LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 43 ts. 305-313
  • Motse o o Galalelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motse o o Galalelang
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Lekanya Bogolo Jwa Motse
  • Didirisiwa Tsa Kago Tse di Tlhokegang
  • Motse wa Lesedi
  • Lesedi la Ditšhaba
  • Noka ya Metsi a Botshelo
  • Ditlhare Tsa Botshelo
  • Ga go Kitla go Tlhola go Nna Bosigo Gope
  • Konelo e e Itumedisang ya Tshenolo
  • Jerusalema yo Mosha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 43 ts. 305-313

Kgaolo 43

Motse o o Galalelang

Ponatshegelo 16—Tshenolo 21:9–22:5

Setlhogo: Tlhaloso ya Jerusalema yo Mosha

Nako ya go diragadiwa: Morago ga pitlagano e kgolo le go golegwa ga ga Satane

1, 2. (a) Moengele o isa Johane kae go ya go bona Jerusalema yo Mosha, mme ke phapaano efe e re e bonang fano? (b) Ke ka ntlha yang fa seno e le konelo e e molemolemo ya Tshenolo?

MOENGELE o ne a tsaya Johane a mo isa kwa nageng go mmontsha Babelona o Mogolo. Mme jaanong mongwe wa setlhopha se se tshwanang sa baengele o isa Johane kwa thabeng e e godileng. A bo a bona selo se se fapaaneng jang ne! Fano ga go tlhole go le motse o o leswe, o o boitsholo jo bo sa siamang o o tshwanang le seaka sa Babelona, mme ke Jerusalema yo Mosha—o o itshekileng, wa semoya, o o boitshepo—mme e bile o fologa o tswa kwa legodimong ka bolone.—Tshenolo 17:1, 5.

2 Le eleng ene Jerusalema yo o mo lefatsheng ga a ise a ke a nne le kgalalelo e e tshwanang le eno. Johane o re bolelela jaana: “Mme ga tla mongwe wa baengele ba ba supa ba ba neng ba tshotse megopo e supa e e neng e tletse dipetso di supa tsa bofelo, mme a bua le nna a re: ‘Tla kwano, ke tla go bontsha monyadiwa, mosadi wa Kwana.’ Jalo a ntsholela kwa thabeng e kgolo le e e kwa godimo ka maatla a moya, mme a mpontsha motse o o boitshepo Jerusalema o fologa o tswa legodimong kwa Modimong mme o na le kgalalelo ya Modimo.” (Tshenolo 21:9-11a) Go tswa mo lefelong le a neng a ka bona sentle mo go lone mo thabeng e e godileng, Johane o kanoka motse ono o montle, o o nang le dilo tse di rategang tsa one. Banna ba tumelo ba ile ba lebelela ka tlhoafalo go tla ga one fa e sa le batho ba tlelwa ke boleo le loso. Mme jaanong o tlile! (Baroma 8:19; 1 Bakorintha 15:22, 23; Bahebera 11:39, 40) Ke motse o o tsabakelang wa semoya, o o dirilweng ka babolokabothokgami ba ba ikanyegang ba le 144 000, o o galalelang mo boitshepong jwa one e bile o supa kgalalelo ya ga Jehofa ka sebele. Eno ke yone konelo e e molemolemo ya Tshenolo!

3. Johane o tlhalosa jang bontle jwa Jerusalema yo Mosha?

3 Bontle jwa Jerusalema yo Mosha ke jo bo boitshegang: “Phatsimo ya one e ne e tshwana le leje le le tlhokegang thata go a gaisa otlhe, jaaka leje la jasepere le phatsima mo le galalelang jaaka legweka. O ne o na le lobota lo logolo le lo lo kwa godimo e bile o na le dikgoro di le lesome le bobedi, mme mo dikgorong go na le baengele ba le lesome le bobedi, mme go ne go kwadilwe maina ka go ralwa a e leng a ditso tse di lesome le bobedi tsa bomorwa Iseraele. Kafa botlhaba go ne go na le dikgoro di le tharo, kafa bokone dikgoro di le tharo, kafa borwa dikgoro di le tharo, kafa bophirima dikgoro di le tharo. Lobota lwa motse le lone lo ne lo na le maje a le lesome le bobedi a motheo, mme mo go one go le maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi ba ga Kwana.” (Tshenolo 21:11b-14) A bo go tshwanela jang ne gore mokwalo wa ntlha o Johane a o kwalang e bo e le wa phatsimo e e galalelang! Ka go tsabakela jaaka monyadiwa yo mosha, Jerusalema yo Mosha o nna mopati yo o tshwanetseng wa ga Keresete. O phatsima ka tsela e e molemo, jaaka popo e e tshwanetseng sentle ya ga “Rara wa masedi.”—Jakobe 1:17.

4. Ke eng se se supang gore Jerusalema yo Mosha ga se setšhaba sa Iseraele wa nama?

4 Mo dikgorong tsa one tse 12, go kwadilwe maina a ditso tse 12 tsa Iseraele. Ka gone, motse ono wa tshwantshetso o dirilwe ka batho ba le 144 000, ba ba tshwailweng mo ‘lotsong longwe le longwe lwa bomorwa Iseraele.’ (Tshenolo 7:4-8) Tumalanong le seno, mo majeng a motheo go kwadilwe maina a baaposetoloi ba le 12 ba Kwana. Ee, Jerusalema yo Mosha ga se setšhaba sa Iseraele wa nama o o neng o theilwe mo baneng ba le 12 ba ga Jakobe. Ke Iseraele wa semoya, o o theilweng mo “motheong wa baaposetoloi le baporofeti.”—Baefeso 2:20.

5. Ke eng se se kaiwang ke go bo Jerusalema yo Mosha a na le “lobota lo logolo le lo lo kwa godimo” le gore baengele ba beilwe mo kgorong nngwe le nngwe?

5 Motse wa tshwantshetso o na le lobota lo logolo. Mo metlheng ya bogologolo, dipota tsa motse di ne di agetswe go sireletsa motse oo mo babeng. “Lobota lo logolo le lo lo kwa godimo” lwa Jerusalema yo Mosha lo bontsha gore o babalesegile mo semoyeng. Ga go mmaba ope wa tshiamo, motho ope yo o seng phepa e bile a sa ikanyege, yo o ka tsenang mo teng ga one. (Tshenolo 21:27) Mme mo go bao ba dumelelwang go tsena, fa ba tsena mo motseng o montle oo, go tshwana le fa ba tsena mo Paradaiseng. (Tshenolo 2:7) Morago ga go lelekwa ga ga Adame, go ne ga bewa ditšheruba fa pele ga Paradaise ya pelepele go kganela batho ba ba seng phepa gore ba se ka ba tsena. (Genesise 3:24) Ka tsela e e tshwanang, go beilwe baengele mo kgorong nngwe le nngwe ya Jerusalema motse o o boitshepo go tlhokomela gore motse oo o babalesege semoyeng. Tota ruri, go ralala metlha ya bofelo, baengele ba ile ba disa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, e e fetogang Jerusalema yo Mosha, gore e se ka ya kgotlelwa ke Babelona.—Mathaio 13:41.

Go Lekanya Bogolo Jwa Motse

6. (a) Johane o tlhalosa jang go lekanngwa ga motse, mme go lekanngwa mono go supa eng? (b) Ke eng se se ka neng se kaiwa ke gore selekanyo se se dirisitsweng e ne e le “sa motho, gape e le sa moengele”? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

6 Johane o tswelela jaana ka polelo ya gagwe: “Jaanong ene yo o neng a bua le nna o ne a tshwere lotlhaka lwa gouta e le selekanyi, gore a tle a lekanye motse le dikgoro tsa one le lobota lwa one. Motse o ne o le matlhakore a le manè a a lekalekanang, le boleele jwa one bo lekana le bophara jwa one ka bogolo. Mme a lekanya motse ka lotlhaka, diferelone di le dikete di le lesome le bobedi; boleele jwa one le bophara le bogodimo di a lekana. Gape, a lekanya lobota lwa one, dikubita di le lekgolo le masome a manè le bonè, go ya ka selekanyo sa motho, gape e le sa moengele.” (Tshenolo 21:15-17) Fa tempele e sena go lekanngwa, seno se ne se tlhomamisa gore maikaelelo a ga Jehofa ka yone a tla diragadiwa. (Tshenolo 11:1) Mme jaanong, fa moengele a lekanya Jerusalema yo Mosha seo se bontsha kafa maikaelelo a ga Jehofa a sa fetogeng ka gone mabapi le motse ono o o galalelang.a

7. Ke eng se se kgatlhisang thata kaga ditekanyo tsa motse?

7 A bo motse ono e le o o gakgamatsang jang ne! Ke popego ya dintlha di le thataro tse di lekalekanang ya diferelone di le 12 000 (mo e ka nnang dikilometara di le 2 220) go o dikologa, o thekeleditswe ka lorako lo lo dikubita di le 144, kana bogodimo jwa dimitara di le 64. Ga go na motse ope wa mmatota o o ka nnang le dilekanyo tse di kalo. O ne o ka akaretsa kgaolo e e bogolo bo kana ka Iseraele wa segompieno ka makgetlo a a ka nnang 14, mme o ne o tla nna bogodimo jwa dikilometara di le 560 go ya fela kwa loaping! Tshenolo e ne ya neelwa ka ditshwantsho. Ka jalo, dilekanyo tseno di re bolelela eng kaga Jerusalema yo Mosha wa selegodimo?

8. Ke eng se se bolelwang ke (a) lobota lwa motse lo lo bogodimo jwa dikubita di le 144? (b) selekanyo sa motse sa diferelone di le 12 000? (c) go bo motse o le sebopego sa dintlha tse thataro tse di lekalekanang?

8 Bogodimo jwa lobota jwa dikubita di le 144 bo re gakolola gore motse o dirilwe ka bomorwa Modimo ba ba itshenketsweng ba semoya ba le 144 000. Palo 12 e e bonalang mo selekanyong sa motse sa diferelone di le 12 000—e e nang le boleele, boatlhamo, le bogodimo jo bo lekalekanang—e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo dilong tse di amanang le phuthego mo polelelopeleng ya Baebele. Jalo he, Jerusalema yo Mosha ke phuthego e e rulagantsweng sentle ka manontlhotlho go diragatsa boikaelelo jwa bosakhutleng jwa Modimo. Jerusalema yo Mosha, mmogo le Kgosi Jesu Keresete, ke thulaganyo ya Bogosi jwa ga Jehofa. Mme jaanong go latela sebopego sa motse: ke sebopego se se dintlha di thataro tse di lekalekanang. Mo tempeleng ya ga Solomone, Boitshepo jwa Maitshepo, joo mo go jone go neng go na le tshwantshetso ya go nna gone ga ga Jehofa, e ne e le sebopego se se dintlha di le thataro tse di lekalekanang. (1 Dikgosi 6:19, 20) A bo go tshwanela jang ne, gore Jerusalema yo Mosha, yo o bonesitsweng ke kgalalelo ya ga Jehofa ka boene, a bo a bonwa jaaka sebopego se se dintlha tse thataro tse di lekalekanang! Dilekanyo tsotlhe tsa one di lekalekantswe sentle. Ke motse o o se nang matsoketsane kana bogole bope.—Tshenolo 21:22.

Didirisiwa Tsa Kago Tse di Tlhokegang

9. Johane o tlhalosa jang didirisiwa tsa kago tse di dirisitsweng mo motseng oo?

9 Johane o tswelela jaana ka tlhaloso ya gagwe: “Jaanong lobota lwa one lo ne lo agilwe ka jasepere, mme motse o ne o le gouta e e tlhololo jaaka galase e e galalelang. Metheo ya lobota lwa motse ono e ne e kgabisitswe ka mofuta mongwe le mongwe wa leje le le tlhokegang: motheo wa ntlha e ne e le jasepere, wa bobedi e le safire, wa boraro kalesedone, wa bonè emeraleda, wa botlhano saredonekese, wa borataro saredise, wa bosupa kerusolete, wa borobedi berile, wa borobongwe topase, wa bolesome kerusoperase, wa bolesome le bongwe hiasinthe, wa bolesome le bobedi amethisete. Gape, dikgoro tse di lesome le bobedi e ne e le diperela di le lesome le bobedi; nngwe le nngwe ya dikgoro e ne e dirilwe ka perela e le nngwe. Mme tsela e e atlhameng ya motse e ne e le gouta e e tlhololo, jaaka galase e e galalelang.”—Tshenolo 21:18-21.

10. Ke eng se se supiwang ke gore motse o agilwe ka jasepera, gouta, le “mofuta mongwe le mongwe wa leje le le tlhokegang”?

10 Tsela e motse o agilweng ka yone ruri ke e e galalelang. Mo boemong jwa dilo tsa kago tsa selefatshe, tsa mmu, jaaka letsopa kana maje, re utlwa go twe jasepera, gouta e e itshekileng, le “mofuta mongwe le mongwe wa leje le le tlhokegang.” A bo dilo tseno ruri di emela dilo tsa kago ya selegodimo! Ga go na sepe se se ka tsabakelang go gaisa seno. Letlole la kgolagano la bogologolo le ne le apesitswe ka gouta e e itshekileng, mme mo Baebeleng lejana leno gantsi le emela dilo tse di leng mosola thata. (Ekesodo 25:11; Diane 25:11; Isaia 60:6, 17) Mme Jerusalema yo Mosha ka kakaretso, mme le eleng mmila wa one, di dirilwe ka “gouta e e letlhololo, jaaka galase e e galalelang,” mme seo se supa tlhwatlhwa e kgolo e e jesang kgakge.

11. Ke eng se se tlhomamisetsang gore ba ba bopang Jerusalema yo Mosha ba tla phatsima ka bontle jo bogolo jwa boitsheko jwa semoya?

11 Ga go motho ope yo o ka tlhaolosang gouta e e boitsheko jo bo ntseng jalo. Mme Jehofa ke Montlafatsi yo Mogolo. O direla jaaka “moitshekisi le montlafatsi wa selefera,” mme o itshekisa maloko a Iseraele wa semoya motho ka bongwe “jaaka gouta le jaaka selefera,” a tlosa boitshekologo jotlhe mo go bone. Ke batho fela ba ruri ba ileng ba itshekisiwa le go ntlafadiwa kgabagare ba ba tla bopang Jerusalema yo Mosha, mme ka tsela eno Jehofa o aga motse ka didirisiwa tse di tshelang tse di phatsimang ka bontle jo bogolo jwa boitsheko jwa semoya.—Malaki 3:3, 4.

12. Ke eng se se supiwang ke lebaka la gore (a) metheo ya motse e kgabisitswe ka maje a a tlhokegang a le 12? (b) dikgoro tsa motse ke diperela?

12 Le e leng yone metheo ya motse e mentle, e kgabisitswe ka maje a a tlhokegang a le 12. Seno se re gakolola ka moperesiti yo mogolo wa Mojuda wa bogologolo, yoo ka malatsi a mediro a neng a apara sekhutlana se se kgomareditsweng maje a a tlhokegang a a farologaneng a le 12 a a batlileng a tshwana le a a tlhalosiwang fano. (Ekesodo 28:15-21) Nnyaa, ga go a itiragalela fela! Go na le moo, seno se gatelela tiro ya boperesiti e e dirwang ke Jerusalema yo Mosha, yoo Jesu, jaaka Moperesiti yo Mogolo, eleng “lampa” ya one. (Tshenolo 20:6; 21:23; Bahebera 8:1) Gape, ke ka Jerusalema yo Mosha batho ba fiwang melemo e e tlhagisiwang ke bodiredi jwa moperesiti yo mogolo, e bong Jesu. (Tshenolo 22:1, 2) Dikgoro tse 12 tsa motse, tse nngwe le nngwe ya tsone e leng perela ya bontle jo bogolo, di gakolola motho ka setshwantsho sa ga Jesu se se neng sa tshwantsha Bogosi le perela e e tlhwatlhwa kgolo. Botlhe ba ba tsenang ka dikgoro tseo ba tla bo ba bontshitse kanaanelo ya mmatota mo dilong tsa semoya.—Mathaio 13:45, 46; bapisa Jobe 28:12, 17, 18.

Motse wa Lesedi

13. Ke eng se Johane a tswelelang go se bua mabapi le Jerusalema yo Mosha, mme ke ka ntlha yang fa motse o sa tlhoke tempele epe ya sebele?

13 Mo motlheng wa ga Solomone, Jerusalema o ne a okangwe ke tempele e e neng e agilwe kwa godimodimo mo Thabeng ya Moria kwa bokone. Mme go tweng ka Jerusalema yo Mosha? Johane o bolela jaana: “Mme ke ne ka se ka ka bona tempele mo go one, gonne Jehofa Modimo Mothatayotlhe ke tempele ya one, le Kwana ke yone. Mme motse ga o tlhoke letsatsi le fa e le ngwedi go o phatsimela, gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesitse, mme lobone lwa one e ne e le Kwana.” (Tshenolo 21:22, 23) Tota ruri, ga go tlhokege gore go agiwe tempele epe ya sebele mono. Tempele ya Bajuda ya bogologolo e ne e le setshwani fela, mme selo se se neng se tshwantshediwa ke setshwani seo, e bong tempele e kgolo ya semoya, ga e bolo go nna gone fa esale Jehofa a tlotsa Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo ka 29 C.E. (Mathaio 3:16, 17; Bahebera 9:11, 12, 23, 24) Tempele gape e ne e tshwantshetsa setlhopha sa baperesiti ba ba direlang batho ka go ba ntshetsa ditlhabelo mo go Jehofa. Mme botlhe ba ba leng karolo ya Jerusalema yo Mosha ke baperesiti. (Tshenolo 20:6) Mme setlhabelo se segolo, e bong botshelo jwa motho yo o itekanetseng jwa ga Jesu, se ile sa ntshediwa ruri gangwe fela. (Bahebera 9:27, 28) Mme gape, Jehofa o amana ka sebele le mongwe le mongwe yo o nnang mo motseng oo.

14. (a) Ke ka ntlha yang fa Jerusalema yo Mosha a sa tlhoke letsatsi le kgwedi go phatsima mo go one? (b) Ke eng se polelelopele ya ga Isaia e neng ya se bolelela pele ka phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa, mme Jerusalema yo Mosha o kopanyelediwa jang mo go seno?

14 Fa kgalalelo ya ga Jehofa e ne e feta fa go Moshe kwa Thabeng ya Sinai, e ne ya dira gore sefatlhego sa ga Moshe se phatsime thata mo go neng ga tshwanela gore a se bipele Baiseraele ba bangwe. (Ekesodo 34:4-7, 29, 30, 33) A o ka akanya fela gore motse o o boneseditsweng ruri ka kgalalelo ya ga Jehofa o phatsima go le kana kang? Motse o o ntseng jalo o ka seke o nne le bosigo. O tla bo o sa tlhoke ka gope letsatsi la sebele kana ngwedi. O tla bo o ntshetsa ruri phatsimo ya letsatsi. (Bapisa 1 Timotheo 6:16.) Jerusalema yo Mosha o mo mofuteng o o ntseng jalo wa phatsimo e e lakaselang. Ee, ruri, monyadiwa yono le Monyadi wa gagwe wa Kgosi ba nna motsemogolo wa phuthego ya lobopo lotlhe ya ga Jehofa—“mosadi” wa gagwe, “Jerusalema o o kwa godimo”—yoo Isaia a neng a bolelela pele ka ene a re: “Letsatsi ga le kitla le tlhola le nna lesedi la gago motshegare, mme ngwedi ga a kitla a tlhola a go fa lesedi la phatsimo. Mme Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, le Modimo wa gago o tla nna bontle jwa gago. Letsatsi la gago ga le kitla le tlhola le phirima, le fa e le ngwedi wa gago go ngotlega lesedi; gonne Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, mme malatsi a go hutsafala ga gago a tla bo a weditswe.”—Isaia 60:1, 19, 20; Bagalatia 4:26.

Lesedi la Ditšhaba

15. Ke mafoko afe a Tshenolo kaga Jerusalema yo Mosha a a tshwanang fela le polelelopele ya ga Isaia?

15 Yone polelelopele eno e ne ya bolela gape ya re: “Mme ruri ditšhaba di tla ya kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong ya go phatsima ga gago.” (Isaia 60:3) Tshenolo e bontsha gore mafoko ano a tla akareletsa Jerusalema yo Mosha: “Mme ditšhaba di tla tsamaya ka lesedi la one, le dikgosi tsa lefatshe di tla tlisa kgalalelo ya tsone mo go one. Mme dikgoro tsa one ga di na go tswalwa ka gope motshegare, gonne ga go kitla go nna bosigo gone. Mme ba tla tlisa kgalalelo le tlotlo ya ditšhaba mo go one.”—Tshenolo 21:24-26.

16. “Ditšhaba” tse di tla tsamayang mo leseding la Jerusalema yo Mosha ke bomang?

16 “Ditšhaba” tse di tsamayang ka lesedi la Jerusalema yo Mosha ke bomang? Ke batho, ba pele e neng e le bontlhanngwe jwa ditšhaba tsa lefatshe leno le le boikepo, ba ba arabelang leseding leno le le bonesitsweng ka motse ono o o galalelang wa selegodimo. Ba ba kwa pelepele mo bathong bano ke ba boidiidi jo bogolo, ba ba setseng ba dule mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba,” le ba ba obamelang Modimo motshegare le bosigo ba na le setlhopha sa Johane. (Tshenolo 7:9, 15) Morago ga Jerusalema yo Mosha a sena go fologa kwa legodimong mme Jesu a dirisa dilotlolo tsa loso le tsa Hadese go tsosa baswi, ba tla kopana mmogo le dimilione tse dingwe, tsa ba pele ba neng ba tswa mo ‘ditšhabeng,’ ba ba ratang Jehofa le Morwawe, Monna wa Jerusalema yo Mosha, yo o tshwanang le Kwana.—Tshenolo 1:18.

17. “Dikgosi tsa lefatshe” tse di ‘tlisang kgalalelo ya tsone’ mo go Jerusalema yo Mosha ke bomang?

17 Ke bomang he, ba e leng “dikgosi tsa lefatshe” tse di tlisang “kgalalelo ya tsone mo go one”? Ga se dikgosi tsa mmatota tse di mo lefatsheng jaaka setlhopha, ka go bo di ya tshenyegong fa di sena go tlhabana le Bogosi jwa Modimo ka Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16; 19:17, 18) A dikgosi e ka tswa e le batho bangwe ba maemo a a kwa godimo mo ditšhabeng ba ba nnang bontlhanngwe jwa boidiidi jo bogolo, kana dikgosi tse di tsositsweng tsa ba ba ineelang mo Bogosing jwa Modimo mo lefatsheng le lesha? (Mathaio 12:42) Legoka, ka ntlha ya gore totatota, kgalalelo ya dikgosi tseo e ne e le ya selefatshe mme e bile ga e bolo go nyelela. “Dikgosi tsa lefatshe,” he, tse di tlisang kgalalelo mo Jerusalema yo Mosha e tshwanetse ya bo e le ba ba 144 000, ba ba tswang go ‘rekwa mo ditsong tsotlhe, le dipuo tsotlhe, le batho botlhe, le ba merafe yotlhe’ go busa jaaka dikgosi le Kwana, Jesu Keresete. (Tshenolo 5:9, 10; 22:5) Ba tlisa kgalalelo e ba e filweng ke Modimo mo motseng go oketsa phatsimo ya one.

18. (a) Ke bomang ba ba se kitlang ba tsena mo Jerusalema yo Mosha? (b) Ke bomang fela ba ba tla dumelelwang go tsena mo motseng?

18 Johane o tswelela jaana: “Mme selo se se sa itshepang le motho yo o tswelelang a dira selo se se ferosang sebete le maaka ga a na go tsena mo go one ka gope; go tla tsena fela ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa momeno lwa Kwana lwa botshelo.” (Tshenolo 21:27) Ga go na sepe se se kgotletsweng ke tsamaiso ya dilo ya ga Satane se se ka nnang karolo ya Jerusalema yo Mosha. Le mororo dikgoro tsa one di buletswe ruri, ga go ope “yo o tswelelang a dira selo se se ferosang sebete le maaka” yo o tla dumelelwang go tsena. Go tla bo go se na batlhanogi bape mo motseng oo le fa e le maloko ape a Babelona o Mogolo. Mme fa go na le bangwe ba ba lekang go dira gore motse o se ka wa nna boitshepo ka go leswefatsa maloko a one a nako e e tlang fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, maiteko a bone a a kgorelediwa. (Mathaio 13:41-43) Ke fela “ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa momeno lwa Kwana lwa botshelo,” ba ba 144 000, ba kgabagare ba tla tsenang mo Jerusalema yo Mosha.b—Tshenolo 13:8; Daniele 12:3.

Noka ya Metsi a Botshelo

19. (a) Johane o tlhalosa jang Jerusalema yo Mosha gore ke ene a tlisang masego mo bathong? (b) “Noka ya metsi a botshelo” e elela leng, mme re itse seo jang?

19 Jerusalema yo Mosha o o tsabakelang o tla tlisetsa batho mo lefatsheng masego a a molemolemo. Seno ke se Johane a tswelelang go se itsise: “Mme a mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana e ya le bogare jwa tsela ya one e e atlhameng.” (Tshenolo 22:1, 2a) “Noka” eno e elela leng? E re ka jaana e elela “e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana,” e ne e ka nna fela morago ga go simologa ga letsatsi la Morena ka 1914. Eo e ne e le nako ya tiragalo e e neng ya bolelwa ke go lediwa ga lonaka lwa bosupa le kitsiso e kgolo e e reng: “Jaanong go tlile poloko le maatla le bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe.” (Tshenolo 11:15; 12:10) Mo metlheng ya bofelo, moya le monyadiwa ba ile ba laletsa batho ba ba tshwanelegang gore ba tseye metsi a botshelo mahala. Batho ba ba thokgameng ba tla nna ba amogela metsi ano go fitlha tsamaiso eno e fela le morago ga foo, go fitlha mo lefatsheng le lesha, fa Jerusalema yo Mosha ‘a fologa go tswa legodimong kwa Modimong.’—Tshenolo 21:2.

20. Ke eng se se supang gore selekanyo se se rileng sa metsi a botshelo se setse se le gone?

20 Fano ga se la ntlha batho ba solofediwa metsi a a fang botshelo. Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bua ka metsi a a neng a ka fa botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 4:10-14; 7:37, 38) Mme gape, Johane o tloga a utlwa taletso e nngwe ya bopelontle: “Mme moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!” Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Taletso eno e dirwa gone jaanong jaana, e supa gore selekanyo se se rileng sa metsi a botshelo se setse se le gone. Mme mo lefatsheng le lesha, metsi ao a tla elela a tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo le go ralala Jerusalema yo Mosha jaaka noka totatota.

21. Ke eng se se tshwantshediwang ke “noka ya metsi a botshelo,” mme ponatshegelo ya ga Esekiele ka noka eno e re thusa go itse eng?

21 “Noka ya metsi a botshelo” ke eng? Metsi a mmatota ke sedirisiwa se se molemo mo botshelong. Kwantle ga dijo motho o ka tshela dibeke di le dintsinyana, mme kwantle ga metsi o ka swa fela mo lobakeng lwa beke e le nngwe. Metsi gape ke sephepafatsi e bile a tlhokega thata mo botsogong. Ka jalo, metsi a botshelo a tshwanetse a bo a raya sengwe se se tlhokegang thata-thata mo botshelong le mo botsogong jwa batho. Moporofeti Esekiele le ene o ne a fiwa ponatshegelo e nngwe gape kaga noka eno ya ‘metsi a botshelo,’ mme mo ponatshegelong ya gagwe, noka e ne e elela e tswa mo tempeleng e bo e elelela mo le Lewatleng le le Suleng. Mme morago ga moo, go ne ga nna kgakgamatso e kgolo! Metsi a go seng botshelo mo go one, a a tletseng matswai a ne a fetoga a nna metsi a a monate a a tletseng ditlhapi! (Esekiele 47:1-12) Ee, noka eo ya ponatshegelo e tshedisa sengwe seo pele se neng se sule, go tiisetsa gore noka eo ya metsi a botshelo e tshwantshetsa thulaganyo ya Modimo ka Jesu Keresete ya go busetsa boitekanelo jwa mmele mo bathong ba ba neng ba ‘sule.’ Noka eno “e galalela jaaka legweka,” e le mo go bontshang boitsheko le boitshepo jwa dithulaganyo tsa Modimo. Ga di tshwane le “metsi” a a tletseng madi, a a bolayang a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete.—Tshenolo 8:10, 11.

22. (a) Noka e simologa kae, mme ke ka ntlha yang fa seno se tshwanela? (b) Ke eng se se kopanyelediwang mo metsing a botshelo, mme noka eno ya tshwantshetso e akaretsang?

22 Noka e tswa mo “setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana.” Seno se a tshwanela, e re ka jaana motheo wa dithulaganyo tse di nayang botshelo tsa ga Jehofa e le setlhabelo sa thekololo, mme seno se ne sa rulaganngwa ka go bo Jehofa “o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Metsi a botshelo gape a kopanyeletsa le Lefoko la Modimo, le le bolelwang gore ke metsi mo Baebeleng. (Baefeso 5:26) Le fa go ntse jalo, noka ya metsi a botshelo ga e reye boammaaruri fela mme gape le thulaganyo nngwe le nngwe ya ga Jehofa, e e theilweng mo setlhabelong sa ga Jesu, go golola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong le go ba fa botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 1:29; 1 Johane 2:1, 2.

23. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore noka ya metsi a botshelo e bo e elela fa gare ga mmila mo motseng wa Jerusalema yo Mosha? (b) Ke tsholofetso efe ya Modimo e e neng ya newa Aborahame e e tla diragadiwang fa metsi a botshelo a elela a le mantsi?

23 Mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete, melemo ya thekololo e dirisiwa ka botlalo ka boperesiti jwa ga Jesu le baperesiti ba babotlana ba gagwe ba ba 144 000. Ka mo go tshwanetseng he, noka ya metsi a botshelo e elela fa gare ga motse wa Jerusalema yo Mosha. Eno e dirilwe ka Iseraele wa semoya, yoo mmogo le Jesu ba dirang Losika lwa boammaaruri lwa ga Aborahame. (Bagalatia 3:16, 29) Ka jalo, fa metsi a botshelo a elela ka bontsi fa gare ga mmila wa motse wa tshwantshetso, ‘ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe’ di tla nna le sebaka se se tletseng sa go itshegofatsa ka losika lwa ga Aborahame. Tsholofetso ya ga Jehofa e a neng a e solofetsa Aborahame e tla bo e diragaditswe ka botlalo.—Genesise 22:17, 18.

Ditlhare Tsa Botshelo

24. Ke eng se Johane jaanong a se bonang mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya metsi a botshelo, mme di tshwantshetsang?

24 Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, noka e ne ya bo ya simolola go ela, mme moporofeti o ne a bona ditlhare tsa mefuta yotlhe tse di ungwang di tlhogile mo ditlhakoreng tsoopedi tsa yone. (Esekiele 47:12) Mme ke eng se Johane a se bonang? O bona seno: “Mme ka kwano ga noka le ka kwa moseja ole go ne go na le ditlhare tsa botshelo di ungwa maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe. Mme matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa ditšhaba.” (Tshenolo 22:2b) ‘Ditlhare tseno tsa botshelo’ di tshwanetse tsa bo di tshwantshetsa gape bontlhanngwe jwa thulaganyo ya ga Jehofa ya go fa batho ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng.

25. Ke thulaganyo efe e kgolo e Jehofa a e direlang batho ba ba arabelang mo Paradaiseng ya lefatshe lotlhe?

25 A bo e le letlotlo le legolo la thulaganyo e Jehofa a e direlang batho ba ba arabelang! Ga ba nwe fela metsi a a lapolosang mme gape ba ka nna ba kgetla maungo a a tshedisang a ditlhare tse di mefutafuta. Ebu, e kete batsadi ba rona ba pele ba ka bo ba ile ba kgorisiwa ke thulaganyo e e tshwanang e e ‘eletsegang’ mo Paradaiseng ya Edene! (Genesise 2:9) Mme jaanong Paradaise ya lefatshe lotlhe e gorogile, mme Jehofa o dira paakanyetso ka makakaba a ditlhare tseo tsa tshwantshetso go ‘alafa ditšhaba’c Se se fetang kgakalakgakala molemo le fa e ka nna ofe, modi wa setlhare kana eng fela, tse di dirisiwang gompieno, tiriso e e thobang ya makakaba ao a tshwantshetso e tla dira gore batho ba ba nang le tumelo ba bone boitekanelo jwa semoya le jwa mmele.

26. Ke eng se ditlhare tsa botshelo di ka nnang tsa se akaretsa, mme ka ntlha yang?

26 Ditlhare tseo, tse di nosediwang sentle ke noka, di ka nna gape tsa akaretsa maloko a mosadi wa ga Kwana a ba ba 144 000. Fa bano le bone ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba nwa thulaganyo ya Modimo ya botshelo ka Jesu Keresete. Mme se se itumedisang ke gore bomonnawe Jesu ba ba tsetsweng ka moya ba bidiwa ka tsela ya boporofeti go twe ke “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo.” (Isaia 61:1-3; Tshenolo 21:6) Ba setse ba tlhagisitse maungo a mantsi a semoya go baka Jehofa. (Mathaio 21:43) Mme mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete, ba tla nna le seabe mo go tliseng dipaakanyetso tsa thekololo tse di tla direlang jaaka ‘tsa go alafa ditšhaba’ go tswa mo boleong le mo losong.—Bapisa 1 Johane 1:7.

Ga go Kitla go Tlhola go Nna Bosigo Gope

27. Ke masego afe a mangwe a Johane a a umakang mo go ba ba nang le tshiamelo ya go tsena mo Jerusalema yo Mosha, mme ke ka ntlha yang fa go twe “ga go na go tlhola go nna le phutso epe”?

27 Go tsena mo Jerusalema yo Mosha—ruri, ga go na tshiamelo epe e e molemolemo go feta eno! A ko o akanye ka gone—batho ba ba kwa tlase, batho ba pele e neng e le ba maemo a kwa tlase ba sa itekanela, ba tla sala Jesu morago go tsena mo legodimong gore ba nne karolo ya thulaganyo e e ntseng jalo e e galalelang! (Johane 14:2) Johane o re naya lesedi go sekae ka masego a a tla ipelelwang ke bano, ka go re: “Mme ga go na go tlhola go nna le phutso epe. Setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana se tla nna mo motseng ono, le batlhanka ba gagwe ba tla mo direla tirelo e e boitshepo; mme ba tla bona sefatlhego sa gagwe, le leina la gagwe le tla nna mo diphatleng tsa bone.” (Tshenolo 22:3, 4) Fa baperesiti ba Baiseraele ba sena go senyega maitsholo, ba ne ba hutsiwa ke Jehofa. (Malaki 2:2) Jesu o ne a bolela fa “ntlo” e e sa ikanyegeng ya Jerusalema e ropefaditswe. (Mathaio 23:37-39) Mme mo Jerusalema yo Mosha “ga go na go tlhola go nna le phutso epe.” (Bapisa Sekarea 14:11.) Baagi botlhe ba one ba ile ba lekwa mo molelong wa diteko gone mo lefatsheng, mme fa ba sena go fenya, ba tla bo ba ‘apere go sa bole le bosasweng.’ Mo go bone, Jehofa o a itse, fela jaaka a ne a itse le ka Jesu, gore ga ba kitla ba ikanyologa. (1 Bakorintha 15:53, 57) Gape, “setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana” se tla bo se le gone, se dira gore bonno jwa motse oo bo nne bo babalesegile go ya ka bosaengkae.

28. Ke ka ntlha yang fa maloko a Jerusalema yo Mosha a kwadilwe leina la Modimo mo diphatleng tsa bone, mme ke tebelelo efe e e itumedisang e e ba emetseng?

28 Fela jaaka Johane ka boene, botlhe ba ba tla nnang maloko a motse oo wa selegodimo ke “batlhanka” ba Modimo. Ka jalo, leina la Modimo le kwadilwe le papametse mo diphatleng tsa bone, le ba supa gore ke Mong wa bone. (Tshenolo 1:1; 3:12) Ba tla tsaya seo jaaka tshiamelo e e se nang bolekanngo go mo direla tirelo e e boitshepo jaaka bontlhanngwe jwa Jerusalema yo Mosha. Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a ntsha tsholofetso e e itumedisang thata go botlhe ba ba neng ba tla nna babusi le ene, ka go re: “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo.” (Mathaio 5:8) A bo batlhanka bano ba tla itumela jang ne ka ntlha ya go bo ba tla bona le go obamela Jehofa ka sebele sa gagwe!

29. Ke ka ntlha yang fa Johane a re mo Jerusalema yo Mosha wa selegodimo “bosigo bo tla bo bo seyo”?

29 Johane o tswelela jaana: “Gape, bosigo bo tla bo bo seyo, mme ga ba tlhoke lesedi la lobone le fa e le go nna le lesedi la letsatsi, ka gonne Jehofa Modimo o tla ba phatsimisetsa lesedi.” (Tshenolo 22:5a) Jerusalema wa bogologolo, fela jaaka motse ope fela o mongwe mo lefatsheng, o ne o ikaegile ka letsatsi fa go le motshegare mme fa go le bosigo ka lesedi la kgwedi kana ka le le bonesitsweng ke batho. Mme mo Jerusalema yo Mosha wa selegodimo, go bonesa mo go ntseng jalo go tla bo go sa tlhokege. Motse o tla bonesiwa ke Jehofa ka boene. “Bosigo” bo ka nna jwa dirisiwa gape ka tshwantshetso, go tewa bomadimabe kana go kgaogana le Jehofa. (Mika 3:6; Johane 9:4; Baroma 13:11, 12) Ga go kitla go nna mofuta o o ntseng jalo wa bosigo fa pele ga Modimo mothatayotlhe yo o galalelang, le yo o phatsimang.

30. Johane o digela jang ponatshegelo e e kgatlhisang thata eno, mme ke eng se Tshenolo e se re tlhomamisetsang?

30 Johane o digela ponatshegelo eno e e tsabakelang ka go bua jaana ka batlhanka bano ba Modimo: “Mme ba tla busa e le dikgosi ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 22:5b) Ee, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, melemo ya thekololo e tla bo e dirisitswe ka botlalo, mme Jesu o tla neela Rraagwe batho ba ba itekanedisitsweng. (1 Bakorintha 15:25-28) Ga re itse gore ke eng se Jehofa a tla se abelang Jesu le ba ba 144 000 morago ga moo. Mme Tshenolo e re tlhomamisetsa gore tshiamelo ya bone ya go direla Jehofa tirelo e e boitshepo e tla tswelela go ya fela kwa bosakhutleng.

Konelo e e Itumedisang ya Tshenolo

31. (a) Ke konelo efe e e tshwaiwang ke ponatshegelo ya Jerusalema yo Mosha? (b) Ke eng se Jerusalema yo Mosha a se direlang batho ba ba ikanyegang?

31 Go diragala ga ponatshegelo eno ya Jerusalema yo Mosha, e bong monyadiwa wa Kwana, ke konelo e e itumedisang eo Tshenolo e supang kaga yone, mme e bile e le ka mo go tshwanetseng. Johane le Bakeresete ba bangwe botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba buka e neng e lebagantswe le bone pele ba ne ba solofetse go tsena mo motseng oo jaaka babusimmogo ba semoya ba ba sa sweng le Jesu Keresete. Masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng gompieno ba na le tsholofelo e e tshwanang. Ka gone Tshenolo e ntse e ya kwa konelong ya yone e e molemolemo, jaaka monyadiwa yo o feletseng a kopanngwa le Kwana. Morago ga moo, ka Jerusalema o Mosha, melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu e tla dirisiwa mo bathong, mo eleng gore kgabagare botlhe ba ba ikanyegang ba tla tsena mo botshelong jo bo sa khutleng. Ka tsela eno, monyadiwa, e bong Jerusalema yo Mosha, jaaka mothusi yo o ikanyegang wa Monyadi wa gagwe wa Kgosi, ba tla kopanela go ya go ile mo go ageng lefatshe le lesha la tshiamo—gotlhe e le kgalaletsong ya ga Jehofa Morena wa rona wa Lobopo.—Mathaio 20:28; Johane 10:10, 16; Baroma 16:27.

32, 33. Ke eng se re se ithutileng mo go Tshenolo, mme re tshwanetse go arabela jang go tswa mo dipelong?

32 A bo re itumela jang ne, jaaka fa re ntse re atamela bofelo jwa puisano ya rona ka buka ya Tshenolo! Re ile ra bona maiteko a bofelofelo a ga Satane le losika lwa gagwe a kgorelediwa gotlhelele mme dikatlholo tsa ga Jehofa tsa tshiamo di diragadiwa go ya fela kwa bofelong. Babelona o Mogolo o tshwanetse go nyelelela ruri, mme e re morago go latele dikarolo tse dingwe tse di bodileng gotlhelele tsa lefatshe la ga Satane. Satane ka boene le badimona ba gagwe ba tla golegwa mme moragonyana ba senngwe. Jerusalema yo Mosha o tla busa le Keresete kwa legodimong jaaka fa tsogo le katlholo di ntse di tsweletse, mme batho ba ba itekanedisitsweng kgabagare ba ipelela botshelo mo lefatsheng la Paradaise. A bo Tshenolo e tlhalosa ka phepafalo jang ne dilo tseno tsotlhe! A bo e re kgothatsa jang go ikemisetsa go ‘bolelela setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme le batho dikgang tse di molemo tse di sa khutleng’ mo lefatsheng gompieno! (Tshenolo 14:6, 7) A o iteka ka botlalo mo tirong eno e kgolo?

33 Ka dipelo tsa rona tse di tletseng ka tebogo, a re tlhokomeleng mafoko a a digelang a Tshenolo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lebaka la go bo selekanyo se se dirisitsweng e ne e le “go ya ka selekanyo sa motho, gape e le sa moengele” le ka nna la bo le raya gore motse o dirilwe ka ba ba 144 000, bao pele e neng e le batho mme jaanong ba fetogang dibopiwa tsa semoya gareng ga baengele.

b Ela tlhoko gore ‘lokwalo lwa momeno lwa Kwana lwa botshelo’ lo tshotse maina a ba ba 144 000 fela, e bong ba Iseraele wa semoya. Ka jalo le farologana le ‘lokwalo lwa momeno lwa botshelo’ le mo go lone go nang le ba ba tla amogelang botshelo mo lefatsheng.—Tshenolo 20:12.

c Ela tlhoko gore tlhaloso e e reng “ditšhaba” gantsi e raya batho ba eseng ba Iseraele wa semoya. (Tshenolo 7:9; 15:4; 20:3; 21:24, 26) Tiriso ya tlhaloso eno fano ga e kae gore batho ba tla tswelela ba ntse ba kgaogane ka ditšhaba tsa bone tse di farologaneng mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela