Kgaolo 10
Bokeresete—A Jesu E Ne E le Ene Tsela ya go Amana le Modimo?
Go tla go fitlha fano, kwantle ga kgaolo eo e neng e bua ka Bojuda, re ile ra sekaseka ditumelo tse dikgolo tseo bogolo jwa tsone bo thailweng mo ditlhamaneng. Jaanong re tla sekaseka bodumedi jo bongwe jo bo iphakang fa bo ka atamalanya batho le Modimo—ebong Bokeresete. Motheo wa Bokeresete ke eng—a ke ditlhamane kana ke ditiragalo tsa boammaaruri?
1. (a) Ke ka ntlhayang fa hisitori ya Labodumedi e dira gore batho bangwe ba seka ba ikanya Bokeresete gotlhelele? (b) Labodumedi le Bokeresete di farologanngwa jang?
HISITORI ya Labodumedi,a e e tletseng ka dintwa, dipotsiso, dintwa tsa botlhabanelatumelo, le boitimokanyi jwa bodumedi, tsotlhe di ile tsa tlisetsa Bokeresete leina le le maswe. Bamoselema ba ba ineetseng le ba bangwe ba supa fa boitsholo jo bo bodileng le boitshwaro jo bo botlhaswa jwa “Bokeresete” jwa batho ba Bophirima e le tsone di bakileng gore batho ba gane Bokeresete. Ebile tota, merafe eo go bolelwang gore ke ya Bakeresete e latlhegetswe ke maitsetsepelo a yone a boitsholo mme ba ile ba nwela mo dilong tse di tshwanang le go sa ikanyege, bogagapa, le go itlhapedisa.
2, 3. (a) Go na le phapaang efe gareng ga boitshwaro jwa Bakeresete ba ntlha le batho ba Labodumedi wa segompieno? (b) Dipotso dingwe tseo di tshwanetseng go arabiwa ke dife?
2 Gore ditekanyetso tsa boitsholo tsa Bokeresete jwa ntlha di ne di farologane le boitsholo jo bo repileng jwa gompieno go supelwa ke Moporofesa Elaine Pagels mo bukeng ya gagwe Adam, Eve, and the Serpent, moo a tlhalosang ka gore: “Bakeresete ba le bantsi ba makgolo a ntlha a manè a dingwaga ba ne ba ikgantsha ka go ikgapha ga bone mo go tsa tlhakanelodikobo; ba ne ba bifela go nyala lefufa mme gantsi le gone go tlhala, moo setso sa Bajuda se neng se go letlelela; mme ba ne ba ganana le ditlwaelo tsa go tlhakanela dikobo le batho bao go sa nyalanwang nabo moo go neng go amogelwa ke batho ba baheitane ba motlha wa bone, ditlwaelo tse di akaretsang boaka le bosodoma.”
3 Ka jalo, ke mo go utlwalang go botsa gore, A hisitori ya Labodumedi le seemo sa gagwe sa gompieno sa boitsholo di dumalana totatota le dithuto tsa ga Jesu Keresete ka sebele? Jesu e ne e le motho wa mofuta ofe? A o ne a thusa batho go ba atamalanya le Modimo? A ke ene yo e neng e le Mesia yo o solofeditsweng wa boperofeti jwa Sehebera? Tseno ke dingwe tsa dipotso tseo re tla di sekasekang mo kgaolong eno.
Jesu—Ke Dilo Dife Tseo di Neng di mo Tshwanelegisa?
4. Mo thutong ya rona, ke pharologanyo efe e e phepafetseng eo re e lemogileng malebana le tsela eo Bokeresete bo simologileng ka yone le tsela eo ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe di simologileng ka yone?
4 Mo dikgaolong tsa ntlha re ile ra bona kafa ditlhamane di neng tsa ama thatathata ka gone ditumelo tsotlhe tse dikgolo tsa lefatshe. Lefa go le jalo, fa re ne re tlotla ka ditshimologo tsa Bojuda mo kgaolong ya rona e e fetileng, re ne ra seka ra simolola ka tlhamane mme ra simolola ka motho yo o neng a nna teng ka boammaaruri eleng Aberahame, bagologolwane ba gagwe, le ditlogolwana tsa gagwe. Fa re tla mo Bokereseteng le mosimolodi wa jone, ebong Jesu, re simolola ka tsela e e tshwanang, eseng ka ditlhamane, mme ka motho yo o ileng a nna gone ka boammaaruri.—Bona lebokoso, tsebe 237.
5. (a) Ke ditshwanelego dife tse tharo tsa ga Jesu tseo di neelang bosupi jwa gore ke “losika” lo lo solofeditsweng lwa ga Aberahame? (b) Ke mang yo o ileng a kwala Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika?
5 Temana ya ntlha ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, tseo di bidiwang gantsi go twe Tesetamente e Ntšha (bona lebokoso, tsebe 241), e tlhalosa jaana: “Lokwalō loa losika loa ga Yesu Keresete, morwa Dafide, morwa Aberahame.” (Mathaio 1:1) A seo ke boiphako fela jo bo buiwang ke Mathaio, ebong Mojuda yo o neng e le mokgethisi mme ebile e le mongwe wa barutwa ba ntlha le mmolelabotshelo jwa ga Jesu? Nnyaa. Ditemana tse di latelang tse 15 di tlhalosa dikokomana tsa ga Aberahame go ya go fitlha go Jakobe, yo o neng “a tsala Yosefe, monna oa ga Marie, eo o belegeñ Yesu, eo o bidiwañ Keresete.” Ka gone, Jesu eleruri e ne e le setlogolwana sa ga Aberahame, Juda, le Dafide mme ka gone a nna le ditshwanelego di le thataro tsa “losika” lo lo boleletsweng pele mo go Genesise 3:15 le la ga Aberahame.—Genesise 22:18; 49:10; 1 Ditihalō 17:11.
6, 7. Ke ka ntlhayang fa lefelo leo Jesu a ileng a tsholelwa kwa go lone le le botlhokwa?
6 Tshwanelego e nngwe ya Losika lwa Bomesia e ne e tla nna lefelo leo a neng a tla tsholelwa mo go lone. Jesu o ne a tsholelwa kae? Mathaio o re bolelela gore Jesu o ne a “tsalèlwa mo Bethelehema oa Yudea mo metlheñ ea kgosi Herode.” (Mathaio 2:1) Pego ya ga ngaka Luke e tlhomamisa ntlha eo, ka go re bolelela kaga monna yo e neng e tla nna rraagwe Jesu yo o mo tsaletsweng: “Yosefe le èna a tlhatloga kwa Galilea, a cwa motsiñ oa Nasaretha, a ea kwa Yudea, kwa motsiñ oa ga Dafide, o o bidiwañ Bethelehema; ka a le oa kgotla le oa losika loa ga Dafide: A ea go kwalwa le Marie, mosadi eo o mmeeleditseñ, a bile a le moimana.”—Luke 2:4, 5.
7 Ke ka ntlhayang fa go ne go le botlhokwa gore Jesu a tsholelwe kwa Bethelehema go na le kwa Nasaretha kana toropo epe fela? Ke ka baka la boperofeti jo bo neng jwa bolelwa mo lekgolong la borobabobedi la dingwaga B.C.E. ke moperofeti wa Mohebera Mika a re: “Me wèna Bethe-lehema Eferatha, eo u leñ mmōtlana mo go makgolo kgolo a Yuda, mo go wèna go tla ncwèla moñwe eo o tla nnañ molaodi mo Iseraela; eo macō a gagwè a sa leñ a nna a bogologolo, eboñ ka go senañ tshimologō.” (Mika 5:2) Ka gone, ka baka la lefelo leo a ileng a tsholelwa kwa go lone, Jesu o ne a na le tshwanelego e nngwe ya gore ke Losika lo lo solofeditsweng le Mesia.—Yohane 7:42.
8. Boperofeti bongwe jo Jesu a ileng a bo diragatsa ke bofe?
8 Tota ebile, Jesu o ne a diragatsa bontsi jwa boperofeti jwa Dikwalo tsa Sehebera ka jalo a rurifatsa gore o ne a na le ditshwanelego tsotlhe tsa Mesia yo o solofeditsweng. O ka nna wa leba dingwe tsa tseno mo Bibeleng. (Bona lebokoso, tsebe 245.)b Jaanong a ka bokhutshwane re sekasekeng molaetsa le bodihedi jwa ga Jesu.
Botshelo jwa ga Jesu bo Supa Tsela
9. (a) Jesu o ne a simolola bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa jang? (b) Re itse jang gore Jesu o ne a amogelwa ke Modimo?
9 Pego ya Bibela e re bolelela gore Jesu o ne a godisiwa jaaka mosha mongwe le mongwe fela wa Mojuda wa nako ya gagwe, a e tle a ye kwa sinagogeng ya lefelo la gabone le kwa tempeleng mo Jerusalema. (Luke 2:41-52) Fa a sena go nna dingwaga di le 30, o ne a simolola bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa. Sa ntlha o ne a ya kwa go ntsalae Johane, yo o neng a kolobeletsa Bajuda mo nokeng ya Joredane e le sesupo sa boikotlhao jwa bone. Polelo ya ga Luke e re bolelela jaana: “Me yana e rile batho botlhe ba sena go kolobediwa, ea re Yesu le èna a kolobediwa, me a rapèla, legodimo ya atlhamologa, Me Mōea o o Boitshèpō oa hologèla mo go èna o na le popègō ekete ea lephoi, me ga cwa lencwe mo legodimoñ, ye le reñ, U morwaake eo o ratègañ; ke itumetse thata mo go wèna.”—Luke 3:21-23; Yohane 1:32-34.
10, 11. (a) Mekgwa mengwe ya ditsela tsa go rera le go ruta tsa ga Jesu ke efe? (b) Jesu o ne a bontsha jang botlhokwa jwa leina la ga Rraagwe?
10 Fa nako e ntse e tsamaya, Jesu o ne a simolola bodihedi jwa gagwe jaaka Morwa yo o tloditsweng wa Modimo. O ne a ralala Galilea le Judea a rera molaetsa wa Bogosi jwa Modimo a bile a dira dikgakgamatso, tse di tshwanang le go fodisa balwetsi. O ne a seka a amogela tuelo epe le gone a seka a batla khumo kana go itlotlomatsa. Ebile tota, o ne a bolela gore motho o bona boitumelo ka go aba go na le go amogela. Gape o ne a ruta barutwa ba gagwe kafa ba neng ba ka rera ka gone.—Mathaio 8:20; 10:7-13; Ditihō 20:35.
11 Fa re sekaseka molaetsa wa ga Jesu le ditsela tseo a neng a di dirisa, re bona pharologanyo e kgolo gareng ga mokgwa wa gagwe le wa batho ba le bantsi ba Labodumedi. O ne a seka a tsietsa batho ba bantsi ka go gogomoga maikutlo mo go sa kaeng sepe kana ka maano a go ba tshosa ka molelo wa dihele. Go na le moo, Jesu o ne a bua a tlhaloganyesega motlhofo fela a bile a dirisa ditshwantsho tsa dilo tse di diragalang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi go ama dipelo le megopolo ya batho. Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng ke sekai se se tlhomolosegileng sa dithuto tsa gagwe le mekgwa. Mo therong eo go akarediwa le thapelo ya ga Jesu e e leng ya sekao, eo mo go yone a neelang bosupi jo bo phepafetseng jwa dilo tsa botlhokwa mo Bokereseteng ka go baya go itshepisiwa ga leina la Modimo kwa pele. (Bona lebokoso, ditsebe 258-9.)—Mathaio 5:1–7:29; 13:3-53; Luke 6:17-49.
12. (a) Jesu o ne a bontsha lorato jang mo dithutong tsa gagwe le mo ditirong? (b) Lefatshe le ka bo le farologane jang fa lorato lwa Bokeresete lo ne lo dirisiwa ka boammaaruri?
12 Fa Jesu a ne a dirisana le balatedi ba gagwe le batho ka kakaretso, o ne a bontsha lorato le kutlwelobotlhoko. (Mareko 6:30-34) Fa a ne a rera molaetsa wa Bogosi jwa Modimo, ene ka boene o ne a bontsha lorato le boikokobetso. Ka gone, mo dioureng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a ka kgona go raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè, hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Ka jalo, Bokeresete jwa mmatota jo bo tshwanetseng ke go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo lo lo thailweng mo melaometheong. (Mathaio 22:37-40) Seno totatota se raya gore Mokeresete o tshwanetse go rata le eleng baba ba gagwe, lemororo a ka nna a ila ditiro tsa bone tse di bosula. (Luke 6:27-31) A ko o akanye ka gone ka nakwana. Abo go ka bo go na le pharologanyo jang ne mo lefatsheng leno fa mongwe le mongwe tota a ka bo a na le mofuta oo wa lorato!—Baroma 12:17-21; 13:8-10.
13. Ke ka tsela efe thuto ya ga Jesu e farologaneng le ya ga Confucius, ya ga Lao-tzu, le ya ga Buda?
13 Lefa go le jalo, seo Jesu a neng a se ruta se ne se le segolo go na le molaomotheo ope fela wa boitsholo kana botlhajana, tseo di tshwanang le tseo di neng di rutwa ke Confucius le Lao-tzu. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a seka a ruta, jaaka go ne ga dira Buda, gore motho o ne a ka ipatlela poloko ya gagwe ka tsela ya kitso le tshedifalelo. Go na le moo, o ne a bolela gore Modimo ke ene motswedi wa poloko fa a ne a re: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ. Gonne Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe, me e le gore lehatshe le bolokwè ka èna.”—Yohane 3:16, 17.
14. Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a ka re, “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō”?
14 Jesu o ne a atamalanya batho gautshwane le Modimo, ka go bontsha lorato lwa ga Rraagwe mo mafokong a gagwe le ditiro. Leno ke lengwe la mabaka a go bo a ne a ka kgona go re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. . . . Eo o mponyeñ, o bonye Rara; u bua yañ, ua re, Re bontshè Rara? A ga u dumele ha ke le mo go Rara, le Rara mo go nna? Mahoko a ke a buañ le lona, ga ke a ipuise ka nosi: me Rara, ka a nntse mo go nna, o diha ditihō tsa gagwè. . . . Lo utlwile yaka ke lo reile, ka re, Kea tsamaea, me ke tla tla kwa go lona. Ha lo no lo nthata, lo no lo tla itumèla, ka go bo ke ea kwa go Rara: gonne Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:6-28) Ee, Jesu e ne e le “tsela, le boamarure, le botshelō” ka gonne o ne a gogela batho bao ba Bajuda kwa go Rraagwe, Modimo wa bone wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ka jalo, ka Jesu matsapa a a tserweng ke motho go batla Modimo ka tshoganetso fela a ne a fitlha kwa setlhoeng sa one ka gonne Modimo, ka lorato lwa gagwe lo logolo, o ne a rometse Jesu go tla mo lefatsheng jaaka motswedi wa lesedi le boammaaruri go gogela batho kwa go Rraabone.—Yohane 1:9-14; 6:44; 8:31, 32.
15. (a) Ke eng seo re tshwanetseng go se dira go bona Modimo? (b) Mono lefatsheng ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Modimo o lorato?
15 Ka baka la bodihedi le sekao sa ga Jesu, morongwa Paulo moragonyana o ne a ka kgona go raya Bagerika ba Athena a re: “Me [Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe, ka o tlhōmamisitse metlha ea bōnè e e laocweñ, le melelwane ea maagō a bōnè; Gore ba batlè Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona: Gonne mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.” (Ditihō 17:26-28) Ee, motho o ka kgona go bona Modimo fa a ikemiseditse go dira boiteko jwa go tsaya matsapa a go mmatla. (Mathaio 7:7, 8) Modimo o iponaditse a bo a bontsha lorato lwa gagwe ka go dira lefatshe leo le tlamelang ditshedi tsa mefutafuta. O neela batho botlhe seo ba se tlhokang, ekane ba siame kana ba sa siama. Gape o neile batho Lefoko la gagwe le le kwadilweng, eleng Bibela, mme o ile a romela Morwa wa gagwe jaaka setlhabelo sa thekololo.c Mo godimo ga moo, Modimo o neile batho thuso eo ba e tlhokang go ba thusa go bona tsela ya go ya kwa go Ene.—Mathaio 5:43-45; Ditihō 14:16, 17; Baroma 3:23-26.
16, 17. Lorato lwa Bokeresete jwa boammaaruri lo tshwanetse go bontshiwa jang?
16 Legale, lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go bontshiwa eseng ka mafoko fela mme se ebileng e le sa botlhokwa thata le tshwanetse go bontshiwa ka ditiro. Ka baka leo moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi, loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela, Ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla, ga lo ko lo gakatsèga, ga lo ko lo akanya boshula; Ga lo itumelele tshiamololō, me lo itumèlèla boamarure; Lo ichōkèla dilō cotlhe, lo dumèla dilō cotlhe, lo sholohèla dilō cotlhe, lo iphapaanya le dilō cotlhe. Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.”—1 Bakorintha 13:4-8.
17 Gape Jesu o ne a phepafatsa kafa go leng botlhokwa ka gone go bolela Bogosi jwa magodimo—puso ya Modimo eo e tla busang batho ba ba boikobo.—Mathaio 10:7; Mareko 13:10.
Mokeresete Mongwe le Mongwe ke Moefangele
18. (a) Ke eng seo se neng sa tlotlomadiwa mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng? (b) Mokeresete mongwe le mongwe o na le boikarabelo bofe? (c) Jesu o ne a baakanyetsa barutwa ba gagwe bodihedi jwa bone jang, mme ke molaetsa ofe oo ba neng ba tshwanetse go o rera?
18 Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a lemotsha boidiidi joo jwa batho ka botlalo gore ba na le boikarabelo jwa go nna masedi a ba bangwe ka mafoko a bone le ditiro. O ne a re: “Ke lona lesedi ya lehatshe. Motse o o beilweñ mo godimo ga thaba ga o kake oa hitlhèga. Le gōna batho ga ba ke ba chuba lobōnè, go tla go lo huhumetsa tlhatse ga seèlō, me ba lo tlhōme mo setlhomoñ hèla; me lo phatsimèle botlhe ba ba mo tluñ. Hèla yalo a lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14-16) Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe e le gore ba tle ba itse kafa ba ka kgonang go rera le go ruta ka gone fa ba ntse ba le mo mesepeleng ya bone jaaka badihedi ba ba etelang mafelo. Mme molaetsa wa bone e ne e tshwanetse go nna ofe? E ne e tshwanetse go nna oo Jesu a neng a o rera, eleng Bogosi jwa Modimo, joo bo neng bo tla busa lefatshe ka tshiamo. Fela jaaka Jesu a ne a tlhalosa ka nako nngwe: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:43; 8:1; 10:1-12) Gape o ne a tlhalosa gore karolo ya sesupo seo se tla lemotshang metlha ya bofelo e ne e tla nna gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo meraheñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:3-14.
19, 20. (a) Ke ka ntlhayang fa Bokeresete jwa boammaaruri ka metlha bo ile jwa nna bodumedi jo bo tlhaga, le jo bo dirang tiro ya go rera? (b) Ke dipotso dife tsa motheo tseo jaanong di tlhokang go arabiwa?
19 Ka 33 C.E., pele ga labofelo a tlhatlogela kwa legodimong, Jesu yo o tsositsweng o ne a laela barutwa ba gagwe a re: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:18-20) Leno ke lengwe la mabaka a go bo Bokeresete, go tswa fela kwa tshimologong ya jone, e ne e le bodumedi jo bo tlhoafetseng, jo bo sokololang batho jo bo neng jwa dira gore badumedi ba ditumelo tsa motlha oo tsa Segerika le tsa Roma, tseo di neng di thailwe mo ditlhamaneng, ba gakale ba bo ba huhege. Go bogisiwa ga ga Paulo mo Efeso go bontsha ka phepafalo ntlha eo.—Ditihō 19:23-41.
20 Dipotso jaanong ke gore, Molaetsa wa Bogosi jwa Modimo o ne o reng malebana le baswi? Ke tsholofelo efe kaga baswi eo Keresete a neng a rera ka yone? A o ne a bolela gore “meya e e sa sweng” ya badumedi ba gagwe e ne e tla tswa mo “diheleng tsa molelo”? Kana o ne a reng?—Mathaio 4:17.
Tsholofelo ya Botshelo jo Bosakhutleng
21, 22. (a) Jesu o ne a tshwantshanya seemo sa ga Lasaro yo o suleng le eng, mme ka ntlhayang? (b) Ke tsholofelo efe eo Maratha a neng a nna nayo kaga kgaitsadie yo o neng a tlhokafetse?
21 Gongwe kutlwisiso e e phepafetseng ya tsholofetso eo Jesu a neng a rera ka yone e ka bonwa mo go seo a neng a se bua le go se dira fa tsala ya gagwe Lasaro a ne a tlhokafala. Jesu o ne a leba loso lono jang? Fa a ne a emelela go ya kwa legaeng la ga Lasaro, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.” (Yohane 11:11) Jesu o ne a tshwantshanya loso lwa ga Lasaro le boroko. Fa re thulametse thata, re a bo re sa utlwe sepe, seo se dumalanang le tlhaloso ya Sehebera e e mo go Moreri 9:5 e e reng: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.”
22 Lemororo Lasaro a ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse, re lemoga gore Jesu o ne a seka a bua sepe kaga gore moya wa ga Lasaro o ne o le kwa legodimong, kwa diheleng, kana mo pakatoring! Fa Jesu a ne a goroga kwa Bethania mme Maratha, ebong kgaitsadia Lasaro, a ne a tla go mo kgatlhantsha, o ne a mo raya a re, “Kgantsadio o tla ba a coga.” Ene o ne a fetola jang? A o ne a bolela gore o ne a setse a le kwa legodimong? Maratha o ne a araba ka go re: “Kea itse ha a tla ba a coga mo go cogeñ ka letsatsi ya bohèlō.” Seno se bontsha ka phepafalo gore tsholofelo ya Bajuda ka nako eo e ne e le ya tsogo, go boela mo botshelong mono lefatsheng.—Yohane 11:23, 24, 38, 39.
23. Ke kgakgamatso efe eo Jesu a neng a e dira, mme e ne ya nna le phelelo efe mo go bao ba neng ba lebeletse?
23 Jesu o ne a arabela jaana: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumelañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè. A mo ua go dumèla?” (Yohane 11:25, 26) Go tlhomamisa ntlha ya gagwe, Jesu o ne a ya kwa legageng leo Lasaro a neng a fitlhilwe mo go lone mme a mmiletsa kwa ntle a tshela a bile a bonwa ke bokgaitsadie, Marie le Maratha, le baagelani ba bone. Pego eo e tswelela jaana: “Hoñ bantsi ba Bayuda ba ba tsileñ mo go Marie, me ba bōna dilō tse Yesu a di dihileñ, ba dumèla mo go èna. . . . Me batho ba bantsi ba e rileñ a bitsa Lasaro go cwa mo phupuñ, a mo cosa mo loshuñ ba bo ba le gōna, ba go shupa.” (Yohane 11:45; 12:17) Ba ne ba ile ba bona kgakgamatso eo ka bobone, mme ba ne ba dumela ba bo ba supa gore go ne go diragetse jalo. Baganetsi ba ga Jesu ba bodumedi ba tshwanetse ba bo le bone ba ile ba dumela gore tiragalo eo e ne ya diragala, ka gonne pego eo e re bolelela gore ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ne ba loga maano a go bolaya Jesu “gonne monna eo o diha dichupō di le dintsi.”—Yohane 11:30-53.
24. (a) Lasaro o ne a ntse a le kae mo malatsing a manè ao? (b) Ke eng seo Bibela e se bolelang kaga go sa sweng?
24 Lasaro o ne a ile kae mo malatsing a manè ao a neng a sule ka one? O ne a sa ya gope. O ne a sa ikutlwe, a robetse mo lebitleng a emetse tsogo. Jesu o ne a mo segohatsa ka go mo tsosa mo baswing ka kgakgamatso. Mme go ya ka pego ya ga Johane, Lasaro o ne a seka a bua sepe kaga gore o ne a ile kwa legodimong, a le mo diheleng, kana mo pakatoring mo malatsing a manè ao. Ka ntlhayang? E ne e le fela ka gonne o ne a sena moya o o sa sweng o o ka bong o ile wa etela kwa mafelong ao.d—Yobe 36:14; Esekiele 18:4.
25. (a) Fa Bibela e bua ka botshelo jo bosakhutleng, e a bo e lebisa go eng? (b) Go tla ga Bogosi jwa Modimo jo bo solofeditsweng go ikaegile mo go eng?
25 Ka jalo, fa Jesu a ne a bua kaga botshelo jo bosakhutleng, o ne a lebisitse go botshelo joo e ka tswa e le kwa magodimong jaaka batho ba ba fetoletsweng mo meyeng e e sa sweng bao eleng babusimmogo le ene mo Bogosing jwa gagwe, kana a lebisitse go botshelo jo bosakhutleng jaaka batho mo lefatsheng la paradaise tlase ga puso eo ya Bogosi.e (Luke 23:43; Yohane 17:3) Go ya ka tsholofetso ya Modimo, go nna ga gagwe ka tshwantshetso le batho ba ba kutlo mo lefatsheng go tla lere masego a magolo mo lefatsheng. Seno sotlhe se ikaegile mo go reng a Jesu eleruri o ne a romilwe ebile a amogelwa ke Modimo.—Luke 22:28-30; Tito 1:1, 2; Tshenolō 21:1-4.
Go Amogelwa ke Modimo—Selo sa Boammaaruri, Eseng Tlhamane
26. Ke tiragalo efe e e gakgamatsang eo e neng ya diragala fa bo morutwa Petere, Jakobe, le Johane ba lebeletse?
26 Re itse jang gore Jesu o ne a amogelwa ke Modimo? Santlha, fa Jesu a ne a kolobediwa, lentswe le ne la utlwala kwa legodimong le re: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:17) Moragonyana, tlhomamiso ya kamogelo eno e ne ya neelwa fa pele ga basupi ba bangwe gape. Barutwa Petere, Jakobe, le Johane, bao pele e neng e le batshwaraditlhapi go tswa kwa Galilea, ba ne ba pata Jesu go ya kwa thabeng e e godileng (e gongwe e neng e le Thaba ya Heremone, eo e leng bogodimo jwa dimetara di le 2 814). Go na le sengwe se se gakgamatsang seo se neng sa diragala fa pele ga matlho a bone fa ba le koo: “Me [Jesu] a ea a hetoga pōnalō ha pele ga bōnè: sehatlhōgō sa gagwè sa phatsima yaka letsatsi, le diaparō tsa gagwè tsa nna dichweu yaka lesedi. Me bōnañ, ga bōnala kwa go bōnè Moshe le Eliya, ba bua mmōgō naè. . . . Bōnañ, leru ye le sedihetseñ ya ba chutihalèla: me bōnañ, lencwe ya cwa mo leruñ, ya re, Eo ke morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna; le utlweñ èna. Me e rile barutwa ba le utlwa, ba wèla ha hatshe ka dihatlhōgō, ba boiha segolo.”—Mathaio 17:1-6; Luke 9:28-36.
27. (a) Phetogo ya ponalo e ne ya nna le phelelo efe mo barutweng bao? (b) Re itse jang gore Jesu e ne e se tlhamane?
27 Tlhomamiso eno e e utlwalang ebile e bonala e e tswang go Modimo e ne ya tiisa tumelo ya ga Petere fela thata, ka gonne moragonyana o ne a kwala a re: “Gonne e rile ha re lo itsise nonohō ea Morèna oa rona Yesu Keresete le go tla ga gagwè, ra bo re sa bolele ditlhamane [Segerika: myʹthois] tse di rulagancweñ ka botlhale, me re ne re le bashupi ba re bonyeñ borèna yoa gagwè ka matlhō. Gonne a amogèla tlotlō le kgalalèlō mo Modimoñ Rara, yale ka go tla mo go èna lencwe ye le nntseñ yalo, le cwa kgalalèloñ e e heteletseñ, le re, Eo ke Morwaake eo o ratègañ, eo ke kgatlhègañ thata mo go èna: me lencwe ye, le rona ka rosi re le utlwile le cwa mo legodimoñ, yale ka re na naè mo thabeñ e e boitshèpō.” (2 Petere 1:16-18) Barutwa ba Bajuda bo Petere, Jakobe, le Johane ba ne ba bona ka matlho kgakgamatso ya phetogo ya ga Jesu mme ba utlwa lentswe la Modimo go tswa kwa magodimong la go mo amogela. Tumelo ya bone e ne e thailwe mo selong sa boammaaruri seo ba neng ba se bone ka matlho ba bile ba se utlwile, eseng mo ditlhamaneng kana “mainane a Sejuda.” (Bona lebokoso, tsebe 237.)—Mathaio 17:9; Tito 1:13, 14.f
Loso lwa ga Jesu le Kgakgamatso e Nngwe
28. Mo ngwageng wa 33 C.E., Jesu o ne a pegwa molato ofe wa maaka?
28 Mo ngwageng wa 33 C.E., Jesu o ne a tshwarwa a ba a sekisiwa ke balaodi ba bodumedi ba Bajuda, a pegwa molato wa maaka wa gore o tlhapaditse Modimo ka go bo a ne a ipitsa Morwa Modimo. (Mathaio 26:3, 4, 59-67) Ereka Bajuda bao ba ne ba sena taolo ya semolao ya go mmolaya, ba ne ba mo romela kwa balaoding ba Roma koo le gone a neng a pegwa molato wa maaka, mo nakong eno ba re o ne a thibela batho go ntshetsa Kaesare makgetho mme ebile a bolela gore ene ka boene ke kgosi.—Mareko 12:14-17; Luke 23:1-11; Yohane 18:28-31.
29. Jesu o ne a swa jang?
29 Morago ga Jesu a sena go isiwa mo mmusing o mongwe go tswa go yo mongwe, mmusi wa Moroma Ponto Pilatwe, a gatelelwa ke segopa sa batho bao ba neng ba tlhotlheleditswe ke badumedi, o ne ka go ikgolola fela a atlholela Jesu loso. Ka baka leo, Jesu o ne a swa loso lwa matlhabisaditlhong a swela mo koteng, mme mmele wa gagwe o ne wa fitlhiwa mo phupung. Mme mo malatsing a mararo go ne ga diragala tiragalo eo e neng ya fetolela barutwa ba ga Jesu bao ba neng ba hutsafetse go nna badumedi ba ba itumetseng le baefangele ba ba tlhagafetseng.—Yohane 19:16-22; Bagalatia 3:13.
30. Ke dikgato dife tseo baeteledipele ba bodumedi ba neng ba di tsaya go thibela boferefere bongwe?
30 Baeteledipele ba bodumedi, ka go bo ba ne ba belaela gore balatedi ba ga Jesu ba ne ba ka dira sengwe sa tsietso, ba ne ba ya kwa go Pilatwe mme ba mo kopa jaana: “Morèna, re gakologecwe ha e rile leherehere yeuō le sa nntse le tshedile, ya re, Moragō ga malatsi a le mararo ke tla ba ke coga. Ke gōna laola, gore phupu e disiwè thata, go ea go hitlha mo letsatsiñ ya boraro, e ka tla ea re goñwe barutwa ba gagwè ba ea go mo ucwa, me ba reè batho, ba re, O cogile mo loshuñ: me timeco ea moragō ea tla ea beha bogolo go ea ntlha. Pilatwe a ba raea, a re, Lo na le lekōkō ya badisa: tsamaeañ, lo eè go disa kaha lo itseñ ka gōna. Yalo ba tsamaea, ba ea go disa phupu, ba kana lencwè, le lekōkō ya badisa ba bo ba na nabō.” (Mathaio 27:62-66) Tiso ya bone e ne e nonofile go le kana kang?
31. Go ne ga diragala eng fa basadi bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba ya kwa phupung ya ga Jesu?
31 Mo letsatsing la boraro morago ga loso lwa ga Jesu, basadi ba le bararo ba ne ba ya kwa phupung eo go ya go tlotsa mmele wa gagwe ka lookwane lo lo nkgang monate. Ba ne ba fitlhela eng? “Me ea re ka letsatsi ya ntlha ya weke go le ka maphakèla a magolo, ba tla ba hitlha ha phupuñ letsatsi le sena go tlhaba. Me ba bo ba nntse ba raana, ba re, Mañ eo o tla re tlosetsañ lencwè ha molomuñ oa phupu? Me ea re ba choletsa matlhō ba bōna ha lencwè le setse le hidikolocwe: gonne le ne le le legolo thata. Me ea re ba tsèna mo phupuñ, ba bōna motho oa lekau a dutse kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo, a apere kobō e chweu; me ba tseana. Me a ba raea, a re, Se tseaneñ: Lo batla Yesu oa Monasara, eo o na a bapocwe: o cogile: ga aeō ha: bōnañ helō ha ba ne ba mmeile gōna! Me eañ lo bolèlèlè barutwa ba gagwè le Petere, lo re, O lo ètèlèla pele a ea Galilea: lo tla mmōna gōna yaka a kile a lo bolèlèla.” (Mareko 16:1-7; Luke 24:1-12) Go sa kgathalesege badisa ba ba kgethegileng ba baeteledipele ba bodumedi, Jesu o ne a ile a tsosiwa ke Rraagwe. A seo ke tlhamane kana ke selo seo se ileng sa diragala ka boammaaruri?
32. Paulo o ne a na le mabaka afe a a kwenneng a gore Jesu eleruri o ne a tsositswe mo baswing?
32 Dingwaga di ka nna 22 morago ga tiragalo eo, Paulo, yo pele a neng a bogisa Bakeresete, o ne a kwala a bo a tlhalosa kafa go neng go diragetse ka gone gore a dumele gore Keresete o ne a tsosiwa mo baswing a re: “Gonne e rile pele pele ka lo neèla mo le nna ke go amogetseñ, eboñ go re, Keresete o shwetse dibe tsa rona kaha dikwaloñ; le go re, o na a hitlhwa; Le go re, o cosicwe ka letsatsi ya boraro kaha dikwaloñ; Le go re, a bōnwa ke Kefase; le ke ba ba shomè le bobedi moragō ga mouō; Me moragō a bōnwa ke badumedi ba ba hetañ makgolo matlhano ka lobaka lo le loñwe hèla, ba bontsi yoa bōnè ba sa nntseñ ba leeō le gompiyeno, me bañwe ba setse ba robetse; Moragō a bōnwa ke Yakobe; me moragō ke baaposetoloi botlhe.” (1 Bakorintha 15:3-7) Ee, Paulo o ne a na le mabaka a a nonofileng a go baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka baka la tsogo ya ga Jesu, mme seno se ne se akaretsa bosupi jwa basupi ba ba 500 bao ba ileng ba bona Jesu yo o tsositsweng ka boene! (Baroma 1:1-4) Paulo o ne a itse gore Jesu o ne a ile a tsosiwa, mme ebile o ne a na le lebaka le le kwenneng la go bolela jalo, jaaka a tlhalosa moragonyana a re: “Me moragōragō, a bōnwa le ke nna, ke le motho eo eketeñ ke tsecwe ka lobaka lo e señ lōna.”—1 Bakorintha 15:8, 9; Ditihō 9:1-19.
33. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ntlha ba ne ba ikemiseditse go swela tumelo ya bone?
33 Bakeresete ba ntlha ba ne ba ikemiseditse go swa jaaka baswelatumelo mo dipatlelong tsa Roma. Ka ntlhayang? Ka gonne ba ne ba itse gore tumelo ya bone e ne e thailwe mo dilong tseo di diragetseng ka boammaaruri, eseng mo ditlhamaneng. E ne e le selo sa boammaaruri gore Jesu e ne e le Keresete, kana Mesia, yo o solofeditsweng mo boperofeting le gore o ne a ile a romiwa mo lefatsheng ke Modimo, a amogelwa ke Modimo, a swela mo koteng jaaka Morwa Modimo wa mmolokabothokgami, le gore o ne a ile a tsosiwa mo baswing.—1 Petere 1:3, 4.
34. Go ya ka moaposetoloi Paulo, ke ka ntlhayang fa tsogo ya ga Jesu e le botlhokwa jaana mo tumelong ya Bakeresete?
34 Re akantsha gore o bale kgaolo 15 yotlhe ya lokwalo lwa ntlha lo Paulo a neng a lo kwalela Bakorintha go tlhaloganya seo Paulo a neng a se dumela kaga tsogo le gore ke ka ntlhayang fa e le botlhokwa mo go kalo mo tumelong ya Bokeresete. Molaetsa wa gagwe o tlhalosiwa sentle ka mafoko ano: “Nyaea, yanoñ Keresete o cosicwe mo bashwiñ, e le lebucwa pele ya ba ba robetseñ. Gonne ereka losho lo tsile ka motho [ebong Adame], go coga ga bashwi le gōna go tsile ka motho. Gonne yaka botlhe ba shwa ka Adame, go nntse yalo botlhe ba tla tshedisiwa ka Keresete.”—1 Bakorintha 15:20-22.
35. Ke masego afe ao Modimo o solofetsang go a tlisa mo lefatsheng le mo bathong? (Isaia 65:17-25)
35 Ka gone go tsosiwa ga ga Keresete Jesu go na le boikaelelo joo kgabagare bo tla sologelang setho sotlhe molemo.g Gape go ne ga bulela Jesu tsela gore kgabagare a diragatse boperofeti jotlhe jwa Bomesia. Puso ya gagwe ya tshiamo go tswa kwa magodimong a a sa bonaleng e tshwanetse mo nakong e khutshwane e buse le mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Go tswa foo go tla nna le seo Bibela e se tlhalosang jaaka “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha” tseo mo go tsone Modimo “o tla phimola[ng] dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:1-4.
Botenegi le Pogiso di ne di Lebeletswe
36. Ke eng seo se ileng sa diragala ka Pentekosete ya 33 C.E., mme ka phelelo efe?
36 Ka bokhutshwane fela morago ga loso le go tsoga ga ga Jesu, go ne ga diragala kgakgamatso e nngwe eo e neng ya nonotsha ya ba ya dira gore tiro ya go rera ya Bakeresete bao ba ntlha e oketsege. Mo letsatsing la Pentekosete ya ngwaga wa 33 C.E., Modimo o ne wa tshololela moya wa one o o boitshepo, kana maatla a a dirang, go tswa kwa legodimong mo Bakereseteng ba ba 120 bao ba neng ba kopane mmogo mo Jerusalema. Phelelo e ne ya nna eng? “Me ga bōnala mo go bōnè diteme tse di patologanañ, ekete tsa molelō; me oa nna mo go moñwe le moñwe oa bōnè. Me botlhe ba tladiwa Mōea o o Boitshèpō, me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kaha Mōea o ba neèlañ molomo ka gōna.” (Ditihō 2:3, 4) Bajuda bao ba neng ba bua dipuo di sele bao ba neng ba le mo Jerusalema ka nako eo ba ne ba gakgamadiwa ke go utlwa Bajuda ba Bagalilea bao go neng go tsewa gore ga ba na kitso epe ba bua dipuo tse e seng tsa bone. Phelelo e ne ya nna gore bontsi jwa bone ba ne ba dumela. Molaetsa wa Bokeresete o ne wa anama jaaka molelo wa naga jaaka badumedi bano ba basha ba Bajuda ba ne ba boela kwa dinagagaeng tsa bone.—Ditihō 2:5-21.
37. Babusi bangwe ba Roma ba ne ba itshwara jang ka bodumedi jo bosha jwa Bokeresete?
37 Mme maru a ditsuatsue a ne a tloga a kokoana. Baroma ba ne ba simolola go boifa bodumedi jo bosha jono joo go neng go lebega bo sa dumele mo Modimong jo bo neng bo sa dirise medimo ya disetwa. Go simolola ka Mmusi Nero, ba ne ba bogisa Bakeresete mo makgolong a ntlha a mararo a dingwaga a Motlha wa rona O O Tlwaelegileng mo go maswe.h Bakeresete ba le bantsi ba ne ba atlholelwa loso mo mabaleng a magolo a metshameko, go kgotsofatsa babusi ba ba setlhogo ba ba nyoretsweng madi a batho le digopa tsa batho bao ba neng ba kgobokanela go tla go bona magolegwa a latlhelelwa dibatana tsa naga.
38. Ke seemo sefe seo go neng go porofetiwa ka sone gore se ne se tla tshwenya phuthego ya ntlha ya Bokeresete?
38 Ntlha e nngwe eo e neng e tshwenya mo metlheng eo ya pele e ne e le selo seo baaposetoloi ba neng ba ile ba perofesa kaga sone. Ka sekai, Petere o ne a ile a tlhalosa ka go re: “Me go kile ga nna ga coga le baperofeti ba e señ bōnè mo bathuñ, yaka le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō tse di senyañ, ka go kukunèla mo teñ, ba ba ba itatola le eo e leñ èna Morèna eo o ba rekileñ, me ba iteretse tshenyègō e e hehogañ.” (2 Petere 2:1-3) Botenegi! Seo e ne e le go wa mo kobamelong ya boammaaruri, go ineela mo ditseleng tsa nako eo tsa bodumedi jwa Roma, jo bo neng bo tletse ka botlhajana jwa Segerika le dikakanyo. Seo se ne sa diragala jang? Kgaolo ya rona e e latelang e tla araba potso eo le dipotso tse di tsamaisanang nayo.—Ditihō 20:30; 2 Timotheo 2:16-18; 2 Bathesalonia 2:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa re re “Labodumedi” re a bo re lebisitse mo makokong a mantsintsi a bodumedi ao bontsi jwa one a iphakang gore ke a Bokeresete. “Bokeresete” bo lebisitse go mofuta wa kobamelo ya ntlha le go atamalana le Modimo mo go neng go rutiwa ke Jesu Keresete.
b Bona gape le Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1988, Bolumo 2, ditsebe 385-9, kafa tlase ga “Messiah.”
c Thuto ya Bibela kaga thekololo le botlhokwa jwa yone di tla phepafadiwa mo go Kgaolo 15.
d Ga go na gope fa polelwana “moya o o sa sweng” e tlhagang gone mo Bibeleng. Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “se se sa sweng” le “bosashweñ” le tlhaga makgetlo a le mararo fela mme le lebisa go mmele o mosha wa semoya oo o aparwang kana o o amogelwang, eseng selo seo se ruiwang. Le lebisa go Keresete le go Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba nnang babusi mmogo le ene mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—1 Bakorintha 15:53, 54; 1 Timotheo 6:16; Baroma 8:17; Baefesia 3:6; Tshenolō 7:4; 14:1-5.
e Go bona tlhaloso e kgolwane kaga puso eno ya Bogosi, bona Kgaolo 15.
f “Moshe” le “Eliya” bao ba neng ba bonala mo ponatshegelong ba ne ba tshwantshetsa Molao le Baperofeti tseo di neng tsa diragadiwa ke Jesu. Go bona tlhaloso ka botlalo kaga phetogo, bona Insight on the Scriptures, 1988, Bolumo 2, ditsebe 1120-1.
g Go bona tlhaloso e kgolwane kaga tsogo ya ga Jesu, bona buka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana ke la Batho?, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1989, ditsebe 78-86.
h Mokwadi wa ditiragalo tsa matshelo a batho wa Moroma Suetonius (c. 69-140 C.E.) o ne a bega gore mo nakong ya puso ya ga Nero, “Bakeresete, eleng lekoko lengwe leo le neng le na le tumelo nngwe e ntšha le e e tsosang mathata la bodumedi . . . ba ne ba otlhaiwa.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 237]
A Jesu e ne e le Motho wa Tlhamane?
“A polelo ya botshelo jwa mosimolodi wa Bokeresete e thailwe ke bohutsana jwa batho fela, go ikakanyetsa, le tsholofelo—a ke tlhamane e e tshwanang le dikinane kaga Krishna, Osiris, Attis, Adonis, Dionysus, le Mithras?” go botsa jalo raditiragalo Will Durant. O araba ka go re mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go sa dumeleng gore Keresete o kile a nna gone “ga go lebege go kile ga diragala lefa e le mo moditšhabeng wa segologolo kana baganetsi ba Bokeresete jo bo neng bo sa tswa go simologa jwa Bajuda.”—The Story of Civilization: Part III—Caesar and Christ.
Raditiragalo wa Moroma Suetonius (c. 69-140 C.E.), mo hisitoring ya gagwe ya The Twelve Caesars, o ne a tlhalosa jaana malebana le mmusi Claudius: “Ka gonne Bajuda ba kwa Roma ba ne ba tsoseditse dikgoberego ruri ka baka la tlhotlheletso ya ga Chrestus [Keresete], o ne a ba leleka mo motseng oo.” Seno se ne sa diragala mo e ka nnang ka ngwaga wa 52 C.E. (Bapisa Ditihō 18:1, 2.) Elatlhoko gore Suetonius o ne a seka a bontsha fa a na le pelaelo kaga go nna gone ga ga Keresete. Ka baka la motheo ono o o neng o na le mabaka le go sa kgathalesege pogiso eo e neng ya baya matshelo a bone mo kotsing, Bakeresete ba ntlha ba ne ba tlhagafaletse go bolela tumelo ya bone fela thata. Ga go lebege go ka dumelesega gore ba ne ba ka baya matshelo a bone mo kotsing ka baka la tlhamane fela. Loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe di ne di diragetse mo motlheng wa botshelo jwa bone, mme ebile bangwe ba bone ba ne ba iponetse ditiragalo tseo ka matlho.
Raditiragalo Durant o konela ka gore: “Fa go ka twe banna ba sekae fela ba ba sa rutegang ba ile ba itlhamela motho mongwe yo o maatla le yo o molemo mo go kanakana mo kokomaneng e le nngwe fela, ba tlhama le melaometheo ya boitsholo e e kwa godimo le bokaulengwe jwa batho jo bo tlhotlheletsang eleruri, e ne e ka nna kgakgamatso e kgolo go gaisa epe fela e e kwadilweng mo Diefangeleng.”
[Setshwantsho]
Jesu o ne a rera a bo a dira dikgakgamatso mo kgaolong eno ya Galilea wa Palasetine wa bogologolo
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 241]
Ke Mang yo o Ileng a Kwala Bibela?
Bibela ya Bakeresete e na le dibuka di le 39 tsa Dikwalo tsa Sehebera (bona lebokoso, mo tsebeng 220), tseo batho ba le bantsi ba di bitsang Tesetamente e Kgologolo, le dibuka di le 27 tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, tseo gantsi di bidiwang Tesetamente e Ntšha.i Ka gone, Bibela ke laeborarinyana e potlana ya dibuka tse 66 eo e ileng ya kwalwa ke banna ba ba ka nnang 40 mo lobakeng lwa dingwaga tse 1 600 tsa ditiragalo (go simologa ka 1513 B.C.E. go ya go 98 C.E.).
Dikwalo tsa Segerika di akaretsa Diefangele tse nnè, kana dipolelo tsa botshelo jwa ga Jesu le mafoko a a molemo ao a neng a a rera. Tse pedi tsa tseo di ne tsa kwalwa ke balatedi ba ntlha ba ga Keresete, ebong Mathaio, mokgethisi, le Johane, motshwaraditlhapi. Tse pedi tse dingwe di ne tsa kwalwa ke badumedi ba pele ebong Mareko le Luke, wa ngaka. (Bakolosa 4:14) Diefangele tseo di latelwa ke Ditihō tsa Baaposetoloi, seo eleng pego kaga tiro ya borongwa ya Bakeresete ba ntlha eo e neng ya kwalwa ke Luke. Morago ga foo go latela dikwalo di le 14 tseo di neng tsa kwalwa ke moaposetoloi Paulo a di kwalela Bakeresete ba ba farologaneng le diphuthego, di latelwa ke dikwalo tse di tswang kwa go Jakobe, Petere, Johane, le Jude. Buka ya bofelo ke Tshenolō, eo e kwadilweng ke Johane.
Go bo batho ba le bantsi ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng bao ba neng ba tshela mo dinakong tse di farologaneng ebile e le ba ditsela tse di farologaneng tsa botshelo ba bo ba ile ba kgona go kwala buka e e nyalanang sentle mo go kalo ke bosupi jo bo kwenneng jwa gore Bibela ga se buka fela e e kwadilweng ka botlhale jwa motho mme gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. Bibela ka boyone e tlhalosa ka gore: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, [seo tota se rayang, “lo lo hemetsweng ke Modimo”] lo bile lo molemō go ruta.” Ka gone Dikwalo di ne tsa kwalwa ka tlhotlheletso ya moya wa Modimo o o boitshepo, kana maatla a a dirang.—2 Timotheo 3:16, 17, Int.
[Setshwantsho]
Go dirisiwa ga leina la ga Ponto Pilatwe ka Selatine (mola wa bobedi, “IVS PILATVS”) mo mokwalong ono o o sa felelang wa Roma o tlhomamisa go supa gore e ne e le motho yo o nang le tlhotlheletso e kgolo wa Palasetine, jaaka Bibela e bolela
[Ntlha e e kwa tlase]
i Bibela ya Katoliki e na le dibuka tse dingwe gape tse di oketsegileng tseo di bopang Apocrypha mme e le tseo Bajuda le Baporotesetanta ba sa di tseyeng fa e le dikwalo tse di tlhomameng.
[Lebokoso mo go tsebe 245]
Mesia mo Boperofeting jwa Bibela
Boperofeti Tiragalo Tiragatso
Gen. 49:10 O tshotswe ke Juda Math. 1:2-16;
ba lotso lwa Luke 3:23-33
Pes. 132:11; A tswa mo lelapeng Math. 1:1, 6-16; 9:27;
Isa. 9:7 la ga Dafide morwa Jese Dit. 13:22, 23
Mika. 5:2 O tsholetswe mo Bethelehema Luke 2:4-11; Yoh. 7:42
Isa. 7:14 A tsholwa ke kgarebane Math. 1:18-23;
Hos. 11:1 A bidiwa go tswa kwa Egepeto Math. 2:15
Isa. 61:1, 2 A rongwa Luke 4:18-21
Isa. 53:4 A rwala matlhoko a rona Math. 8:16, 17
Pes. 69:9 O ne a tlhoafaletse ntlo Math. 21:12, 13;
ya ga Jehofa Yoh. 2:13-17
Isa. 53:1 A seka a dumelwa Yoh. 12:37, 38;
Seka. 9:9; A galalediwa jaaka kgosi Math. 21:1-9;
Pes. 118:26 le yoo o tlang Mar. 11:7-11
ka leina la ga Jehofa
Isa. 28:16; A ganwa lefa go le jalo a nna Math. 21:42, 45, 46;
Pes. 118:22, 23 lentswe la kgokgotso Dit. 3:14; 4:11;
Pes. 41:9; A okwa ke mongwe wa Math. 26:47-50;
109:8 baaposetoloi Yoh. 13:18, 26-30
Seka. 11:12 A okwa ka dipapetlana di Math. 26:15; 27:3-10;
le 30 tsa selefera Mar. 14:10, 11
Isa. 53:8 A lekwa a ba a atlholwa Math. 26:57-68;
Isa. 53:7 A didimalela balatofatsi Math. 27:12-14;
ba gagwe Mar. 14:61; 15:4, 5
Pes. 69:4 A ilelwa lefela Luke 23:13-25;
Isa. 50:6; A itewa, a kgwelwa Math. 26:67;
Pes. 22:18 Diaparo tsa gagwe tsa laolwa Math. 27:35;
ka bola Yoh. 19:23, 24
Isa. 53:12 A balelwa le baleofi Math. 26:55, 56; 27:38;
Pes. 69:21 A sielwa bojalwa jo bo Math. 27:34, 48;
botlhoko le santlhokwe Mar. 15:23, 36
Pes. 22:1 A katogwa ke Modimo Math. 27:46; Mar. 15:34
Pes. 34:20; A seka a rojwa Yoh. 19:33, 36
Ekes. 12:46 lerapo lepe
Isa.53:5; A tlhajwa Math. 27:49;
Isa. 53:5, 8, A swa loso lwa go Math. 20:28; Yoh. 1:29;
11, 12 intshasetlhabelo Bar. 3:24; 4:25
go tlosa dibe
Isa. 53:9 A fitlhwa le bahumi Math. 27:57-60; Yoh. 19:38-42
Yona 1:17; 2:10 A nna mo lebitleng Math. 12:39, 40; 16:21;
dikarolo tsa malatsi 17:23; 27:64
a le mararo, go tswa
foo a tsosiwa
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 258, 259]
Jesu le Leina la Modimo
Fa Jesu a ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela, o ne a re: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Jesu o ne a itse kafa leina la ga Rraagwe le neng le le botlhokwa ka teng mme o ne a gatelela seo. Ka gone, o ne a raya baba ba gagwe ba bodumedi, a re: “Ke tsile ka leina ya ga Rrè, me ga lo nchole: ha o sele a tla ka leina la gagwè ka esi, èna lo tla mo chola. . . . Ke lo boleletse, me ga lo dumele: ditihō tse ke di dihañ ka leina ya ga Rrè, cōna di shupa kaga me.”—Yohane 5:43; 10:25; Mareko 12:29, 30.
Fa a ne a rapela Rraagwe, Jesu o ne a re: “Rara, galaletsa leina ya gago. Me hoñ ga tla lencwe le cwa legodimoñ, ya re, Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.”
Nako nngwe moragonyana, Jesu o ne a rapela ka go re: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea: e ne e le ba gago, me ua ba nnaea, me ba tshegeditse lehoko ya gago. Me ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise; gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.”—Yohane 12:28; 17:6, 26.
Jaaka Mojuda, Jesu o ne a tshwanela go bua thata ka leina la ga Rraagwe, ebong Jehofa, kana Yahweh, ka gonne o ne a itse lokwalo lo lo reng: “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ; gore lo tlè lo itse, lo ntumèlè, lo bo lo tlhaloganyè ha ke le èna: e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me. . . . ke gōna lo leñ bashupi ba me, go bua Yehofa, me ke Nna Modimo.”—Isaia 43:10, 12.
Ka jalo, morafe wa Bajuda o ne wa tlhophiwa go nna basupi ba ga Jehofa. Jaaka Mojuda, Jesu gape e ne e le mosupi wa ga Jehofa.—Tshenolō 3:14.
Go bonala gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bontsi jwa Bajuda ba ne ba sa tlhole ba bitsa leina la Modimo le le senotsweng. Lefa go ntse jalo, go na le mekwalo eo e supang gore Bakeresete ba ntlha bao ba neng ba dirisa thanolo ya Septuagint ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera ba tshwanetse ba bo ba ile ba bona Tetragrammaton ya Sehebera e dirisitswe mo ditemaneng tsa Segerika. Fela jaaka George Howard, moporofesa wa bodumedi yo ebileng e le Mohebera a ne a tlhalosa: “Fa Septuagint eo kereke ya Tesetamente e Ntšha e neng e e dirisa le go tsopola mo go yone e ne e na le leina la Modimo leo le kwadilweng ka tsela ya Sehebera, bakwadi ba Tesetamente e Ntšha kwantle ga pelaelo ba ne ba tsenya Tetragrammaton mo ditsopolong tsa bone. Mme fa leina la Modimo leo le kwadilweng ka Sehebera le ne [moragonyana] le ntshiwa mme go tsenngwa maemedi a lone a Segerika mo go Septuagint, le ne la ntshiwa gape le mo ditsopolong tsa Septuagint mo Tesetamenteng e Ntšha.”
Ka jalo, Moporofesa Howard o akanya gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhaloganya ditemana tse di tshwanang le Mathaio 22:44 sentle, koo Jesu a neng a tsopolela baba ba gagwe Dikwalo tsa Sehebera. Howard a re, “Gongwe kereke ya lekgolo la ntlha la dingwaga ekane e ne e bala ka gore, ‘YHWH o ne a raya Morena wa me a re’” go na le tokololo ya moragonyana e e reng, “‘Morena o ne a raya Morena oa me a re,’ . . . eo e sa utlwaleng ka jaana e sa tlhalose sentle.”—Pesalema 110:1.
Gore Jesu o ne a dirisa leina la Modimo go supilwe ke ditatofatso tseo Bajuda makgolokgolo a dingwaga morago ga loso lwa gagwe ba neng ba mo pega tsone tsa gore fa e le gore o ne a dira dikgakgamatso, e ne “e le fela ka gonne o ne a itirile morena wa leina ‘la sephiri’ la Modimo.”—The Book of Jewish Knowledge.
Eleruri Jesu o ne a itse leina la Modimo le le sa tshwaneng le lepe. Go sa kgathalesege tlwaelo ya Bajuda ya nako eo, Jesu eleruri o tshwanetse a bo a ne a dirisa leina leo. O ne a seka a letlelela dingwao tsa batho go bipa molao wa Modimo.—Mareko 7:9-13; Yohane 1:1-3, 18; Bakolosa 1:15, 16.
[Setshwantsho]
Dikapetlana tsa papyrus (lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E.) tse di supang leina la Sehebera la Modimo mo mokwalong wa Segerika wa Septuagint
[Setshwantsho mo go tsebe 238]
Jesu o ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi mo go ruteng ga gagwe—go jala peo, thobo, go tshwara ditlhapi, go batla perela, dihutshane tse di tlhakaneng, tshimo ya mofine, gareng ga tse dingwe (Mathaio 13:3-47; 25:32)
[Setshwantsho mo go tsebe 243]
Ka maatla a Modimo, Jesu o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi, go akaretsa le go didimatsa setsuatsue
[Setshwantsho mo go tsebe 246]
Tetragram-maton kana dituma-mmogo tse nnè YHWH (Jehofa)
[Setshwantsho mo go tsebe 251]
Polelo e e buang ka go tsosetsa Lasaro mo botshelong ga e umake sepe kana go akantsha gore o ne a na le moya o o sa sweng
[Setshwantsho mo go tsebe 253]
Petere, Jakobe, le Johane ba ne ba itse gore go amogela Jesu ga Modimo e ne e se tlhamane fela—ba ne ba go ikutlwela ba bo ba go iponela ka nako ya phetogo ya ponalo
Bakeresete ba pele ba ne ba ganetsana le kobamelo ya Puso ya babusi bao ba neng ba dirilwe medimo, ba ba tshwanang le Augustus (bona ledi la tshipi), le medimo ya sesadi, e e tshwanang le Artemis wa Efeso (Ditihō 19:23-41)
Tšhate ya Mesia - bolumo 268