LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-21 ts. 1-6
  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Lelapa le Simologileng ka Teng
  • Go ka Latelwa Tsela Efe E E Tla Dirang Gore go Atlegwe?
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
  • A Go na Le se Se ka Tlisang Boitumelo mo Lelapeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Kitso e e Thusang Lelapa go Itumela
    Tsogang!—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
T-21 ts. 1-6

Itumelele Botshelo Jwa Lelapa

A malapa a ka kgona go itumela eleruri?

Go ka kgonega jang?

A go na le malapa mangwe a o a itseng a a utlwanang ebile a itumetse fela jaaka le le bonwang mo pampitshaneng eno? Malapa a mantsi a a thubega gongwe le gongwe. Tlhalo, go sa tlhomamisegeng ka tiro ya gago, mathata a batsadi ba ba seng mo lenyalong, go tlalelwa—dilo tseno tsotlhe di na le seabe mo kgannyeng eno e e ngomolang maikutlo. Moitseanape mongwe yo o ithutileng ka botshelo jwa lelapa o ne a bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Gompieno, mongwe le mongwe o setse a itse dilo tse di supelang kwa pele gore lelapa le tlile go thubega.”

Ke ka ntlha yang fa malapa gompieno a aga a itaakwa ke mathata a a ntseng jalo a a masisi? Re ka itumelela botshelo jwa lelapa jang?

Kafa Lelapa le Simologileng ka Teng

Re tlhoka go itse gore lenyalo le lelapa di simologile jang gore re kgone go araba dipotso tseno. Ka go bo fa e le gore di na le Mosimolodi—Mmopi—maloko a lelapa a tshwanetse go leba kwa go ene gore a a kaele, ereka eleruri a itse sentle gore re ka itumelela botshelo jwa lelapa ka botlalo ka tsela efe.

Se se kgatlhang ke gore, bontsi bo dumela gore thulaganyo eno ya lelapa ga e na Mosimolodi. The Encyclopedia Americana e bolela jaana: “Bakanoki bangwe ba rata go bolela gore lenyalo le simolotse go tshwana fela le jaaka diphologolo tse di laolwang ke motho di ikopanya.” Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a bolela gore monna le mosadi ba bopilwe. O ne a tsopola se se kwadilweng mo Bibeleng bogologolo go tshegetsa se a neng a se bolela a re: “Se se kopancweñ ke Modimo, a se se kgaogañwe ke motho.”—Mathaio 19:4-6.

Ka jalo Jesu Keresete o nepile. Modimo o o botlhale o ne wa bopa batho wa bo wa rulaganya gore ba tshele jaaka malapa a a itumetseng. Modimo o ne wa nyadisa batho ba ntlha ba babedi wa bo wa bolela gore monna “o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.” (Genesise 2:22-24) A e ka tswa e le gore he malapa a na le mathata gompieno ka ntlha ya go bo ka tsela eo a tshelang ka yone, a tlola melao e Mmopi a e tlhomileng mo Lefokong la gagwe, Bibela?

Go ka Latelwa Tsela Efe E E Tla Dirang Gore go Atlegwe?

Jaaka go sena pelaelo ya gore le wena o a lemoga, lefatshe la segompieno le tlotlomatsa gore o dire dilo tse di kgatlhang wena le go ikgotsofatsa ka bowena fela. “Bopelotshetlha bo siame fela,” motho mongwe yo o adimanang ka madi le go a boloka o ne a bolelela tlelase ya baalogi ba kholeje jalo kwa United States. “O ka nna pelotshetlha mme wa sala o ntse o ikutlwa o siame.” Mme go latelela go nna le dilo tse di bonalang ga go dire gore motho a atlege. Totatota, go rata dilo tse di bonalang, ke selo se segolo go di feta tsotlhe seo se ka senyang botshelo jwa lelapa gonne go kgoreletsa batho gore ba se ka ba nna ditsala ebile go tseela batho nako le madi. Go farologana le seo, a o ko o bone fela kafa diane tse pedi tseno tsa Bibela di re thusang go bona kafa boitumelo bo leng botlhokwa ka teng.

“Go ya diyō tsa merōgō hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.”

“Go molemō thathana e e omeletseñ ha e na le boiketlo bogolo go ntlo, e go yèlwañ diyō tse di tletsetletseñ mo go eōna, ha go na le komanō.”

Diane 15:17; 17:1.

Di bua di nonofile, a ga go a nna jalo? Akanya fela gore lefatshe le ka bo le farologane jang fa e le gore lelapa lengwe le lengwe le ne le akanyetsa dilo ka tsela eno! Bibela e re kaela gape ka tsela e kgolo kafa maloko a lelapa a tshwanetseng go tshwarana ka teng. Sekaseka fela dikaelo di sekae tse e di nayang.

Banna: ‘Ratang basadi ba lona jaaka mebele ya lona.’—Baefesia 5:28-30.

E motlhofo, ebile e ka kgonwa go dirwa motlhofo! Bibela e laela monna gape gore a ‘tlotle mosadi wa gagwe.’ (1 Petere 3:7) O dira seno ka go akanyetsa ka tsela e e kgethegileng dilo tse a di tlhokang, go akaretsa le go mo neneketsa, go mo tlhaloganya, le go mo dira gore a mo ikanye. Gape o tseela dikgopolo tsa gagwe kwa godimo ebile o a mo reetsa. (Bapisa Genesise 21:12.) A ga o dumele gore lelapa lepe fela le ne le tla solegelwa molemo fa monna a ne a dira le mosadi wa gagwe a supa fa a amega ka ene, fela jaaka a tla batla gore le ene a mo direle jalo?—Mathaio 7:12.

Basadi: “O tshwanetse go tlotla monna wa [gago] tota.”—Baefesia 5:33, “New World Translation.”

Mosadi o dira gore lelapa la gagwe le itumele ka go thusa monna wa gagwe go dira boikarabelo jwa gagwe jo bo bokete. Boikaelelo e ne e le gore go nne jaana, ereka Modimo o ne wa mo naya mosadi go nna “thushō e e mo lebanyeñ.” (Genesise 2:18) A o kgona go lemoga kafa lelapa le neng le tla tshela ka boitumelo ka teng fa mosadi a ne a tlotla monna wa gagwe ka go mo tshegetsa mo ditshwetsong tsa gagwe le ka go dirisana mmogo le ene gore ba fitlhelele mekgele ya lelapa la bone?

Banyalani: “Banna le basadi ba tshwanetse go ikanyega yo mongwe mo go yo mongwe.”—Bahebera 13:4, “Today’s English Version.”

Fa ba dira jalo, botshelo jwa lelapa ruri bo tla nna monate. Boaka gantsi bo thuba lelapa. (Diane 6:27-29, 32) Ke gone ka moo Bibela e rotloetsang ka botlhale jaana: “Itumele le mosadi wa gago o bo o ipele le mosetsana yo o mo nyetseng . . . Ke ka ntlha yang fa o rata mosadi o sele?”—Diane 5:18-20, TEV.

Batsadi: “Godisetsa [bana ba gago] ka thutō mo tseleñ e [ba] tshwanetseñ go e tsamaya.”—Diane 22:6.

Fa batsadi ba senya nako ebile ba amega thata ka dilo tse bana ba di tlhokang, botshelo jwa lelapa eleruri bo tla nna botoka. Ke gone ka moo Bibela e kgothaletsang batsadi gore ba rute bana ba bone melaometheo e e siameng ‘fa ba dutse mo tlung, fa ba tsamaya mo tseleng, le fa ba rapame, le fa ba rapamologa.’ (Duteronome 11:19) Bibela gape e bolela gore batsadi ba tshwanetse go supa gore ba rata bana ba bone ka go ba kgalemela.—Baefesia 6:4.

Bana: “Bana utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ.”—Baefesia 6:1.

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go ikobela batsadi ba gago mo lefatsheng leno le le sa utlweng molao. Lefa go ntse jalo, a ga o dumele gore go botlhale gore o dire seo Mosimolodi wa lelapa a se re bolelelang? O itse se se molemo thata se se ka dirang gore malapa a rona a tshele ka boitumelo. Ka jalo leka go ikobela batsadi ba gago. Ititeye sehuba gore o tla tila ditsela tsotlhe tse lefatshe leno le ka go raelang ka tsone gore o dire bosula.—Diane 1:10-19.

Selekanyo seo leloko lengwe le lengwe la lelapa le dirisang kgakololo ya Bibela ka sone, se tla dira gore botshelo jwa lelapa bo nne monate. Lelapa ga le kitla le tshela botoka fela jaanong mme lefa go ntse jalo le tla lebelela isagwe e e molemolemo mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng. (2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4) Ka jalo itlwaetseng go ithuta Bibela mmogo jaaka lelapa! Dimilione tsa malapa mo lefatsheng lotlhe di ile tsa fitlhela kaelo e e newang mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng e thusa eletota.

Kwantle ga fa go bontshitswe ka tsela nngwe, ditsopolo tsotlhe tsa Bibela di tswa go Bibela E E Boitshèpō.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela