LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 29 ts. 198-205
  • Go Opelwa Pina e Ntšha ya Phenyo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Opelwa Pina e Ntšha ya Phenyo
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Opela e Kete Pina e Ntšha
  • Balatedi ba ga Kwana
  • Go Bolela Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng
  • Ke Bomang ba ba Yang Kwa Legodimong?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tshenolo e a Reng ka Bokamoso Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 29 ts. 198-205

Kgaolo 29

Go Opelwa Pina e Ntšha ya Phenyo

Ponatshegelo 9—Tshenolo 14:1-20

Setlhogo: Ba ba 144 000 ba na le Kwana mo Thabeng ya Siona; mantswe a baengele a utlwala mo lefatsheng lotlhe; go a rojwa

Nako ya go diragadiwa: Go simologa ka 1914 go fitlha ka nako ya pitlagano e kgolo

1. Re setse re ithutile eng mabapi le dikgaolo 7, 12, le 13 tsa Tshenolo, mme jaanong ke eng se re tla se ithutang?

A BO go lapolosa jang ne go bala ponatshegelo e e latelang ya ga Johane! Go farologana le diphuthego tsa kgogela tse di maswe tsa sekadibatana, jaanong re bona batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang le ditiro tsa bone mo letsatsing la Morena. (Tshenolo 1:10) Tshenolo 7:1, 3 e setse e re boleletse gore diphefo tse nnè tsa tshenyo di tla nama di sa tshwerwe go fitlha botlhe ba ba 144 000 ba batlhanka bano ba ba tloditsweng ba tshwaiwa. Tshenolo 12:17 e re itsisitse gore bano “ba ba setseng ba losika lwa [mosadi]” e nna batlhaselwa ba bagolo ba ga Satane, e leng kgogela, ka nako eo. Mme Tshenolo kgaolo 13 e tlhalositse diphuthego tsa sepolotiki sentle tse di tlhomilweng ke Satane mo lefatsheng gore di lere kgatelelo e kgolo le pogiso e e setlhogo mo batlhankeng ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Mme mmaba yo mogolo yoo ga a kitla a kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo! Jaanong re tla ithuta gore go sa kgathalesege tiro ya ga Satane ya bopeloetlhoi, botlhe ba ba 144 000 ba phuthiwa ka katlego.

2. Ke ponelopele efe kaga bokhutlo jo bo itumedisang e Johane a re e nayang mo go Tshenolo 14:1, mme Kwana ke mang?

2 Johane le ba setlhopha sa Johane gompieno, o bontshiwa ponelopele ya tiragalo eo e e itumedisang: “Mme ka leba, mme, bona! Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” (Tshenolo 14:1) Jaaka fa re bone, Kwana yono o tshwana le Mikaele yo o neng a phepafatsa magodimo ka go leleka Diabolo le madimona a gagwe kwa legodimong. Ke ene Mikaele yo Daniele a mo tlhalosang e le yo o “emelang bomorwa batho [ba Modimo]” jaaka a ipaakanyetsa go “ema” a diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa tsa tshiamo. (Daniele 12:1; Tshenolo 12:7, 9) Fa e sa le ka 1914 Kwana yono wa Modimo yo o intshitseng setlhabelo o ntse a eme mo Thabeng ya Siona e le Kgosi ya Bomesia.

3. ‘Thaba ya Siona’ e Kwana le ba ba 144 000 ba ‘emeng mo go yone’ ke eng?

3 Ke fela jaaka Jehofa a ne a bolelelapele a re: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.” (Pesalema 2:6; 110:2) Seno ga se tlhole se kaya Thaba ya Siona ya mo lefatsheng, e leng lefelo le Jerusalema wa mo lefatsheng a leng mo go lone, motse o dikgosi tsa losika lwa ga Dafide di neng di busa mo go one. (1 Ditiragalo 11:4-7; 2 Ditiragalo 5:2) Nnyaa, ka gonne Jesu, morago ga loso lwa gagwe le tsogo ka 33 C.E., o ne a tlhongwa go nna lentswe la kgokgotso mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, lefelo la selegodimo le Jehofa a neng a ikaelela go tlhoma ‘motse wa Modimo o o tshedileng, e leng Jerusalema wa kwa legodimong’ gone. Ka jalo, ‘thaba ya Siona’ fano e tshwantshetsa maemo a a kwa godimo a ga Jesu le babusi mmogo nae, ba ba bopang Jerusalema wa selegodimo, yo e leng Bogosi. (Bahebera 12:22, 28; Baefeso 3:6) Ke maemo a a galalelang a segosi a Jehofa a ba tlhatlosetsang kwa go one mo letsatsing la Morena. Go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga, Bakeresete ba ba tloditsweng, jaaka ‘maje a a tshelang,’ ba nnile ba lebelela ka tlhoafalo go ema mo Thabeng eo ya Siona ya kwa legodimong, ba tshwaragane le Morena Jesu Keresete yo o galaleditsweng mo Bogosing jwa gagwe jo bo tlotlegang.—1 Petere 2:4-6; Luke 22:28-30; Johane 14:2, 3.

4. Ke jang botlhe ba ba 144 000 ba emeng mo Thabeng ya Siona?

4 Johane ga a bone Jesu fela mme o bona le setlhopha sotlhe sa babusi mmogo le ene ba ba 144 000 mo Bogosing jwa kwa legodimong ba eme mo Thabeng ya Siona. Mo nakong e e tshwantshediwang mo ponatshegelong eno, bontsi, e seng botlhe, jwa ba ba 144 000 ba setse ba le kwa legodimong. Moragonyana mo go yone ponatshegelo eo, Johane o utlwa gore bangwe ba baitshepi bano ba sa ntse ba tshwanetse go itshoka le go swa ba ikanyega. (Tshenolo 14:12, 13) Ka gone go bonala bangwe ba ba ba 144 000 ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Jalo ke jang Johane a bonang botlhe bano ba eme le Jesu mo Thabeng ya Siona?a Ke ka gore, jaaka maloko a phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, bano jaanong ba “atametse Thaba ya Siona le motse wa Modimo yo o tshelang, e leng Jerusalema wa selegodimo.” (Bahebera 12:22) Fela jaaka Paulo fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, ba setse—ka tsela ya semoya—ba tsositswe go ya go kopana le Keresete Jesu mo mannong a selegodimo. (Baefeso 2:5, 6) Mo godimo ga moo, ka 1919 ba ne ba amogela taletso e e neng e re, “Tlhatlogelang kwano,” mme ka tsela ya tshwantshetso “ba tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung.” (Tshenolo 11:12) Ka ntlha ya dikwalo tseno, re ka bona gore botlhe ba ba ba 144 000—fa re bua ka tsela ya semoya—ba mo Thabeng ya Siona le Jesu Keresete.

5. Ke maina a bomang a a kwadilweng mo diphatleng tsa ba ba 144 000, mme ke eng se se kaiwang ke leina lengwe le lengwe la one?

5 Batho ba ba 144 000 ga ba amane ka gope le baobamedi ba sebatana, ba ba tshwailweng ka palo 666 ya tshwantshetso. (Tshenolo 13:15-18) Go farologana le bone, batho bano ba ba ikanyegang ba kwadilwe leina la Modimo le la ga Kwana mo diphatleng tsa bone. Kwantle ga pelaelo, Johane, yo e leng Mojuda, o ne a bona leina la Modimo ka ditlhaka tsa Sehebera, יהוה.b Ka go bo ba kwadilwe leina la ga Rraagwe Jesu ka tshwantshetso mo diphatleng tsa bone, batho bano ba ba tshwailweng ba itsise batho botlhe gore ke basupi ba ga Jehofa, batlhanka ba Gagwe. (Tshenolo 3:12) Go kwalwa ga leina la ga Jesu gape mo diphatleng tsa bone go supa gore ba itsise fa e le ba gagwe. Ke “monna” yo o ba beeleditseng, mme bone ke “monyadiwa” wa gagwe yo o tla ba nyalang, “popo e ntšha” mme ba direla Modimo ba lebeletse go ya go tshela kwa legodimong. (Baefeso 5:22-24; Tshenolo 21:2, 9; 2 Bakorintha 5:17) Kamano ya bone e kgolo le Jehofa le Jesu Keresete e ama tsela ya bone ya go akanya le ditiro tsotlhe tsa bone.

Ba Opela e Kete Pina e Ntšha

6. Johane o utlwa go opelwa ga pina efe, mme o go tlhalosa jang?

6 Tumalanong le seno, Johane o bega jaana: “Mme ka utlwa modumo o tswa legodimong o e keteng mosumo wa metsi a mantsi le o e keteng modumo o o kwa godimo wa tumo ya maru; mme modumo o ke neng ka o utlwa o ne e kete wa baopedi ba ba opelang le harepa ba letsa diharepa tsa bone. Mme ba opela jaaka e kete ke pina e ntšha fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le bagolwane; mme go ne go se na ope yo o neng a kgona go itse pina eo fa e se ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè, ba ba rekilweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 14:2, 3) Ga go gakgamatse go bo e re fa Johane a utlwa mantswe a ba ba 144 000 ba opela pina e e monate mmogo, a gakologelwang go suma ga metsi a a phothoselang le modumo o mogolo wa dikgadima. A bo modumo oo o o utlwalang sentle wa sekaharepa o itumedisa jang ne! (Pesalema 81:2) Ke setlhopha sefe sa baopedi mo lefatsheng se le ka motlha se ka lekang go opelang pina e e monate jalo?

7. (a) Pina e ntšha ya Tshenolo 14:3 ke eng? (b) Pina ya Pesalema 149:1 e ntšha ka tsela efe mo motlheng wa rona?

7 Mme ‘pina eno e ntšha’ ke eng? Jaaka re ile ra lemoga fa re ne re tlotla ka Tshenolo 5:9, 10, pina eno e amana le maikaelelo a Bogosi jwa ga Jehofa le thulaganyo ya gagwe e e molemo, ka Jesu Keresete, ya go dira Iseraele wa semoya “bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona.” Ke pina ya go baka Jehofa e e itsiseng dilo tse disha tse a di dirang ka Iseraele wa Modimo e bile a di direla ene. (Bagalatia 6:16) Maloko a Iseraele yono wa semoya ba tsibogela taletso ya ga mopesalema e e reng: “Bakang Jah! Opelelang Jehofa pina e ntšha, pako ya gagwe mo phuthegong ya batho ba ba ikanyegang. A Iseraele a ipelele Modiri wa gagwe yo Mogolo, bomorwa Siona—a ba ipelele Kgosi ya bone.” (Pesalema 149:1, 2) Ke boammaaruri gore mafoko ao a ne a kwalwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, mme mo motlheng wa rona, a opetswe ka tsela ntšha ya go a tlhaloganya. Bogosi jwa Bomesia bo ne jwa tsalwa ka 1914. (Tshenolo 12:10) Ka 1919 batho ba ga Jehofa mo lefatsheng ba ne ba simolola go itsise “lefoko la bogosi” ka tlhagafalo e ntšha. (Mathaio 13:19) E re ka ba ne ba tlhotlheleditswe ke temana ya ngwaga wa 1919 (Isaia 54:17) e bile ba kgothaditswe ke go bo ba ne ba tsosoloseditswe mo paradaiseng ya semoya, ba ne ba simolola ‘go opelela Jehofa pina go tswa mo dipelong tsa bone’ ka ngwaga oo.—Baefeso 5:19.

8. Ke ka ntlha yang fa e le ba ba 144 000 fela ba ba kgonang go ithuta pina e ntšha ya Tshenolo 14:3?

8 Le fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa e le ba ba 144 000 fela ba ba kgonang go ithuta pina e ntšha e e umakiwang mo go Tshenolo 14:3? Ke ka gonne e amana le maitemogelo a bone a go nna baruaboswa ba ba tlhophilweng ba Bogosi jwa Modimo. Ke bone fela ba e leng barwa ba ba itseetsweng ke Modimo le ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo. Ke bone fela ba ba tswang go rekwa mo lefatsheng go tla go nna karolo ya Bogosi joo jwa kwa legodimong, e bile ke bone fela ‘ba ba tla nnang baperesiti le go busa e le dikgosi’ le Jesu Keresete ka dingwaga tse di sekete go dira gore batho ba itekanele. Ke bone fela ba ba bonwang ba “opela jaaka e kete pina e ntšha” fa pele ga Jehofa ka boene.c Maitemogelo ano le ditebelelo tseno tse di sa tshwaneng le dipe di ba dira gore ba anaanele Bogosi ka botlalo e bile a ba kgontsha go opela ka jone ka tsela e go seng ope yo o ka kgonang go dira jalo.—Tshenolo 20:6; Bakolosa 1:13; 1 Bathesalonika 2:11, 12.

9. Ba boidiidi jo bogolo ba tsibogetse jang go opela ga batlodiwa, mme ka gone ba diragaditse kgakololo efe?

9 Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba a reetsa le go tsibogela pina ya bone. Fa e sa le ka 1935 boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe tse di oketsegang ba utlwile pina ya bone ya phenyo mme ba tlhotlheletsegile go kopanela le bone mo go anamiseng Bogosi jwa Modimo. (Johane 10:16; Tshenolo 7:9) Ke boammaaruri gore batlabosheng bano ba ka se kgone go ithuta go opela pina eo e ntšha e babusi bano ba ba tla busang mo Bogosing jwa Modimo ba e opelang. Mme le bone ba opelela Jehofa pina e e monate ya pako e e leng pina e e neelang Jehofa pako ka ntlha ya dilo tse disha tse a di dirang. Ka gone ba diragatsa kgakololo eno ya mopesalema e e reng: “Opelelang Jehofa pina e ntšha. Opelelang Jehofa, lona lotlhe batho ba lefatshe. Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe. Bolelang dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe letsatsi le letsatsi. Bolelang kgalalelo ya gagwe mo ditšhabeng, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo ditšhabeng tsotlhe. Nayang Jehofa, lona malapa a ditšhaba, nayang Jehofa kgalalelo le nonofo. Buang mo ditšhabeng lo re: ‘Jehofa e setse e le kgosi.’”—Pesalema 96:1-3, 7, 10; 98:1-9.

10. Go kgonega jang gore ba ba 144 000 ba opele “fa pele” ga bagolwane ba ba 24 ba tshwantshetso?

10 Batho ba ba 144 000 ba ka opela jang “fa pele” ga bagolwane, e re ka bagolwane ba ba 24 e le bone batho ba ba 144 000 fa ba le mo maemong a bone a a galalelang a kwa legodimong? Pelenyana mo letsatsing la Morena, batho ba “ba swetseng mo go Keresete” ba ne ba tsosiwa e le dibopiwa tsa semoya. Ka gone, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ba fentseng jaanong ba kwa legodimong, ka tshwantshetso ba dira ditiro tse di tshwanang le tsa ditlhopha tse 24 tsa bagolwane ba baperesiti. Ba akarediwa mo ponatshegelong ya phuthego ya ga Jehofa ya kwa legodimong. (1 Bathesalonika 4:15, 16; 1 Ditiragalo 24:1-18; Tshenolo 4:4; 6:11) Ka jalo masalela a ba ba 144 000 ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba opela pina e ntšha fa pele ga, kana mo ponong ya, bakaulengwe ba bone ba ba tsositsweng ba ba kwa legodimong.

11. Ke ka ntlha yang fa go buiwa ka bafenyi ba ba tloditsweng e le bagolwane ba ba 24 e bile e le batho ba ba 144 000?

11 Mo ntlheng eno re ka nna ra botsa go re: Ke ka ntlha yang fa bafenyi bano ba ba tloditsweng go buiwa ka bone e le bagolwane ba ba 24 ba tshwantshetso e bile e le batho ba ba 144 000? Ke ka gonne Tshenolo e bua ka setlhopha seno ka ditsela tse pedi tse di farologaneng. Bagolwane ba ba 24 ka metlha ba bontshiwa ba le mo maemong a ba tla felelang ba le mo go one ba dikologile setulo sa bogosi sa ga Jehofa, ba tlhomilwe e le dikgosi le baperesiti kwa magodimong. Ba tshwantshetsa setlhopha sotlhe sa ba ba 144 000 ba le mo maemong a bone a kwa legodimong, le mororo mo nakong eno masalela a a seng kae a bone a sa ntse a le mo lefatsheng. (Tshenolo 4:4, 10; 5:5-14; 7:11-13; 11:16-18) Le fa go ntse jalo, Tshenolo kgaolo 7 e bua ka ba ba 144 000 ba ba tswang go tsewa mo bathong, mme e gatelela boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa jwa go tshwaya palo e e feletseng ya mongwe le mongwe wa Baiseraele ba semoya le go naya boidiidi jo bogolo jo bo senang palo poloko. Tshenolo kgaolo 14 e re naya setshwantsho se se tlhomamisang gore botlhe ba setlhopha sa Bogosi sa bafenyi ba ba 144 000 ba tla kopanngwa le Kwana mo Thabeng ya Siona. Ditshwanelego tse di tshwanetseng go fitlhelelwa e le gore motho a balelwe gareng ga ba ba 144 000 le tsone di a itsisiwe, jaaka jaanong re tla bona.d

Balatedi ba ga Kwana

12. (a) Johane o tswelela a tlhalosa ba ba 144 000 jang? (b) Ke ka tsela efe go buiwang ka ba ba 144 000 e le makgarebane?

12 Fa Johane a tsweledisa pele tlhaloso ya gagwe ya ba ba 144 000 ba ‘ba tswang go rekwa mo lefatsheng,’ o re bolelela jaana: “Bano ke ba ba neng ba se ka ba iteswafatsa ka basadi; tota e bile, ke makgarebane. Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana, mme ga go na maaka ape a a neng a fitlhelwa mo melomong ya bone; ga ba na molato.” (Tshenolō 14:4, 5) Kgang ya go bo ba ba 144 000 e le “makgarebane” ga e kaye gore maloko a setlhopha seno ga a nyala ka tsela ya senama. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba bilediwang go ya legodimong a re, le mororo go na le mesola ya gore Mokeresete a nne a sa nyala, lenyalo le botoka mo maemong mangwe. (1 Bakorintha 7:1, 2, 36, 37) Selo se se tlhaolang setlhopha seno ke bokgarebane jwa semoya. Ba tidile go akafala semoyeng le dipolotiki tsa selefatshe le bodumedi jwa maaka. (Jakobe 4:4; Tshenolo 17:5) Jaaka monyadiwa yo o beeleditsweng ke Keresete, ba ntse ba ipolokile ba le phepa, e le “ba ba se nang bogole mo kokomaneng e e sokameng le e e kgopameng.”—Bafilipi 2:15.

13. Ke ka ntlha yang fa ba ba 144 000 e le monyadiwa yo o tshwanelang wa ga Jesu Keresete, mme ke jang ba “nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae”?

13 Mo godimo ga moo, “ga go na maaka ape a a neng a fitlhelwa mo melomong ya bone.” Mo kgannyeng eno, ba tshwana le Kgosi ya bone, e bong Jesu Keresete. Jaaka motho yo o itekanetseng, “ga a ka a dira boleo bope, le gone ga go a ka ga fitlhelwa tsietso mo molomong wa gagwe.” (1 Petere 2:21, 22) Ka go bo ba ba 144 000 ba se na selabe sepe e bile ba le boammaaruri, ba baakantswe go nna monyadiwa yo o itshekileng wa Moperesiti yo Mogolo go feta botlhe wa ga Jehofa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a laletsa batho ba ba pelo di siameng go mo sala morago. (Mareko 8:34; 10:21; Johane 1:43) Batho ba ba neng ba tsibogela molaetsa wa gagwe ba ne ba etsa tsela ya gagwe ya botshelo ba bo ba ikobela dithuto tsa gagwe. Ka gone, fa ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng, ba “[nna] ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae” fa a ntse a ba kaela tsela mo lefatsheng la ga Satane.

14. (a) Ba ba 144 000 ke “mabutswapele a Modimo le a Kwana” ka tsela efe? (b) Ke ka tsela efe ba boidiidi jo bogolo le bone ba leng mabutswapele?

14 Ba ba 144 000 “ba tswa go rekwa mo lefatsheng,” “ba ne ba rekwa mo bathong.” Modimo o ba itseetse go nna barwa ba gagwe, mme morago ga tsogo ya bone, ba ka se ka ba tlhola ba nna batho ba nama le madi. Jaaka go umakilwe mo temaneng ya 4, ba nna “mabutswapele a Modimo le a Kwana.” Ke boammaaruri gore bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu e ne e le “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” (1 Bakorintha 15:20, 23) Mme ba ba 144 000 ke “mabutswapele mangwe” a batho ba ba sa itekanelang, ba ba rekilweng ka setlhabelo sa ga Jesu. (Jakobe 1:18) Le fa go ntse jalo, go phuthiwa ga maungo a a tswang mo bathong ga go felele ka bone. Buka ya Tshenolo e setse e bontshitse ka thobo ya ba boidiidi jo bogolo jo bo se nang palo ba ba tlhabang mokgosi o mogolo ba re: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.” Boidiidi jono jo bogolo bo tla falola pitlagano e kgolo, mme fa ba ntse ba lapolosiwa ke “metsi a botshelo,” ba tla tsosolosediwa go nna batho ba ba itekanetseng mo lefatsheng. Nako nngwe morago ga pitlagano e kgolo, botlhe ba ba mo Sheole ba tla ntshiwa, mme le batho ba bangwe ba ba dimilione tse di se nang palo ba tla tsosiwa ba bo ba nna le tshono ya go nwa metsi ao a botshelo. Re akantse ka seno, go tla bo go tshwanetse go bitsa boidiidi jo bogolo mabutswa pele a dinku tse dingwe—ke bone ba ntlha go ‘tlhatswa diaparo tsa bone le go di sweufatsa mo mading a ga Kwana’ ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Tshenolo 7:9, 10, 14, 17; 20:12, 13.

15. Ke go tshwana gofe go go leng teng gareng ga mabutswapele a mararo a a farologaneng le meletlo e e neng e ketekwa go ya ka Molao wa ga Moshe?

15 Mabutswapele ano a mararo (e bong Jesu Keresete, ba ba 144 000, le ba boidiidi jo bogolo) ba na le ditsela tse di kgatlhang tse ba tshwanang ka tsone le meletlo e e neng e ketekiwa go ya ka Molao wa bogologolo wa ga Moshe. Ka Nisane 16, ka nako ya Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang, ngata ya mabutswapele a barele e ne e neelwa Jehofa. (Lefitiko 23:6-14) Letsatsi la Nisane 16 ke lone le Jesu a neng a tsosiwa mo baswing ka lone. Mo letsatsing la bo50 morago ga Nisane 16, mo kgweding ya boraro, Baiseraele ba ne ba keteka moletlo wa go robiwa ga mabutswapele a korong. (Ekesodo 23:16; Lefitiko 23:15, 16) Moletlo ono kwa morago o ne wa bidiwa Pentekosete (go tswa mo lefokong la Segerika le le rayang “labomasomeamatlhano”), mme maloko a ntlha a ba ba 144 000 a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Kgabagare, mo kgweding ya bosupa fa thobo yotlhe e ne e phuthwa, go ne go na le Moletlo wa Diobo, o e neng e le nako ya go ntsha malebogo ka boitumelo fa Baiseraele ba ne ba nna beke yotlhe mo diobong tse di neng di dirilwe ka dilo tse di neng di akareletsa le dikala tsa ditlhare tsa mokolane. (Lefitiko 23:33-43) Ka tsela e e tshwanang, ba boidiidi jo bogolo, ba e leng karolo ya thobo e kgolo, ba ntsha malebogo fa pele ga setulo sa bogosi ba tshotse “dikala tsa mokolane ka diatla tsa bone.”—Tshenolo 7:9.

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng

16, 17. (a) Johane o bona moengele a fofa kae, mme moengele yoo o ntsha kitsiso efe? (b) Ke bomang ba ba kopanyelediwang mo tirong ya go rera kaga Bogosi, mme ke maitemogelo afe a a supang seno?

16 Morago Johane o kwala jaana: “Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.’” (Tshenolo 14:6, 7) Moengele o fofa “mo gare ga legodimo,” koo dinonyane di fofang teng. (Bapisa Tshenolo 19:17.) Ka jalo, lentswe la gagwe le kgona go utlwiwa mo lefatsheng lotlhe. A bo kitsiso eno e e dirwang mo lefatsheng ka bophara ke moengele e utlwiwa gotlhe go gaisa dikgang le fa e le dipe tse di gasiwang ka thelebishene jang ne!

17 Mongwe le mongwe o kgothalediwa go boifa, e seng sebatana le setshwantsho sa sone, mme Jehofa, yo o leng maatla fela thata go gaisa sebatana le fa e le sefe sa tshwantshetso se se laolwang ke Satane. Ee, Jehofa o bopile legodimo le lefatshe, mme jaanong nako ya gore a atlhole lefatshe e gorogile! (Bapisa Genesise 1:1; Tshenolo 11:18.) Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bolelelapele jaana malebana le motlha wa rona: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e diragatsa thomo eno. (1 Bakorintha 9:16; Baefeso 6:15) Tshenolo fano e senola gore baengele ba ba sa bonaleng le bone ba kopanyelediwa mo tirong eno ya go rera. A bo e nnile gantsi jang go ileng ga lemotshega fa moengele a kaetse mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ya kwa legaeng le motho mongwe yo o tlaletsweng a neng a nyoretswe, e bile a rapelela, thuso ya semoya!

18. Go ya ka moengele yo o fofang fa gare ga legodimo, ke nako ya eng e e gorogileng, mme ke bomang ba ba tla bong ba ntse ba ntsha dikitsiso tse dingwe?

18 Fela jaaka moengele yo o fofang fa gare ga legodimo a ne a bolela, nako ya katlholo e gorogile. Jaanong ke katlholo efe e Modimo a tla e diragatsang? Ditsebe tsa batho di tla sala di baba fa jaanong moengele wa bobedi, wa boraro, wa bonè, le wa botlhano ba ntsha dikitsiso.—Jeremia 19:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Fela jaaka 1 Bakorintha 4:8 e bontsha, Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba buse jaaka dikgosi fa ba sa ntse ba le mono lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go ya ka ditemana tsa Tshenolo 14:3, 6, 12, 13, ba kopanela mo go opeleng pina e ntšha ka go rera dikgang tse di molemo fa ba ntse ba itshoka go ya bokhutlong jwa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng.

b Seno se tshegediwa ke go dirisiwa ga maina a Sehebera mo diponatshegelong tse dingwe; Jesu o rewa leina la Sehebera la “Abadona” (le le rayang “Tshenyo”) mme o diragatsa katlholo kwa lefelong le le “bidiwang Hara–Magedona ka Sehebera.”—Tshenolo 9:11; 16:16.

c Lokwalo lwa re “e kete ke pina e ntšha,” ka gonne pina eo ka boyone e ne ya kwalwa mo lefokong la boporofeti mo metlheng ya bogologolo. Mme go ne go se na ope yo o tshwanelegang go e opela. Jaanong, e re ka Bogosi bo ne bo tlhomilwe e bile baitshepi ba ne ba tsosiwa, go ne go diragala dilo tsa mmatota e le go diragatsa dipolelelopele tseo, gape e ne e le nako ya go opela pina eno ka mantswe otlhe a yone a a monate.

d Seemo seno se ka bapisiwa le sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale yoo a nayang ba ntlo ya gagwe dijo ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Motlhanka yoo jaaka setlhopha o ikarabelela mo go abeng dijo, mme ba ntlo ya gagwe, batho ka bongwe ba maloko a setlhopha seo, ba otlwa ka go ja dijo tseo tsa semoya. Ke setlhopha se se tshwanang mme se tlhalosiwa ka mafoko a a farologaneng—fa ba le setlhopha le fa ba le motho ka bongwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 202, 203]

144 000

Bagolwane ba ba 24

Baruaboswa le Kwana, e bong Keresete Jesu, jaaka go buiwa ka bone ka ditsela tse pedi tse di farologaneng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela