LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ti ts. 7-12
  • Thuto ya Tharo-Nngwe E Nnile Gone Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Tharo-Nngwe E Nnile Gone Jang?
  • A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo E Constantine A Nnileng le Yone kwa Nicaea
  • Tiragalo E Nngwe Gape
  • Molao wa Bodumedi wa ga Athanasius
  • Botenegi Jo Bo Neng Bo Boleletswe Pele
  • Ke Eng Seo Se Neng Sa E Tlhotlheletsa
  • Dithuto tsa ga Plato
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Baperofeti ba Modimo Ba Ne Ba Sa E Rute?
  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Dipotso Tsa Thuto ya Boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?
    Tsogang!—2013
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
ti ts. 7-12

Thuto ya Tharo-Nngwe E Nnile Gone Jang?

GO TLA go fitlha jaanong o ka nna wa botsa jaana: ‘Fa e le gore Tharo-Nngwe ga se thuto ya Bibela, go tlile jang gore e nne thuto ya La-Bodumedi?’ Ba le bantsi ba akanya gore e ne ya simololwa ke Lekgotla la Nicaea ka 325 C.E.

Lefa go le jalo, ga go a nna jalo tota. Lekgotla la Nicaea gone tota le ne la tlhomamisa gore Keresete o ne a lekana le Modimo, eleng seo se neng sa thaela thuto-bomodimo ya Tharo-Nngwe ya moragonyana ga moo motheo. Mme ga lea ka la simolola Tharo-Nngwe, ka gonne kwa lekgotleng leo go ne ga seka ga umakiwa moya o o boitshepo jaaka motho wa boraro wa Modimo o o Gararo ka gope.

Karolo E Constantine A Nnileng le Yone kwa Nicaea

KA SEBAKA sa dingwaga di le dintsi, go ne go ile ga ganediwa kgopolo ya gore Jesu e ne e le Modimo gore e seka ya nna gone e ganediwa ka mabaka a a tswang mo Bibeleng. Go leka go rarabolola kganetsano eno, mmusi wa Roma ebong Constantine o ne a epa pitso ya bobishopo botlhe kwa Nicaea. Mo e ka nnang ba le 300, eleng palonyana e nnye thata ya bone fa ba le botlhe, e ne ya nna gone.

Constantine e ne e se Mokeresete. Ka mo go bonalang ka gone, o ne a sokologa moragonyana mo botshelong, mme o ne a seka a kolobediwa go fitlhela a swa. Henry Chadwick o bolela jaana ka ene go The Early Church: “Constantine, jaaka rraagwe, o ne a obamela Letsatsi Le Le Sa Fenngweng; . . . go sokologa ga gagwe ga go a tshwanela ga tsewa jaaka tshegofatso e e neng e diragala mo teng ga gagwe . . . E ne e le kgang ya sesole. Ga a ise a ko a bo a tsamaye a tlhaloganye thuto ya Bokeresete sentle, mme o ne a dumela gore go fenya mo ntweng e ne e le mpho ya Modimo wa Bakeresete.”

Mmusisi yono yo o sa kolobediwang o ne a nna le karolo efe mo Lekgotleng leo la Nicaea? Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Constantine ka boene o ne a e eteletse pele, a goga ditherisano tseo kwa pele ka matlhagatlhaga, mme ene ka namana o ne a akantsha . . . taolo ya motheo ya go kgaola kgang eleng taolo e e bontshang kamano e e leng gone gareng ga Keresete le Modimo e e mo molaong wa bodumedi o o neng wa tlhagisiwa ke lekgotla leo, eleng ‘wa gore o mongwe fela le Rara’ . . . Ereka ba ne ba boifa mmusisi yono, bobishopo, kwantle ga ba le babedi fela, ba ne ba saena molao ono, ba le bantsi ba bone ba ne ba dira jalo ba sa rate tota.”

Ka jalo, karolo eo Constantine a nnileng le yone e ne e le ya makgaolakgang. Morago ga dikgwedi di le pedi go tshwerwe dikganetsano tse di matlho mahibidu tsa bodumedi, lepolotiki leno la moheitane le ne la tsenelela mme la dira tshwetso e e dumalanang le bao ba neng ba re Jesu ke Modimo. Mme ka ntlhayang? Eleruri e ne e se ka ntlha ya go bo ba ne ba tlhatswitswe pelo ke Bibela mo go seno. “Totatota Constantine o ne a sa tlhaloganye ka gope dipotso tseo di neng di bodiwa mo thuta-bomodimong ya Segerika,” go bolela jalo A Short History of Christian Doctrine. Seo a neng a se tlhaloganya e ne e le gore go tlhoka kutlwano ga bodumedi go ne go tshosetsa puso ya gagwe, mme o ne a batla go kitlanya puso ya gagwe.

Lefa go le jalo, ga go na ope wa bobishopo bao ba kwa Nicaea yo o neng a buelela Tharo-Nngwe. Ba ne ba dira tshwetso fela malebana le gore Jesu ke motho wa mofuta mang mme eseng ka seabe seo moya o o boitshepo o nang le sone. Fa e le gore Tharo-Nngwe e ne e le boammaaruri jo bo phepafetseng jwa Bibela, a ga ba tshwanela go bo ba ne ba e bueletse ka yone nako eo?

Tiragalo E Nngwe Gape

MORAGO ga Nicaea, dikganetsano tse di malebana le kgang eno di ne tsa nna tsa tswelela ka masomesome a dingwaga. Bao ba neng ba dumela gore Jesu o ne a sa lekane le Modimo ba ne ba bo ba bona tshegetso ka nakwana. Mme moragonyana Mmusisi Theodosius o ne a dira tshwetso kgatlhanong le bone. O ne a tlhoma molao wa Lekgotla la Nicaea jaaka molao o batho ba puso ya gagwe ba tshwanetseng ba tshela ka one mme a epa pitso ya Lekgotla la Constantinople ka 381 C.E. gore le tle go tlhalosa molao ono sentle.

Lekgotla leno le ne la dumalana go baya moya o o boitshepo mo boemong bo le bongwe fela le Modimo le Keresete. E ne ya nna lekgetlho la ntlha, Tharo-Nngwe ya bodumedi e simolola go tlhagelela.

Lefa go le jalo, tota le eleng le morago ga Lekgotla la Constantinople, Tharo-Nngwe e ne ya seka ya nna molao o o neng o amogelwa ke batho ba le bantsi. Ba le bantsi ba ne ba o ganetsa mme ka go dira jalo ba ne ba iteretse pogiso e e setlhogo. E ne e le fela mo makgolong a dingwaga a moragonyana fa Tharo-Nngwe e ne e simolola go tsenngwa mo melaong e e tlhomilweng. The Encyclopedia Americana e tlhalosa jaana: “Tharo-Nngwe e ne ya nna gone ka botlalo kwa Bophirima, mo Dithutong tsa Melao ya Bodumedi ya Dingwaga tsa Bogareng, fa tlhaloso ya yone e ne e simololwa go ya ka thuta-matlhale le boithuta-tlhaloganyo.”

Molao wa Bodumedi wa ga Athanasius

THARO-NNGWE e ne ya tlhalosiwa ka botlalo mo Molaong wa ga Athanasius. Athanasius e ne e le moruti yo o neng a ema Constantine nokeng kwa Nicaea. Molao ono o o sheleletsweng ene o bolela jaana: “Re obamela Modimo o le mongwe ka Tharo-Nngwe . . . Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya O O Boitshepo ke Modimo; mme lefa go le jalo ga se medimo e le meraro, mme ke Modimo o le mongwe fela.”

Lefa go le jalo, bakanoki ba ba rutegileng thata ba dumalana gore Athanasius ga a ka a tlhoma molao ono wa bodumedi. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Kereke ya Botlhaba e ne e sa itse sepe ka molao ono wa bodumedi go fitlhelela ka lekgolo la bo-12 la dingwaga. Fa esale go tloga ka lekgolo la bo-17 la dingwaga, bakanoki ba ile ba dumalana ka kakaretso gore Molao ono wa bodumedi wa ga Athanasius o ne o sa kwalwa ke Athanasius (yo o neng a swa ka 373) mme go bonala o ne wa tlhongwa kwa borwa jwa Fora ka lekgolo la bo-5 la dingwaga. . . . Tlhotlheletso ya molao ono wa bodumedi go bonala e ne e le kwa borwa jwa Fora le kwa Spain thata-thata ka lekgolo la bo-6 le la bo-7 la dingwaga. O ne o dirisiwa mo kobamelong ya kereke kwa Jeremane ka lekgolo la bo-9 la dingwaga le moragonyana go sekae kwa Roma.”

Ka jalo go ne ga tsaya makgolokgolo a dingwaga go tloga ka nako ya ga Keresete gore Tharo-Nngwe e amogelwe ke batho ba le bantsi mo go La-Bodumedi. Mme mo go seno sotlhe, ke eng seo se neng se ba goga fa ba dira ditshwetso tseno? A e ne e le Lefoko la Modimo? Kana a e ne e le dilo tseo baruti le borra-dipolotiki ba neng ba di akanya? Go Origin and Evolution of Religion, E. W. Hopkins o araba jaana: “Tlhaloso ya makgaolakgang eo e neng ya amogelwa semmuso ya Tharo-Nngwe e ne e le segolo thata kgang ya dipolotiki tsa kereke.”

Botenegi Jo Bo Neng Bo Boleletswe Pele

HISETORI eno e e tlontlololang ya Tharo-Nngwe e dumalana sentle le seo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba se bolelela pele gore se ne se tla tla morago ga nako ya bone. Ba ne ba bolela gore go ne go tla nna le botenegi, go fapoga, go wa mo kobamelong ya boammaaruri go fitlhela Keresete a bo a tla, eleng nako eo kobamelo ya boammaaruri e neng e tla busediwa ka yone pele ga letsatsi la Modimo la go senya tsamaiso eno ya dilo.

Malebana le “letsatsi” leo, moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe.” (2 Bathesalonia 2:3, 7) Moragonyana, o ne a bolelela pele jaana: “E tla re ke sena go tsamaea go tla tsèna mo go lona diphiri tse di setlhogo, tse di sa rekegèleñ lecomane; Le mo go lona ka losi go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.” (Ditihō 20:29, 30) Barutwa ba bangwe ba ga Jesu le bone ba ne ba kwala ka botenegi jono gammogo le setlhopha sa jone sa baruti se se ‘ganang taolo.’—Ka sekai, bona 2 Petere 2:1; 1 Yohane 4:1-3; Yude 3, 4.

Paulo gape o ne a kwala jaana: “Eleruri nako e e tla eo ka yone, batho ba se ketlang ba kgotsofalela thuto e e utlwalang le eseng, e ba tla tlhologelelwang dikgang tsa bosheng ka yone mme ba ikokwanyetse baruti bao ba ba ratang; mme morago ga moo, mo boemong jwa gore ba reetse boammaaruri, ba tla reetsa ditlhamane.”—2 Timotheo 4:3, 4, Jerusalem Bible ya Katoliki (JB).

Jesu ka boene o ne a tlhalosa gore ke eng seo se neng se tlhotlheletsa batho gore ba we mo kobamelong ya boammaaruri jaana. O ne a bolela gore o ne a jadile peo e e molemo mme gore mmaba, ebong Satane, o ne a tla jala mofero mo tshimong a e tlatsa ka one. Ka jalo fa matlhare a ntlha a korong a ne a tswa, mofero le one o ne wa tlhagelela. Ka jalo, go ne go tshwanetse ga lebelelwa gore batho ba fapoge mo Bokereseteng jo bo itshekileng go fitlhelela go rojwa, eleng nako eo Keresete a neng a tla siamisa dilo ka yone. (Mathaio 13:24-43) The Encyclopedia Americana e akgela jaana: “Thuto ya Tharo-Nngwe ya lekgolo la bonè la dingwaga e ne e sa bontshe thuto ya Bokeresete jwa pele sentle malebana le gore Modimo ke motho wa mofuta mang; mo boemong jwa moo, e ne e le go fapoga mo thutong eno.” He, go fapoga gono go simologile kae?—1 Timotheo 1:6.

Ke Eng Seo Se Neng Sa E Tlhotlheletsa

GO RALALA lefatshe lotlhe la bogologolo, la bogologolo go fitlha kwa go Babelonia, go obamelwa ga medimo ya boheitane e rulagantswe ka ditlhopha tsa boraro ka boraro, kana e e dikarolo di tharo, go ne go atile. Tlhotlheletso eo e ne e tumile gape le kwa Egepeto, Gerika, le kwa Roma mo makgolong a dingwaga a pele ga Keresete, a ka nako ya gagwe, le a morago ga gagwe. Mme morago ga loso lwa baaposetoloi, ditumelo tseo tsa boheitane di ne tsa simolola go tsenelela mo Bokereseteng.

Rrahisitori ebong Will Durant o ne a akgela jaana: “Bokeresete ga bo a ka jwa senya boheitane; bo ne jwa bo amogela. . . . Dikgopolo tsa medimo ya tharo-nngwe di ne tsa tla go tswa kwa Egepeto.” Mme mo bukeng ya Egyptian Religion, Siegfried Morenz o bolela jaana: “Tharo-Nngwe e ne e le selo se segolo go baithuta-bomodimo ba Egepeto . . . Medimo e le meraro e a kopanngwa mme e bo e tsewa jaaka motho a le mongwe fela, ba bua le yone jaaka motho a le mongwe. Ka ntlha ya seno tlhotlheletso ya semoya ya bodumedi jwa Seegepeto e bonala e amana ka tlhamalalo le thuta-bomodimo ya Bokeresete.”

Ka jalo, kwa Alexandria, Egepeto, baruti ba kereke ba fa lekgolo la boraro la dingwaga le ne le ela go fela le ba mo masimologong a lekgolo la bonè la dingwaga, ba ba ntseng jaaka Athanasius, ba ne ba bontsha gore ba tshwaeditswe ke seno jaaka fa ba ne ba simolola dikgopolo tse di neng tsa gogela go Tharo-Nngwe. Tlhotlheletso ya bone e ne ya anama, mo eleng gore Morenz o ne a tsaya gore “thuta-bomodimo ya Alexandria ke yone e tsereganyang magareng ga boswa jwa bodumedi jwa Seegepeto le Bokeresete.”

Mo ketapeleng e e go History of Christianity, ya ga Edward Gibbon, re bala jaana: “Fa e le gore Boheitane bo ne jwa fenngwa ke Bokeresete, ke boammaaruri ka mo go lekanang gore Bokeresete bo ne jwa bodisiwa ke Boheitane. Go dumela mo Modimong go go itshekileng ga Bakeresete ba ntlha . . . go ne ga fetolwa, ke Kereke ya Roma, ya go fetola gore e nne thuto e e sa tlhaloganyesegeng ya tharo-nngwe. Bontsi jwa dithuto tsa boheitane, tseo di neng tsa simololwa ke Baegepeto mme tsa ntlafadiwa ke Plato, di ne tsa bolokwa jaaka tse di tshwanelwang go dumelwa.”

A Dictionary of Religious Knowledge e bolela gore ba le bantsi ba a re Tharo-Nngwe “ke thuto e e bodileng eo e tserweng go tswa mo madumeding a seheitane, mme ya tsenngwa mo tumelong ya Bokeresete.” Mme The Paganism in Our Christianity e bolela jaana: “[Tharo-Nngwe] e simologile mo boheitaneng gotlhelele.”

Ke ka ntlha ya moo James Hastings a neng a kwala jaana go Encyclopædia of Religion and Ethics: “Mo bodumeding jwa Se-India, ka sekai, re kopana le setlhopha sa tharo-nngwe sa Brahmā, Siva, le Viṣṇu; mme mo bodumeding jwa Egepeto re kopana le setlhopha sa tharo-nngwe sa Osiris, Isis, le Horus . . . Ebile ga se fela gore re bona Modimo a lejwa jaaka Tharo-Nngwe mo madumeding a hisetori. Motho o gakologelwa thatathata tsela eo Dithuto tsa ga Plato di neng di leba Maatla mangwe a Magolo go Feta Otlhe ka gone,” eleng a a “tshwantshiwang a le dikarolo di tharo.” Rrathuta-matlhale wa Mogerika ebong Plato o amana jang le Tharo-Nngwe?

Dithuto tsa ga Plato

GO AKANNGWA gore, Plato o ne a tshela go tloga ka 428 go ya go 347 pele ga Keresete. Lemororo a ne a sa rute Tharo-Nngwe jaaka fa e rutiwa gompieno, thuta-matlhale ya gagwe e ne ya e baakanyetsa tsela. Moragonyana, mekgatlho ya thuta-matlhale e e neng e akareletsa ditumelo tsa Tharo-Nngwe e ne ya tsoga, mme e ne e tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa ga Plato kaga Modimo le tlholego.

Nouveau Dictionnaire Universel ya Sefora (Buka E Ntšha E E Tlhalosang Mafoko ya Lobopo Lotlhe) e bolela jaana ka tlhotlheletso eo Plato a neng a na le yone: “Tharo-Nngwe ya ga Plato, eo yone ka boyone eleng fela go rulaganngwa sesha ga ditharo-nngwe tsa bogologolo tsa nako ya bogologolo ya batho ba pele, go bonala e le tharo-nngwe ya thuta-matlhale e e utlwalang ya dilo tseo di neng tsa tsala thuto ya batho ba bararo kana batho ba bomodimo eo e rutiwang mo dikerekeng tsa Bokeresete. . . . Kgopolo eno ya rrathuta-matlhale wa Mogerika ya modimo wa tharo-nngwe . . . e ka bonwa mo ditumelong tsotlhe tsa bogologolo tsa [boheitane].”

The New Schaff-Herzog Encyclopedia of Religious Knowledge e bontsha tlhotlheletso eo thuto-matlhale eno ya Bagerika e neng ya nna le yone: “Dithuto tsa Logos le Tharo-Nngwe di ne tsa simologa go tswa mo go Borre ba Bagerika, bao . . . ba neng ba tlhotlhelediwa thata, ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo, ke thuta-matlhale ya ga Plato . . . Ga go kake ga ganelwa ntlha ya gore diphoso le dilo dingwe tse di sa siamang di ne tsa tsenelela mo Kerekeng go tswa mo motsweding ono.”

The Church of the First Three Centuries e bolela jaana: “Thuto ya Tharo-Nngwe e ne ya simologa ka iketlo mme ya simologa morago thata fela; . . . e simologile mo motsweding o e neng e se wa Dikwalo tsa Bojuda le tsa Bokeresete gotlhelele; . . . e ne ya gola, mme e ne ya tsenngwa mo Bokereseteng, ka diatla tsa Borre ba ba neng ba ruta thuto ya ga Plato.”

Kwa bokhutlong jwa lekgolo la boraro la dingwaga C.E., “Bokeresete” le dithuta-matlhale tse disha tsa ga Plato di ne tsa kopana mo di ka se kakeng tsa kgaoganngwa. Jaaka fa Adolf Harnack a bolela go Outlines of the History of Dogma, thuto ya kereke e ne ya “tsepamisiwa mo mmung wa Bogerika [mo kgopolong ya Bogerika ya boheitane]. Ka go dira jalo e ne ya fetoga bosaitsiweng mo go ba le bantsi ba Bakeresete.”

Kereke e ne ya bolela gore dithuto tseno tsa yone tse disha di ne di tswa mo Bibeleng. Mme Harnack o bolela jaana: “Tota e ne e dira gore kakanyo ya Bogerika e e neng e le mo gare ga yone, dipono tse di belaetsang le ditlwaelo tsa kobamelo ya bosaitsiweng ya boheitane e nne tse di amogelesegang semolao.”

Mo bukeng ya A Statement of Reasons, Andrews Norton o bolela jaana ka Tharo-Nngwe: “Re ka sala hisitori ya thuto eno morago go bona kwa e simologileng teng, mme ra fitlhela gore e tswa, mo thuta-matlhaleng ya ga Plato, eseng mo tshenolong ya Bokeresete . . . Tharo-Nngwe ga se thuto ya ga Keresete le Baaposetoloi ba gagwe, mme ke tlhamane ya sekolo sa balatedi ba moragonyana ba ga Plato.”

Ka jalo, mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., botenegi jo bo neng bo boleletswe pele ke Jesu le baaposetoloi bo ne jwa tlhagelela ka botlalo. Go nna gone ga Tharo-Nngwe e ne e le bosupi bo le bongwe fela jwa seno. Dikereke tsa botenegi le tsone di ne tsa simolola go amogela dikgopolo tse dingwe tsa boheitane, tse di ntseng jaaka dihele tsa molelo, go sa sweng ga moya, le kobamelo ya medimo ya disetwa. Fa re bua ka tsela ya semoya, La-Bodumedi e ne e tsene mo dingwageng tsa yone tse di boleletsweng pele tse di lefifi, e eteletswe pele ke setlhopha sa baruti se se golang sa “monna oa boleo.”—2 Bathesalonia 2:3, 7.

Ke Ka Ntlhayang Fa Baperofeti ba Modimo Ba Ne Ba Sa E Rute?

KE KA NTLHAYANG fa, mo dingwageng tse di diketekete, go ne go sena ope wa baperofeti ba Modimo yo o neng a ruta batho ba gagwe Tharo-Nngwe? Morago jaana, a Jesu a ka bo a sa dirisa kgono ya gagwe jaaka Morutisi yo Mogolo go dira gore balatedi ba gagwe ba tlhaloganye Tharo-Nngwe sentle? A Modimo o ne a ka tlhotlheletsa ditsebe tse di makgolokgolo tsa Lokwalo mme le fa go le jalo a bo a sa dirise epe fela ya thuto eno go ruta Tharo-Nngwe fa e ne e le gore e ne e le “thuto ya konokono” ya tumelo?

A Bakeresete ba tshwanetse ba dumela gore makgolokgolo a dingwaga morago ga ga Keresete le morago ga gore go kwalwe Bibela ka tlhotlheletso, Modimo o ne o ka tshegetsa go dirwa ga thuto eo e neng e sa itsiwe ka gope ke batlhanka ba gagwe ka dingwaga tse di diketekete, eo e leng “masaitsiweng a a sa tlhaloganyesegeng” “eo go seng motho ope yo o ka e tlhaloganyang,” eo go bonalang e simologile kwa boheitaneng ebile “thatathata e le kgang ya dipolotiki tsa kereke”?

Bosupi jwa hisitori bo phepafetse: Thuto ya Tharo-Nngwe ke go fapoga mo boammaaruring, mme ke ya go nna batenegi ba jone.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

‘Thuto ya Tharo-Nngwe ya lekgolo la bonè la dingwaga e ne e le go fapoga mo thutong ya Bokeresete jwa pele.’—The Encyclopedia Americana

[Lebokoso mo go tsebe 9]

“Tharo-Nngwe ya Medimo E Megolo”

Makgolokgolo a dingwaga pele ga nako ya ga Keresete, go ne go na le medimo e e gararo, kana ya ditharo-nngwe, mo Babelonia wa bogologolo le kwa Asiria. “Larousse Encyclopedia of Mythology” ya Sefora e bolela ka tharo-nngwe e le nngwe ya go nna jalo ya mo karolong eo ya Mesopotamia: “Lobopo lo ne lo kgaogantswe ka dikarolo di le tharo tseo nngwe le nngwe ya tsone e neng e busiwa ke modimo. Karolo ya ga Anu e ne e le loapi. Lefatshe le ne le neilwe Enlil. Ea e ne ya nna mmusi wa metsi. Ba ne ba bopa tharo-nngwe ya Medimo E Megolo fa ba le mmogo.”

[Lebokoso mo go tsebe 12]

Tharo-Nngwe ya Sehindu

Buka ya “The Symbolism of Hindu Gods and Rituals” e bolela jaana malebana le tharo-nngwe ya Mahindu eo e neng e le gone makgolokgolo a dingwaga pele ga Keresete: “Siva ke o mongwe wa medimo ya Tharo-Nngwe. Go bolelwa gore ke modimo wa tshenyo. Medimo e mengwe e mebedi ke Brahma, modimo wa popo le Vishnu, modimo wa paakanyo. . . . Go bontsha gore ditiragalo tse tharo tseno ke selo se le sengwe fela medimo e meraro eno e kopantswe mmogo go nna selo se le sengwe fela.”—E e gatisi-tsweng ke A. Parthasarathy, Bombay.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

“Totatota Constantine o ne a sa tlhaloganye ka gope dipotso tseo di neng tsa bodiwa mo thuta-bomodimong ya Segerika.”—A Short History of Christian Doctrine

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

1. Egepeto. Tharo-Nngwe ya ga Horus, Osiris, Isis, sekete sa bo-2 sa dingwaga B.C.E.

2. Babelona. Tharo-Nngwe ya ga Ishtar, Sin, Shamash, sekete sa bo-2 sa dingwaga B.C.E.

3. Palmyra. Tharo-Nngwe ya modimo wa ngwedi, Morena wa Magodimo, modimo wa letsatsi, mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

4. India. Tharo-Nngwe ya modimo o o gararo wa Ba-Hindu, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-7 la dingwaga C.E.

5. Kampuchea. Tharo-Nngwe ya modimo o o gararo wa Babuda, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-12 la dingwaga C.E.

6. Norway. Tharo-Nngwe (Rara, Morwa, moya o o boitshepo), mo e ka nnang ka lekgolo la bo-13 la dingwaga C.E.

7. Fora. Tharo-Nngwe, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-14 la dingwaga C.E.

8. Italy. Tharo-Nngwe, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-15 la dingwaga C.E.

9. Jeremane. Tharo-Nngwe, mo e ka nnang ka lekgolo la bo-19 la dingwaga C.E.

10. Jeremane. Tharo-Nngwe, lekgolo la bo-20 la dingwaga C.E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela