Buka ya Bibela ya bo 41—Mareko
Mokwadi: Mareko
Lefelo leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 60-65 C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 29–33 C.E.
1. Ke eng se se itsiweng kaga Mareko le balelapa la gagwe?
FA Jesu a ne a tshwarwa kwa Gethesemane mme baaposetoloi bone ba tshaba, o ne a setswe morago ke “lekau leñwe . . . a ichopere bosaikatèga yoa gagwè ka letsela ya leloba.” Fa boidiidi jwa batho ba ne ba batla go mo tshwara, o ne “a tlogèla letsela ya leloba, a tshaba a sa ikatèga.” Batho ba le bantsi ba dumela gore lekawana leno e ne e le Mareko. O tlhalosiwa mo go Ditihō jaaka “Yohane eo o bidiwañ Mareko” mme o ka nna a bo a ne a tswa mo lelapeng le le itsholetseng sentle la mo Jerusalema, ereka ba ne ba na le ntlo le batlhanka. Mmaagwe, ebong Maria, le ene o ne a le Mokeresete, mme phuthego ya ntlha e ne ya dirisa legae la gagwe jaaka lefelo le go kopanelwang mo go lone. Ka nako ya fa Petere a ne a gololwa mo kgolegelong ke moengele mongwe, o ne a ya kwa ntlong eno mme a fitlhela bakaulengwe ba kgobokane koo.—Mareko 14:51, 52; Ditihō 12:12, 13.
2, 3. (a) Ke eng se kwantle ga pelaelo se ka tswang se dirile gore Mareko a tsenelele tirelo ya borongwa? (b) O ne a amana jang le barongwa ba bangwe, segolobogolo Petere le Paulo?
2 Morongwa Barenabase, yo o neng a le Molefi yo o tswang kwa Kupero, e ne e le ntsalaa Mareko. (Dit. 4:36; Bakol. 4:10) Fa Barenabase a ne a tla mo Jerusalema a na le Paulo ba tla go namola batho ba koo leuba, Mareko o ne a simolola go itse le Paulo. Kwantle ga pelaelo go tsalana ga ga Mareko le phuthego mmogo le badihedi ba ba tlhaga ba ba etang go ne ga dira gore a nne le keletso ya go tsenelela tirelo ya borongwa. Jalo re mmona a le mopati le modiredi wa ga Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa. Lefa go ntse jalo, ka mabaka mangwe Mareko o ne a ba tlogela kwa Perega, Pamfilia, a bo a boela kwa Jerusalema. (Dit. 11:29, 30; 12:25; 13:5, 13) Ka baka la seno, Paulo o ne a gana go tsamaya le Mareko mo loetong lwa bone lwa borongwa lwa bobedi, mme seno se ne sa felela ka gore Paulo le Barenabase ba kgaogane. Paulo o ne a tsamaya le Silase, fa Barenabase ene a ne a tsaya ntsalae Mareko mme a tsamaya nae ka sekepe ba lebile kwa Kupero.—Dit. 15:36-41.
3 Mareko o ne a dira ka bonatla mo bodiheding jwa gagwe mme a nna mothusi yo mogolo eseng fela go Barenabase mme moragonyana le go moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo. Mareko o ne a na le Paulo (mo e ka nnang ka 60-61 C.E.) ka nako ya fa a ne a latlhetswe mo kgolegelong la ntlha kwa Roma. (File. 1, 24) Go tswa foo re bona Mareko a na le Petere mo Babelona gareng ga dingwaga tsa 62 go ya go 64 C.E. (1 Pet. 5:13) Paulo o tsentswe mo kgolegelong gape mo Roma gongwe mo e ka nnang ka ngwaga wa 65 C.E., mme mo lokwalong lo a lo kwaletseng Timotheo, o mo kopa gore a tle le Mareko, a re, “gonne o molemō mo go nna mo go diheleñ.” (2 Tim. 1:8; 4:11) Leno ke lekgetlo la moragonyana le go umakiwang Mareko mo go lone mo rekotong ya Bibela.
4-6. (a) Mareko o ne a kgona jang go bona dintlha tse di kwa teng tse a di kwadileng mo Efangeleng ya gagwe? (b) Ke eng se se supang gore o ne a atamalane thata le Petere? (c) Naya dikai tse di supang gore Petere e ne e le motho wa mofuta ofe mo Efangeleng eo.
4 Go bolelwa fa Efangele e khutshwane go di feta tsotlhe eno e kwadilwe ke Mareko. O ne a le modirimmogo le baaposetoloi ba ga Jesu ebile o ne a dirisa botshelo jwa gagwe a direla mafoko a a molemo. Mme Mareko o ne a se mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, ebile o ne a se mopati wa ga Jesu ka nako eo a neng a le mo lefatsheng. O ne a tsaya kae dintlha tse di kwa teng tseno tse di dirang gore polelo ya gagwe kaga bodihedi jwa ga Jesu e nne jaaka ekete re bo bona ka matlho go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong? Go ya ka polelo ya bogologolo thata ya ga Papias, Origen, le Tertullian, o ne a bolelelwa dilo tseno ke Petere, yo Mareko a neng a tsalane nae fela thata.a A Petere gaa ka a mmitsa “morwaake”? (1 Pet. 5:13) Petere ke ene yo o neng a bone ka matlho mo e ka nnang dilo tsotlhe tse Mareko a kwadileng ka tsone, jalo o ka nna a tswa a ithutile dintlha di le dintsi tse di tlhalosang mo go Petere tseo di seyong mo Diefangeleng tse dingwe. Ka sekai, Mareko o bua ka “batlhanka ba ba thapilweñ ka tuèlō” bao ba neng ba direla Sebede, molepero yo o neng a rapela Jesu “a mo khubamèla,” monna yo o neng a tsenywe ke badimona yo o neng a “itshegaka ka mayè,” le fa Jesu a ne a bolela boperofeti jwa gagwe kaga ‘go tla ga Morwa motho a tla ka nonofo e kgolo le kgalalelo’ fa a ne a ntse mo Thoteng ya Lotlhware “bolebana le tempela.”—Mar. 1:20, 40; 5:5; 13:3, 26.
5 Petere ka boene o ne a le monna yo o kukegang maikutlo ka bonako jalo o ne a ka kgona go tlhaloganya maikutlo le go tseega maikutlo ga ga Jesu a bo a a tlhalosetsa Mareko. Ke gone ka moo Mareko a kwalang gangwe le gape kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone le kafa a neng a itshwara ka gone; ka sekai, o kwala ka gore o ne a ba “kōba ka bogale, ka a tlhokohadiwa,” gore o ne a “hègèlwa,” le gore o ne a “hègèlwa thata mo moeñ.” (3:5; 7:34; 8:12) Mareko ke ene yo o re bolelelang kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone ka mmusi yo mmotlana yo o neng a humile, ka go bolela gore “a mo rata.” (10:21) Mme abo re itumedisiwa ke polelo ya gore Jesu o ne a seka a emisa ngwana yo monnye fa gare ga barutwa ba gagwe fela mme gore gape o ne “a mo tsaea mo mabogoñ a gagwè,” le gore ka lekgetlo le lengwe o ne a “tsaea [bana] mo mabogoñ a gagwè”!—9:36; 10:13-16.
6 Bongwe jwa botho jwa ga Petere bo bonwa mo mokgweng o Mareko a kwadileng ka one, eleng go tseega maikutlo ka bonako, go dira gore e ne ekete batho ba bona ka matlho, go nna matlhagatlhaga, go bua dilo tsa botlhokwa, le go tlhalosa dilo sentle. Go lebega a sa kgone go bolela ditiragalo ka bonako jaaka di diragala. Ka sekai, lefoko “akoha” le tlhaga gangwe le gape, le tsweledisa polelo ka tsela e e dirang gore motho a akanye.
7. Ke eng se se farologanyang Efangele ya ga Mareko le ya ga Mathaio?
7 Lemororo Mareko a ne a kgona go bala Efangele ya ga Mathaio ebile pego ya gagwe e na le 7 lekgolong fela ya dintlha tse di seong mo Diefangeleng tse dingwe, e tla bo e le phoso go dumela gore Mareko o ne a sobokanya Efangele ya ga Mathaio fela a bo a oketsa ka dintlha di sekae tse di kgethegileng. Lefa Mathaio a ne a tlhalosa gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng le Kgosi, Mareko ene o bua ka botshelo jwa gagwe a bo a kwala ka mokgwa o o farologaneng. O tlhalosa fa Jesu e le Morwa Modimo yo o dirang dikgakgamatso, Mmoloki yo o fenyang. Mareko o bua thata ka ditiro tsa ga Keresete go na le ka dithero tsa gagwe le dithuto. O kwadile ka ditshwantsho di sekae fela le polelo e le nngwe fela ya dipolelo tse ditelele tsa ga Jesu, mme gaa kwala ka Thero ya mo Thabeng. Ke gone ka moo Efangele ya ga Mareko e leng khutshwane ka gone, lemororo go kwadilwe ka ditiragalo tse dintsi mo go yone fela jaaka tse dingwe. Go buiwa ka dikgakgamatso di ka nna 19 ka mo go kgethegileng.
8. Ke dintlha dife tse di supang gore Efangele ya ga Mareko e ka nna ya bo e ne e kwaletswe Baroma?
8 Lemororo Mathaio a ne a kwalela Bajuda Efangele ya gagwe, go phepafetse gore Mareko ene o ne a kwalela thatathata Baroma. Re itse seno jang? Molao wa ga Moshe o umakiwa fela fa go buiwa ka puisano eo go neng go lebisitswe go one mo go yone, mme ga go a kwalwa ka losika lwa batsadi ba ga Jesu. Go lemotshega sentle fa efangele eno ya ga Keresete e le ya botlhokwa mo bathong botlhe. O akgela ka go tlhalosa dingwao tsa Bajuda le dithuto tseo babadi ba eseng Bajuda ba ka tswang ba sa di itse. (2:18; 7:3, 4; 14:12; 15:42) Go ranolwa mafoko a Searamaika. (3:17; 5:41; 7:11, 34; 14:36; 15:22, 34) O tlhalosa maina a mafelo a Palasetina le dijalo. (1:5, 13; 11:13; 13:3) Go bolelwa gore madi a ditshipi a Sejuda a lekana le afe a Seroma. (12:42, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) O dirisa mafoko a Selatine a le mantsi go na le bakwadi ba bangwe ba Efangele, ao dikai tsa one e leng speculator (leotlana), praetorium (ntlo ya segosi ya mmusi), le centurio (molaodi wa mophato wa masole).—6:27; 15:16, 39.
9. Buka ya Mareko e ne ya kwalelwa kae le gone e ne ya kwalwa leng, mme ke eng se se tlhomamisang gore e boammaaruri?
9 Ereka go bonala gore Mareko o ne a kwalela Baroma segolobogolo, o tshwanetse a bo a ne a kwalela mokwalo wa gagwe kwa Roma. Polelo ya bogologolo mmogo le se se leng mo bukeng eo di tlhomamisa phetso ya gore e ne ya kwalelwa kwa Roma mo e ka nnang ka lekgetlo la ntlha kana la bobedi la go latlhelwa mo kgolegelong ga ga moaposetoloi Paulo, mo go rayang gore e ne e le ka dingwaga tsa 60-65 C.E. Mo dingwageng tseo Mareko o ne a tla mo Roma mo e ka nnang gangwe fela, mme ebile gongwe gabedi. Balaodi botlhe ba bagolo ba lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga ba tlhomamisa gore Mareko ke ene yo o neng a kwala buka eno. Bakeresete ba ne ba setse ba kgona go bala Efangele eno mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Go bo Efangele ya ga Mareko e bonala mo ditlhatlhamanong tsotlhe tsa ntlha tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika go tlhomamisa gore e boammaaruri.
10. Dipolelo tse di digelang tse ditelele le tse dikhutshwane tsa Mareko di tshwanetse go tsewa jang, mme ka ntlhayang?
10 Lefa go ntse jalo, ga go a tshwanelwa ga tsewa gore dipolelo tse di digelang tse ditelele le tse dikhutshwane tse fa gongwe go okediwang ka tsone mo go kgaolo 16, temana 8 le tsone di boammaaruri. Ga di yo mo mekwalong e mentsi ya bogologolo, e e tshwanang le ya Sinaitic le Vatican No. 1209. Bakanoki ba lekgolo la bonè la dingwaga Eusebius le Jerome ba dumalana gore rekoto ya boammaaruri e digela ka mafoko a a reng “ka ba boiha.” Go lebega fa dipolelo tse dingwe tse di digelang di ne tsa tsenngwa ka maikaelelo a go dira gore Efangele eo e seka ya wela ka kgaosetso jaaka e ntse.
11. (a) Ke eng se se supang gore Efangele ya ga Mareko ke ya bonnete, mme go gatelelwa bolaodi jwa ga mang? (b) Ke ka ntlhayang fa seno e le “Mahoko a a Molemō,” mme Efangele ya ga Mareko e bua ka ditiragalo tsa lobaka lo lo kae?
11 Selo se se bontshang gore polelo ya ga Mareko e boammaaruri ke gore Efangele ya gagwe ga e dumalane fela ka botlalo le Diefangele tse dingwe mme gape e dumalana le Dikwalo tsotlhe tse dingwe tse di Boitshepo go simolola ka Genesise go ya go Tshenolō. Mo godimo ga moo, go bontshiwa gangwe le gape fa Jesu a na le taolo eseng fela mo go se a se buang mme gape le mo maatleng a tlholego, mo go Satane le badimona, le mo bolwetsing le mo botlhokong, ee, le eleng mo losong ka bolone. Jalo Mareko o simolola polelo ya gagwe ka mafoko a a kgatlhang a a reng: “Tshimologō ea Mahoko a a Molemō a ga Yesu Keresete.” Go tla ga gagwe le bodihedi jwa gagwe di ne di tlisa “Mahoko a a Molemō,” mme ka gone fa babadi botlhe ba ithuta Efangele ya ga Mareko ba tla solegelwa molemo. Ditiragalo tse di tlhalosiwang mo go Mareko ke tse di diragetseng go simolola ka dikgakologo tsa 29 C.E. go ya go dikgakologo tsa 33 C.E.
SEO SE LENG MO GO MAREKO
12. Ke dilo dife tse dintsi tse di kwadilweng mo ditemaneng tsa ntlha tse 13 tsa ga Mareko?
12 Kolobetso ya ga Jesu le go lekwa ga gagwe (1:1-13). Mareko o simolola mafoko a a molemo ka go bolela gore Johane Mokolobetsi ke mang. Ke morongwa yo o boleletsweng pele, yo o romilweng go tla go bua a re: “Baakanyañ mmila oa ga Yehofa, siamisañ ditsela tsa gagwè.” Fa mokolobetsi yono a bua ka Yo o tlogang a tla, a re, ‘O nonofile bogolo go nna.’ Ee, o tla kolobetsa, eseng ka metsi, mme ka moya o o boitshepo. Jaanong Jesu o tswa kwa Nasaretha wa Galilea, mme Johane o a mo kolobetsa. Moya o fologela mo go Jesu jaaka lephoi, mme go utlwala lentswe le tswa kwa legodimong le re: “U morwaake eo o ratègañ, ke itumèla thata mo go wèna.” (1:3, 7, 11) Jesu o lekwa ke Satane a le mo nageng, mme baengele ba tla go mo direla. Ditiragalo tsotlhe tse di tshikhinyang maikutlo tseno di kwadilwe tsotlhe mo ditemaneng tsa ntlha tse 13 tsa Mareko.
13. Ke ka ditsela dife Jesu kwa tshimologong fela a bontshang fa a na le thata jaaka “Moitshepi oa Modimo”?
13 Jesu o simolola bodihedi mo Galilea (1:14–6:6). Morago ga Johane a sena go tshwarwa, Jesu o ya go rera mafoko a a molemo a Modimo mo Galilea. A bo a bua ka molaetsa o o kgatlhisang jang ne! “Bogosi yoa Modimo bo atametse: ikwatlhaeeñ, lo dumèlè Mahoko a a Molemō.” (1:15) O tlogedisa Simone le Anderea le Jakobe le Johane matloa a bone a ditlhapi gore ba tle go nna barutwa ba gagwe. O simolola go ruta mo sinagogeng kwa Kaperenama go le Sabata. Batho ba sala ba gakgametse fela, ka gonne o ruta “yaka moñwe eo o nañ le taolō, eseñ yaka bakwadi.” O bontsha fa a na le taolo jaaka “Moitshepi oa Modimo” ka go leleka moya o o bosula mo monneng yo o tsenweng ke badimo le ka go fodisa mogwagwadia Simone, yo o neng a tsenywe ke bolwetsi jwa letshoroma. Dikgang tseo di anama jaaka molelo wa naga, mme fa go tla go nna bosigo “motse otlhe” wa bo o phuthaganetse ka kwa ntle ga ntlo ya ga Simone. Jesu o fodisa batho ba le bantsi bao ba lwalang a bo a leleka badimona ba bantsi.—1:22, 24, 33.
14. Jesu o supa jang fa a na le thata ya go kgona go itshwarela maleo?
14 Jesu o bolela gore o romilwe go tla go dira eng fa a re: “Gore ke tlè ke rèrè.” (1:38) O rera mo motseng otlhe wa Galilea. Gongwe le gongwe kwa o yang gone, o leleka badimona a bo a fodisa balwetsi, go akaretsa le molepero le motho yo o suleng mhama yo o mo rayang a re: “Dibe tsa gago u di ichwarecwe.” Bakwadi bangwe ba akanya mo dipelong tsa bone ba re, ‘O tlhapatsa Modimo. Ke mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo fela?’ Ereka Jesu a lemoga seo ba se akanyang, o supa gore “Morwa Motho o na le thata mo lehatshiñ go ichwarèla dibe” ka go raya motho yo o bolawang ke bolwetsi jwa go wa a re a emelele a bo a ye gae. Batho ba galaletsa Modimo. Fa mokgethisi Lefi (Mathaio) a nna molatedi wa gagwe, Jesu o raya bakwadi a re: “Ga kea tlèla go bitsa basiami, ha e se baleohi hèla.” O itshupa fa a le “morèna le oa sabata le ōna.”—2:5, 7, 10, 17, 28.
15. Jesu o bolela eng kaga bao ba sa amogeleng dikgakgamatso tsa gagwe, mme a reng kaga kamano ya gagwe le balelapa la gagwe?
15 Jesu jaanong o tlhama setlhopha sa baaposetoloi ba ba 12. Balosika lwa gagwe ba supa fa ba ganetsana nae ka tsela nngwe, mme go tswa foo bakwadi ba ba tswang kwa Jerusalema ba mo pega molato wa gore o leleka badimo ka kgosi ya badimona. Jesu o ba botsa ka go re, “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntlè yañ?” a bo a ba tlhagisa ka go re: “Leha e le mañ eo o tlhapatsañ Mōea o o Boitshèpō, ga a na go ichwarèlwa gopè, me o molato oa boleo yo bo senañ bokhutlō.” Fa a ntse a buisana le bone, mmaagwe le bomorwarraagwe ba tla ba mmatla, mme Jesu o tlhotlheletsega go bolela gore: “Leha e le mañ eo o tla dihañ go rata ga Modimo, èna eouō ke nnake, le kgantsadiake, le mmè.”—3:23, 29, 35.
16. Ke eng se Jesu o se rutang ka ditshwantsho kaga “bogosi yoa Modimo”?
16 Jesu o simolola go ruta “bosaitsiweñ yoa bogosi yoa Modimo” ka ditshwantsho. O bolela ka monna yo o jalang peo eo e welang mo mefuteng e e farologaneng ya mmu (a tshwantsha mefuta e e farologaneng ya batho ba ba utlwang lefoko) le lebone le le tukang le le mo setlhomong sa lone. Mo setshwantshong se sengwe, Jesu o bolela gore Bogosi jwa Modimo bo tshwana le fa monna mongwe a latlhela peo mo mmung: “Lehatshe lea ikuñwisa ka yeosi; e re pele go cwe mogwañ; hoñ go cwe seakō, me moragō mabèlè a a tletseñ mo seakoñ.” (4:11, 28) Gape o bolela setshwantsho sa peo ya mosetara, eo, lemororo e le e nnye mo dipeong tsotlhe, e golang e nna setlhare se segolo se matlhare a sone a magolo e leng boitshubelo.
17. Dikgakgamatso tsa ga Jesu di bontsha gore thata e a nang nayo e bogolo jo bo kana kang?
17 Fa ba kgabaganya Lewatle la Galilea, Jesu ka kgakgamatso o dira gore sefefo se se tsubutlang se kokobele, mme lewatle le le neng le na le setsuatsue le a ritibala fa a le laola ka go re: “Kgaotsa, u sisibalè.” (4:39) Fa Jesu a le mo nageng ya Bagerasena, o leleka “Mophatō” wa badimona mo monneng mongwe a bo a ba letlelela go tsena mo serapeng sa dikolobe tse di ka nnang 2 000, tseo morago, di kgokologang ka mokgokolosa di bo di nwela mo lewatleng. (5:8-13) Morago ga seno, Jesu o kgabaganyetsa kwa lotshitshing lo longwe gape. Mosadi mongwe o fola tshologo ya madi, eo e neng e ntse e sa kgone go alafesega ka dingwaga di le 12, ka go ama seaparo sa ga Jesu fela, fa a le mo tseleng a ya go tsosa morwadia Jairo wa dingwaga tse 12 mo losong. Eleruri, Morwa motho o na le taolo mo botshelong mmogo le mo losong! Lefa go ntse jalo, batho ba legae la ga Jesu ba ganela gore o na le taolo eo. O gakgamadiwa ke go tlhoka tumelo ga bone mme lefa go le jalo o tswelela “a tsamaea le metsana a e dikologa a ruta.”—6:6.
18. (a) Bodihedi jwa ga Jesu bo atolosiwa jang? (b) Jesu o tlhotlhelediwa ke eng go ruta le go dira dikgakgamatso?
18 Go atolosiwa ga bodihedi kwa Galilea (6:7–9:50). Ba ba 12 ba romiwa ka bobedi bobedi ba neelwa ditaolo le taolo tsa go rera le go ruta, go fodisa batho, le go leleka badimo. Batho ba le bantsi ba simolola go itse leina la ga Jesu, ba bangwe ba akanya gore ke Johane Mokolobetsi yo o tsositsweng mo baswing. Seno se ka nna sa bo se ne sa tshwenya Herode mo pelong, yoo Johane o neng a kgaolwa tlhogo ka nako ya moletlo wa letsatsi la gagwe la botsalo. Baaposetoloi ba boa kwa loetong lwa bone lwa go rera ba bo ba begela Jesu kaga tiro ya bone. Boidiidi jo bogolo jwa batho ba sala Jesu morago mo tikologong ya Galilea, mme o ‘ba tlhomogela pelo, ka gonne ba tshwana le dinku tse di senang modisa.’ Ka gone o simolola go ba ruta dilo di le dintsi. (6:34) Gape ka lorato o ba abela dijo, a fepa banna ba le 5 000 ka dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. Ka bokhutshwane fela morago ga moo, fa barutwa ba gagwe ba ntse ba tshwere ka thata ba lwantshana le setsuatsue fa ba lebile kwa Bethesaida, o tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga lewatle a bo a didimatsa phefo. Ga go gakgamatse go bo le barutwa ba gagwe “ba gakgamala ba ya kgakge hèla”!—6:51.
19, 20. (a) Jesu o kgalemela bakwadi le Bafarasai jang? (b) Ke ditiragalo dife tse di felelang ka gore Petere le ene a kgalemelwe?
19 Mo kgaolong ya Genesereta, Jesu o buisana le bakwadi le Bafarasai ba ba tswang kwa Jerusalema kaga go ja go sa tlhapiwa diatla, mme o ba kgalela gore ba ‘tlogetse molao wa Modimo mme ba tshwareletse mo dingwaong tsa batho fela.’ O bolela gore se se leswafatsang motho ga se se se tsenang mo go ene, mme ke se se tswang mo teng, se se tswang mo pelong, eleng, “megopolō e e boshula.” (7:8, 21) Fa a tlhatlogela kwa bokone kwa dikgaolong tsa Ture le Sidone, o direla Moditšhaba mongwe kgakgamatso nngwe, a leleka ledimona mo mosading mongwe wa morafe wa Serofonika.
20 Fa a boela kwa Galilea, Jesu gape o tlhomogela boidiidi jwa batho ba ba mo setseng morago pelo a bo a fepa banna ba le 4 000 ka dinkgwe di supa le ditlhapinyana di sekae. O tlhagisa barutwa ba gagwe ka sebidiso sa Bafarasai le sebidiso sa ga Herode, mme ka nako eo ga ba kgone go tlhaloganya se a se rayang. Go tswa foo, o dira kgakgamatso e nngwe gape—o fodisa sefofu mo Bethesaida. Fa ba ntse ba buisana ba le mo tseleng go ya kwa metseng ya Kaesarea Filipi, Petere o bolela ka mo go tlhatswang pelo fa Jesu e le “Keresete” mme go tswa foo ga a dumele gotlhelele fa Jesu a bolela gore Morwa motho o tla boga mme morago a swe. Ka baka la seno, Jesu o mo kgalemela ka go re: “Tloga, ha pele ga me, Satana: gonne ga u tlhokomele dilō tse e leñ tsa Modimo, ha e se tsa batho hèla.” (8:29, 33) Jesu o kgothaletsa barutwa ba gagwe go mo sala morago ka metlha ka baka la mafoko a a molemo; fa ba ka mo tlhabelwa ke ditlhong, le ene o tla ba tlhabelwa ke ditlhong fa a tla ka kgalalelo ya ga Rraagwe.
21. (a) Ke bomang ba ba bonang “bogosi yoa Modimo bo tla ka nonohō pele,” mme jang? (b) Jesu o gatelela jang gore batho ba tshwanetse go eteletsa Bogosi kwa pele?
21 Morago ga malatsi a le marataro, fa a tlhatlogetse kwa thabeng e e kwa godimo, Petere, Jakobe, le Johane ba nna le tshiamelo ya go bona “bogosi yoa Modimo bo tla ka nonohō pele” fa ba bona Jesu a fetotswe a le mo kgalalelong. (9:1) Jesu o bontsha taolo ya gagwe gape ka go leleka moya o o semumu mo mosimanyaneng mongwe, mme mo lekgetlong la bobedi o bolela kafa a tla tlogang a boga mme morago a swe. O gakolola barutwa ba gagwe gore ba seka ba letlelela sepe go ba thibela go bona botshelo. A letsogo la gago le a go kgopisa? Le kgaole! A ke lonao lwa gago? Lo kgaole! A ke leitlho la gago? Le latlhe! Go molemo fela thata go tsena mo Bogosing jwa Modimo o le segole go na le go latlhelwa mo Gehena o le mmogo.
22. Ke kgakololo efe e Jesu a e fang fa a le mo bodiheding jwa gagwe mo Perea?
22 Bodihedi jwa mo Perea (10:1-52). Jesu o fitlha mo tikologong ya Judea “le moseya ga Yoredane” (mo Perea). Jaanong Bafarasai ba mmotsa kaga tlhalo, mme o dirisa tshono eno go bolela melaometheo ya Modimo kaga lenyalo. Lekawana lengwe le le humileng le mmotsa gore motho o ka rua botshelo jo bosakhutleng jang mme le utlwa botlhoko fa le utlwa gore o tshwanetse go rekisa dithoto tsa gagwe tsotlhe a bo a nne molatedi wa ga Jesu gore a nne le khumo kwa legodimong. Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” O kgothaletsa bao ba tlogetseng sengwe le sengwe ka baka la mafoko a a molemo, a ba solofetsa gore ba tla “bōna ga lekgolo . . . le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ [ba] tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.”—10:1, 25, 30.
23. Ke puisano efe le kgakgamatso tse di diragalang fa ba le mo tseleng ba ya kwa Jerusalema?
23 Jesu le ba ba 12 jaanong ba leba kwa Jerusalema. Jesu o ba bolelela la boraro kaga gore o tloga a bogisiwa le kaga go tsoga ga gagwe mo losong. O ba botsa gore a ba ka kgona go nwa senwelo se a se nwang, a bo a ba raya a re: “Le gōna eo o ratañ a ka bo a le oa kwa pele mo go lona, o tla nna motlhanka oa botlhe.” Fa ba tswa mo Jeriko, sefofu sengwe sa mokopi se mmitsa se bapile le tsela se re: “Yesu morwa Dafide, nkutlwèla botlhoko.” Jesu o foufolola monna yoo wa sefofu—e le kgakgamatso ya gagwe ya bofelo ya go fodisa e e kwadilweng ke Mareko.—10:44, 47, 48.
24, 25. (a) Jesu o supa fa a na le thata ka go dira ditiro dife? (b) O araba baba ba gagwe ka mabaka afe? (c) Jesu o tlhagisa boidiidi jwa batho jang, mme o tlhokomedisa barutwa ba gagwe eng?
24 Jesu o mo Jerusalema le mo tikologong ya one (11:1–15:47). Go bolelwa ditiragalo ka bofefo! Jesu o tsena mo motseng oo a palame eselana, mme batho ba mmaka jaaka Kgosi. Mo letsatsing le le latelang o tsena mo tempeleng. Baperesiti ba bagolo le bakwadi baa mmoifa ba bo ba batla go mmolaya. Ba mmotsa ba re “Dilō tse, u di diha ka taolō ehe?” (11:28) Ka botswerere Jesu o lebisa potso eo go bone a bo a ba bolelela kaga setshwantsho sa batlhokomedi ba tshimo bao ba neng ba bolaya mojaboswa wa tshimo ya mofine. Ba tlhaloganya se a se rayang ba bo ba mo tlogela.
25 Morago ga moo ba romela Bafarasai bangwe go ya go mo tshwara kaga kgang ya lekgetho. Fa a sena go kopa gore a fiwe ledi la dinari, o ba botsa ka go re: “Sechwanō se le sekwalō, ke tsa ga mañ?” Ba fetola ka go re: “Tsa ga Kaesare.” Go tswa foo Jesu a re: “Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.” Ga go gakgamatse go bo ba mo gakgamalela! (12:16, 17) Jaanong Basadukai, bao ba sa dumeleng mo tsogong ya baswi, ba leka go mo tshwara ka go mmotsa ba re: ‘Fa mosadi a ile a nyalwa ke banna ba supa ka go tlhatlologana ga bone, o tla nna mosadi wa ofe ka nako ya tsogo ya baswi?’ Kwantle ga go tsaya nako Jesu o fetola ka go re bao ba tsogang mo baswing ba tla nna “yaka baengele kwa legodimoñ,” ka gonne ga ba na go nyala kana go nyalwa. (12:19-23, 25) Mongwe wa bakwadi o botsa ka go re: “Taolō e e leñ tlhōgō ea cōna cotlhe ke ehe?” Jesu o araba ka go re: “Ea tlhōgō ke e, Utlwa wèna Iseraela; Yehofa Modimo oa rona, Yehofa o moñwe hèla: Gape, U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago, le ka thata eotlhe ea gago. Ea bobedi ke e, U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata.” (12:28-31) Morago ga seno, ga go na ope yo o tlholang a leka go mmotsa sepe. Jesu o tlotlomadiwa jaaka morutisi yo o nang le taolo yo o sa palelweng ke sepe. Boidiidi jo bogolo jwa batho ba natefelelwa ke go mo reetsa, mme Jesu o ba tlhagisa kaga bakwadi ba ba ratang go itshupa. Go tswa foo o lemotsha barutwa ba gagwe motlholagadi wa mohumanegi yo o tsentseng go le gontsi mo letloleng la madi la tempele go na le ba bangwe, ka gonne madinyana a gagwe a mabedi e ne e le “gotlhe mo o tshelañ ka gōna.”—12:44.
26. Polelo e telele e nngwe fela e e kwadilweng mo go Mareko ke efe, mme e felela ka tao efe?
26 Fa Jesu a ntse mo Thoteng ya Lotlhware a lebile tempele, o bolelela ba banè ba barutwa ba gagwe kwa bothokong kaga “seshupō” sa bokhutlo jwa dilo tseno. (Eno ke yone polelo e telele fela e e kwadilweng mo go Mareko, mme e tshwana le e e mo go Mathaio kgaolo 24 le 25.) E wela ka tao ya ga Jesu e e reng: “Se ke se raeañ lona, ke se raea botlhe hèla, ka re, Lebèlèlañ.”—13:4, 32, 37.
27. Tlhalosa ditiragalo tse di diragalang pele ga go okiwa ga ga Jesu kwa Gethesemane.
27 Gaufi le Bethania mosadi mongwe o tshasa Jesu setlolo sengwe se se nkgang monate. Batho bangwe ba ngongoregela gore tiro eno ke ya tshenyo, mme Jesu ene o bolela fa e le tiro e e molemo, e e baakanyetsang phitlho ya gagwe. Ka nako e e beilweng, Jesu le ba ba 12 ba kgobokana mo motseng ba tlile Tlolaganyong. O bolela gore ke mang yo o tla mo okang a bo a simolola segopotso sa sejo sa maitseboa le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, mme go tswa foo ba ya kwa Thoteng ya Lotlhware. Fa ba le mo tseleng Jesu o ba bolelela gore botlhe ba tlile go kgopiwa. “Nna, nya,” Petere o khutsa jalo. Mme Jesu o mo raya a re: “Sigoñ yono, e tla re koko e tona e e se e be e lele gabedi, u tla bu u intatotse gararo.” Fa ba fitlha fa lefelong lengwe le le bidiwang Gethesemane, Jesu o tswa mo go bone a ya go rapela, a kopa barutwa ba gagwe gore ba lebelele. Thapelo ya gagwe e fitlha kwa setlhoeng ka mafoko a a reng: “Ntata, Rra, dilō cotlhe di ka dihala mo go wèna: tlosa senwèlō se mo go nna: leha go nntse yalō eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” Jesu o boela kwa barutweng ba gagwe gararo, mme ka makgetlo a mararo ao o ba fitlhela ba robetse, le eleng ‘mo nakong eno’! (14:29, 30, 36, 41) Mme nako e gorogile! Bonang!—mooki!
28. Ke ditiragalo dife tse di diragalang fa Jesu a tshwarwa le fa a tla fa pele ga moperesiti yo mogolo?
28 Judase o a atamela a bo a atla Jesu. Fa a dira jalo o mo supegetsa banna ba ba tlhomeletseng ba baperesiti ba bagolo gore ba mo tshware. Ba mo lere fa kgotlatshekelong ya moperesiti yo mogolo, koo batho ba le bantsi ba ntshang bosupi jwa maaka kaga gagwe, mme bosupi jwa bone ga bo dumalane. Jesu ene o didimala fela. Kwa bokhutlong, moperesiti yo mogolo o mmotsa ka go re: “A u Keresete, Morwa Eo o Bakwañ?” Jesu o araba ka go re, “Ke nna.” Moperesiti yo mogolo o goa ka go re: ‘O tlhapatsa Modimo!’ mme botlhe ba mo atlhola ka gore o tshwanetse go bolawa. (14:61-64) Kwa tlase kwa lolwapaneng, Petere o itatotse Jesu makgetlo a le mararo. Koko e tonanyana e lela la bobedi, mme Petere, fa a gakologelwa mafoko a ga Jesu, o thunya ka selelo.
29. Mareko o bega eng kaga teko ya bofelo ya ga Jesu le go bolawa ga gagwe, mme go bontshiwa jang gore kgang e kgolo ke Bogosi?
29 Ka bokhutshwane fela fa masa aa sa ba Lekgotla la Bajuda baa kopana ba bo ba romela Jesu kwa go Pilato a golegilwe. Ka bofefo fela o lemoga gore Jesu ga a na molato ope a bo a leka go mo golola. Lefa go ntse jalo, ka baka la kgatelelo ya segopa sa batho ba ba tlhotlhelediwang ke baperesiti, o ba neela Jesu kwa bokhutlong gore ba mmapole. Jesu o tlisiwa mo Gologotha (leina leo le rayang gore, “Lefelo la Logata”) mme o bapolelwa koo, go kwadilwe kwa godimo ga gagwe tatofatso e e reng: “KGOSI EA BAYUDA.” Bafiti ba tsela ba mo kgoba ka go re: “O na a boloka ba bañwe: èna ka esi ga a kake a ipoloka.” Ka nako ya sethoboloko (nako ya borataro) go nna lefifi le legolo mo lefatsheng leo lotlhe go fitlhela ka nako ya boraro. Go tswa foo Jesu o goa ka lentswe le legolo a re, “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?” a bo a tlhokafala. Fa molaodi mongwe wa masole a bona ditiragalo tseno tsotlhe o akgela ka go re: “Rure monna eo, e ne e le Morwa Modimo.” Josefa wa Arimathaea, leloko la Lekgotla la Bajuda mme e le motho yo o dumelang mo Bogosing jwa Modimo, o kopa gore Pilato a mo neye mmele wa ga Jesu a bo a o baya mo phupung eo e gabolotsweng mo lentsweng.—15:22, 26, 31, 34, 39.
30. Ke eng se se diragalang mo letsatsing la ntlha la beke kwa phupung?
30 Ditiragalo tsa loso lwa ga Jesu (16:1-8). Go sa le moso mo letsatsing lantlha la beke eo, basadi ba babedi ba ya kwa phupung eo. Ba gakgamadiwa ke go bona letlapa le legolo le le fa mojakong le tlositswe. “Motho oa lekau” yo o ntseng mo teng o ba bolelela gore Jesu o tsositswe. (16:5) Ga a sa tlhole a le teng mme o tsamaetse kwa pele o ile kwa Galilea. Ba tswa fa phupung eo ba itlhaganetse, ba roromisiwa ke letshogo.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
31. (a) Mareko o supa jang gore Jesu ke Mesia? (b) Ke eng se se supang gore Jesu o na le thata jaaka Morwa Modimo, mme ke eng se a neng a se gatelela?
31 Ka baka la ditlhaloso tse di kwadilweng tse di tlhaloganyesegang sentle tseno kaga Jesu Keresete, babadi botlhe ba Mareko, go simolola ka metlha ya Bokeresete go tla go fitlha jaanong, ba ile ba kgona go lemoga ditiragatso tsa boperofeti jo bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera malebana le Mesia. Go simolola ka mafoko a a tsopotsweng kwa tshimologong a a reng, “Bōnañ, ke roma moroñwi oa me ha pele ga sehatlhōgō sa gago,” go ya ka mafoko a ga Jesu a kutlobotlhoko fa a le mo koteng a a reng, “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?” polelo yotlhe ya bodihedi jwa gagwe jo a bo dirileng ka botlhaga, jaaka e kwadilwe ke Mareko, e dumalana le seo Dikwalo tsa Sehebera di se boleletseng pele. (Mar. 1:2; 15:34; Mal. 3:1; Pes. 22:1) Mo godimo ga moo, dikgakgamatso tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang, thuto ya gagwe e e molemo, mabaka a gagwe a a neng a sena phoso epe, go ikaega ga gagwe ka Lefoko la ga Jehofa le moya wa gagwe ka mo go feletseng, le go disa dinku ga gagwe ka bonolo—dilo tseno tsotlhe di supa fa e le Ene yo o neng a tla ka taolo e le Morwa Modimo. O ne a ruta jaaka “moñwe eo o nañ le taolō,” taolo eo a neng a e neilwe ke Jehofa, mme o ne a gatelela gore go “rèra Mahoko a a Molemō a Modimo,” eleng gore, “bogosi yoa Modimo bo atametse,” e ne e le tiro ya gagwe e kgolo mono lefatsheng. Go ruta ga gagwe go itshupile fa go na le mosola o o senang selekanyo go botlhe bao ba ileng ba go tlhwaela tsebe.—Mar. 1:22, 14, 15.
32. Mareko o dirisa mafoko a a reng “bogosi jwa Modimo,” makgetlo a le kae, mme melaometheo mengwe eo a bolelang gore e ka thusa motho gore a bone botshelo ka Bogosi ke efe?
32 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweñ yoa bogosi yoa Modimo.” Mareko o dirisa mafoko a a reng “bogosi yoa Modimo” makgetlo a le 14 a bo a naya bao ba tla bonang botshelo ka Bogosi melaometheo e mentsi e e kaelang. Jesu o ne a tlhalosa ka go re: “Leha e le mañ eo o latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, o tla bo boloka.” Sengwe le sengwe se se ka thibelang motho go bona botshelo se tshwanetse go tlosiwa: “Go ka nna molemō mo go wèna go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo u le moitlhō, bogolo go go latlhèlwa u le matlhō ao mabedi mo moletiñ.” Jesu o ne a bolela gape gore: “Leha e le mañ eo o se ketlañ a chola bogosi yoa Modimo yaka ñwanyana, ga a ketla a tsèna mo go yōna gopè,” a bo a re, “Go thata yañ mo go ba ba ikantseñ mahumō go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo!” O bolela gore motho yo o lemogang gore go boloka ditaolo tse pedi tse dikgolo go molemo fela thata go gaisa ditshupelo tse di fisiwang le ditlhabelo tsotlhe “ga [a] kgakala le bogosi yoa Modimo.” Dithuto tseno le tse dingwe tsa Bogosi tsa Efangele ya ga Mareko di na le ditao tse dintsi tse di molemo tseo re ka di dirisang mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi.—4:11; 8:35; 9:43-48; 10:13-15, 23-25; 12:28-34.
33. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke Efangele ya ga Mareko? (b) Mareko e tshwanetse go re kgothaletsa go dira eng, mme ka ntlhayang?
33 Mafoko a a molemo “yaka a bolecwe ke Mareko” a ka nna a balwa otlhe mo e ka nnang ka ura e le nngwe fela kana di le pedi, a naya mmadi tshobokanyo e e kgatlhisang, e e bofefo, le e e maatla ya ditiragalo tse dikgolo tsa bodihedi jwa ga Jesu. Fa motho a bala polelo e e tlhotlheleditsweng eno, a etla a sa kgaotse lefa a e ithuta ka kelotlhoko a bo a tlhatlhanya ka yone, o tla solegelwa molemo ka metlha. Efangele ya ga Mareko e na le mosola mo Bakereseteng ba ba bogisiwang gompieno fela jaaka go ne go ntse ka lekgolo la ntlha la dingwaga, ka gonne Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba thulane le “dipaka tse di tlhokohatsañ” mme ba tlhoka kaelo e e ntseng jalo e e tlhotlheleditsweng e e tshwanang le e e fitlhelwang mo rekotong eno e e buang ka Motlhomasekao wa rona, ebong Jesu Keresete. E bale, o tla kgatlhwa ke ditiragalo tsa yone tse dikgolo, ebile o tla kgothatsega go tsamaya mo dikgatong tsa Moemedi yo Mogolo le Mosiamisi wa tumelo ya rona, ebong Jesu, o na le boipelo jo bogolo jo bo tshwanang le jo a neng a bo bontsha. (2 Tim. 3:1; Baheb. 12:2) Ee, bona jaaka e le monna yo o dirang ditiro tse dikgolo, tlhotlhelediwa ke botlhaga jwa gagwe, o bo o etse bothokgami jwa gagwe jwa go sa ineele le bopelokgale fa a lekwa le go ganediwa. Gomodiwa ke karolo e e buang ka dilo tse dintsi eno ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Dira gore e go solegele molemo jaaka o batla botshelo jo bosakhutleng!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 337.