Kgaolo 6
Go Rarabolola Masaitseweng a a Boitshepo
1. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka ponatshegelo e e kgatlhang e e kwadilweng mo go Tshenolo 1:10-17?
PONATSHEGELO ya ga Jesu yo o goleditsweng ruri ke e e boitshegang! Kwantle ga pelaelo, fa re ne re le babogedi koo le moaposetoloi Johane, le rona re ka bo re ne ra jeswa kgakge ke kgalalelo e kgolo eo, ra wela fa fatshe ka mangole jaaka a ne a dira. (Tshenolo 1:10-17) Ponatshegelo e ntle eno e e tlhotlheleditsweng e ne e boloketswe gore e re tlhotlheletse go tsaya kgato gompieno. Jaaka Johane, re tshwanetse go anaanela ka boikokobetso sotlhe se se kaiwang ke ponatshegelo eno. E kete ka metlha re ka tlotla Jesu fela thata ka ntlha ya boemo jwa gagwe jaaka Kgosi e e tlhomilweng mo setilong sa bogosi, Moperesiti yo Mogolo, le Moatlhodi.—Bafilipi 2:5-11.
“Wa Ntlha le wa Bofelo”
2. (a) Jesu o ipitsa ka sereto sefe? (b) Jehofa o raya eng fa a re: “Ke nna wa Ntlha le wa Bofelo”? (c) Sereto sa ga Jesu sa “wa Ntlha le wa Bofelo” se dira gore re akanye ka eng?
2 Le fa go le jalo, tshisimogo ya rona ga e a tshwanela go re boifisa mo go feteletseng. Jesu o ne a tlhomamisetsa Johane, jaaka moaposetoloi yoo a tswelela ka go anela. “Mme a mpaya seatla sa gagwe sa moja a re: ‘O se ka wa boifa. Ke nna wa Ntlha le wa Bofelo, le yo o tshelang.’” (Tshenolo 1:17b) Mo go Isaia 44:6, Jehofa ka tshwanelo o tlhalosa boemo jwa gagwe ka namana jaaka Modimo mothatayotlhe yo o leng ene fela, ka go re: “Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo, mme kwantle ga me ga go na Modimo ope.”a Fa Jesu a ne a ipitsa “wa Ntlha le wa Bofelo,” ga se gore o iphaka go lekana le Jehofa, Mmopi yo Mogolo. O dirisa sereto se ka tshwanelo a se neilweng ke Modimo. Mo go Isaia, Jehofa o ne a bua ka boemo jwa Gagwe jo bo sa tshwaneng le bope jaaka Modimo wa boammaaruri. Ke Modimo wa bosafeleng, mme kwantle ga gagwe tota ga go na Modimo ope. (1 Timotheo 1:17) Mo go Tshenolo, Jesu o bua ka sereto se a se neilweng, a dira gore re akanye ka tsogo ya gagwe e e sa tshwaneng le epe.
3. (a) Jesu o ne a le “wa Ntlha le wa Bofelo” ka tsela efe? (b) Go tshola ga ga Jesu “dilotlolo tsa loso le tsa Hadese” go kaya eng?
3 Tota Jesu e ne e le motho “wa ntlha” go tsosediwa botshelong jwa semoya jwa bosasweng. (Bakolosa 1:18) Mo godimo ga moo, ke “wa bofelo” go tsosiwa ke Jehofa ka sebele. Ka gone, o nna ‘yo o tshelang, o tshela ka bosaengkae le go ya go ile.’ O ipelela bosasweng. Ka tsela eno, o tshwana le Rraagwe yo o sa sweng, yo o bidiwang “Modimo yo o tshelang.” (Tshenolo 7:2; Pesalema 42:2) Jesu ka boene ke ene “tsogo le botshelo” mo bathong botlhe ba bangwe. (Johane 11:25) Tumalanong le seno, o raya Johane a re: “Ke ne ka swa, mme, bona! ke tshela ka bosaengkae le go ya go ile, mme ke na le dilotlolo tsa loso le tsa Hadese.” (Tshenolo 1:18) Jehofa o mo neetse taolo ya go tsosa baswi. Ke gone ka moo Jesu a ka reng o na le dilotlolo tsa go bulela ba ba golegilweng ke loso le Hadese (lebitla) dikgoro.—Bapisa Mathaio 16:18.
4. Jesu o boeletsa taelo efe, mme ke bomang ba ba solegelwang molemo?
4 Mono Jesu o boeletsa taelo ya gagwe ya gore go kwalwe ponatshegelo, ka go raya Johane a re: “Kwala dilo tse o di boneng, le dilo tse di leng gone le dilo tse di tla diragalang morago ga tseno.” (Tshenolo 1:19) Johane o ne a sa ntse a tla re itsise dilo dife tse di kgatlhang go re laya?
Dinaledi Tse Supa le Ditlhomo
5. Jesu o tlhalosa jang “dinaledi tse supa” le “ditlhomo tsa lobone tse supa”?
5 Johane o ne a bone Jesu a le fa gare ga ditlhomo tse supa tsa lobone tsa gouta a tshotse dinaledi tse supa ka seatla se segolo. (Tshenolo 1:12, 13, 16) Jaanong Jesu o tlhalosa seno jaana: “Ka sephiri se se boitshepo sa dinaledi tse supa tse o di boneng mo seatleng sa me sa moja, le sa ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa: Dinaledi tse supa di kaya baengele ba diphuthego tse supa, mme ditlhomo tsa lobone tse supa di kaya diphuthego tse supa.”—Tshenolo 1:20.
6. Ke eng se se tshwantshediwang ke dinaledi tse supa, mme ke ka ntlha yang fa melaetsa eno e ne e lebisitswe kwa go tsone ka mo go kgethegileng?
6 “Dinaledi” ke “baengele ba diphuthego tse supa.” Mo go Tshenolo, fa gongwe dinaledi di tshwantshetsa baengele ba mmatota, mme le ka motlha Jesu o ne a se kitla a dirisa mokwaledi wa motho go kwalela dibopiwa tse di sa bonaleng tsa semoya. Jalo “dinaledi” e tshwanetse ya bo e le balebedi ba batho, kana bagolwane, mo diphuthegong, bao ba tsewang jaaka barongwa ba ga Jesu.b Melaetsa eno e kwalelwa dinaledi, ka gonne bano ba ikarabelela mo go diseng letsomane la ga Jehofa.—Ditiro 20:28.
7. (a) Ke eng se se bontshang gore go bua ga ga Jesu le moengele a le mongwe fela mo phuthegong nngwe le nngwe ga go reye gore phuthego nngwe le nngwe e na le mogolwane a le mongwe fela? (b) Ke bomang ba tota ba tshwantshediwang ke dinaledi tse supa tse Jesu a di tshotseng ka seatla se segolo?
7 E re ka Jesu a bua le “moengele” a le mongwe fela mo phuthegong nngwe le nngwe, a seno se raya gore phuthego nngwe le nngwe e na le mogolwane a le mongwe fela? Nnyaa. Go simologa fela mo motlheng wa ga Paulo, phuthego ya Baefeso e ne e na le bagolwane ba le mmalwa, eseng a le mongwe fela. (Tshenolo 2:1; Ditiro 20:17) Jalo mo motlheng wa ga Johane, fa melaetsa e e neng e tshwanetse go balelwa diphuthego e ne e romelelwa dinaledi tse supa (go akareletsa le ya Efeso), dinaledi di tshwanetse tsa bo di ne di emela botlhe ba ba neng ba le mo ditlhopheng tsa bagolwane mo phuthegong ya ga Jehofa ya batlodiwa. Ka tsela e e tshwanang, balebedi gompieno ba balela diphuthego tsa bone makwalo a a tswang kwa Setlhopheng se se Laolang, se se dirilweng ka balebedi ba ba tloditsweng ba ba direlang kafa tlase ga botlhogo jwa ga Jesu. Ditlhopha tsa bagolwane tsa mafelo a a farologaneng ba tshwanetse go tlhomamisa gore diphuthego tsa bone di latela kgakololo ya ga Jesu. Legale, kgakololo eo e solegela molemo botlhe ba ba kopanelang mo diphuthegong tseno, eseng bagolwane fela.—Bona Tshenolo 2:11a.
8. Go tsholwa ga bagolwane ka seatla se segolo ke Jesu go bontsha eng?
8 Ereka Jesu e le Tlhogo ya phuthego, ka tshwanelo bagolwane ba bolelwa ba le mo seatleng sa gagwe se segolo, ke gore, ba laolwa le go kaelwa ke ene. (Bakolosa 1:18) Ke Modisa yo Mogolo, mme bone ke badisa ba babotlana.—1 Petere 5:2-4.
9. (a) Ditlhomo tse supa tsa dipone di emela eng, mme ke ka ntlhayang fa ditlhomo tsa dipone e le setshwantsho se se di tshwanelang? (b) Ponatshegelo eo e tshwanetse ya bo e ne ya gakolola moaposetoloi Johane eng?
9 Ditlhomo tse supa tsa dipone ke diphuthego tse supa tseo Johane a di kwalelang buka ya Tshenolo: tsa Efeso, Semerena, Peregamo, Thiatira, Saredisa, Filadelefia, le Laodikia. Ke ka ntlha yang fa diphuthego di tshwantshiwa le ditlhomo tsa dipone? Ka gonne Bakeresete, e ka ne e le motho ka bongwe kana ka setlhopha jaaka diphuthego, ba tshwanetse go dira gore ‘lesedi la bone le phatsime fa pele ga batho,’ mo lefatsheng leno le le lefifi. (Mathaio 5:14-16) Mo godimo ga moo, ditlhomo tsa dipone e ne e le mengwe ya mekgabisa ya tempele ya ga Solomone. Go bitsa diphuthego ditlhomo tsa dipone go ne go ka nna ga gakolola Johane gore ka tsela ya tshwantshetso, phuthego nngwe le nngwe ya lefelo le le farologaneng ya batlodiwa e ne e le “tempele ya Modimo,” bonno jwa moya wa Modimo. (1 Bakorintha 3:16) Gape, mo setshwaning sa thulaganyo ya tempele ya Sejuda, maloko a phuthego ya batlodiwa ba direla jaaka “boperesiti jwa segosi” mo thulaganyong ya tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa, eo Jesu e leng Moperesiti yo Mogolo wa yone le koo Jehofa ka boene a nnang teng mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa selegodimo.—1 Petere 2:4, 5, 9; Bahebera 3:1; 6:20; 9:9-14, 24.
Botlhanogi jo Bogolo
10. Tsamaiso ya Bajuda le batshegetsi ba yone ba ba sa ikwatlhaeng e ne ya diragalelwa ke eng ka 70 C.E.?
10 Fa Johane a ne a kwala Tshenolo, Bokeresete bo ne bo na le dingwaga tse di fetang 60 bo ntse bo le teng. Bo sa ntse bo simologa fela, bo ne bo raletse pogiso e e sa feleng ya Bajuda ya dingwaga tse 40. Morago ga moo tsamaiso ya Sejuda ya welwa ke titeo e e botlhoko ka 70 C.E. fa Bajuda bao ba ba sa ikwatlhaeng ba ne ba latlhegelwa ke go tlhomologa ga bone jaaka setšhaba ba ba ba latlhegelwa ke seo mo go bone se neng se tshwana le modimo wa disetwa—tempele e e mo Jerusalema.
11. Ke ka ntlha yang fa go ne go le mo nakong sentle gore Modisa yo Mogolo a tlhagise diphuthego ka ditshekamelo tse di neng di simologa?
11 Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a boleletse pele gore go ne go tla nna le botlhanogi gareng ga Bakeresete ba ba tloditsweng, mme melaetsa ya ga Jesu e bontsha gore botlhanogi jono bo ne bo setse bo simologa ka nako ya botsofe jwa ga Johane. Johane e ne e le wa bofelo wa ba ba neng ba ntse jaaka se se dirang jaaka thibelo mo boitekong jono jo bogolo jwa ga Satane jwa go senya losika lwa mosadi. (2 Bathesalonika 2:3-12; 2 Petere 2:1-3; 2 Johane 7-11) Jalo e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore Modisa yo Mogolo wa ga Jehofa a kwalele bagolwane mo diphuthegong, go ba tlhagisa ka mekgwa e e neng e simologa le go kgothaletsa batho ba dipelo tse di siameng go emela tshiamo ka nitamo.
12. (a) Botlhanogi bo ne jwa simologa jang mo makgolong a dingwaga morago ga motlha wa ga Johane? (b) Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa nna gone jang?
12 Gore diphuthego di ne tsa arabela melaetsa ya ga Jesu ka 96 C.E. jang ga re itse. Mme re itse sentle gore botlhanogi bo ne jwa ntsifala ka bonako morago ga loso lwa ga Johane. “Bakeresete” ba ne ba tlogela go dirisa leina la ga Jehofa mme ba le emisetsa ka “Morena” kana “Modimo” mo dikwalong tsa Baebele. Mo lekgolong la bonè la dingwaga, thuto ya maaka ya Tharonngwe e ne e setse e kukunetse mo diphuthegong. Mo nakong yone eno, go ne ga amogelwa mogopolo wa moya o o sa sweng. Kgabagare, Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine o ne a amogela bodumedi jwa “Bokeresete” mo pusong, mme seno se ne sa dira gore go nne le se se bidiwang ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, mo Kereke le Puso di neng tsa tshwaraganela go busa mo dingwageng tse di sekete. Go ne go le motlhofo go nna “Mokeresete” wa mofuta o mosha. Meratshwana mengwe ka kakaretso ya yone e ne ya latlha ditumelo tsa bone tsa ntlha tsa boheitane go inaakanya le ditumelo tsa bodumedi jono. Bontsi jwa baeteledipele ba ditumelo tseno tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba nna badipa ba ba gatelelang ba sepolotiki, ba pateletsa dipono tsa bone tsa botlhanogi ka tšhaka.
13. Go sa kgathalesege tlhagiso ya ga Jesu kaga go itira makoko, Bakeresete ba batlhanogi ba ne ba tsaya tsela efe?
13 Mafoko a ga Jesu mo diphuthegong tse supa a ne a tlhokomologiwa gotlhelele ke Bakeresete ba batlhanogi. Jesu o ne a tlhagisitse Baefeso go boela loratong lo ba neng ba na nalo pele. (Tshenolo 2:4) Le fa go le jalo, maloko a ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, ka go bo ba ne ba sa tlhole ba rata Jehofa ba le seoposengwe, ba ne ba lwa dintwa tse di setlhogo ba ba ba bogisa ba bangwe mo go maswe. (1 Johane 4:20) Jesu o ne a tlhagisitse phuthego ya kwa Peregamo kgatlhanong le go itira makoko. Le fa go le jalo, go ne ga nna le makoko le eleng mo lekgolong la bobedi la dingwaga, mme gompieno ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di na le diketekete tsa makoko le dikereke tse di sa utlwaneng.—Tshenolo 2:15.
14. (a) Le mororo Jesu a ne a tlhagisitse kgatlhanong le go swa semoyeng, ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba tsaya tsela efe? (b) Ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba retelelwa ke go utlwa tlhagiso ya ga Jesu kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa le boitsholo jo bo sa siamang ka ditsela dife?
14 Jesu o ne a tlhagisitse phuthego ya Saredisa mo go sweng semoyeng. (Tshenolo 3:1) Fela jaaka ba ba kwa Saredisa, ba ba neng ba ipolela ba le Bakeresete ba ne ba lebala go dira ditiro tsa Bokeresete ka bonako mme go ise go e kae ba neela tiro e e botlhokwatlhokwa ya go rera gore e dirwe fela ke setlhopha se sebotlana, se se duelwang sa baruti. Jesu o ne a tlhagisitse phuthego ya kwa Thiatira kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa le kgokafalo. (Tshenolo 2:20) Le fa go le jalo, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa dumelela tiriso ya ditshwantsho phatlalatsa, mmogo le go rotloetsa kobamelo ya medimo ya disetwa e e fitlhegileng ya botšhaba le go rata dilo tse di bonalang. Mme boitsholo jo bo sa siamang, le mororo fa gongwe go rerwa kgatlhanong le jone, ka metlha yotlhe bo nnile jwa letlelelwa ke ba le bantsi.
15. Mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela diphuthego tse supa a senola eng malebana le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete, mme baruti ba dikereke tseno ba itshupile ba le eng?
15 Ka gone, mafoko a Jesu a neng a a bua le diphuthego tse supa a ne a senola gore dikereke tsotlhe tse di ipitsang tsa Bokeresete di paletswe fela thata go nna batho ba ba kgethegileng ba ga Jehofa. Tota, baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba nna maloko a konokono a losika lwa ga Satane. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka bano jaaka “yo o se nang molao,” o ne a bolelela pele gore “go nna gone ga [bano] go kafa go direng ga ga Satane ka tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le ka tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang.”—2 Bathesalonika 2:8-10.
16. (a) Baeteledipele ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tlhoa bomang segolo? (b) Go ne ga diragala eng mo go ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete mo Dingwageng tsa Bogare? (c) A botsuolodi jwa Baporotesetanta, kana Diphetogo, di ne tsa fetola ditsela tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete tsa botlhanogi?
16 Lefa ba ne ba iphaka gore ke badisa ba letsomane la Modimo, baeteledipele ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, ba dikereke le ba mebuso, ba ne ba tlhoa fela thata mongwe le mongwe yo o neng a leka go kgothaletsa go balwa ga Baebele kana ope fela yo o neng a senola ditlwaelo tsa bone tse eseng tsa kafa dikwalong. John Hus le moranodi wa Baebele e bong William Tyndale ba ne ba bogisiwa ba bo ba bolaelwa tumelo ya bone. Mo nakong ya Dingwaga tsa Bogare tsa lefifi, puso ya botlhanogi e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone ka Basekisi ba ba bosula ba Bakatoliki. Bape fela ba ba neng ba ganetsa dithuto kana bolaodi jwa kereke ba ne ba tswalwa molomo ka bosetlhogo, diketekete tse di se nang palo tsa ba go neng go twe ke bakgelogi ba ne ba tlhokofadiwa go fitlhelela ba swa kana ba fisediwa mo koteng. Ka gone Satane o ne a dira maano a go tlhomamisa gore losika lope fela lwa boammaaruri lwa phuthego ya Modimo ya sekamosadi lo senngwe ka bonako. Fa botsuolodi jwa Baporotesetanta, kana Diphetogo, bo ne bo simologa (go tswa ka 1517 go ya pele), bontsi jwa dikereke tsa Porotesetanta di ne tsa bontsha moya o o tshwanang wa bopeloethata. Le tsone di ne tsa nna le molato wa madi ka go bolaya ba ba neng ba leka go ikanyega mo Modimong le mo go Keresete ba ba bolaela tumelo ya bone. Ka boammaaruri, “madi a baitshepi” a ne a tshololwa motlhofo fela!—Tshenolo 16:6; bapisa Mathaio 23:33-36.
Losika lo Nna lo Tlhomame
17. (a) Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mofoka se ne se bolelela pele eng? (b) Ke eng se se neng sa diragala ka 1918, se felela ka go latlhwa ga eng le go tlhongwa ga eng?
17 Mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mofoka, Jesu o ne a bolelela pele nako ya lefifi e e neng e tla nna teng fa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di busa. Le fa go le jalo, mo makgolokgolong otlhe a dingwaga a botlhanogi, go ne go tla nna le batho ba Bakeresete ba sekakorong, batlodiwa ba boammaaruri. (Mathaio 13:24-29, 36-43) Ka gone, fa letsatsi la Morena le ne le simologa ka October 1914, go ne go sa ntse go na le Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng. (Tshenolo 1:10) Go bonala fa mo dingwageng tse di ka nnang boraro le sephatlo moragonyana, ka 1918, Jehofa a ne a tla mo tempeleng ya gagwe ya semoya go tla go atlhola, a tla a patilwe ke Jesu jaaka “morongwa [wa gagwe] wa kgolagano.” (Malaki 3:1; Mathaio 13:47-50) E ne e le nako ya gore Morena a latlhe gotlhelele Bakeresete ba maaka le go tlhoma setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go nna molaodi wa dilo tsotlhe tse o nang natso.—Mathaio 7:22, 23; 24:45-47.
18. Ke ‘nako’ efe e e ileng ya tla ka 1914, mme e ne e le nako ya gore motlhanka a dire eng?
18 Gape e ne e le nako ya gore motlhanka yono a tlhokomele thata dilo tse di kwadilweng mo melaetseng e Jesu a neng a e kwalela diphuthego tse supa, jaaka re bona se se boletsweng mo go yone. Ka sekai, Jesu o bua ka go tla go atlhola diphuthego ga gagwe, e leng katlholo e e simologileng ka 1918. (Tshenolo 2:5, 16, 22, 23; 3:3) O bua ka go dibela phuthego ya Filadelefia mo “nakong ya teko, e e tla tlelang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 3:10, 11) ‘Nako eno ya teko’ e goroga fela fa letsatsi la Morena le simologa ka 1914, le Bakeresete ba neng ba lekwa morago ga lone malebana le go ikanyega ga bone mo Bogosing jo bo tlhomilweng jwa Modimo.—Bapisa Mathaio 24:3, 9-13.
19. (a) Diphuthego tse supa di tshwantshetsa eng gompieno? (b) Ke bomang ba ba kopanetseng ka bontsintsi le Bakeresete ba ba tloditsweng, mme ke ka ntlha yang fa kgakololo ya ga Jesu le maemo a a a tlhalosang e dira le mo go bone? (c) Re tshwanetse go leba jang melaetsa ya ga Jesu e a neng a e romelela diphuthego tse supa tsa lekgolo la ntlha la dingwaga?
19 Ka ntlha ya seno, tiragatso e kgolo ya mafoko a Jesu a a buang le diphuthego, e nnile fa e sale ka 1914. Ka tsela eno, diphuthego tse supa di tshwantshetsa diphuthego tsotlhe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng tsa letsatsi la Morena. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse 50 tse di fetileng kana go feta moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tshwantshediwang ke Johane ba ile ba patiwa ke bontsintsi jwa badumedi ba bangwe ba tsholofelo ya bone e leng go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng. Kgakololo ya ga Jesu Keresete yo o galaleditsweng le maemo a a a bonyeng mo diphuthegong tse supa ka ntlha ya tlhatlhobo ya gagwe e dira ka tsela e e tshwanang mo go tseno, e re ka go na le ditekanyetso di le dingwe fela tsa tshiamo le boikanyegi mo batlhankeng botlhe ba ga Jehofa. (Ekesodo 12:49; Bakolosa 3:11) Ka gone, melaetsa ya ga Jesu e e yang kwa diphuthegong tse supa tsa lekgolo la ntlha la dingwaga mo Asia Minor ga se ditiragalo tse di kgatlhisang fela tsa hisitori. Di ama mongwe le mongwe wa rona fela thata. Ka gone, a re reetseng mafoko a ga Jesu ka kelotlhoko.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo Sehebereng sa ntlha mo go Isaia 44:6, ga go na lebopitlhopho le le patileng mafoko “wa ntlha” le “wa bofelo,” fa mo go itlhaloseng ga ga Jesu mo Segerikeng sa ntlha mo go Tshenolo 1:17, lebopitlhopho le le teng. Jalo, ka mokgwa wa thutapuo, Tshenolo 1:17 e supa sereto, fa Isaia 44:6 yone e tlhalosa Bomodimo jwa ga Jehofa.
b Lefoko la Segerika agʹge·los (le le bidiwang ka go re “anʹge·los”) le raya “morongwa” gape le raya “moengele.” Mo go Malaki 2:7, go buiwa ka moperesiti wa Molefi jaaka “morongwa” (Sehebera, mal·’akhʹ).—Bona mokwalo o o kwa tlase wa Baebele ya New World Translation Reference Bible.
[Lebokoso mo go tsebe 32]
Nako ya go Leka le go Atlhola
Jesu o ne a kolobediwa a ba a tlodiwa jaaka Kgosi e e Tlhophilweng kwa Nokeng ya Joredane mo e ka nnang ka October 29 C.E. Dingwaga tse tharo le sephatlo moragonyana ga moo, ka 33 C.E., o ne a tla mo tempeleng ya Jerusalema, mme a leleka ba ba neng ba e ntshitse logaga lwa dinokwane. Go lebega go na le sengwe se se tshwanang le seno mo nakong ya dingwaga tse tharo le sephatlo go simologa ka go nna ga ga Jesu mo setulong sa bogosi kwa magodimong ka October 1914 go fitlhela a tla go tlhatlhoba batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete fa katlholo e ne e simologa mo ntlung ya Modimo. (Mathaio 21:12, 13; 1 Petere 4:17) Tshimologong ya 1918 tiro ya Bogosi ya batho ba ga Jehofa e ne ya ganediwa thatathata. E ne e le nako ya teko lefatshe ka bophara, mme ba ba magatlapa ba ne ba feferelwa kwantle. Ka May 1918 baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba tlhotlheletsa go tshwarwa ga batshwaramarapo ba Mokgatlho wa Watch Tower, mme dingwaga di le robongwe moragonyana ga moo bano ba ne ba gololwa. Moragonyana ditatofatso tsa maaka tse ba neng ba latofadiwa ka tsone di ne tsa tshololwa. Go simolola ka 1919 phuthego ya batho ba Modimo, e e neng e lekilwe e bile e phepafaditswe, e ne ya tswelela pele ka botlhaga go bolela fa Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete Jesu e le tsholofelo ya setho.—Malaki 3:1-3.
Fa Jesu a ne a simolola tlhatlhobo ya gagwe ka 1918, baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete kwantle ga pelaelo ba ne ba atlholwa mo go botlhoko. Ba ne ba sa tsosetsa batho ba Modimo pogiso fela mme gape ba ne ba nnile le molato o mogolo wa tshololo ya madi ka go ema nokeng ditšhaba tse di neng di lwa mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. (Tshenolo 18:21, 24) Baruti bao he ba ne ba baya tsholofelo ya bone mo lekgotleng la Kgolaganong ya Ditšhaba le le itiretsweng ke batho. Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, mmogo le mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, di ne tsa se ka tsa tlhola di amogelwa ke Modimo gotlhelele go simologa ka 1919.
[Mmapa mo go tsebe 28, 29]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
EFESO
SEMERENA
PEREGAMO
THIATIRA
SAREDISA
FILADELEFIA
LAODIKIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di nnile le molato o mogolo wa tshololo ya madi ka go bogisa le go bolaya ba ba neng ba ranola, ba bala, kana le eleng go nna le Baebele