LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 40 ts. 286-295
  • Go Tapeta Tlhogo ya Noga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tapeta Tlhogo ya Noga
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Golegwa ga ga Satane
  • Baatlhodi ba Dingwaga Tse di Sekete
  • Baswi ba Bangwe Botlhe
  • Tsogo ya Ntlha
  • Teko ya Bofelofelo
  • Bodiba Jwa Molelo le Sulefera
  • Go Tlhokofadiwa Motshegare le Bosigo
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Isagwe E E Molemo go Gaisa
    Meya ya Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A E A Tshela?
  • Satane Diabolo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 40 ts. 286-295

Kgaolo 40

Go Tapeta Tlhogo ya Noga

Ponatshegelo 14—Tshenolo 20:1-10

Setlhogo: Go tsenngwa ga ga Satane mo moleteng, Puso ya Dingwaga tse di Sekete, teko ya bofelofelo ya batho, le tshenyego ya ga Satane

Nako ya go diragadiwa: Kwa bofelong jwa pitlagano e kgolo go ya kwa tshenyegong ya ga Satane

1. Tiragatso ya polelelopele ya ntlha ya Baebele e ile ya tswelela jang?

A O GAKOLOGELWA polelelopele ya ntlha ya Baebele? E ne ya buiwa ke Jehofa Modimo fa a ne a raya Noga a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Mme jaanong tiragatso ya polelelopele eo e tla konelong ya yone! Re ile ra latedisisa ditiragalo tsa ntwa ya ga Satane kgatlhanong le phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa ya sekamosadi. (Tshenolo 12:1, 9) Losika lwa Noga lwa selefatshe, le bodumedi jwa lone, dipolotiki, le kgwebo e kgolo, di ile tsa koelanya pogiso e e seng kana ka sepe e e setlhogo mo losikeng lwa mosadi, Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000, gone mo lefatsheng. (Johane 8:37, 44; Bagalatia 3:16, 29) Satane o ne a tlisa loso lo lo tlhokofatsang mo go Jesu. Mme seno se ne sa itshupa se tshwana fela le ntho ya mo seretheng, ka gonne Modimo o ne a tsosa Morwawe yo o ikanyegang mo letsatsing la boraro.—Ditiro 10:38-40.

2. Noga e gobadiwa jang, mme ke eng se se diragalelang losika lo lo mo lefatsheng lwa Noga?

2 Go tweng ka Noga le losika lwa gagwe? Mo e ka nnang ka 56 C.E. moaposetoloi Paulo o ne a kwala lokwalo lo lotelele a lo kwalela Bakeresete mo Roma. Fa a lo digela, o ne a ba kgothatsa ka go re: “Mme Modimo yo o nayang kagiso o tla tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng.” (Baroma 16:20) Seno se feta kgakala go ntsha letsadi fela le lennye. Satane o tla tapetiwa! Paulo fano o ne a dirisa lefoko la Segerika le le reng, syn·triʹbo, le le rayang go sila selo gore se bo se sale e kete se borekereke, go gatakela fa fatshe, go senya gotlhelele ka go tapeta. Malebana le batho ba losika lwa Noga, losika lono lo tla tlhaselwa mo letsatsing la Morena, goo go tla konelwang ka sepitla se segolo fa Babelona o Mogolo a tapetiwa gotlhelele le ditsamaiso tsa sepolotiki tsa lefatshe, le ba ba di emang nokeng ka madi le ka sesole. (Tshenolo, dikgaolo 18 le 19) Ka jalo Jehofa o konela bobaba fa gare ga masika a mabedi. Losika lwa mosadi wa Modimo lo fenya losika lwa mo lefatsheng lwa Noga, mme losika loo ga lo tlhole lo le teng!

Go Golegwa ga ga Satane

3. Ke eng se Johane a re bolelelang gore se tla diragalela Satane?

3 Ke eng he, se se tla diragalelang Satane ka boene le badimona ba gagwe? Johane o a re bolelela: “Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe. Mme a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla. Morago ga dilo tseno o tla gololwa ka lobakanyana.”—Tshenolo 20:1-3.

4. Moengele yo o tshotseng selotlolo sa molete ke mang, mme re itse jang?

4 Moengele yono ke mang? O tshwanetse a bo a na le nonofo e kgolo thata mo a ka kgonang go nyeletsa mmaba yo mogolo wa ga Jehofa. O na le “selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo.” A seno ga se re gakolole ka ponatshegelo ya pelenyana? Ebu, kgosi ya lesogodi la tsie e bidiwa “moengele wa molete o o se nang bolekanngo”! (Tshenolo 9:11) Jalo fano gape re bona Motlotlomatsi yo Mogolo wa ga Jehofa, Jesu Keresete yo o galaleditsweng a le mo tirong. Moengele yo mogolo yono yo o piriganyang Satane go tswa kwa legodimong, yo o neng a atlhola Babelona o Mogolo, le yo o neng a nyeletsa “dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone” ka Haramagedona ruri o ka se thiboge go letlelela moengele yo mmotlana go diragatsa petso e kgolo ka go tsenya Satane mo moleteng!—Tshenolo 12:7-9; 18:1, 2; 19:11-21.

5. Moengele wa molete o dirang ka Satane Diabolo, mme ka ntlha yang?

5 Fa kgogela e kgolo e khunou e ne e piriganngwa kwa legodimong, go ne ga bolelwa gore ke ‘noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe.’ (Tshenolo 12:3, 9) Mme jaanong, fa a setse a tloga a tshwarwa le go tsenngwa mo moleteng, o tlhalosiwa ka botlalo gape jaaka “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” Mmolai yono yo o maswemaswe, motsietsi, mosebi, le moganetsi o a bofiwa le go latlhelwa “mo moleteng o o se nang bolekanngo,” o bo o tswalwa le go kanelwa thata, “gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba.” Go latlhelwa mo moleteng o o se nang bolekanngo mo ga ga Satane go tsaya dingwaga tse di sekete, tseo mo go tsone tlhotlheletso ya gagwe mo bathong e tla bong e sa tlhole e le teng fela jaaka fa go ntse fa legolegwa le latlhetswe mo kgolegelong e e boteng. Moengele wa molete o tlosa Satane gotlhelele gore a se ka a amana ka gope le Bogosi jwa tshiamo. A bo seo e le kgololo jang ne mo bathong!

6. (a) Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore madimona le one a tla ya mo moleteng? (b) Ke eng se jaanong se ka simologang, mme ka ntlha yang?

6 Ke eng se se diragalelang madimona? Le bone ba ile ba “beelw[a] katlholo.” (2 Petere 2:4) Satane o bidiwa “Beelesebube mmusi wa madimona.” (Luke 11:15, 18; Mathaio 10:25) Ka ntlha ya go bo ba sa bolo go dirisana le Satane, a ga go matshwanedi gore le bone ba bone katlholo e e tshwanang? Madimona ao ga a bolo go boifa molete; mo ka nako nngwe fa a kopana le Jesu, a neng a “mo rapela gore a se ka a a laela go ya kwa moleteng o o se nang bolekanngo.” (Luke 8:31) Mme fa Satane a sena go tsenngwa mo moleteng, ruri baengele ba gagwe le bone ba tla latlhelwa mo moleteng le ene. (Bapisa Isaia 24:21, 22.) Morago ga go golegwa ga ga Satane le madimona a gagwe, Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete e tla simologa.

7. (a) Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba le mo seemong sefe fa ba le mo moleteng, mme re itse jang? (b) A Hadese le molete di a tshwana? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

7 A go na le sengwe se Satane le madimona a gagwe ba tla se dirang fa ba sa ntse ba le mo moleteng? Mme kana, gakologelwa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se ditlhogo di supa, se go tweng “se ne se le gone, mme ga se yo, le fa go ntse jalo se tloga se tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo.” (Tshenolo 17:8) Fa se ntse se le mo moleteng, ‘se ne se sa tlhole se le gone.’ Se ne se sa dire, se sa tshikhinyege, maikutlo a sone le maikaelelo di sule. Ka tsela e e tshwanang, fa a ne a bua ka Jesu, moaposetoloi Paulo o ne a re: “‘Ke mang yo o tla fologelang mo moleteng o o se nang bolekanngo?’ ke gore, go tlhatlosa Keresete mo baswing.” (Baroma 10:7) Fa a ne a ntse a le mo moleteng oo, Jesu o ne a sule.a Ke mo go utlwalang he go digela ka gore, Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba le mo boemong jwa go sa dire mo go tshwanang le go swa ka dingwaga tse di sekete fa ba ntse ba le mo moleteng. A bo seo e le dikgang tse di molemo jang ne mo go ba ba ratang tshiamo!

Baatlhodi ba Dingwaga Tse di Sekete

8, 9. Ke eng se Johane jaanong a se re bolelelang kaga ba ba nnang mo ditulong tsa bogosi, mme ke bomang bone bao?

8 Morago ga dingwaga tse di sekete, Satane o gololwa mo moleteng o o se nang bolekeletso ka lobakanyana. Ka ntlha yang? Pele ga a fa karabo, Johane o re tlhokomedisa gape kwa tshimologong ya lobaka loo lwa nako. Re bala jaana: “Mme ka bona ditulo tsa bogosi, e bile go ne go na le ba ba ntseng mo go tsone, mme ba ne ba newa maatla a go atlhola.” (Tshenolo 20:4a) Ke bomang bano ba ba ntseng mo ditulong tsa bogosi le go busa kwa magodimong le Jesu yo o galaleditsweng?

9 Ke “baitshepi” ba Daniele a ba tlhalositseng gore ba busa mo Bogosing le “yo o tshwanang le morwa motho.” (Daniele 7:13, 14, 18) E ntse ke bone bagolwane ba ba 24 ba ba ntseng mo ditulong tsa Bogosi tsa selegodimo fa pele ga ga Jehofa. (Tshenolo 4:4) Ba akaretsa baaposetoloi ba ba 12, ba Jesu a neng a ba solofetsa a re: “Mo popong e ntšha, fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago le lona ka bolona lo tla nna mo ditulong tse di lesome le bobedi tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Mathaio 19:28) Ba akareletsa gape le Paulo, mmogo le Bakeresete ba kwa Korintha ba ba neng ba nna ba ikanyega. (1 Bakorintha 4:8; 6:2, 3) Ba tla akareletsa le maloko a phuthego ya Laodikia ba ba ileng ba fenya.—Tshenolo 3:21.

10. (a) Johane jaanong o tlhalosa jang dikgosi tse 144 000? (b) Go tswa mo go seo Johane a neng a se re bolelela pelenyana, dikgosi tse 144 000 ke bomang?

10 Ditulo tsa bogosi—di le 144 000—di baakanyeditswe bafenyi bano ba ba tloditsweng ‘ba ba tswang go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.’ (Tshenolo 14:1, 4) Johane o a tswelela: “Ee, ka bona meya ya ba ba bolailweng ka selepe ka ntlha ya bosupi jo ba neng ba bo naya ka Jesu le ka ntlha ya go bua ka Modimo, e bile e le ba ba neng ba sa obamela sebatana le fa e le setshwantsho sa sone le ba ba neng ba sa amogela letshwao mo phatleng ya bone le mo seatleng sa bone.” (Tshenolo 20:4b) Gareng ga dikgosi tseo, he, go na le baswelatumelo ba Bakeresete ba ba tloditsweng bao pelenyana, e rileng fa go bulwa sekano sa botlhano, ba botsa Jehofa gore ba tla leta ka lobaka lo lokae go fitlhela madi a bone a lefediwa. Ka nako eo, ba ne ba fiwa seaparo se sesweu mme ba bolelelwa gore ba name ba sa letile ka lobakanyana. Mme jaanong ba setse ba lefeditswe ka go senngwa ga Babelona o Mogolo, go senngwa ga ditšhaba ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena, le ka go tsenngwa ga ga Satane mo moleteng o o se nang bolekanngo.—Tshenolo 6:9-11; 17:16; 19:15, 16.

11. (a) Re tshwanetse go tlhaloganya jang tlhaloso e e reng ba ‘bolailwe ka selepe’? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe botlhe ba ba 144 000 ba ile ba swa loso lwa go intsha setlhabelo?

11 A baatlhodi bano botlhe ba ba 144 000 ba segosi ba ile ba ‘bolawa ka selepe’ ka tsela ya mmatota? E ka tswa e le ba sekae fela mo go bone ba ba neng ba dirwa jalo ka tsela ya mmatota. Le fa go le jalo, ga go belaesege gore boikaelelo jwa tlhaloso eno ke go akaretsa Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba bolaelwang tumelo ka ditsela tse di farologaneng.b (Mathaio 10:22, 28) Tota ruri, Satane o ne a ratile ba ka bo botlhe ba bolailwe ka selepe, mme tota, ga se gore bomonnawe Jesu botlhe ba ba tloditsweng ba swa loso lwa boswelatumelo. Ba le bantsi mo go bone ba swa ka ntlha ya bolwetse kana botsofe. Le fa go ntse jalo, bao, le bone ke ba setlhopha se Johane jaanong a se bonang. Ka tsela e nngwe, loso lwa bone botlhe, ke lwa go intsha setlhabelo. (Baroma 6:3-5) Mme gape, ga go ope wa bone yo o neng a le karolo ya lefatshe. Ka jalo, botlhe ba ile ba ilwa ke lefatshe mme, ka tsela eo, ba nna ba ba suleng mo matlhong a lone. (Johane 15:19; 1 Bakorintha 4:13) Ga go ope wa bone yo o neng a obamela sebatana le fa e le setshwantsho sa sone, mme e rile fa ba swa, ga bo go se ope mo go bone yo o neng a tshwailwe lotshwao lwa sebatana. Botlhe ba ne ba swa e le bafenyi.—1 Johane 5:4; Tshenolo 2:7; 3:12; 12:11.

12. Ke eng se Johane a se bolelang kaga dikgosi tse 144 000, mme go tshela ga bone go diragala leng?

12 Jaanong bafenyi bano ba tshela gape! Johane o bega jaana: “Ba tshela mme ba busa e le dikgosi le Keresete dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:4c) A seno se raya gore baatlhodi bano ga ba tsosiwe go fitlhelela fa go sena go senngwa ditšhaba le fa Satane le madimona a gagwe ba sena go latlhelwa mo moleteng o o se nang bolekanngo? Nnyaa. Bontsi jwa bone ba setse ba tshela, e re ka ba ile ba palama dipitse le Jesu go tlhabana le ditšhaba ka Haramagedona. (Tshenolo 2:26, 27; 19:14) Tota ruri, Paulo o ne a supa gore tsogo ya bone e simolola ka bofefo fela morago ga go simologa ga go nna gone ga ga Jesu ka 1914 le gore bangwe ba tsosiwa pele ga ba bangwe. (1 Bakorintha 15:51-54; 1 Bathesalonika 4:15-17) Ka jalo, go tshela ga bone go diragala mo lobakeng loo ka bongwe ka bongwe ba amogelang neo ya botshelo jwa go sa sweng kwa magodimong.—2 Bathesalonika 1:7; 2 Petere 3:11-14.

13. (a) Re tshwanetse go leba jang dingwaga tse di sekete tse mo go tsone go busang ba ba 144 000, mme ka ntlha yang? (b) Papias wa Hierapolis o ne a leba dingwaga tse di sekete jang? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

13 Go busa ga bone le go atlhola go tla nna ka dingwaga tse di sekete. A tseno ke dingwaga tse di sekete tsa mmatota, kana a re tshwanetse go di leba ka tsela ya tshwantshetso jaaka lobaka lo loleele lo lo sa tlhalosiwang? “Dikete” a ka raya palo e kgolo, e e sa tlhomamisiwang, jaaka mo go 1 Samuele 21:11. Mme fano “sekete” ke palo ya mmatota, e re ka jaana e tlhaga gararo mo go Tshenolo 20:5-7 jaaka “dingwaga di le sekete.” Polelwana eno e etelelwa pele ke lebopitlhopho mo Segerikeng, le mo Seesemaneng e nnang the. Paulo o ne a bitsa motlha ono wa katlholo a re ke “letsatsi” fa a ne a tlhalosa a re: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo.” (Ditiro 17:31) E re ka jaana Petere a re bolelela gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga tse di sekete, go a tshwanela gore Letsatsi leno la Katlholo e bo e le dingwaga tsa mmatota tse di sekete.c—2 Petere 3:8.

Baswi ba Bangwe Botlhe

14. (a) Ke mafoko afe a Johane a a tsenyang mo teng kaga “baswi ba bangwe botlhe”? (b) Ditlhaloso tsa ga moaposetoloi Paulo di phepafatsa jang lereo le le reng “ba tshela”?

14 Le fa go le jalo, ke bomang ba dikgosi di tla ba atlholang, fa e le gore go ya kafa moaposetoloi Johane a tlhalosang ka gone, “(baswi ba bangwe botlhe ba ne ba se ka ba tshela go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla)”? (Tshenolo 20:5a) Le fano, tlhaloso e e reng “tshela” e tshwanetse go tlhaloganngwa go ya ka kgang e go tlotlwang ka yone fano. Tlhaloso eno e ka raya dilo tse di farologaneng mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, Paulo o ne a bua jaana ka Bakeresete mmogo le ene ba ba tloditsweng: “Ke lona ba Modimo a neng a lo tshedisa le fa lo ne lo sule mo ditlolong le mo maleong a lona.” (Baefeso 2:1) Ee, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba ‘tshedisiwa’ le e leng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba kaiwa tshiamo mo motheong wa tumelo ya bone mo setlhabelong sa ga Jesu.—Baroma 3:23, 24.

15. (a) Basupi ba pele ga Bokeresete ba ga Jehofa ba ne ba ipelela boemo bofe mo Modimong? (b) Dinku tse dingwe di “tshela” jang, mme ke leng ba tla ruang lefatshe ka tsela ya mmatota?

15 Ka tsela e e tshwanang, basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ga Jehofa ba ne ba kaiwa tshiamo gore ke ditsala tsa Modimo; mme Aborahame, Isake, le Jakobe go ne ga twe ke “batshedi” le mororo ba ne ba sule mo nameng. (Mathaio 22:31, 32; Jakobe 2:21, 23) Le fa go ntse jalo, bone, mmogo le ba bangwe botlhe ba ba tsosiwang, mmogo le boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe tsa batho ba ba ikanyegang ba ba falolang Haramagedona le bana ba ba ka ba tsholang mo lefatsheng le lesha, ba tshwanetse go itekanedisiwa mo mmeleng. Seno se tla diragadiwa ke Keresete le dikgosikaene le baperesiti mo Letsatsing la Katlholo la dingwaga tse di sekete, mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Mo bofelong jwa Letsatsi leo, “baswi ba bangwe botlhe” ba tla “tshela” ka tsela ya gore ba tla nna batho ba ba itekanetseng. Jaaka fa re tla bona, ka nako eo ba tshwanetse go falola teko ya bofelo, mme ba tla lebagana le teko eo jaaka batho ba ba itekanedisitsweng. Fa ba fenya teko, Modimo o tla ba kaya ba tshwanetse go tshelela ruri, ba le tshiamo ka tsela e e tletseng. Ba tla itemogela tiragatso e e tletseng ya tsholofetso e e reng: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) A bo e le isagwe e e itumedisang jang ne e e tla tlelang batho ba ba kutlo!

Tsogo ya Ntlha

16. Johane o tlhalosa jang tsogo e e bonwang ke ba ba tla busang e le dikgosi le Keresete, mme ka ntlha yang?

16 Fa a boela jaanong mo go ba ba ileng “ba tshela mme ba busa e le dikgosi le Keresete dingwaga di le sekete,” Johane o kwala jaana: “Eno ke tsogo ya ntlha.” (Tshenolo 20:5b) Ke ya ntlha jang? Ke “tsogo ya ntlha” ka la gore e tla pele, ka go bo ba ba e bonang ke “mabutswapele a Modimo le a Kwana.” (Tshenolo 14:4) Mme gape ke ya ntlha ka la gore ke e e botlhokwa thata, ka go bo ba ba kopanelang mo go yone ba nna babusimmogo le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo le go atlhola batho botlhe. Sa bofelo, ke ya ntlha ka ntlha ya boleng jwa yone. Kwantle ga ga Jesu Keresete ka sebele, ba ba tsosiwang mo tsogong ya ntlha ke bone fela dibopiwa tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng gore di amogela bosasweng.—1 Bakorintha 15:53; 1 Timotheo 6:16.

17. (a) Johane o tlhalosa jang tebelelo e e molemolemo ya Bakeresete ba ba tloditsweng? (b) “Loso lwa bobedi” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa lo se na “taolo” mo bafenying ba ba 144 000?

17 A bo seno e le tebelelo e e molemolemo jang ne mo go bano ba ba tloditsweng! Jaaka Johane a bolela: “Go itumela e bile go boitshepo motho yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha; loso lwa bobedi ga lo na taolo mo go bone.” (Tshenolo 20:6a) Jaaka Jesu a ne a solofetsa Bakeresete mo Semerena, bafenyi bano ba ba kopanelang mo “tsogong ya ntlha” ba tla bo ba se mo kotsing ya go gobadiwa ke “loso lwa bobedi,” lo lo rayang go nyelediwa, tshenyego e go se nang tsholofelo epe ya tsogo. (Tshenolo 2:11; 20:14) Loso lwa bobedi “ga lo na taolo” mo bafenying ba ba ntseng jalo, ka ba tla bo ba apere bosaboleng le bosasweng.—1 Bakorintha 15:53.

18. Ke eng se Johane jaanong a se bolelang kaga babusi ba lefatshe ba basha, mme ke eng se ba tla se fitlhelelang?

18 A bo seno se farologane jang ne le dikgosi tsa lefatshe fa Satane a sa ntse a na le taolo! Bontsi jwa bano ba ile ba busa dingwaga fela tse 50 kana 60, mme ba le bantsintsi bone e le ka dingwaga di sekaenyana fela. Bontsi jwa bone ba ile ba gatelela batho. Mme tota, ditšhaba di ka bona melemo ya go ya go ile jang mo babusing ba ba nnetseng go fetofetolwa bao e bile ba na le ditsamaisopuso tse di nnetseng go fetoga? Phapaanong le seo, Johane o bua jaana ka babusi ba basha ba lefatshe: “Mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:6b) Gammogo le Jesu, ba tla bopa mmuso o o tla bong o le one fela o busang ka dingwaga tse di sekete. Ditiro tsa bone jaaka baperesiti, mo go diriseng molemo wa setlhabelo sa motho yo o itekanetseng e bong Jesu, di tla thusa batho ba ba kutlo go itekanela semoyeng, le boitsholong, le mmeleng. Ditiro tsa bone jaaka dikgosi di tla bopa batho ba lefatshe lotlhe ba ba supang tshiamo ya ga Jehofa le boitshepo. Jaaka baatlhodi ka dingwaga tse di sekete, bone, le Jesu, ka tsela e e lorato ba tla thusa batho ba ba kutlo go gagamalela kwa mokgeleng wa botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16.

Teko ya Bofelofelo

19. Seemo sa lefatshe le sa batho e tla bo e le sefe kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, mme ke eng se Jesu a se dirang jaanong?

19 Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga tse di Sekete, lefatshe lotlhe le tla bo le fetogile le tshwana le Edene kwa tshimologong. Le tla bo le le paradaise ya mmatota. Batho ba ba itekanetseng ba tla bo ba sa tlhole ba tlhoka moperesiti yo mogolo go ba buelela fa pele ga Modimo, e re ka jaana boleo jotlhe jwa ga Adame bo tla bo bo tlositswe, mme mmaba wa bofelo, loso, a nyeleditswe. Bogosi jwa ga Keresete bo tla bo bo fitlheletse boikaelelo jwa Modimo go tlhola lefatshe le le lengwe tlase ga mmuso o le mongwe. Fa dilo di fitlha fano, Jesu o “neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.”—1 Bakorintha 15:22-26; Baroma 15:12.

20. Ke eng se Johane a re bolelelang gore se tla diragala ka nako ya teko ya bofelofelo?

20 Jaanong ke nako ya teko ya bofelo. A lefatshe leo la batho ba ba tla bong ba itekanedisitswe, ka go sa tshwane le batho ba ntlha mo Edene, le tla ngaparela bothokgami? Johane o re bolelela se se diragalang: “Jaanong ka bonako fela fa dingwaga tse di sekete di sena go khutla, Satane o tla gololwa gore a tswe mo kgolegelong ya gagwe, mme o tla tswa a ya go timetsa ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, Gogo le Magogo, go ba phutha mmogo go ya ntweng. Palo ya bano e ntse jaaka moshawa wa lewatle. Mme ba anama godimo ga bophara jwa lefatshe ba bo ba dikanyetsa bothibelelo jwa baitshepi le motse o o rategang.”—Tshenolo 20:7-9a.

21. Ka maiteko a gagwe a bofelo, Satane o tswelela go dirang, mme ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke go bo bangwe ba sala Satane morago le eleng morago ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete?

21 Maiteko a bofelofelo a ga Satane a tla tswelela jang? O “timetsa ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, Gogo le Magogo,” le “go ba phutha mmogo go ya ntweng.” Ke mang yo tota a ka emang kafa letlhakoreng la ga Satane morago ga dingwaga tse di sekete tsa puso e e itumedisang, e e agang ya Modimo? Mme kana, o se ka wa lebala gore Satane o ne a kgona go timetsa Adame le Efa ba ba neng ba itekanetse fa ba ne ba sa ntse ba ipelela botshelo mo Paradaiseng ya Edene. Mme o ne a kgona go timetsa baengele ba ba kwa legodimong ba ba neng ba bone matswela a a sa siamang a botsuolodi jwa kwa tshimologong. (2 Petere 2:4; Jude 6) Jalo ga re a tshwanela go gakgamala fa re bona batho bangwe ba ba itekanetseng ba raelwa gore ba sale Satane morago le eleng morago ga puso e e itumedisang ya dingwaga tse di sekete ya Bogosi jwa Modimo.

22. (a) Ke eng se se supiwang ke tlhaloso e e reng “ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe”? (b) Ke ka ntlha yang fa batsuolodi ba bidiwa “Gogo le Magogo”?

22 Baebele e bitsa batsuolodi bano “ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe.” Seno ga se reye gore batho jaanong ba tla bo ba kgaogane gape ka ditšhaba tse di ikgaogantseng mo go tse dingwe gotlhelele. Go raya fela gore bano ba tla ikgaoganya le batho ba ba tshiamo ba ga Jehofa, le ba ba ikanyegang mme ba supa moya o o bosula o o tshwanang fela le o o bontshiwang ke ditšhaba gompieno. Ba tla “akanya leano le le utlwisang botlhoko,” jaaka go dirile Gogo wa Magogo mo polelelopeleng ya ga Esekiele, ka boikaelelo jwa go senya puso ya Modimo mo lefatsheng. (Esekiele 38:3, 10-12) Ka jalo, ba bidiwa “Gogo le Magogo.”

23. Ke eng se se supiwang ke lebaka la gore palo ya batsuolodi e ntse “jaaka moshawa wa lewatle”?

23 Palo ya ba ba ikopanyang le Satane mo botsuoloding e tla bo e tshwana le “moshawa wa lewatle.” Palo eo ke e e kana kang? Ga go na palo epe e e beilweng go le gale. (Bapisa Joshua 11:4; Baatlhodi 7:12.) Palo ya bofelo ya batsuolodi e tla ikaega ka tsela e motho mongwe le mongwe a itshwarang ka yone mo boferefereng jwa ga Satane. Le fa go le jalo, ga go belaesege gore, go tla nna le palo e ntsi, ka jaana ba tla ikutlwa ba nonofile thata gore ba ka fenya “bothibelelo jwa baitshepi le motse o o rategang.”

24. (a) “Motse o o rategang” ke eng, mme o ka dikanyediwa jang? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke “bothibelelo jwa baitshepi”?

24 “Motse o o rategang” e tshwanetse ya bo e le motse o Jesu Keresete yo o galaleditsweng a bolelelang balatedi ba gagwe ka one mo go Tshenolo 3:12 le o a o bitsang “motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me.” E re ka jaana eno e le phuthego ya selegodimo, go ka diragala jang gore masomosomo a a mo lefatsheng a o ‘dikanyetse’? Ke ka tsela ya gore ba dika “bothibelelo jwa baitshepi.” Bothibelelo bo nna ka kwantle ga motse; ka jalo, “bothibelelo jwa baitshepi” e tshwanetse ya bo e le batho ba ba mo lefatsheng ba ba kwantle ga lefelo la selegodimo koo Jerusalema o Mosha o o tshegetsang ka boikanyego thulaganyo ya mmuso wa ga Jehofa a leng gone. Fa batsuolodi ba ba laolwang ke Satane ba tlhasela baitshepi bao, Morena Jesu o tla tsaya seo jaaka go tlhasela ene ka boene. (Mathaio 25:40, 45) “Ditšhaba” di tla leka go nyeletsa sotlhe se se dirilweng ke Jerusalema o Mosha wa selegodimo mo go fetoleng lefatshe go nna paradaise. Jalo ka go tlhasela “bothibelelo jwa baitshepi,” ba a bo gape ba tlhasela “motse o o rategang.”

Bodiba Jwa Molelo le Sulefera

25. Johane o tlhalosa jang phelelo ya batsuolodi mo ‘bothibelelong jwa baitshepi,’ mme seno se tla rayang mo go Satane?

25 A boiteko jono jwa bofelo jwa ga Satane bo tla atlega? Ruriruri nnyaa—fela jaaka le yone tlhaselo ya ga Gogo wa Magogo e a tlogang a e dira mo Iseraeleng wa semoya gompieno e se kitla e atlega! (Esekiele 38:18-23) Johane o tlhalosa diphelelo tsa seno ka phepafalo a re: “Mme molelo wa fologa o tswa legodimong wa ba laila. Mme Diabolo yo o neng a ba tsietsa a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sulefera, koo sebatana mmogo le moporofeti wa maaka ba neng ba setse ba le gone.” (Tshenolo 20:9b-10a) Go na le gore ba latlhelwe fela mo moleteng o o senang bolekanngo, mo nakong eno, Satane, noga ya bogologolo, o tla tapetiwa gore a se tlhole a nna gone, a phatlakanngwa, a nyelediwa gotlhelele jaaka e kete ka molelo.

26. Ke ka ntlha yang fa ‘bodiba jwa molelo le sulefera’ e ka se ke e bo e le lefelo la mmatota la tlhokofatso?

26 Re setse re lemogile gore ‘bodiba jwa molelo le sulefera’ e ka se ke e nne lefelo la mmatota la tlhokofatso. (Tshenolo 19:20) Fa e le gore Satane o ne a ka tlhokofadiwa ka tsela e e setlhogo ka bosakhutleng, go raya gore Jehofa o ne a tla bo a mmolokile fela a ntse a tshedile. Le fa go le jalo, botshelo ke mpho, e seng kotlhao. Loso ke kotlhao ya boleo, mme go ya ka Baebele, dibopiwa tse di suleng ga di utlwe botlhoko bope. (Baroma 6:23; Moreri 9:5, 10) Mme gape, moragonyana re utlwa gore loso ka bolone, mmogo le Bobipo, le tsone di latlhelwa mo bodibeng jono jwa molelo le sulefera. Tota ruri, loso le Bobipo di ka seke di utlwe botlhoko!—Tshenolo 20:14.

27. Se se diragaletseng Sodoma le Gomora se re thusa jang go tlhaloganya lereo le le reng bodiba jwa molelo le sulefera?

27 Dilo tseno tsotlhe di tlhomamisa pono ya gore bodiba jwa molelo le sulefera ke dilo tsa tshwantshetso. Gape, fa go umakiwa molelo le sulefera re gakologelwa se se neng sa diragalela Sodoma le Gomora wa bogologolo, tse di neng tsa senngwa ke Modimo ka ntlha ya boikepo jwa tsone jo bo maswemaswe. Fa motlha o fitlha, “Jehofa a dira gore go ne sulefera le molelo tse di tswang kwa go Jehofa, kwa magodimong, di nele Sodoma le Gomora.” (Genesise 19:24) Se se neng sa tlhagela metse e mebedi eo se bidiwa “kotlhao ya katlholo ya molelo o o sa khutleng.” (Jude 7) Le fa ntse le jalo, metse e mebedi eo e ne ya se ka ya tlhokofadiwa ka bosakhutleng. Go na le moo, e ne ya nyelediwa, ya tlosediwa ruri, mmogo le baagi ba yone ba ba leswafetseng. Metse eo ga e yo le gompieno, mme ga go na ope yo o ka tlhomamisang tota gore e ne e le fa kae.

28. Bodiba jo bo molelo jo bo tukang le sulefura ke eng, mme ke ka ntlha yang fa bo sa tshwane le loso, Hadese, le molete?

28 Tumalanong le seno, Baebele ka boyone e tlhalosa se se bolelwang ke bodiba jwa molelo le sulefera fa e re: “Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo.” (Tshenolo 20:14) Ka phepafalo ke selo se se tshwanang fela le Gehena eo Jesu a neng a bua ka yone, eleng lefelo le baikepi ba sentsweng mo go lone, e seng go tlhokofalediwa ruri. (Mathaio 10:28) Ke tshenyego totatota e e feletseng, e go seng tsholofelo epe ya tsogo. Ka gone, le mororo go na le dilotlolo tsa loso, Hadese, le molete, ga go umakiwe sepe ka go bulwa ga bodiba jwa molelo le sulefera. (Tshenolo 1:18; 20:1) Ga bo kitla bo golola batshwarwa ba jone.—Bapisa Mareko 9:43-47.

Go Tlhokofadiwa Motshegare le Bosigo

29, 30. Ke eng se Johane a se bolelang kaga Diabolo le sebatana le moperofeti wa maaka, mme seno se tshwanetse go tlhaloganngwa jang?

29 Fa a bua ka Diabolo gammogo le sebatana le moporofeti wa maaka, Johane jaanong o re bolelela jaana: “Mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 20:10b) Seno se ka tswa se rayang? Jaaka go setse go umakilwe, ga se botlhale go bolela gore ditshwantsho, jaaka sa sebatana le moporofeti wa maaka, mmogo le loso le Hadese, di ka tlhokofadiwa ka tsela ya mmatota. Ka jalo, ga go na lebaka la gore re dumele gore Satane o tla bogisiwa ka bosakhutleng. O tla nyelediwa.

30 Lefoko la Segerika fano le le diriseditsweng “tlhokofatso,” ba·sa·niʹzo, le raya thatathata “go tlhatlhoba (ditshipi) ka leje la tlhatlhobelo.” “Go botsa dipotso ka go dirisa tlhokofatso” ke bokao jwa bobedi. (The New Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament) Mo mokwalong ka kakaretso, tiriso ya lefoko leno la Segerika e supa gore se se diragalelang Satane se tla direla ruriruri jaaka leje la tlhatlhobelo mo kgannyeng ya go tshwanela le go siama ga puso ya ga Jehofa. Kgang eo ya bolaodi jo bogolo e tla bo e rarabololetswe ruriruri. Le ka motlha ga go kitla go nna le kgwetlho epe mo bolaoding jwa ga Jehofa eo e tla tshwanelwang ke gore e tlhatlhobiwe mo lobakeng lo loleele lwa nako gore go supiwe gore e phoso.—Bapisa Pesalema 92:1, 15.

31. Mafoko a mabedi a Segerika a a amanang le tlhaloso e e reng “tlhokofatso” a re thusa jang go tlhaloganya kotlhao e Satane Diabolo a e bonang?

31 Mme gape, lefoko le le tsamaisanang le leo ba·sa·ni·stesʹ, “motlhokofatsi” le dirisiwa mo Baebeleng go raya “mogolegi.” (Mathaio 18:34, Kingdom Interlinear) Tumalanong le seno, Satane o tla golegelwa ruriruri mo bodibeng jwa molelo; ga a kitla a gololwa mo go jone. La bofelo, mo Septuagint ya Segerika, eo Johane a neng a e itse sentle, lefoko le le tsamaisanang le leo e bong baʹsa·nos le dirisediwa go raya nyenyefatso e e isang kwa losong. (Esekiele 32:24, 30) Seno se re thusa go bona gore kotlhao e Satane a e bonang ke loso lo lo nyenyefatsang, lo lo sa khutleng mo bodibeng jwa molelo le sulefera. O swa le ditiro tsa gagwe.—1 Johane 3:8.

32. Ke kotlhao efe e madimona a tla e bonang, mme re itse jang?

32 Mme gape, madimona ga a umakiwe mo temaneng eno. A ba tla gololwa le Satane kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete mme ba bone kotlhao ya loso lo lo sa khutleng le ene? Bosupi bo araba ka gore ee. Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Jesu o ne a bolela gore dipodi di tla ya kwa “molelong o o sa khutleng o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe.” (Mathaio 25:41) Tlhaloso e e reng ‘molelo o o sa khutleng’ e tshwanetse ya bo e raya bodiba jwa molelo le sulefera koo Satane a tla latlhelwang teng. Baengele ba ga Diabolo ba ne ba piriganngwa kwa legodimong le ene. Ka phepafalo, ba ne ba tsena mo moleteng o o senang bolekanngo le ene kwa tshimologong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete. Ka mo go tshwanetseng, le bone ba tla senngwa le ene mo bodibeng jwa molelo le sulefera.—Mathaio 8:29.

33. Ke ditlhaloso dife tsa Genesise 3:15 tse jaanong di tla bong di diragaditswe, mme jaanong moya wa ga Jehofa o tlhokomedisa Johane eng?

33 Ka tsela eno, ditlhaloso tsa bofelo tsa polelelopele tse di kwadilweng go Genesise 3:15 di diragaditswe. Fa Satane a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, o tla tshwana le noga e e suleng e tlhogo ya yone e ileng ya figitlhediwa ka serethe sa tshipi. Ene le madimona a gagwe ba tla bo ba etse ruri. Ga go umakiwe sepe se sengwe ka bone mo bukeng ya Tshenolo. Jaanong, fa bano ka tsela ya seporofeti ba sena go nyelediwa, moya wa ga Jehofa o re tlhokomedisa kgang e e kgatlhisang thata mo go ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng: Batho ba tla diragalelwa ke eng mo pusong ya selegodimo ya “Kgosi ya dikgosi” le ya ‘ba ba biditsweng, e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega’? (Tshenolo 17:14) Go araba seno, Johane o re busetsa gape kwa tshimologong ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dikwalo tse dingwe di bolela gore Jesu o ne a le mo Hadese fa a ntse a sule. (Ditiro 2:31) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go digela ka gore Hadese le molete ka metlha yotlhe ke dilo tse di tshwanang. Le mororo sebatana le Satane ba tsena mo moleteng, ke batho fela ba go tweng ba ya kwa Hadese, koo ba robetseng gone mo losong go fitlhelela ba tsosiwa.—Jobe 14:13; Tshenolo 20:13.

b Selepe (Segerika, peʹle·kus) go bonala e ne e le sedirisiwa sa polao se se tlwaelesegileng mo Roma, le mororo mo motlheng wa ga Johane gantsi go ne go dirisiwa tšhaka. (Ditiro 12:2) Ka jalo, lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano, pe·pe·le·kis·meʹnon (“bolawa ka selepe”), le raya fela “ba bolawa.”

c Ka mo go kgatlhisang, raditiragalo wa lekgolo la dingwaga la bonè, e bong Eusebius o bega gore Papias wa Hierapolis, yo go bolelwang gore o ne a amogela bontlhanngwe jwa kitso ya gagwe ya Baebele mo barutwaneng ba ga Johane, mokwadi wa Tshenolo, o ne a dumela mo Pusong ya mmatota ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete (le mororo Eusebius a ne a mo ganetsa thata).—The History of the Church, Eusebius, III, 39.

[Setshwantsho mo go tsebe 293]

Lewatle le le Suleng. Lefelo le Sodoma le Gomora di ka tswang di ne di le gone

[Ditshwantsho mo go tsebe 294]

“Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela