Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?
“Ha monna a shwa a o tla ba a tshela?” monna Jobe o ne a botsa jalo bogologolo tala. (Yobe 14:14) Gongwe, le wena, o ile wa ipotsa kaga seno. O ne o tla ikutlwa jang fa o ne o itse gore go boela o kopana gape le batho ba o ba ratang go ne go ka kgonagala gone mono mo lefatsheng kafa tlase ga maemo a a botoka go gaisa?
Bibela e solofetsa jaana: “Bashwi ba gago ba tla tshela: . . . [ba] tla coga.” Mme Bibela gape ya re: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.”—Isaia 26:19; Pesalema 37:29.
Gore re nne le tsholofelo ya mmatota mo ditsholofetsong tse di ntseng jalo, re tshwanela go araba dipotso dingwe tsa konokono: Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Baswi ba kae? Re ka tlhomamisega jang gore ba tla boa ba tshela gape?
Loso, le Seo se Diragalang fa Re Swa
Bibela e bolela ka phephafalo gore Modimo o ne a sa ikaelela gore batho ba swe kwa tshimologong. O ne a bopa batho ba ntlha ba babedi ebong Adame le Efa, a ba baya mo paradaiseng ya lefatshe eo e neng e bidiwa Edene, mme a ba laela gore ba nne le bana le gore ba atolose legae la bone la Paradaise lefatshe ka bophara. Ba ne ba tla swa fela fa ba ne ba roba ditaelo tsa gagwe.—Genesise 1:28; 2:15-17.
Ka ntlha ya go tlhaela kanaanelo mo bopelonoming jwa Modimo Adame le Efa ba ne ba tlhoka kutlo mme ba ne ba dirwa gore ba bone kotlhao eno e e neng e boletswe. “U [tla] boèla mo mbuñ,” Modimo o ne a bolelela Adame jalo, “gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:19) Pele ga Adame a bopiwa o ne a seo; e ne e le lorole. Mme ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe, kana boleo, Adame o ne a atlholelwa gore a boele loroleng, mo boemong jwa go sa nne gone.
Ka gone loso ke go sa nne gone ga botshelo. Bibela e bontsha pharologanyo: “Maduō a boleo ke losho; me nèō ea mphō hèla ea Modimo ke botshelo yo bo sa khutleñ.” (Baroma 6:23) Fa Bibela e bontsha gore loso ke boemo jwa go sa ikutlwe gotlhelele, e bolela jaana: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) Fa motho a swa, Bibela e tlhalosa gore: “Mōea [spirit] oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwè; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō a gagwè a nyèlèle.”—Pesalema 146:3, 4.
Lefa go ntse jalo, ereka e le Adame le Efa fela ba ba ileng ba seka ba utlwa taelo eo ya kwa Edene, ke ka ntlha yang fa rotlhe re swa? Ke ka gonne rotlhe re tsetswe morago ga Adame a sena go tlhoka kutlo, mme ka gone re ruile boleo le go tlhoka kutlo rotlhe mo go ene. Jaaka Bibela e tlhalosa e re: “Boleo bo tsenye mo lehatsheñ ka [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12; Yobe 14:4.
Lefa go ntse jalo mongwe o ka nna a botsa a re: ‘A batho ga ba na moya o o sa sweng o o tswelang pele o ntse o tshela fa a sena go swa?’ Ba le bantsi ba ile ba ruta seno, ebile ba bolela gore loso ke kgoro ya go tsena mo botshelong jo bongwe. Mme kgopolo e e ntseng jalo ga e tswe mo Bibeleng. Go na le moo Lefoko la Modimo le ruta gore o moya, gore tota moya wa gago ke wena, ka dinonofo tsotlhe tsa gago tsa mmele le tsa tlhaloganyo. (Genesise 2:7; Yeremia 2:34; Diane 2:10) Gape, Bibele ya re: “Mōea [soul] o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Ga go na gope moo Bibela e rutang gore motho o na le moya o o sa sweng o o tswelang pele o ntse o tshela fa mmele o sena go swa gone.
Ka Moo Batho Ba Ka Tshelang Gape ka Gone
Morago ga fa boleo le loso di sena go tsena mo lefatsheng, Modimo o ne a senola gore e ne e le boikaelelo jwa gagwe gore baswi ba busediwe mo botshelong ka tsogo. Ka gone Bibela e tlhalosa jaana: “Aberahame, . . . a kaea, go re, Modimo o nonohile go mo [morwae Isake] cosa, leha e le mo bashwiñ.” (Bahebera 11:17-19) Tsholofelo ya ga Aberahame e ne e se phoso, ka gonne Bibela e bolela jaana ka Mothatayotlhe: “Ga se Modimo oa bashwi, ha e se oa batshedi hèla; gonne botlhe ba tshelèla ōna.”—Luke 20:37, 38.
Ee, Modimo Mothatayotlhe ga se gore o na le maatla fela mme gape o na le keletso ya go tsosa batho ba a ba tlhophang. Jesu Keresete ka boene o ne a bolela jaana: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, me ba tla cwa.”—Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15.
Nako e khutshwane Jesu a sena go bua jalo, o ne a kopana le mokoloko wa phitlho o tswa mo motseng wa Naine wa Iseraele. Lekawana le le neng le sule e ne e le lone ngwana fela wa motlholagadi mongwe. Fa Jesu a ne a bona ka moo a utlwileng botlhoko thata ka teng, o ne a tlhotlhelediwa ke kutlobotlhoko. Jalo, fa a ne a bua le setopo o ne a laela jaana: “Lekau, kea gu raea, Coga”! Mme monna yoo a rapamologa, mme Jesu a mo neela mmaagwe.—Luke 7:11-17.
Jaaka mo kgannyeng ya motlholagadi yoo, gape go ne ga nna le boitumelo jo bogolo fa Jesu a ne a etela legae la ga Jairo, molebedi yo o okamelang wa kgotla-kgolo ya Bajuta. Morwadie yo o nang le dingwaga di le 12 o ne a sule. Mme fa Jesu a ne a fitlha kwa legaeng la ga Jairo, o ne a fetela kwa ngwaneng yo o suleng mme a bo a re: “Mosetsana, coga”! Mme a dira jalo!—Luke 8:40-56.
Moragonyana ga moo, tsala ya ga Jesu ebong Lasaro o ne a swa. Fa Jesu a ne a fitlha kwa legaeng la gagwe, Lasaro o ne a setse a na le malatsi a le mane a sule. Lemororo kgaitsadie ebong Maratha a ne a utlwile botlhoko thata, o ne a bontsha gore o na le tsholofelo, ka go bolela jaana: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” Mme Jesu a ya kwa phupung, a laela gore go tlosiwe letlapa, a bo a bitsa a re: “Lasaro, cwa”! Mme a tswa!—Yohane 11:11-44.
Jaanong a o ke o akanye ka seno: Lasaro o ne a le mo boemong bofe mo malatsing ao a mane a o neng a sule ka one? Lasaro gaa ka a bolela sepe kaga gore o ne a le kwa legodimong la boitumelo kana kwa diheleng tsa tlhokofatso, seo kwantle ga pelaelo a ka bong a se dirile fa a ne a ile koo. Nnya, Lasaro o ne a sa ikutlwe gotlhelele mo losong mme o ka bo a ile a nna a ntse jalo go fitlhela “mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō” fa Jesu a ne a sa mmusetsa mo botshelong ka nako eo.
Ke boammaaruri gore dikgakgamatso tseno tsa ga Jesu e ne e le tsa molemo wa nakwana fela, ereka bao a ba tsositseng ba ne ba boela ba swa gape. Lefa go ntse jalo, o ne a neela bosupi mo dingwageng di le 1 900 tse di fetileng gore, ka maatla a Modimo, baswi eleruri ba ka tshela gape! Jalo ka dikgakgamatso tsa gagwe Jesu o ne a bontsha ka selekano se se botlana gore ke eng seo se tla diragalang mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.
Fa Motho Mongwe Yo Re mo Ratang a Swa
Fa mmaba eleng loso a tlhasela, o ka nna wa utlwa botlhoko thata, lemororo o ka ne o na le tsholofelo ya tsogo. Aberahame o ne a na le tumelo ya gore mosadi wa gagwe o tla tshela gape, lefa go ntse jalo re bala gore “Aberahame a tla go hutsahalèla Sara, le go mo lelèla.” (Genesise 23:2) Mme go tweng ka Jesu? Fa Lasaro a ne a swa, o ne a “hohoma mo moeeñ, a huduèga,” mme ka bonako morago ga moo o ne “a lela.” (Yohane 11:33, 35) Jalo, fa mongwe yo o mo ratang a swa, go lela ga go bontshe bokowa.
Fa ngwana a swa, go nna thata segolo-bogolo mo go mmaagwe. Ka gone Bibela e bolela ka kutlobotlhoko e e galakang eo mmè a ka nnang le yone. (2 Dikgosi 4:27) Tota gone, go nna thata le mo monneng yo o swetsweng. “A bo ke ka bo ke gu shwetse,” Kgosi Dafide o ne a bolela jalo ka kutlobotlhoko fa morwae ebong Abesalome a ne a swa.—2 Samuele 18:33.
Lefa go ntse jalo, ereka o na le tsholofelo mo tsogong, kutlobotlhoko ya gago ga e kitla e nna e e sa kgaotseng. Jaaka Bibela e bolela, “lo se hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” (1 Bathesalonia 4:13) Go na le moo, o tla atamela gaufi le Modimo ka thapelo, mme Bibela e solofetsa gore “o tla gu kokotletsa.”—Pesalema 55:22.
Kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe ditsopolo, tsotlhe tsa Bibela di tswa go Bibela e e Boitshèpō.