna Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba latetse ditsela tsa lefatshe go ya selekanyong se segolwane kana se se botlana. Mme thuto ya Bibela le go lebana le boammaaruri jwa yone go ba dirile gore ba latlhe ditlwaelo tse di bosula. Jaanong ba tshwere ka natla go bontsha “boikañō yotlhe yo bo molemō; gore ba kgabisè thutō ea Modimo Moreboloki mo diloñ cotlhe.” (Tito 2:​10) Ga go a ba tlhofofalela ka metlha go lebana le boammaaruri le go dira diphetogo mo botshelong jwa bone. Mme lorato lwa boammaaruri lo ba thusitse go dira tumalanong le lone.

19 A o na le lorato lo lo tshwanang lwa boammaaruri? Fa go ntse jalo, o mofuta wa motho o Modimo o o batlang go o boloka o tshela go tsena mo Thulaganyong e Ntšha ya one. Go amogelwa ke Modimo, o tshwanetse “go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:​24) Se se tla go tshwaya jaaka yo o fapaaneng le lefatshe le le go dikileng. Go na le ditsela tse dingwe gape tse o tshwanetseng go fapaana le lefatshe fa e le gore o tla kgatlha Jehofa. Tseno ke dife?

[Setshwantsho mo go tsebe 113]

A motho o ka nna le boammaaruri le boikanyegi mme a nne a siamelwe ke dilo kafa mading mo lefatsheng leno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela