LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 3 ts. 4-9
  • Kafa Re Ka Itseng Ka Teng Gore Go Na Le Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Re Ka Itseng Ka Teng Gore Go Na Le Modimo
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lobopo lwa Rona Lo Lo Jesang Kgakge
  • Lefatshe le Tlhamilwe ka Tsela ya Lone Fela
  • Sele E E Gakgamatsang E E Tshelang
  • Boboko jwa Rona Jo Bo Jesang Kgakge
  • Tsamaiso ya Madi Eo Eleng ya Mofuta wa Yone Fela
  • Dikgakgamatso Tse Dingwe
  • Moagi yo Mogolo mo go Botlhe
  • Ke Mang Yo o Ka Re Bolelelang?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Re Diretswe go Tshelela Ruri
    Tsogang!—1995
  • Popo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Tlhodumela Dilo Tse di sa Bonweng—Go Senola Eng?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 3 ts. 4-9

Karolo 3

Kafa Re Ka Itseng Ka Teng Gore Go Na Le Modimo

1, 2. Ke molaomotheo ofe o o re thusang go bona gore a go na le Modimo?

TSELA e nngwe ya go bona gore a Modimo o teng ke ka go dirisa molaomotheo ono o o itsegeng: Fa sengwe se dirilwe go raya gore go na le yo o se dirileng. Mme fa selo seo se raraane thata go raya gore modiri wa sone o tshwanetse a bo a na le bokgoni jo bo kwa godimo.

2 Ka sekai, leba mo lelapeng la gago. Ditafole, ditulo, diteseke, malao, dipitsa, dipane, dipoleite, le dijana tse dingwe tse di jelang di dirilwe ke mongwe, fela jaaka go ntse jalo ka mabotana, bodilo le diseling. Lefa go le jalo, dilo tseo ga go thatathata mo go kalo go di dira. Ereka dilo tse di motlhofo go na le mongwe yo o di dirileng a ga go utlwale he gore tse di raraaneng di tla batla modiri yo o botlhale le go feta?

Lobopo lwa Rona Lo Lo Jesang Kgakge

3, 4. Lobopo lo re thusa jang go itse gore Modimo o teng?

3 Tshupanako e na le yo o e dirileng. Go tweng ka thulaganyo ya letsatsi le dipolanete e re mo go yone e e raraaneng le go feta, e mo go yone dipolanete di saleng di ntse di dikologa Letsatsi mo makgolokgolong a dingwaga ka tolamo e e kalo? Go tweng ka lesomo la dinaledi le le jesang kgakge le re leng karolo ya lona, le le bidiwang Molala wa Tladi, le le nang le dinaledi tse di ka fetang dibilione tse 100? A e kile ya re bosigo bongwe wa ema wa lelala go bogela Molala wa Tladi? A o ne wa go kgatlha? Mme jaanong akanya ka lobopo lo logolo fela thata lo lo nang le dibilione tsa masomosomo a dinaledi a a tshwanang le la rona le le bidiwang Molala wa Tladi! Gape, dipopo tseno tsa magodimo di sale di ntse di tlhomame mo metsamaong ya tsone makgolokgolo a dingwaga ka go latelana mo di bileng tsa tshwantshanngwa le diboloka nako tse di sekeng di e fosa le ka motlha.

4 Fa e le gore tshupanako e tota e seng thata mo go kalo, e ile ya dirwa ke mongwe, he go raya gore ka boammaaruri lobopo lwa rona lo lo raraaneng lo lo boitshegang le ile la nna le mongwe yo o le tlhamileng le go le dira. Ke sone se Bibela e re laletsang gore re ‘kalele matlho a rona kwa godimo gore re bone,’ mme e bo e botsa jaana: ‘Ke mang yo o tlhodileng dilo tseno tsotlhe?’ Karabo: “Eo [Modimo] o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ.” (Isaia 40:26) Ka jalo, lobopo lo tlhodilwe ke Modimo yo o se kakeng wa mmona, yo o nang le taolo, yo eleng maatla a a botlhale.

Lefatshe le Tlhamilwe ka Tsela ya Lone Fela

5-7. Ke dintlha dife ka lefatshe tse di bontshang gore le ile la nna le Motlhami?

5 Fa baitseanape ba ntse ba ithuta ka lefatshe, ba lemoga sentlentle gore le dirilwe ka tsela ya yone fela gore batho ba nne mo go lone. Le bokgakala jo bo tshwanetseng go tswa kwa letsatsing e le gore le kgone go bona lesedi le mogote o o lekaneng. Gangwe mo ngwageng le dikologa letsatsi, le thulame ka tsela e e tshwanetseng, mme ka jalo go kgonege go nna le dipaka mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Lefatshe gape le dikologa mo mannong a lone mo diureng dingwe le dingwe tse 24, mme ka jalo go nne le motshegare le bosigo ka tsela e e tlhomameng. Le na le motswako o o tshwanetseng wa moya go le dikologa mme ka jalo re kgona go hema le go sirelediwa mo marannyeng a a diphatsa a a tswang kwa lefaufaung. Gape le na le metsi a a botlhokwa le mmu tse re di tlhokang go lema dijo.

6 Fa e ne e se ka dilo tseno tsotlhe, le tse dingwe, tse di dirang mmogo le tsone, botshelo bo ne bo ka se ka jwa nna teng. A tseno tsotlhe e ne e le kotsi fela? Science News e a re: “Ga go lebege fa maemo ano a a lolameng a ebileng a na le boikaelelo bongwe a ne a ka bo a itletse fela kwantle ga thulaganyo.” Nnyaa, ga go ka ke ga bo go ntse jalo. A ile a tlhamiwa ka boikaelelo ke Motlhami yo o matsetseleko.

7 Fa o ne o ka tsena mo ntlong nngwe e ntle mme wa fitlhela e na le dijo tse dintsi, e na le metšhini ya mogote le e e laolang mogote le botsididi ka maatlametlo, mme le diphaephe tsa yone tsa metsi di tsentswe sentle, o ne o ka fetsa ka goreng? Gore di itletse fela ka botsone? Nnyaa, o ne o tla fetsa ka gore motho mongwe yo o botlhale o ile a e tlhama mme a e dira ka botswerere. Lefatshe le lone le tlhamilwe la bo la dirwa ka botswerere gore le tle le kgone go tlamela ba ba agileng mo go lone ka tseo ba di tlhokang, mme le raraane ebile le na le tsotlhe tseo ba di tlhokang go gaisa ntlo epe fela.

8. Ke dintlha dife gape ka lefatshe tse di bontshang gore Modimo o amega ka rona ka lorato?

8 Gape, akanya ka dilo tse dintsi tse di dirang gore botshelo bo itumedise. A o ke o lebe dithunya tse di farologaneng tse di mebalabala e mentle tse di nang le lonko lo lo monate lo batho ba lo itumelelang. Gape go na le mefuta e le mentsi ya dijo e e re rokotsang mathe. Go na le dikgwa, dithaba, matšha, le dipopo tse dingwe tse di jesang matlho a rona monate. Gape, go tweng ka go phirima ga letsatsi mo go ntle mo go tlatseletsang mo go ipeleleng ga rona botshelo? Mme mo lotsong loo phologolo, a ga re itumedisiwe ke go ja mokaragane ga dintšanyana, dikatsana, le tse dingwe tsa bana ba diphologolo tse di farologaneng tse di kgatlhang? Ka jalo lefatshe le re tlamela ka dimpho tse dintsintsi tse di itumedisang tse tota di sa tlhokegeng gore botshelo bo tswelele bo le teng. Seno se bontsha gore lefatshe le tlhamilwe ka lorato, le tlhamelwa batho, e le gore re se ka ra tshela fela mme gape re itumelele botshelo.

9. Ke mang yo o dirileng lefatshe, mme o ne a le direlang?

9 Ka jalo, phetso e e utlwalang ke ya gore re tlotle Monei wa dilo tseno tsotlhe, jaaka go ile ga dira mokwadi mongwe wa Bibela yo o ileng a bolela jaana ka Jehofa Modimo: “U dihile legodimo le lehatshe.” O ne a le direla eng? O araba ka go tlhalosa Modimo jaaka “o o bopileñ lehatshe oa le diha; o no oa le tlhōmamisa, o no o se ka oa le tlhōlela lehèla, oa le bopèla [gore go agiwe mo go lone].”—Isaia 37:16; 45:18.

Sele E E Gakgamatsang E E Tshelang

10, 11. Ke ka ntlha yang fa sele e e tshelang e gakgamatsa jaana?

10 Go tweng ka ditshedi? A tsone ga di na modiri? Ka sekai, ela tlhoko dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang ka sele e e tshelang. Michael Denton yo eleng motlhalefedi wa thulaganyo ya dikhemikhale le popego ya mmele wa motho o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng Evolution: A Theory in Crisis: “Tota le dilo tse dinnyennyane tsa tse di tshelang mo lefatsheng gompieno, jaaka disele tsa megare, ke dilo tse di raraaneng fela thatathata. E re le mororo sele e nnye mo go tsone tsotlhe ya megare e le selo se sennye fela thata, . . . nngwe le nngwe ya tsone ke madirelo a mannyennye a mmatota a a nang le diketekete tsa dimolekhule tsa sekametšhini tse di tlhamilweng ka manontlhotlho mme ebile di raraane . . . e fetela kgakala metšhini epe e e kileng ya dirwa ke motho ka go raraana mme ebile go sena sepe sa dilo tse di sa tsheleng se se ka bapisiwang le yone.”

11 Mabapi le polane ya segotso e e mo seleng nngwe le nngwe, o bolela jaana: “Go kgona ga DNA go boloka tshedimosetso go fetela kgakala ga mokgwa ope o o itsiweng wa go boloka tshedimosetso; e boloka tshedimosetso ka tsela e e tlhomologileng fela thata mo eleng gore tshedimosetso yotlhe e e tlhokwang go itsiwe ka setshedi se se raraaneng jaaka motho e bokete jo bo kwa tlase ga dikete di sekae mo milioneng tsa gerama. . . . Fa go bapisiwa bothakga le go raraana mo ga dimolekhule tseo tsa sekametšhini tsa botshelo, tota le [didirisiwa] tsa rona tsa maemo a a kwa godimo di lebega e le ditshwantsho fela. Ruri re ikutlwa re se sepe.”

12. Ke eng se moitseanape a ileng a se bua ka tshimologo ya sele?

12 Denton o tlatsa ka gore: “Tsela e sele e e motlhofo mo go tsone tsotlhe tse di itsiweng e raraaneng fela thata ka gone e dira gore go nne thata go dumela gore selo se se ntseng jaaka seno se ka tswa se dirilwe ka tshoganetso ke tiragalo nngwe e e senang lepele le morago, e go sa lebegeng fa tota e ka diragala.” E ne e tshwanetse go nna le yo o e tlhamileng le go e dira.

Boboko jwa Rona Jo Bo Jesang Kgakge

13, 14. Ke ka ntlha yang fa boboko jone bo bile bo gakgamatsa le go gaisa sele e e tshelang?

13 Moitseanape yono gape a re: “Fa go buiwa ka go raraana, sele e le nngwe fela ga se sepe fa e bapisiwa le thulaganyo ya go tshwana le boboko jwa diamusi. Boboko jwa motho bo na le disele tsa dinerefe di ka tshwara dimilione tse di dikete tse some. Sele nngwe le nngwe ya dinerefe e na le ditlhale tse di e golaganyang le disele tse dingwe tsa boboko tse di ka tshwarang palo e e fa gare ga dikete tse di lesome le dikete tse di lekgolo. Palo yotlhe ya ditlhale tseno tse di kopanyang disele mo bobokong jwa motho e atamela . . . dimilione tse di dimilione tse di dikete.”

14 Denton o tswelela ka go re: “Lefa e le gore go ne go ka rulaganngwa nngwekgolong ya ditlhale tseno tse di kopanyang disele mo bobokong ka tsela e e kgethegileng, seno e ne e tla bo e le thulaganyo e e nang le makopano a a kgethegileng a a fetang magokaganyane a ditlhaeletsano tsa Lefatshe lotlhe.” Mme go tsweng foo o botsa jaana: “A mme tiragalo epe fela e e itiragalelang kwantle ga thulaganyo e ne e ka kgona go dira ditsamaiso tse di ntseng jalo?” Ka phepafalo, karabo ke nnyaa. Boboko bo ne jwa tlhoka Motlhami le Modiri yo o kelotlhoko.

15. Ke dikakgelo dife tse ba bangwe ba ileng ba di dira kaga boboko?

15 Boboko jwa motho bo dira gore tota le dikhomputara tsa maemo a a kwa godimo di lebege e le dilo fela tsa bogologolo. Mokwadi wa dikgang tsa saense ebong Morton Hunt o rile: “Re kgona go gakologelwa tshedimosetso e e dibilione tse dintsi go feta khomputara epe e kgolo ya nako eno e e dirisiwang mo dipatlisisong.” Ke sone se ngaka e e arang ya boboko ebong Dr. Robert J. White a ileng a swetsa ka go re: “Ga go na gore ke ka reng fa e se go dumela gore go na le Mongwe Yo O Botlhale thata, yo e leng ene a tlhamileng le go dira kamano e e jesang kgakge e e leng teng gareng ga boboko le mogopolo—sengwe se go leng thata mo mothong go ka se tlhaloganya. . . . Ke tshwanela go dumela gore seno se ne sa simololwa ke mongwe yo o botlhale, gore Mongwe o ne a dira gore se nne teng.” E ne e tshwanetse gape gore e bo e ne e le Mongwe yo o amegang ka ba bangwe.

Tsamaiso ya Madi Eo Eleng ya Mofuta wa Yone Fela

16-18. (a) Ke ka ditsela dife tsamaiso ya madi e leng ya mofuta wa yone fela? (b) Ke tshwetso efe eo re tshwanetseng ra e dira?

16 Akanya gape ka tsamaiso ya madi eo eleng ya mofuta wa yone fela e e tsamaisang dikotla le okesejene fa kafa e etla e re sireletsa kgatlhanong le bolwetsi. Mabapi le disele tse dikhibidu tsa madi, tse eleng karolo e kgolo ya tsamaiso eno ya madi, buka e go tweng ABC’s of the Human Body e bolela jaana: “Lerothodi le le lengwe fela la madi le na le disele tsa madi tse di farologaneng di le dimilione tse 250 . . . Mmele o na le disele tse gongwe di ka tshwarang dimilione tse di dikete tse 25 mo go one, tse di lekaneng go ka dila mabala a thenese a le mane fa di ka phatlaladiwa. . . . Di emisediwa ka lobelo lwa disele tse di dimilione tse 3 motsotswana mongwe le mongwe.”

17 Fa e bua ka disele tse ditshweu tsa madi, tse le tsone eleng karolo ya tsamaiso eno e eleng ya mofuta wa yone fela ya madi, motswedi ono wa tshedimosetso gape o re bolelela jaana: “E re ntswa go na le mofuta o le mongwe fela wa sele e khibidu, disele tse ditshweu tsa madi tsone di mefutafuta, nngwe le nngwe ya tsone e nonofile go ka lwa ntwa ya go dibela mmele ka tsela e e farologaneng. Ka sekai, mofuta mongwe o senya disele tse di suleng. Mefuta e mengwe e dira masole a a lwang kgatlhanong le megare, mme e ntshe tšhefi mo go sepe fela se se ka tsenang mo mmeleng se tswa kwantle kgotsa e kometsa megare ka tlhamalalo le go e sila.”

18 Abo e le tsamaiso e e gakgamatsang jang ne ebile e rulagantswe ka tsela ya maemo a a kwa godimo! Go boammaaruri gore sengwe se se rulagantsweng sentle jaana se bile se na le tshireletso e e feletseng jaana se tshwanetse sa bo se ile sa dirwa ke mongwe yo o botlhale le yo o amegang ka ba bangwe—ebong Modimo.

Dikgakgamatso Tse Dingwe

19. Leitlho le ntse jang fa le bapisiwa le didirisiwa tse di dirilweng ke motho?

19 Go na le dilo tse dingwe gape tse di gakgamatsang mo mmeleng wa motho. Nngwe ya tsone ke leitlho, le le tlhamilweng ka botswerere mo eleng gore ga go na khamera epe e e ka tshwantshanngwang le lone. Moithutadipopo tsa legodimo ebong Robert Jastrow o ne a re: “Go bonala sentle gore leitlho le tlhamilwe; ga go na motlhami ope wa dithelesekoupo yo o neng a ka dira sepe se se botoka go le gaisa.” Mme kgatiso e go tweng Popular Photography e bolela jaana: “Matlho a motho a kgona go bona dilo tse dintsi tse di farologaneng go na le jaaka filimi e dira. A kgona go bona dintlheng tsotlhe, a kgona go bona bophara jo bogolo, kwantle ga go dira ditshwantsho tse di letobo, mme gape a ntse a kgarakgatshega . . . Go tshwantshanya khamera le leitlho la motho ga go a tshwanela gotlhelele. Leitlho la motho gongwe le ka tshwana le khomputara nngwe e kgolo ya maemo a a kwa godimo e e nang le botlhale jwa maitirelo, e e kgonang go sekaseka tshedimosetso, e e bofefo, e e nang le mekgwa e mengwe ya go dira e e fetelang kgakala sepe se se dirilweng ke motho, e ka tswa e le khomputara kgotsa khamera.”

20. Ke dilo dife tse dingwe kaga mmele wa motho tse di gakgamatsang?

20 Akanya gape ka tsela eo dikarolo tsa mmele wa rona tse di raraaneng, di kgonang go dira mmogo ka teng kwantle ga gore re akanye pele. Ka sekai, re tsenya dijo le dino tse di farologaneng mo maleng a rona, mme lefa go le jalo mebele ya rona e kgona go di sila le go dira maatla. Leka go tsenya tlhakantsuke e e ntseng jalo ya dilo mo tankeng ya peterolo ya koloi o tle o bone gore e tlile go tsamaya sekgala se se kae! Mme gape go na le motlholo wa pelegi, o ka one go tsholwang losea lo lo rategang thata—lo lo tshwanang le batsadi ba lone—mo dikgweding di fera bongwe fela. Mme go tweng ka go kgona ga ngwana go ithuta go bua puo e e raraaneng fela thata a na le dingwaga di sekaenyana fela?

21. Batho ba ba akanyang sentle ba reng fa ba akanya ka dilo tse di gakgamatsang tse mmele o nang natso?

21 Ee, dilo tse dintsi tse di gakgamatsang, tse di raraaneng tseo mmele wa rona o bopilweng ka tsone e dira gore re sale re itshwere melomo. Ga go na moenjenere ope yo o neng a ka dira dilo tse di tshwanang le tseo. A tseno tsotlhe di ka tswa e le dilo tse di tshoganeng di itiragaletse fela ka botsone? Le eseng. Go na le moo, fa batho ba ba akanyang sentle ba sekaseka dikarolo tsa mmele kafa di dirilweng ka teng, ba bolela jaana, jaaka mopesalema a ile a bua: “Ke tla gu [Modimo] ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ: dia gakgamatsa, ditihō tsa gago.”—Pesalema 139:14.

Moagi yo Mogolo mo go Botlhe

22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dumela gore go na le Mmopi? (b) Bibela e bua boammaaruri bofe ka Modimo?

22 Bibela e bega jaana: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle e agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Ereka ntlo nngwe le nngwe, go sa kgathalesege gore e motlhofo go le kanakang, e ile ya agiwa ke moagi, go raya gore lobopo lo lo raraaneng, go kopanyeletsa le mefutafuta ya ditshidi tse di mo lefatsheng, di ile tsa agiwa ke moagi mongwe. Mme ereka re dumela gore batho ba ba ileng ba tlhama dilo tse di ntseng jaaka difofane, dithelebishene, le dikhomputara ba teng, a ga re a tshwanela go dumela gore Ene yo o ileng a neela batho boboko gore ba dire dilo tse di ntseng jalo o teng?

23 Bibela e dira jalo, e mmitsa “Modimo [o o boammaaruri], Yehofa, èna eo o tlhodileñ magodimo, a a phutholola; eo o ritibaditseñ lehatshe le se se tlhogañ mo go yeōna; eo o naeañ batho ba ba mo go yeōna go hèma, le ba ba tsamaeañ mo go yeōna mōea.” (Isaia 42:5) Ka mabaka a a utlwalang Bibela e itsise jaana: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.”—Tshenolō 4:11.

24. Re ka itse jang gore go na le Modimo?

24 Ee, re ka itse gore go na le Modimo ka dilo tse o di dirileng. “Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ [ke Modimo].”—Baroma 1:20.

25, 26. Ke ka ntlha yang fa tiriso e e seng yone ya selo sengwe e se lebaka le le utlwalang la gore selo seo ga se na modiri?

25 Lebaka la go bo selo se se dirilweng se sa dirisiwe sentle ga le supe gore ga se na modiri. Sefofane se ka dirisiwa mo ditirong tsa kagiso, jaaka go rwala batho. Mme gape se ka dirisediwa go dira tshenyo, jaaka se se latlhelang dibomo. Lebaka la go bo se dirisediwa go bolaya ga le reye gore ga se na modiri.

26 Ka mo go tshwanang, lebaka la go bo batho ba ile ba nna bosula jaana gantsintsi ga le reye gore ga ba na Modiri, gore ga go na Modimo. Ka jalo, Bibela e bua sentle fa e re: “Loa tlo lo pitikolole dilō! A mmopi o tla kaiwa, go re, ke èna lecopa; ha e tla bo ne ne selō se se dihilweñ se ka raea èna eo o se dihileñ se re, Ga aa ntiha; kgotsa selō se se bopilweñ se ka raea èna eo o se bopileñ, sa re, Ga a na tlhaloganyō?”—Isaia 29:16.

27. Ke ka ntlha yang fa re ka solofela gore Modimo o tla araba dipotso tsa rona mabapi le pogo?

27 Mmopi o bontshitse botlhale jwa gagwe ka popo e e raraaneng eo a e dirileng. O bontshitse gore ruri o amega ka rona ka go dira lefatshe le re tshwanela tota gore re tshele mo go lone, ka go dira mebele ya rona le megopolo ya rona ka tsela e e gakgamatsang, le ka go dira dilo tse dintsi tse di molemo tse re di itumelelang. Ka phepafalo o ne o tla bontsha kamego le botlhale jo bo tshwanang ka go fa dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse pogo? O tlile go tsaya kgato efe ka gone?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lefatshe, ka motswako wa phefo o o re sireletsang o o le dikologileng, ke legae le le tlhametsweng rona la mofuta wa lone fela ke Modimo o o amegang

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Lefatshe le ne le dirilwe ka tsela e e bontshang lorato e le gore re tle re itumelele botshelo ka botlalo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Boboko bo le bongwe fela bo na le makopano a ditlhale tse di kopanyang disele tsa boboko a a fetang magokaganyane a ditlhaeletsano a Lefatshe lotlhe.’—Motlhalefedi wa dikhemikhale le bopego ya mmele wa motho

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

“Go lebega go na le yo o tlhamileng leitlho; ga go na motlhami ope wa dithelesekoupo yo o neng a ka dira se se botoka go le gaisa.”—Moithutadipopo tsa legodimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela