LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 80
  • Masaka a Dinku le Modisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masaka a Dinku le Modisa
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masaka a Dinku le Modisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ke Mang Yo O Gogelang Tseleng ya Kgololo?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi ba Boammaaruri—Ba Tswa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 80

Kgaolo 80

Masaka a Dinku le Modisa

JESU o mo Jerusalema ka nako ya Moletlo wa Neelo, kana Hanukkah, eleng moletlo wa go keteka go neelwa sesha ga tempele go Jehofa. Ka 168 B.C.E., mo e ka nnang dingwaga di le 200 pelenyana, Antiochus IV Epiphanes o ne a gapa Jerusalema mme a itshekolola tempele eo le sebeso sa yone. Lefa go ntse jalo, dingwaga di le tharo moragonyana Jerusalema o ne a boela baagi ba gagwe mme tempele eo e ne ya neelwa sesha. Morago ga moo, go ne ga ketekwa moletlo wa neelosesha ngwaga le ngwaga.

Moletlo ono wa Neelo o ketekwa ka Chislev 25, ebong kgwedi ya Sejuda eo e nyalanang le karolo ya bofelo ya November le karolo ya ntlha ya December mo khalendareng ya rona ya segompieno. Jalo, go setse malatsi a feta a a lekgolo go sekae fela go bo go ketekwa moletlo o mogolo wa Tlolaganyo ya 33 C.E. Ereka e le paka ya botsididi, moaposetoloi Johane o e bitsa “mariga.”

Jaanong Jesu o dirisa setshwantsho seo mo go sone a umakang masaka a le mararo a dinku le boemo jwa gagwe jaaka Modisa yo o Molemo. Lesaka la ntlha la dinku leo a buang ka lone le tshwantshanngwa le thulaganyo ya kgolagano ya Molao wa ga Moshe. Molao oo o ne o ntse jaaka lorako loo lo neng lo kgaoganya Bajuda le ditlwaelo tse di bodileng tsa batho bao ba neng ba se mo kgolaganong e e kgethegileng eo le Modimo. Jesu o tlhalosa jaana: “Amarure, amarure, kea lo raea, Eo o sa tseneñ ka kgōrō mo sakeñ ya dinku, me a pagama ka go sele, ke èna legodu le senokwane. Me eo o tsènañ ka kgōrō, ke modisa oa dinku.”

Go ne go tlile batho bangwe bao ba neng ba iphaka fa e le boMesia, kana Keresete, mme e ne e se badisa ba boammaaruri bao Jesu a tswelelang a bua ka bone a re: “Me èna, molebedi oa kgōrō oa tla a mmulèle; me dinku di utlwe lencwe ya gagwè; me a bitse tse e leñ dinku tsa gagwè ka maina, a di gōgèle kwa ntlè . . . Me moeñ èna, ga di ketla di mo sala moragō, me di tla mo tshaba: gonne ga di itse lencwe ya baeñ.”

“Molebedi oa kgōrō” wa lesaka la ntlha la dinku e ne e le Johane wa Mokolobetsi. Jaaka molebedi wa kgoro, Johane ‘o ne a bulela’ Jesu ka go mo itsise dinku tsa tshwantshetso tseo a neng a tla di gogela kwa mafulong. Dinku tseno tse Jesu a di bitsang ka maina a bo a di etelela pele kgabagare di amogelwa mo lesakeng le lengwe la dinku, jaaka a tlhalosa a re: “Amarure, amarure, kea lo raea, Ke nna kgōrō ea dinku,” ke gore, kgoro ya lesaka le lesha la dinku. Fa Jesu a tlhoma kgolaganyo e ntšha le barutwa ba gagwe mme a tshololela moya o o boitshepo mo go bone go tswa kwa legodimong ka Pentekosete e e latelang, ba amogelwa mo lesakeng leno le lesha la dinku.

Fa a tswelela ka go tlhalosa boemo jwa gagwe, Jesu a re: “Ke nna kgōrō: ha motho leha e le mañ a tsèna ka nna, o tla bolokwa, me o tla tsèna a ba a cwa, mme o tla bōna bohulō. . . . nna ke tsile gore di bōnè botshelō, me di bo bōnè ka letlōtlō. . . . Ke nna modisa eo o molemō; me tse e leñ tsa me kea di itse, le tse e leñ tsa me dia nkitse, Hela yaka Rara a nkitse, le nna ke itse Rara: me ke beèla dinku botshelō yoa me.”

Jesu o sa tswa go gomotsa balatedi ba gagwe bosheng, ka go re: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” Letsomanyane leno, leo kwa bokhutlong eleng la palo ya 144 000, le tsena mo lesakeng leno le lesha, la bobedi. Mme Jesu o tswelela pele ka go lemotsha jaana: “Ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.”

Ereka “dinku di sele” ‘e se tsa saka ye,’ di tshwanetse tsa bo e le tsa lesaka le lengwe, e leng la boraro. Masaka ano a mabedi a bofelo, kana masaka a dinku, a na le diphelelo tse di farologaneng. “Lecomanyane” leo le leng mo lesakeng le lengwe le tla busa le Keresete kwa legodimong, mme “dinku di sele” tseo di leng mo lesakeng le lengwe di tla tshela mo lefatsheng la Paradaise. Lefa go le jalo, lemororo di le mo masakeng a mabedi, dinku tseno ga di fufegelane, le gone ga di ikutlwe di tlhaotswe, ka gonne jaaka Jesu a bolela, di “nna lecomane le le leñwe hèla” la “modisa a le moñwe hèla.”

Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete, o ntshetsa dinku tsa masaka oomabedi botshelo jwa gagwe ka go rata. ‘Ke ntsha botshelo jwa me ka go rata,’ o bolela jalo. “Ke na le thata go bo baea, ke bile ke na le thata go ba ke bo chola. Taolō e ke e amogetse mo go Rrè.” Fa Jesu a rialo, Bajuda ba a kgaogana.

Bontsi jwa boidiidi joo jwa batho ba re: “O na le badimo, me oa tsènwa; lo mo reeletsañ?” Mme ba bangwe ba arabela ka go re: “Tse, ga se dipolèlō tsa eo o tsenyweñ ke badimo.” Go tswa foo, ka phepafalo ba lebisitse go dikgwedi tse di ka nnang pedi kwa morago fa a ne a fodisa monna yo o neng a tsetswe e le sefofu, ba oketsa ka go re: “A badimo ba ka houholola matlhō a dihohu?” Yohane 10:1-22; 9:1-7; Luke 12:32; Tshenolō 14:1, 3; 21:3, 4; Pesalema 37:29.

▪ Moletlo wa Neelo ke eng, mme o ketekwa leng?

▪ Lesaka la ntlha la dinku ke lefe, mme molebedi wa kgoro ya lone ke mang?

▪ Molebedi wa kgoro o bulela Modisa jang, mme dinku kwa morago di amogelwa mo go eng?

▪ Ke bomang bao ba leng mo masakeng a mabedi a Modisa yo o Molemo, mme ba nna matsomane a palo e e kana kang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela