Kgaolo 7
Itsiseng Kgosi le Bogosi! (1919-1941)
“A lo a dumela gore Kgosi ya kgalalelo e setse e simolotse go busa? Jalo boelang kwa tshimong, lona barwa ba Modimo mogodimodimo! Aparang diaparo tsa lona tsa phemelo! Tlhoafalang, lo nne podimatseba, tlhagafalang, nnang pelokgale. Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Gatelang pele lo tsene mo ntweng go fitlha karolo nngwe le nngwe e e setseng ya Babelona e senngwa gotlhelele. Bolelang molaetsa gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Motlha ono ke motlha o o e gaisang yotlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng batho. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.”
ABO seo e ne e le mokgosi o mogolo jang ne, oo o neng o kgothaletsa gore go tsenwe mo tirong, o o neng o tlhabiwa ke Mokaulengwe J. F. Rutherford kwa kopanong ya meraferafe kwa Cedar Point, Ohio, ka 1922, o ne wa tlhotlheletsa bao ba neng ba le teng koo fela thata. Baithuti ba Bibela ba ne ba tswa mo kopanong eo ba na le keletso e e seng kana ka sepe ya go itsise Bogosi. Mme lefa go ntse jalo ka bonako fela morago ga dingwaga di le mmalwanyana, tebelelo ya go direla jaaka baemedi ba ba anamisang Bogosi e ne ya lebega e le letobo eleruri. J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe tse supa ba ne ba le mo kgolegelong, mme go ne go lebega go sa tlhomamisegwe kaga seabe se ba neng ba tla nna naso mo teng ga phuthego mo isagweng. Mathata ano a ne a tla fenngwa jang?
“Go Na Le Sengwe Seo Ke Se Itseng Kaga Molao O O Amang Ba Ba Ikanyegang”
Go ne go rulagantswe gore go tshwarwe kopano kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania, ka January 2-5, 1919, ka nako eo Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba neng ba le mo kgolegelong ka yone. Mme lefa go ntse jalo eno e ne e se kopanonyana fela e e tlwaelegileng—e ne e tshwaretswe gongwe le kokoano ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho wa Watch Tower, ka January 4, 1919. Mokaulengwe Rutherford o ne a itse sentle kafa kokoano eno e neng e le botlhokwa ka gone. Mo tshokologong eo ya Matlhatso o ne a batla Mokaulengwe Macmillan mme o ne a mo fitlhela a le kwa lebaleng la kgolegelo leo go tshamekelwang motshameko wa thenese mo go lone. Go ya ka Macmillan, seno ke seo se ileng sa diragala:
“Rutherford o ne a re, ‘Mac, ke batla go bua nao.’
“‘Ke eng seo o batlang go se bua le nna?’
“‘Ke batla go buisana nao kaga seo se diragalang kwa Pittsburgh.’
“‘Mma ke tshameke pele ke fetse.’
“‘A ga o kgatlhegele go itse gore go diragala eng teng? A ga o itse gore go tlhophiwa badiredi ba bagolo gompieno? O ka nna wa tlhokomologiwa wa bo wa tlosiwa mme re tla nnela ruri fano.’
“‘Mokaulengwe Rutherford,’ ke ne ka bolela jalo, ‘mma ke go bolelele sengwe seo gongwe o iseng o akanye ka sone. Leno ke lekgetlo la ntlha fa esale Mokgatlho ono o ne o tlhomiwa leo ka lone go tla bonalang sentle ka phepafalo gore ke mang yoo Jehofa Modimo a tla ratang gore e nne poresidente.’
“‘O raya jang fa o rialo?’
“‘Ke raya gore Mokaulengwe Russell o ile a nna le palo e e kwa godimo ya batho bao ba ileng ba mo tlhopha mme o ne a tlhopha badiredi ba bagolo ba ba farologaneng. Jaanong ereka rona, badiredi ba bagolo, re sa kgone go nna le seabe, seemo se farologane. Mme, fa re ne re ka gololwa nako e santse e le teng gore re ye kwa kopanong le kwa kokoanong ele ya go tlhopha, e tla re re goroga kwa, batho ba tla bo ba re amogela gore re tsee boemo jwa ga Mokaulengwe Russell ba re amogela jalo ka tlotlo eo e tshwanang le eo ba neng ba e mo naya. Ka gone go ka nna ga lebega ekete ke tiro e e dirwang ke batho, eseng ke Modimo.’
“Rutherford o ne a lebega a ja tlhogo mme o ne a tsamaya.”
Mo go lone letsatsi leo kokoano e e gotetseng e ne e tsweletse pele kwa Pittsburgh. “Go tlhakana tlhogo, go sa dumalane, le go ganetsana go ne ga tswelela pele ka lobakanyana,” go ne ga gakologelwa jalo Sara C. Kaelin, yo o neng a godisediwa mo Pittsburgh. “Bangwe ba ne ba batla go busetsa kokoano eno morago ka sebaka sa dikgwedi di le thataro; bangwe ba ne ba belaela gore a badiredi ba bagolo bao ba neng ba le kwa kgolegelong ba ne ba tshwanela go ka tlhophiwa; bangwe ba ne ba akantsha gore go tlhophiwe badiredi ba bagolo botlhe ba basha.”
Morago ga motlotlo o moleele, W. F. Hudgings ebong mokaedi wa Peoples Pulpit Association,a o ne a balela bareetsi lekwalo le le neng le tswa kwa go Mokaulengwe Rutherford. Mo go lone, o ne a romelela botlhe bao ba neng ba kopane mo kokoanong eno lorato le ditumediso. O ne a tlhagisa ka gore, “Dibetsa tse dikgolo tsa ga Satane ke BOIKGODISO, GO ELETSA MAEMO, le POIFO.” A bontsha gore o ne a eletsa go ineela mo go Jehofa go dira se a se ratang, o ne a ba a akantsha ka boikokobetso gore ke banna bafe ba ba tshwanetseng bao batho ba ba nang le dishere ba neng ba tshwanetse go ba tlhopha jaaka badiredi ba bagolo ba basha ba Mokgatlho mo tiragalong eno.
Motlotlo o ne wa tswelela pele ka lobakanyana, mme morago ga moo E. D. Sexton, yo o neng a tlhophilwe jaaka modulasetulo wa komiti e e tlhophang, o ne a bua a re:
“Ke sa tswa go goroga. Terena eo ke neng ke e pagame e ne e le thari ka diura di le masome a le mane le borobedi, ka gonne e ne e tshwerwe ke kapoko. Go na le sengwe seo ke batlang go se bua mme gore ke kgotsofale, ke bona go le botoka gore ke se bue gone jaanong. Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke tlile fano, fela jaaka lona lotlhe, ke na le dikgopolo dingwe tse ke di akantseng—tse di dumalanang le tse di leng kgatlhanong. . . . Ga go na sepe sa semolao se se re thibelang. Fa e le gore re eletsa go tlhopha gape bakaulengwe ba rona bao ba leng kwa Borwa re ba tlhophela go dira tiro epe fela eo ba ka e kgonang, ga ke bone sepe, kana dikgakololo dipe tsa [semolao] tseo ke di amogetseng, kafa seno se tla kgoreletsang ka gone, ka tsela epe kana ka mokgwa ope tsheko ya bone fa pele ga Kgotlatshekelo ya Dinaga tsa Amerika kana fa pele ga batho.
“Ke dumela gore tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe eo ka yone re ka akgolang mokaulengwe wa rona yo o rategang Rutherford e tla bo e le ka go mo tlhopha gape jaaka poresidente wa W[atch] T[ower] B[ible] & T[ract] Society. Ga ke akanye gore go na le potso epe eo batho ba e ipotsang eo e leng malebana le gore re eme kae mo kakantshong eno. Fa e le gore ka tsela epe fela bakaulengwe ba rona ba tlotse molao mongwe o ba neng ba sa o tlhaloganye ba sa itse, re a itse gore go raya gore maikaelelo a bone a ne a siame. Ebile fa pele ga [Modimo] Mothatayotlhe ga ba a roba le fa e ka nna molao ope wa Modimo kana wa motho. Re tla bo re bontsha gore re na le tsholofelo e kgolo tota fa re tlhopha Mokaulengwe Rutherford gape jaaka poresidente wa Mokgatlho.
“Nna ga ke ramolao, mme fa go tliwa mo go reng a seno se siame go ya ka molao ke itse molao o o amang ba ba ikanyegang. Boikanyegi ke selo seo Modimo o se batlang. Ga ke kgone go akanya ka tsholofelo epe e kgolwane eo re neng re ka bontsha gore re na nayo ka go tshwara ditlhopho MME RE BO RE TLHOPHA MOKAULENGWE RUTHERFORD GAPE JAAKA PORESIDENTE.”
Ebu, go bonala Mokaulengwe Sexton a ile a bontsha fa a ne a na le maikutlo a a tshwanang le ao bontsi jwa bao ba neng ba le teng bo neng bo na nao. Go ne ga tlhophiwa; go ne ga lebiwa gore ke mang yo o nang le palo e e kwa godimo ya batlhophi; mme J. F. Rutherford o ne a tlhophilwe jaaka poresidente, C. A. Wise jaaka motlatsaporesidente, mme W. E. Van Amburgh jaaka mokwaledi le motshwaramatlotlo.
Mo letsatsing le le latelang Mokaulengwe Rutherford o ne a kokota mo leboteng la sele ya ga Macmillan mme a bo a re: “Ntshetsa seatla sa gago kwano.” Mme morago ga moo o ne a naya Macmillan thelekerama eo e neng e bolela gore Rutherford o ne a tlhophilwe gape jaaka poresidente. “O ne a itumetse eletota,” Macmillan o ne a gakologelwa jalo moragonyana, “go bona sesupo sa tlhomamisetso ya gore Jehofa o ne a kaela Mokgatlho.”
Ditlhopho di ne di fetile, mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Rutherford le ba bangwe ba le supa ba ne ba santse ba le kwa kgolegelong.
“Khuduego E E Neng E Tsositswe mo Nageng Yotlhe” Ka Ntlha ya Magolegwa
“Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng go ne ga tsoga khuduego mo nageng yotlhe ka ntlha ya bakaulengwe bano,” go ne ga tlhalosa jalo makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa April 1, 1919. Makwalodikgang mangwe a ne a kopa gore J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe ba gololwe. Baithuti ba Bibela mo dikarolong tsotlhe tsa United States ba ne ba bontsha gore ba tshegetsa seno ka go kwala makwalo a a yang kwa barulaganying ba dikgang, banna ba kongerese, batlhomamolao, le balaodi, ba ba kopa gore ba tseye kgato mo boemong jwa magolegwa ano. Go phepafetse gore Baithuti ba Bibela ba ne ba se kitla ba rata go akanya ka gore go ne go sweditswe ka kgang eno go fitlha bakaulengwe ba ba robedi bano ba gololwa.
Ka March 1919, Baithuti ba Bibela kwa United States ba ne ba tsamaisa lekwalo la boikuelo le le yang kwa go Poresidente Woodrow Wilson leo mo go lone ba neng ba mo kopa gore a dirise thata eo a neng a na le yone gore a dire sengwe sa dilo tse di latelang tseno:
“SA NTLHA: Ba itshwarelwe gotlhelele, fa e le gore seo se a kgonega jaanong, KGOTSA
“SA BOBEDI: Gore o laele Lefapha la Tshiamiso gore le tlogele go ba sekisa, le gore ba gololwe, KGOTSA
“SA BORARO: Gore ba letliwe ka bonako gore ba duelele go ya go letela tshwetso ya bofelo ya tsheko ya bone eo e neng e tlile go dirwa ke dikgotlatshekelo tse dikgolo ba le kwa ntle.”
Mo dibekeng tseo di ka nnang pedi fela Baithuti ba Bibela ba ne ba amogela maina ao a ka nnang 700 000. Lefa go ntse jalo, lekwalo la boikuelo leo ba neng ba le kwadile le ne le ise le be le newe poresidente kana puso. Ka ntlha yang? Ka gonne pele ba kgona go dira seo, banna ba ba robedi bao ba ne ba setse ba golotswe ka tuelo go ya go letela tsheko ya bone kwa ntle. Ke eng he, seo se neng sa fitlhelelwa ke lekwalo leno la boikuelo? Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa July 1, 1919, o ne wa tlhalosa jaana: “Go na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jo bo bontshang gore Morena o ne a eletsa gore tiro eno e dirwe, boikaelelo jo bogolo jwa yone e ne e se go ntsha bakaulengwe bano mo kgolegelong, mme e le go neela bosupi kaga boammaaruri.”
“Lo A Amogelwa mo Gae, Bakaulengwe”
Ka Labobedi, March 25, bakaulengwe ba ba robedi bano ba ne ba wela tsela go tswa Atlanta go ya Brooklyn. Dikgang tsa gore ba ne ba golotswe di ne tsa anama ka bofefo. Ruri eno e ne e le tiragalo e e amang maikutlo—Baithuti ba Bibela ba phuthegetse fa thoko ga seporo kwa seteišeneng sa diterena ba na le tsholofelo ya gore ba tlile go ba bona le go bontsha gore ba itumelela go gololwa ga bone. Ba bangwe ba ne ba itlhaganelela kwa Legaeng la Bethele kwa Brooklyn, leo le neng le tswetswe, go ya go baakanya moletlo wa go ba amogela mo gae. Kwa morago kwa Brooklyn ka March 26, bakaulengwe ba ne ba letliwa gore mongwe le mongwe wa bone a duele $10 000, morago ga moo ba ne ba gololwa.
“Go ise go e kae ke fa ba patilwe ke ditsala di le dintsi go ya kwa Legaeng la Bethele, koo go neng go phuthegetse bakaulengwe ba ba neng ba le fa gare ga makgolo a le matlhano le a le marataro go tla go ba amogela,” go ne ga bega jalo makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa April 15, 1919. Kafa teng ga phaposi ya bojelo go ne go tlhomilwe folaga e kgolo eo e neng e kwadilwe mafoko a a reng, “Lo A Amogelwa Mo Gae, Bakaulengwe.” Mo e ka nnang morago ga dingwaga di le 50, Mabel Haslett, yo o neng a le gone kwa moletlong oo, o ne a gakologelwa jaana: “Ke gakologelwa nako ya fa ke ne ke dira dikuku di le lekgolo tseo di bidiwang di-doughnut, tseo go lebegang bakaulengwe ba ile ba itumelela go di ja morago ga go ja dijo tsa kwa kgolegelong dikgwedi di le robonngwe. Ke santse ke kgona go bona Mokaulengwe Rutherford jaaka fa a ne a ntsha letsogo go di tsaya. Eo e ne e le nako e e ka se kang ya lebalwa jaaka fa ene mmogo le ba bangwe ba ne ba re lotlegela maitemogelo ao ba neng ba na nao. Ebile gape ke gakologelwa Mokaulengwe DeCecca yo mokhutshwane a eme mo godimo ga setulo gore botlhe ba kgone go mmona le go mo utlwa sentle.”
Ka Labobedi mo mosong, ka April 1, Mokaulengwe Rutherford o ne a goroga kwa Pittsburgh, koo diofisi tsa ntlokgolo di neng di le teng jaanong. Le gone mono, ka nako ya fa bakaulengwe ba ne ba itse gore o tloga a goroga, ba ne ba rulaganya moletlo o o neng wa tshwarelwa kwa Hotel Chatham mo go one maitseboa ao. Lefa go ntse jalo, maemo a kwa kgolegelong e ne e le a a diphatsa tota mo go Mokaulengwe Rutherford. Makgwafo a gagwe a ne a koafetse, mme ka ntlha ya gone moo, morago ga fa a sena go gololwa o ne nna le bolwetsi jo bo maswe thata jwa pneumonia. Ka gone, ka bonako fela morago ga moo, go sa itekanelang sentle mo mmeleng go ile ga dira gore go tlhokege gore a e kwa California, koo bangwe ba losika lwa gagwe ba neng ba le teng.
Teko Eo E Neng Ya Dirwa Kwa Los Angeles
Ereka jaanong Mokaulengwe Rutherford le ba bangwe ba ne ba golotswe, go ne ga tsoga potso e e reng, Go tweng ka tiro ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo? Ka nako ya fa bakaulengwe bano ba ne ba santse ba le mo kgolegelong, tiro eo mokgatlho o neng o e dira ya go tlhokomela tiro ya go neela bosupi e ne ya emisiwa gotlhelele. Brooklyn Tabernacle o ne o rekisitswe mme Legae la Bethele le ne le tswetswe. Diofisi tsa ntlokgolo kwa Pittsburgh di ne di le dinnye, mme madi a ne a le mannye. Kwantle ga moo, totatota go ne go na le batho ba le bakae bao ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi? Go tswa kwa California, Mokaulengwe Rutherford o ne a rulaganya dilo gore a leke go bona gore go ne go na le batho ba le bakae bao ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi.
Ka Sontaga, May 4, 1919, go ne ga rulaganngwa gore go tshwarwe kokoano kwa Clune’s Auditorium kwa Los Angeles. “Tsholofelo ya Setho Se Se Tshwenyegileng Thata” e ne e le setlhogo sa puo eo batho ba neng ba laleditswe go tla go e reetsa. Mme lefa go ntse jalo puo eno e ne e tshwanetse ya neelwa ke J. F. Rutherford—monna yo o neng a sa tswa go gololwa mo kgolegelong. Rutherford o ne a dirisa lokwalodikgang go phasalatsa gongwe le gongwe gore o ne a tlile go neela dintlha tse di opang kgomo lonaka, mmogo le go tlhalosa mabaka a a seng kafa molaong a go bo badiredi ba bagolo ba Mokgatlho ba ne ba tsentswe mo kgolegelong. A go ne go tla nna le batho bape bao ba neng ba tla kgatlhega ka tsela e e neng e tla ba dira gore ba nne teng mo kokoanong eno?
Ba ne ba arabela ka tsela e e gakgamatsang eletota. Ebile tota, go ne ga tla ba le 3 500 go tla go reetsa puo eno, mme ba bangwe ba le 600 bone ba ne ba se ka ba letlwa go tsena ka go bo go ne go tletse thata. Mokaulengwe Rutherford o ne a kgatlhegile fela thata! O ne a dumela gore mo bosigong jwa Mantaga o tla bua le bontsintsi joo jwa batho bao ba se kileng ba kgona go tsena. Mme go ne ga tla ba le 1 500. Lefa go ntse jalo, o ne a lwala thata moo eleng gore ga a ka a kgona go neela puo ya gagwe yotlhe. O ne a tshwanelwa ke gore a tseelwe sebaka ke mongwe wa ditsala tsa gagwe morago ga ura. Lefa go ntse jalo, teko eo e neng e dirwa kwa Los Angeles e ne ya atlega. Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhatswegile pelo tota gore go ne go na le batho ba bantsi thata bao ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi, mme o ne a ititeile sehuba gore o batla go o bona o bolelwa.
Tswelelang Pele ka Tiro!
Ka July 1919, Mokaulengwe Rutherford o ne a boetse mo tirong kwa diofising tsa ntlokgolo kwa Pittsburgh. Mo dikgweding di le mmalwa tse di latelang, dilo di ne tsa direga ka bofefo. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go tshwarwe kopano ya Baithuti ba Bibela kwa Cedar Point, Ohio, ka September 1-8, 1919. Diofisi tsa Mokgatlho di ne tsa busediwa gape kwa Brooklyn mme ka October 1 ke fa go setse go direlwa kwa go tsone.
Ke eng seo ba neng ba tshwanetse go se dira jaanong? Tiro eo ba neng ba tshwanetse go e dira e ne ya otlelelwa kwa kopanong ya Cedar Point. Ka Labobedi, September 2, Mokaulegwe Rutherford o ne a tlhalosa jaana: “Tiro ya Mokeresete mo lefatsheng . . . ke go bolela molaetsa wa bogosi jwa tshiamo jwa Morena, joo bo tla tlisetsang lobopo lotlhe lo lo fegelwang masego.” Morago ga malatsi a le mararo, ka Labotlhano, ka September 5, ka letsatsi le le neng le bidiwa gore ke Letsatsi la Badirimmogo, Mokaulengwe Rutherford o ne a tswelela pele go tlhalosa jaana: “Gantsi Mokeresete fa a ntse fela a akanya o a tle a ipotse potso e e reng, Ke ka ntlha yang fa ke le mo lefatsheng? Mme karabo e e botlhokwa ya potso eno e tshwanetse go nna e e reng, Morena ka kutlwelobotlhoko ya gagwe o dirile gore ke nne moemedi wa bogosi jwa gagwe gore ke bolelele lefatshe lotlhe molaetsa wa tetlanyo, ebile go bolela molaetsa oo ke tshiamelo ebile ke tiro ya me.”
Ee, e ne e le nako ya go tswelela pele ka tiro ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo! Ebile gore a thuse mo go direng tiro eno, Mokaulengwe Rutherford o ne a itsise jaana: “Ka thuso ya Morena re dirile thulaganyo ya gore re gatise makasine o mosha o o nang le leina le setlhogo se se reng THE GOLDEN AGE.” Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba sa itse gore lokwalopaka lo lo bidiwang The Golden Age lono lo ne lo tlile go itshupa e le lo lo kgothatsang go le kana kang.
“Rotlhe fela re ne ra kgothadiwa ke kopano eo e e neng e le ya ntlha morago ga Ntwa ya Lefatshe I,” go ne ga gakologelwa jalo Herman L. Philbrick, yo o neng a tsaya loeto go tswa kwa legaeng la gagwe kwa Boston, kwa Massachusetts, go ya kopanong. Ke boammaaruri gore kopano eo ya kwa Cedar Point e ne ya tlhotlheletsa Baithuti ba Bibela gore ba tsene mo tirong. Ba ne ba iketleeditse go tswelela pele ka tiro ya go bolela mafoko a a molemo. Go ne go ntse jaaka ekete ba ne ba tsogile mo baswing.—Bapisa Esekiele 37:1-14; Tshenolō 11:11, 12.
Mo nakong eo, go ne go diragala dilo tse di botlhokwa mo lefatsheng. Go ne ga saeniwa Tumalano ya Versailles ka June 28, 1919, mme e ne ya tsena mo tirisong ka January 10, 1920. Gore go fedisiwe ntwa semmuso kgatlhanong le Jeremane mo Ntweng ya Lefatshe I, dintlha tsa tumalano e e neng ya saeniwa eno di ne gape di akantsha gore go tlhamiwe Lekgotla la Kgolagano ya Merafe—mokgatlho wa meraferafe o o tlhametsweng gore o boloke kagiso mo lefatsheng.
‘Itsiseng Kgosi le Bogosi’
Ka ngwaga wa 1922 Baithuti ba Bibela ba ne ba boela kwa Cedar Point go ya go nna teng kwa thulaganyong e e neng ya tsaya malatsi a le robonngwe, e e neng e simolola ka September 5 go ya go 13. Batho ba ne ba simolola go kgana ka boitumelo jaaka fa ba ba neng ba tla kopanong ba ne ba ntse ba goroga mo kopanong eno ya merarerafe. Karolo e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe ya kopano e ne ya fitlhelelwa ka Labotlhano, September 8, ka nako ya fa Mokaulengwe Rutherford a ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Bogosi.”
Moragonyana Thomas J. Sullivan o ne a gakologelwa jaana: “Bao ba neng ba na le tshiamelo ya go nna gone mo kokoanong eo ba santse ba ka kgona le eleng go bona ka leitlho la mogopolo kafa Mokaulengwe Rutherford a neng a tlhoafetse ka teng ka nako ya fa a ne a bolelela batho bao ba neng ba sa iketla bao ba neng ba ntse ba sasanka ka ntlha ya mogote o o ntshang noga mo mosimeng gore ba ‘NNE FA FATSHE’ mme ba ‘REETSE’ puo go sa kgathalesege gore go ne go diragala eng.” Bao ba neng ba dira jalo ga ba a ka ba ikwatlhaela seo, gonne eo e ne e le puo e e ka se kang ya lebalwa eo mo go yone Mokaulengwe Rutherford a neng a kgothaletsa bao ba neng ba mo reeditse gore ba ‘itsise Kgosi le Bogosi.’
Bareetsi ba ne ba arabela seno ka boitumelo jo bogolo thata. Makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bega jaana: “Mongwe le mongwe yo o neng a le gone o ne a itumedisitswe fela thata ke ntlha ya gore go tloga fano go ya pele, mongwe le mongwe wa ba ba ineetseng o ne a sikarisitswe boikarabelo jwa go nna moemedi yo o anamisang Kgosi le bogosi.” Baithuti ba Bibela ba ne ba tswa mo kopanong eo ba tlhoafetse thata go ya go dira tiro ya go rera. Ke fela jaaka fa Kgaitsadi Ethel Bennecoff yo o neng a tloga a fetsa dingwaga tsa gagwe tsa bo 20, yo e neng e le mongwe wa batho ba ba neng ba dira tiro ya go rekisa dibuka ka nako eo a ne a tlhalosa a re, “re ne ra rotloediwa jaana ‘itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le bogosi jwa yone’—Ee, re dire jalo ka tlhoafalo le lorato tse di oketsegileng tse di mo dipelong tsa rona go feta pele.”
Jaaka fa lesedi la semoya la go tlhaloganya le ne le ntse le phatsimela pele, Baithuti ba Bibela ba ne ba simolola go lemoga boammaaruri jo bo kgatlhang thata jwa Bibela. (Dia. 4:18) Go tlhaloganya boammaaruri jo bo tlhokegang jono go ne ga ba tlhotlheletsa fela thata gore ba bolele ka Bogosi jwa Modimo. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse gore ba fetole tsela eo ba akanyang ka yone—mme seno e ne e le teko mo go bangwe ba bone.
“Go Se Diragale ga Dilo Tse Di Solofetsweng Ga Go Diragale Fela mo Motlheng wa Rona”
“Re ka nna ra lebelela ka tsholofelo,” go ne ga bolela jalo bukana e e bidiwang Millions Now Living Will Never Die, bogologolo, ka ngwaga wa 1920, “gore ka ngwaga wa 1925 Aberahame, Isake, Jakobe, le baperofeti ba ba ikanyegang ba bogologolo [ba tla tsoga mo baswing] . . . ba boela mo boemong jo bo itekanetseng jwa batho.” E ne e se go tsoga ga banna ba ba ikanyegang ba bogologolo fela goo go neng go lebeletswe ka ngwaga wa 1925 mme lefa go ntse jalo bangwe ba ne ba lebeletse gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ka nna ba amogela tuelo ya bone ya selegodimo mo go yone ngwaga eo.b
Ngwaga ya 1925 e ne ya kgabaganya. Bangwe ba ne ba latlha tsholofelo eo ba neng ba na nayo. Mme lefa go ntse jalo bontsintsi jwa Baithuti ba Bibela bo ne jwa sala bo ikanyega. “Lelapa la ga etsho,” go ne ga tlhalosa jalo Herald Toutjian, yoo borraagwemogolo ba neng ba nna Baithuti ba Bibela mo e ka nnang mo tshimologong ya lekgolo la masome a mabedi la dingwaga, “le ne la lemoga gore go se diragale ga dilo tseo di solofetsweng ga go diragale fela mo motlheng wa rona. Baaposetoloi le bone ba ne ba solofela dilo jalo mme di sa diragale. . . . Go sa kgathalesege gore a kwa bofelong tuelo e a tla kgotsa ga e tle, Jehofa o tshwanelwa ke go bakwa le go direlwa ka boikanyegi.”—Bapisa Ditihō 1:6, 7.
Phuthego Efe—Ya ga Jehofa kgotsa ya ga Satane?
“Go Tsalwa ga Morafe”—seo e ne e le setlhogo sa kgang e e ka se kang ya lebalwa eo e neng e kwadilwe mo tokololong ya makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa March 1, 1925. E ne ya neela tshedimosetso e e kgonwang go tlhaloganngwa sentle ya Tshenolō kgaolo 12 eo bangwe ba e fitlhelang e le thata go e tlhaloganya.
Batho ba tshwantshetso bao ba umakiwang mo kgaolong eno ya Tshenolō ba ne ba bolelwa gore ba emela bomang ka tsela e e latelang: “mosadi” yo o tsholang ngwana (ditemana 1, 2) ke “phuthego [ya selegodimo] ya Modimo”; “kgōgèla” (temana 3) ke “phuthego ya ga diabolo”; mme “ngwana wa mosimane” (temana 5) ke “bogosi jo bosha, kana puso e ntšha.” Go na le sengwe seo se neng sa tlhalosiwa ka phepafalo malebana le seno lekgetlo la ntlha: Go na le diphuthego di le pedi tse di farologaneng tseo di ganetsanang—ya ga Jehofa le ya ga Satane. Ebile morago ga “ntwa mo legodimoñ” (temana 7), Satane le batshegetsi ba gagwe ba badimona ba ne ba lelekiwa kwa legodimong mme ba latlhelwa kwano tlase mo lefatsheng.
“Re ne ra nna fa fatshe mme ra e ithuta bosigo jotlhe go fitlha ke kgona go e tlhaloganya sentle,” go ne ga kwala jalo Earl E. Newell, yoo kgabagare a neng a direla jaaka moemedi yo o etang wa Mokgatlho wa Watch Tower. “Re ne ra ya kopanong kwa Portland, kwa Oregon, mme gone koo re ne ra fitlhela bakaulengwe ba tenegile ebile bangwe ba bone ba ne ba tloga ba tlogela go tlhola ba bala makasine wa Tora ya Tebelo ka ntlha ya yone kgang eno.” Ke ka ntlha yang fa tlhaloso eno ya Tshenolō kgaolo 12 e ne e le thata jaana go ka tlhaloganngwa ke bangwe?
Ka sekai, e ne e farologane fela thata le dilo tseo di neng di kwadilwe mo bukeng ya The Finished Mystery, eo go senang pelaelo epe gore e ne e le nngwe ya tseo di neng di kwadilwe ke Mokaulengwe Russell eo e neng ya gatisiwa ka nako ya fa a sena go tlhokafala.c Walter J. Thorn, yo o neng a direla jaaka molebedi yo o etang, o ne a tlhalosa jaana: “Setlhogo se se neng se bua ka ‘Go Tsalwa ga Morafe’ se ne se le . . . thata go tlhaloganngwa ka ntlha ya tsela eo Mokaulengwe yo o rategang Russell a ileng a se tlhalosa ka yone mo nakong e e fetileng, eo re neng ra dumela gore e ne e le tlhaloso e e konelang ya Tshenolō.” Ga go gakgamatse he, go bo bangwe ba ile ba kgopisiwa ke tlhaloso eno. “Ga go na pelaelo epe gore tlhaloso eno e ka nna ya itshupa e le tsela ya go fefera bao ba sa tlhoafalang le bao ba sa ikanyegeng,” go ne ga akgela jalo J. A. Bohnet, molebedi yo mongwe yo o etang, “mme lefa go ntse jalo bao ba tlhoafetseng le ba ba ikanyegang ka mmatota ba ba nang le tumelo bone ba tla ema ba nonofile ebile ba itumetse.”
Ke boammaaruri gore bao ba neng ba tlhoafetse le ba ba neng ba ikanyega ka mmatota ba ne ba itumelela tlhaloso e ntšha. Ba ne ba e tlhaloganya ka phepafalo fela thata jaanong: gore motho e ka nna wa phuthego ya ga Jehofa kgotsa ya ga Satane. “Gakologelwang gore,” setlhogo se se reng “Go Tsalwa ga Morafe” se ne sa tlhalosa jalo, “e tla bo e le tshiamelo ya rona . . . gore re lwele Kgosi ya rona ka bopelokgale ka go bolela molaetsa wa gagwe, oo a o re neileng gore re o bolele.”
Jaaka fa dingwaga tsa bo 1920 mme morago ga moo tsa bo 1930 di ne di ntse di tswelela pele, lesedi le le oketsegileng la go tlhaloganya Bibela le ne la bonwa. Go ne ga se ka ga tlholwa go ketekwa meletlo le malatsi a boikhutso a lefatshe jaaka Keresemose. Gape go ne ga kgaoganwa le dilo tse dingwe tseo di neng di dirwa le tseo di neng di dumelwa ka nako ya fa go ne go lemogiwa gore di ne di tlontlolola Modimo.d Lefa go ntse jalo, mo godimo ga go kgaogana le dilo tseo di sa siamang tseo ba neng ba di dira le tseo ba neng ba di dumela, Baithuti ba Bibela ba ne ba tswelela pele go leba kwa go Jehofa gore a ba senolele boammaaruri.
“Lona Lo Bashupi ba Me”
“‘Lona lo Bashupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘me ke nna Modimo.’” (Isa. 43:12) Go simolola ka dingwaga tsa bo 1920, Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga ka mo go oketsegileng kafa mafoko ano a ga moperofeti Isaia a neng a le botlhokwa thata ka gone. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa dirisiwa kgapetsakgapetsa go supa boikarabelo joo re nang najo jwa go neela bosupi ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, go ne ga fitlhelelwa sengwe se segolo tota kwa kopanong eo e neng e tshwerwe kwa Columbus, kwa Ohio, ka ngwaga wa 1931.
Ka nako ya sethoboloko, ka Sontaga, July 26, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo ya phatlalatsa eo e neng e na le setlhogo se se reng “Bogosi, Tsholofelo ya Lefatshe,” eo e neng e gasiwa ke diteishane di se kana ka sepe tsa radio, moragonyana ga foo molaetsa ono o ne wa gasiwa gape ke diteishane tseo di fetang 300. Kwa bokhutlong jwa puo eno ya phatlalatsa, Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhagisa Labokeresete ka go bala maitlamo a a tlhabang ao a neng a na le setlhogo se se reng “Tlhagiso E E Tswang Kwa Go Jehofa,” eo e neng e lebisitswe go “Babusi le Batho.” Ka nako ya fa a ne a ba kopa gore ba amogele maitlamo ano, bareetsi botlhe bao ba neng ba le teng ba ne ba ema ka dinao mme ba tlhaeletsa ba re, “Ee!” Dithelekerama tseo di neng tsa amogelwa moragonyana di ne tsa supa gore bontsi jwa bao ba neng ba reeditse mo radiong le bone ba ne ba tsholetsa mantswe a bone go bontsha gore ba a dumela.
Batho botlhe ba ne ba kgana ka boitumelo go simolola ka ura ya bongwe, ka nako ya fa puo ya phatlalatsa e ne e fela, go fitlha ka ura ya bone, ka nako ya fa Mokaulengwe Rutherford a ne a tsena gape mo holong. Mokaulengwe Rutherford o ne a ba kopile ka mo go kgethegileng gore mongwe le mongwe wa bone yo o neng a kgatlhegela thata tlhagiso e e yang go Labokeresete eo e neng ya dirwa ka nako ya sethoboloko a bo a le mo mannong a gagwe ka ura ya bone.
Ka bonako fela ka ura ya bone, Mokaulengwe Rutherford o ne a simolola ka go tlhalosa gore o ne a leba seo a neng a tloga a se bua se le botlhokwa fela thata go mongwe le mongwe yo o neng a tla kgona go utlwa lentswe la gagwe. Bao ba neng ba mo reeditse ba ne ba kgatlhega eletota. Ka nako ya fa puo ya gagwe e ntse e tsweletse, o ne a bala maitlamo a mangwe gape, ao a neng a na le setlhogo se se reng “Leina le Lesha,” ao a neng a konela ka mafoko a a neng a re: “Re eletsa go itsiwe le go bidiwa ka leina, basupi ba ga Jehofa.” Ba ba neng ba tlile kopanong bao ba neng ba itumetse ba ne ba ema ka dinao me ba tlhaeletsa kwa godimo ba re “Ee!” Go simolola ka yone nako eo go ya pele ba ne ba tla itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa!
“Moya wa ga Jehofa O Ne Wa Re Dira Pelokgale”
Ka ngwaga wa 1927, batho ba ga Jehofa ba ne ba kgothalediwa gore ba senye nakonyana Sontaga nngwe le nngwe ba neela bosupi ka setlhopha. Go ise go e kae puso e ne ya ba ganetsa gape. Mo dingwageng di le mmalwa, ba ne ba simolola go tshwarwa ka bontsi—ka 1933 go ne ga tshwarwa ba le 268 kwa United States fela, ba le 340 ka 1934, ba le 478 ka 1935, le ba le 1 149 ka 1936. Ba ne ba latofalediwa eng? Totatota ba ne ba latofalediwa dilo di le dintsi tse di farologaneng, go akaretsa le go rekisa ba sena laesense, go senya kagiso, le go tlola melao ya Sontaga ya sabata. Ditlhopha tsa mo lefelong leo tsa Basupi di ne di sa itse kafa di neng di tshwanetse go dirisana le badiredi ba bagolo ba mapodisi le dikgotlatshekelo ka gone. Go bona thuso ya semolao mo lefelong la ga bone go ne go batla madi a mantsi thata kgotsa ba ne ba sa kgone go e bona ka go bo ba ne ba tlhoilwe. Ka gone Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhoma lephata la tsa molao kwa Brooklyn ka botlhale gore le kgone go gakolola.
Lefa go ntse jalo, go itshireletsa ka tsela e e nonofileng jalo ya semolao go ne go sa lekana. Basupi ba ba ikanyegang bano ba ga Jehofa ba ne ba ikaeletse go tshelela leina leo ba neng ba le amogetse. Ka gone, mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1930, ba ne ba simolola gape go nna sekgopi. Jang? Ka go dira tiro ya go rera ka ditlhopha tse di kgethegileng tseo di neng di itsiwe jaaka matsholo a ditlhopha. Batho ba le diketekete ba ba ithaopileng go ralala United States yotlhe ba ne ba rulagantswe ka ditlhopha. Ka nako ya fa Basupi mo toropong e nngwe ba ne ba tshwarelwa go rera ka ntlo le ntlo, setlhopha sa baithaopi go tswa kwa mafelong a mangwe se ne se goroga ka bonako mme se bo se fitlha se “tlhasela” toropo yotlhe, se neela bosupi ka botlalo.e
Matsholo ao a ditlhopha a ne a dira go le gontsi gore a nonotshe Basupi ba lefelo leo. Mo setlhopheng sengwe le sengwe go ne go na le bakaulengwe ba ba tshwanelegang bao ba neng ba thapisitswe gore ba dirisane jang le balaodi. Bakaulengwe bao ba neng ba nna mo lefelong le le nang le bothata jono, kana mo toropong e potlana, ba ne ba kgothadiwa fela thata ke go itse gore ba ne ba se bosi mo go boleleng ka Bogosi jwa Modimo.
Go ne go tlhokega bopelokgale jo bogolo gore motho a nne le seabe mo matsholong ano a ditlhopha a dingwaga tsa bo 1930. Tiro e ne e tlhokega thata mo nakong ya Kwelotlase E Kgolo ya Itsholelo. Lefa go ntse jalo, Nicholas Kovalak, yo Mmotlana, yo o feditseng dingwaga di le 40 a direla jaaka molebedi yo o etang, o gakologelwa jaana: “Ka nako ya fa go ne go tlhabiwa mokgosi wa gore go e go dirwa kwa lefelong leo le nang le bothata, ‘mokaedi wa tirelo’ o ne a tle a kope baithaopi. Batho ba ne ba bolelelwa gore ba se ka ba ithaopa fa e le gore ba ne ba boifa go latlhegelwa ke ditiro tsa bone. . . . Mme ka metlha re ne re itumelela go bona 100% e ithaopela go ya!” John Dulchinos, molebedi go tswa kwa Springfield, Massachusetts, o ne a bolela jaana: “Ruri tseo e ne e le dingwaga tse di kgatlhang eletota ebile go botlhokwa gore motho a di gakologelwe. Moya wa ga Jehofa o ne wa re dira pelokgale.”
Fa nako e ntse e tsamaya, lesedi la go tlhaloganya Bibela leo le neng le tla ama tiro eno ka tsela e kgolo le ne le ntse le oketsega.
Go Tweng Kaga Bajonadabe?
Ka ngwaga wa 1932 go ne ga tlhalosiwa gore Jehonadabe (Jonadabe), tsala ya ga Kgosi Jehu, o ne a tshwantshetsa setlhopha sa batho bao ba tlileng go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.f (2 Dikg. 10:15-28) Bajonadabe, jaaka fa ba ne ba simolola go itsiwe jalo ka nako eo, ba ne ba bona e le tshiamelo tota go kopanela le batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le go nna le seabe le bone mo go itsiseng Bogosi. Mme lefa go ntse jalo ka nako eo, go ne ga se ka ga dirwa maiteko ape fela a a kgethegileng go phutha le go rulaganya batho bano bao ba neng ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng.
Lefa go ntse jalo, Bajonadabe ba ne ba kgothadiwa tota mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa August 15, 1934. Setlhogo se se neng se re “Bopelonomi jwa Gagwe” se ne sa tlhalosa jaana: “A motho yo e leng Mojonadabe o tshwanetse gore a itlhaolele Morena le go kolobediwa? Karabo: Ga go na pelaelo epe gore motho yo e leng Mojonadabe o tshwanetse gore a itlhaolele go dira thato ya Modimo. Ga go na ope yo o tla bonang botshelo fa a sa dire seo. Go nwediwa mo metsing ke tshwantshetso fela ya gore motho o itlhaotse [kana, jaaka jaanong re go bitsa go ineela] go dira go rata ga Modimo, ebile seo se tla bo se ntse se siame.” Bajonadabe ba ne ba kgana ka boitumelo!
Mme lefa go ntse jalo, ba ne ba santse ba tla tloga ba itumela gape. Mo setlheng se se latelang sa dikgakologo, ditokololo di le mmalwa tsa makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane), go simolola ka tokololo ya April 1, 1935, di ne tsa tla di na le kitsiso eno: “Makasine wa Tora ya Tebelo o gakolola batho bao ba o balang gape gore go tlile go tshwarwa kopano ya basupi ba ga Jehofa le Bajonadabeg kwa Washington, D.C., eo e tla simololang ka May 30 mme e bo e khutla ka June 3, 1935.” Bajonadabe ba ne ba eletsa thata go ipona ba setse ba le kwa kopanong eo.
“Bontsintsi jo bogolo,” jo go boleletsweng pele ka jone mo go Tshenolō 7:9-17, (KJ) e ne e le setlhogo sa puo eo Mokaulengwe Rutherford a neng a e neela mo tshokologong ya letsatsi la bobedi la kopano. Mo puong eo o ne a tlhalosa gore boidiidi jo bogolo jono bo ne bo bopilwe ka Bajonadabe ba segompieno le gore Bajonadabe bano ba ne ba tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa ka tsela e e lekanang fela le eo batlodiwa ba ikanyegang mo go ene ka yone. Ebu, bareetsi ba ne ba itumetse eletota! Bajonadabe ba ne ba ema ka dinao ka nako ya fa sebui se ne se ba kopa go dira jalo. “Sa ntlha, go ne go rile tuu,” go ne ga gakologelwa jalo Mildred Cobb, yo o ileng a kolobediwa mo setlheng sa selemo sa ngwaga wa 1908, “morago ga moo go ne ga utlwala loshalaba lwa boitumelo mme ga tlhabiwa mokgosi o o kwa godimo ebile ka lobaka lo loleele.”
Lesedi leno la go tlhaloganya Bibela le ile la ama tiro ya Basupi ba ga Jehofa fela thata. “Ereka re ne re le matlhagatlhaga jaana,” go ne ga akgela jalo Sadie Carpenter, yo o feditseng dingwaga tse di fetang 60 e ntse e le moreri wa nako e e tletseng, “re ne ra boela kwa ditshimong tsa rona go ya go batla batho bano ba sekadinku bao ba neng ba santse ba tshwanetse go phuthiwa.” Moragonyana Yearbook of Jehovah’s Witnesses for 1936 e ne ya bega jaana: “Tshenolō eno e ne ya tlhagafatsa bakaulengwe fela thata ya bo ya ba tlhotlheletsa gore ba e go dira ditiro tseno tse di tsosolositsweng, ebile go na le dipego tseo di tswang gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe tseo di bontshang gore go itumelelwa ntlha ya gore jaanong masalela a na le tshiamelo ya go isa molaetsa ono kwa bontsintsing jo bogolo, le gore botlhe ba dira mmogo go tlotla leina la Morena.” Go ba thusa mo tirong eno, buka e e bidiwang Riches, eo e neng ya gatisiwa ka ngwaga wa 1936, e ne e tlotla ka boleele ka dilo tseo di tlhalosiwang mo Dikwalong tseo boidiidi jo bogolo bo lebeletseng go di bona.
Kgabagare, maloko a a ineetseng, a a kolobeditsweng a bontsintsi jo bogolo a ne a kopanela mmogo le batlodiwa mo go itsiseng Bogosi jwa Modimo!
‘Go Itaya Mosadimogolo’
Mo dingwageng tsa bo1930, molaetsa oo Basupi ba ba tlhoafetseng bano ba neng ba o bolela o ne o akaretsa go senolwa ka tsela e e tlhabang ga bodumedi jwa maaka. Sedirisiwa se se nang le mosola malebana le go senola gono se ne sa gololwa kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa ka September 15-20, 1937, kwa Columbus, kwa Ohio.
Ka Matlhatso, September 18, morago ga puo ya gagwe ya mo mosong, Mokaulengwe Rutherford o ne a golola buka ya mmala wa letlalo e e bidiwang Enemies. E ne ya kgala bodumedi jwa maaka ka go bo bitsa gore ke “mmaba yo mogolo, yo o gobatsang batho ka dinako tsotlhe.” Batho ba bodumedi jwa maaka ba ne ba bolelwa gore ke “baemedi ba ga Diabolo, e ka tswa ba ne ba itse kaga seno kana ba sa itse.” Ka nako ya fa a ne a neela bareetsi buka eno, Mokaulengwe Rutherford o ne a bolela jaana: “Lo tla lemoga gore mmala wa yone ke wa letlalo mme re tla itaya mosadimogoloh ka yone.” Bareetsi ba ne ba arabela seno ka go thela loshalaba lo logolo lwa boitumelo.
Fonokerafa e ile ya fetsa dingwaga di le mmalwa e dira seabe sa yone mo go ‘iteyeng mosadimogolo yono.’ Mme lefa go ntse jalo, go na le sengwe seo se neng sa diragala kwa kopanong ya 1937 seo se neng se sa lebelelwa seo se neng se amana le go dira tiro ka fonokerafa. “Mo kopanong eno go ne ga simololwa tiro ya go dirisa fonokerafa e e akgiwang ka seatla mo matlong a batho,” go gakologelwa jalo Elwood Lunstrum, yo o neng a na le dingwaga di le 12 fela ka nako eo. “Mo nakong e e fetileng re ne re ya tirelong re tshotse fonokerafa, mme lefa go ntse jalo re ne re e tshameka fela fa re letlwa gore re tsene mo tlung. . . . Go ne ga tlhomiwa ‘Babulatsela ba ba Kgethegileng’ kwa kopanong ya Columbus gore ba tle go etelela pele mo thulaganyong eno ya go dirisa difonokerafa mo matlong a batho le mo tirong ya go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang (eo ka nako eo e neng e bidiwa gore ke ‘dipoelo’) le mo dithutong tsa Bibela tseo di neng di na le thulaganyo e e bidiwang ‘mokgwa wa go ithuta.’”
Batho ba ga Jehofa ba ne ba tswa mo kopanong eo ba tlhomeletswe sentle tota gore ba ye go dira tiro ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo. Ga go na pelaelo epe gore ba ne ba tlhoka kgothatso yotlhe eo ba neng ba ka e newa. Bomorafe joo bo neng bo ntse bo gola mo dingwageng tsa bo1930 bo ne jwa lere kganetso, mme mo makgetlong a mangwe bo ne bo lere thubakanyo eo e neng e dirwa ke digopa, eo e neng e dirwa ke batho bao ba neng ba ikemiseditse go kganela Basupi ba ga Jehofa gore ba se ka ba kopana mmogo le gore ba se ka ba rera.
“Segopa sa Magodu”
Kganetso e e nonofileng e ne e tswa mo setlhopheng sengwe sa Catholic Action. Ka October 2, 1938, Mokaulengwe Rutherford o ne a upolola dilo ka nako ya fa a ne a neela puo eo e neng e na le setlhogo se se reng “Puso ya bo-Fascist kana Kgololesego,” eo moragonyana e neng ya tlhaga e le bukana mme go ne ga gasiwa dimilionemilione tsa yone. Mo puong eno, Mokaulengwe Rutherford o ne a tlhalosa dikai di le dintsi tsa ditiro tsa go tlola molao gore a supe boferefere joo badiredi bangwe ba bagolo ba puso le baemedi ba Kereke ya Roma Katoliki ba bo dirang.
Fa a sena go tlhalosa dintlha tseno, Rutherford o ne a akgela jaana: “Ka nako ya fa batho ba bolelelwa kaga setlhopha seo se dirang dilo se itshirile ka seaparo sa bodumedi gore se utswe ditshwanelo tsa bone, Baruti Ba Ba Laolang ba tlhaeletsa jaana: ‘Maaka! Thibang melomo ya batho bao mme lo se ka lwa ba letla go bua.’” Morago ga moo o ne a botsa jaana: “A go phoso go anamisa boammaaruri jo bo leng malebana le segopa sa magodu seo se thukuthang batho? Nnyaa! . . . A batho ba ba ikanyegang ba ka thijwa melomo fela le go patelediwa gore ba didimale fa segopa seno sa magodu sone se amoga batho ditshiamelo tsa bone? Mo godimo ga tsotlhe, a batho ba ka tseelwa ditshiamelo tseo ba di filweng ke Modimo tsa go kopana mmogo ka kagiso le tsa go obamela Modimo Mothatayotlhe ka kgololesego, le tsa kgololesego ya go bua ka bogosi jwa gagwe le ka bao ba bo ganetsang?”
Morago ga gore a ba tshwae phoso ka tsela e e tlhabang, ditlhopha tsa Catholic Action di ne tsa tswelela pele go ba ganetsa go ralala United States yotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lwa dintwa tsa semolao ba lwela go obamela ka kgololesego le tshwanelo ya bone ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo. Mme lefa go ntse jalo seemo se ile sa nnela maswe kwa pele ka nako ya fa lefatshe le ne le lwa. Gape, go tswa nageng e nngwe go ya go e nngwe kwa Yuropa, Afrika, le kwa Asia, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa le go tsenngwa mo kgolegelong ke mmuso.
“Mongwe le Mongwe O Ne A Batla go Ya kwa St. Louis”
“Ka ngwaga wa 1941,” go gakologelwa jalo Norman Larson, yo o neng a sa tswa go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng, “rotlhe fela re ne ra akanya gore re ne re tlile go boga botlhoko mo malatsing ao a neng a santse a larile kwa pele ka nako ya fa jaanong ntwa e ne e tsweletse kwa Yuropa. Ka gone mongwe le mongwe o ne a batla go ya kwa St. Louis.” Ke ka ntlha yang fa ba ne ba batla go ya koo? Aitsane, e ne e le gore ba e Kopanong ya Bolegodimo ya Basupi ba ga Jehofa kwa St. Louis, kwa Missouri, ka August 6-10, 1941! Ebile “mongwe le mongwe” o ne a tla. Lefelo leo go neng go tshwaretswe kopano mo go lone le ne le tletse thata. Go ya kafa mapodisi a neng a fopholetsa ka teng, palo ya batho bao ba neng ba le gone e ne e le 115 000.
Go simolola fela mo letsatsing la ntlha, thulaganyo ya kopano e ne ya kgothatsa ka tsela eo e neng e tlhokega tota. Puo e e simololang ya ga Mokaulengwe Rutherford eo e neng e na le setlhogo se se reng, “Bothokgami,” e ne ya utlwala ekete e ne e le puo ya setlhogo sa kopano. “Re ne ra lemoga ka tsela e e phepafetseng go feta pele gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla gore batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka bophara ba bogisiwe botlhoko jalo,” go ne ga gakologelwa jalo Hazel Burford, yo o feditseng dingwaga tseo di ka nnang 40 a ntse a direla jaaka morongwa, go fitlha a swa ka 1983. Ka nako ya fa e ne e bega ka kopano eno, 1942 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya oketsa jaana: “Botlhe ba ne ba kgona go bona sentle ka phepafalo gore go ne go larile tiro ya go neela bosupi e e seng kana ka sepe kwa pele ga bone eo e neng e tshwanetse ya dirwa, le gore ba ne ba tla boloka bothokgami ka go dira jalo, le mororo ba ilwa ke batho botlhe le mekgatlho yotlhe ya lefatshe.”
Go ne ga diragala tiragalo nngwe e e amang maikutlo kwa kopanong ka Sontaga, ka August 10, letsatsi leo le neng le bidiwa gore ke “Letsatsi la Bana.” Ka nako ya fa thulaganyo ya mo mosong e ne e simolola, bana ba le 15 000—ba ba fa gare ga bogolo jwa dingwaga di le 5 le 18—ba ne ba phuthegetse mo karolong e kgolo ya setadiamo go lebagana fela le serala ebile e le mo lefelong leo le tshwanang le leo le neng le beetswe kwa thoko kwa motsemogolong o ba neng ba setse ba tswa kwa go one koo go neng go reeditse batho ba bantsi thata teng. Jaaka fa Mokaulengwe Rutherford, yoo o neng a le mo dingwageng tse di simololang tsa bo 70 ka nako eo, a ne a pagama serala, bana ba ne ba thela loshalaba le go opa magofi. O ne a tsholetsa letsogo go ba dumedisa ka sakatuku, mme le bone ba ne ba tsholetsa matsogo a bone go mo dumedisa. Morago ga moo, ka lentswe le le utlwalang sentle, le le bonolo, o ne a bua le bareetsi ka setlhogo se se reng “Bana ba Kgosi.” Morago ga fa a sena go bua le bareetsi ka kakaretso ka sebaka se se fetang ura, o ne a bua le bana bao ba neng ba dutse mo ditulong tseo ba neng ba di tlogeletswe gore ba dule mo go tsone.
“Lona . . . bana botlhe,” o ne a bolela jalo, a tlhomile mogopolo wa gagwe mo baneng ba bannye bao difatlhego tsa bone di neng di tletse ka monyenyo, “bao lo dumetseng go dira go rata ga Modimo ebile lo eme kafa letlhakoreng la Puso ya Bolegodimo eo Keresete Jesu a busang mo go yone ebile lo dumetse go obamela Modimo le Kgosi ya gagwe, tsweetswee emang ka dinao.” Bana ba ne ba ema botlhe ka nako e le nngwe fela. “Bonang,” sebui se se matlhagatlhaga seno se ne sa tlhaeletsa jalo, “basupi ba basha ba Bogosi bao ba fetang 15 000!” Go ne ga utlwala modumo o mogolo wa go opiwa ga magofi. “Lona lotlhe bao lo tla dirang seo lo ka se kgonang gore lo bolelele batho ba bangwe ka bogosi jwa Modimo le masego a jone a a atamelang, tsweetswee buang lo re Ee.” Ga utlwala modumo o mogolo wa, “Ee!”
Erile fa a konela puo eno, Mokaulengwe Rutherford o ne a itsise ka go gololwa ga buka e e bidiwang Children, eo e neng ya amogelwa ka meduduetso le ka go opiwa go go thibang ditsebe ga magofi. Morago ga moo, sebui, ene monna yo moleele yono, o ne a nna le seabe mo go abeng dikopi tsa mahala tsa buka eno jaaka fa bana bao ba neng ba dirile mokoloko o moleele ba ne ba ntse ba feta fa go ene go di amogela. Ba le bantsi ba ne ba lela ka ntlha ya go bona seno.
Mo mosong oo wa Sontaga go ne go na le bana ba le bantsi mo bareetsing bano bao ba neng ba tshela tumalanong le karabo ya bone e e kwa godimo ya “Ee!” LaVonne Krebs, Merton Campbell, le Eugene le Camilla Rosam e ne e le bangwe ba basha bao ba neng ba amogela buka ya Children mo tiragalong eo. Ka ngwaga wa 1992, ba ne ba santse ba direla kwa diofising tsa ntlokgolo tsa Mokgatlho, mme yo mongwe wa bone o feditse dingwaga di le 51 mo bodiheding jwa nako e e tletseng, yo mongwe di le 49, yo mongwe gape di le 49, mme yo mongwe ene di le 48. Bangwe ba bana bano, go akaretsa le Eldon Deane (Bolivia), Richard le Peggy Kelsey (Jeremane), Ramon Templeton (Jeremane), le Jennie Klukowski (Brazil) ba ne ba ya go direla jaaka barongwa kwa mafatsheng a seeng. Ke boammaaruri gore bana ba le bantsi ba babotlana ga ba a ka ba lebala thulaganyo eo ya mo mosong wa Sontaga eo e neng e tshwaretswe kwa St. Louis!
Mo tshokologong ya Sontaga Mokaulengwe Rutherford o ne a bua mafoko a mangwe a laela ba ba neng ba tlile kopanong. O ne a ba kgothaletsa gore ba tsweledisetse tiro ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo pele. “Ga ke belaele sepesepe,” o ne a ba bolelela jalo, “gore go simolola jaanong go ya pele . . . bao ba bopang setlhopha sa boidiidi jo bogolo ba tla oketsega ka bofefo.” O ne a ba kgothaletsa gore mongwe le mongwe wa bone a boele kwa karolong ya naga e a tswang kwa go yone mme a fitlhe a “dire ka mo go oketsegileng mo tirelong . . . a senye nako yotlhe eo a ka kgonang go e senya mo tirelong ya tshimo.” Morago ga moo o ne a bolelela bareetsi mafoko ano a bofelo: “Ee, bakaulengwe ba me ba ba rategang, a Morena a lo segofatse. Gone jaanong ga nkitla ke lo raya ke re salang sentle, ka gonne ke solofetse go lo bona ka nako nngwe gape.”
Mme lefa go ntse jalo ba le bantsi ba bone ba ne ba bona Mokaulengwe Rutherford labofelo.
Malatsi a Bofelo a ga J. F. Rutherford
Mokaulengwe Rutherford o ne a tshwerwe ke kankere ya lela mme o ne a le bokoa fela thata kwa kopanong ya St. Louis. Mme lefa go ntse jalo o ile a kgona go baya dipuo di le tlhano tse di nonofileng. Lefa go ntse jalo, bolwetsi jwa gagwe bo ne jwa nna maswe morago ga kopano, mme o ne a patelesega gore a e go tsenngwa lelana le le ntshetsang mantle kwantle la maitirelo. Arthur Worsley o gakologelwa letsatsi leo ka lone Mokaulengwe Rutherford a neng a sadisa lelapa la Bethele sentle. “O ne a re bolelela gore o ne a tlile go dirwa karo e e masisi le gore lefa a ka tshela morago ga yone kana nnyaa, o ne a na le tsholofelo ya gore re ne re tla tswelela pele re bolela leina la ga Jehofa. O . . . ne a konela ka go bolela jaana, ‘Ka gone, fa Modimo a rata, ke tla lo bona gape. Mme fa go ka diragala gore ke se ka ka lo bona gape, tswelelang pele mo ntweng.’ Mongwe le mongwe o ne a lela mo lelapeng.”
Mokaulengwe Rutherford, yo o nang le dingwaga di le 72, o ne a tshela morago ga karo eno. Ka bonako fela morago ga moo o ne a isiwa kwa dikagong tsa bonno kwa California tseo a neng a di teile leina la Beth-Sarim. Batho bao ba mo ratang, mmogo le baitseanape mo go tsa kalafi, ba ne ba lemoga gore o ne a sa tle go fola. Ebile tota, o ne a tlhoka go ariwa gape.
Mo e ka nnang mo bogareng jwa kgwedi ya December, Nathan H. Knorr, Frederick W. Franz, le Hayden C. Covington ba ne ba goroga go tswa kwa Brooklyn. Moragonyana, Hazel Burford, yo o neng a oka Mokaulengwe Rutherford mo malatsing a a utlwisang botlhoko le a a lekang ao, o ne a gakologelwa jaana: “Ba ne ba nna malatsi a le mmalwa le ene ba boeletsa pego ya ngwaga le ngwaga ya Yearbook le dikgang tse dingwe tse di amang mokgatlho. Morago ga fa ba sena go tsamaya, Mokaulengwe Rutherford o ne a tswelela pele go nna bokoa mme, mo e ka nnang morago ga dibeke di le tharo, ka Labone, January 8, 1942, o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka boikanyegi.”i
Dikgang tsa loso lwa ga Mokaulengwe Rutherford di ne tsa amogelwa jang kwa Bethele? “Ga nkitla ke bo ke tsamaya ke lebala letsatsi leo ka lone re neng re itsisiwe gore Mokaulengwe Rutherford o tlhokafetse,” go ne ga gakologelwa jalo William A. Elrod, yo o neng a na le dingwaga di le robonngwe e ntse e le leloko la lelapa la Bethele. “E ne e le ka ura ya sethoboloko ka nako ya fa lelapa le ne le kopane mmogo go tla go ja dijo tsa motshegare. Kitsiso eno e ne e le khutshwanyane. Ga go ope yo o neng a tlotla le yo mongwe. Ga go ope yo o neng a tsaya letsatsi go ya go ikhutsa ka ntlha ya go hutsafala. Go na le moo, re ne ra boela kwa feketering mme ra fitlha ra dira ka natla go feta pele.”
Eo ke metlha eo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba lekwa fela thata ka yone. Ntwa e ne e ama kgolokwe yotlhe. Ntwa eno e ne ya anama go tswa kwa Yuropa go ya kwa Afrika, le kwa lefelong leo ka nako eo le neng le itsiwe jaaka Soviet Union. Ka December 7, 1941, kgwedi fela pele ga fa Mokaulengwe Rutherford a tlhokafala, United States e ne ya tsena mo ntweng fa Japane e ne e tlhasela Pearl Harbor. Mo mafelong a le mantsi Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa ke digopa tse di ratang go lwa ebile ba bogisiwa botlhoko ka ditsela tse di farologaneng.
Ke eng seo se neng se tlile go diragala jaanong?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lekgotla la New York leo le neng la tlhomiwa ka ngwaga wa 1909 malebana le go fudusediwa ga diofisi tse dikgolo tsa Mokgatlho kwa Brooklyn, kwa New York.
b Bona Kgaolo 28 e e reng, “Go Lekwa le go Feferwa Go Tswa Mo Teng.”
c Go ya ka tlhaloso eo e neng e kwadilwe mo go The Finished Mystery, mosadi wa Tshenolō kgaolo 12 e ne e le “Kereke ya Pele,” kgogela e ne e le “Mmusomogolo wa Roma wa Boheitane,” mme ngwana wa mosimane ene e ne e le “thulaganyo ya bomopapa.”
d Bona Kgaolo 14 e e reng, “Ga Se Ba Lehatshe.”
e Bona Kgaolo 30, e e reng “Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko A A Molemo Semolao.”
f Vindication, Buka ya Boraro, tsebe 77. Gape, bona Kgaolo 12, e e nang le setlhogo se se reng “Boidiidi Jo Bogolo—A Bo Tla Tshela kwa Legodimong? Kana mo Lefatsheng?”
g Ka nako eo, Bajonadabe ba ne ba sa lejwe jaaka “basupi ba ga Jehofa.” (Bona Tora ya Tebelo, ya August 15, 1934, tsebe 249 [ka Seesemane].) Lefa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le mmalwa, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa July 1, 1942, o ne wa tlhalosa jaana: “‘Dinku di sele’ tseno [Bajonadabe] di fetoga go nna batho ba ba neelang bosupi kaga Gagwe, ka mokgwa o o tshwanang fela le oo ka one banna ba ba ikanyegang bao ba neng ba le gone pele ga fa Keresete a swa, eleng go simolola ka Johane Mokolobetsi go boela morago go fitlha kwa go Abele, e neng e ntse e le batho ba ka dinako tsotlhe ba neelang bosupi kaga Jehofa.”
h E bolela kaga “seaka se segolo,” seo se umakilweng mo go Tshenolō kgaolo 17. Buka e e bidiwang Enemies e ne ya bolela jaana: “Mekgatlho yotlhe e e mo lefatsheng eo e ganetsang Modimo le bogosi jwa gagwe . . . e bidiwa ‘Babelona’ le ‘seaka,’ ebile maina ao a raya segolobogolo mokgatlho wa bodumedi o o eteletseng pele ebong kereke ya Roma Katoliki.” (Tsebe 198) Dingwaga morago ga foo go ne ga lemogiwa gore totatota seaka seno se emela mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jotlhe jwa maaka.
i Mokaulengwe Rutherford o ne a tlogela mosadi wa gagwe ebong Mary, le morwa wa bone ebong Malcolm. Ereka Kgaitsadi Rutherford a ne a na le botsogo jo bo bokoa ebile a fitlhela go se motlhofo go itshokela mariga a kwa New York (koo diofisi tsa ntlokgolo tsa Mokgatlho wa Watch Tower di neng di le gone), ene le Malcolm ba ne ba ntse ba nna kwa California bokone koo maemo a bosa a neng a le botoka mo botsogong jwa gagwe. Kgaitsadi Rutherford o ne a tlhokafala ka December 17, 1962, a na le dingwaga di le 93. Kitsiso ya loso lwa gagwe, eo e neng e tlhagelela mo lokwalodikgannyeng la kwa Monrovia, kwa California, le le bidiwang Daily News-Post, e ne ya tlhalosa jaana: “O ne a nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya bodihedi e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa go fitlha botsogo jwa gagwe jo bo bokoa bo mo patelela mo tlung.”
[Mafoko a a mo go tsebe 73]
“Dibetsa tse dikgolo tsa ga Satane ke BOIKGODISO, GO ELETSA MAEMO, le POIFO”
[Mafoko a a mo go tsebe 74]
“Tlhomamisetso ya gore Jehofa o ne a kaela Mokgatlho”
[Mafoko a a mo go tsebe 75]
‘Ba tswile mo kgolegelong, mme ba sa tswela bone ka bobone, mme segolobogolo ba ne ba tswetse go neela bosupi kaga boammaaruri’
[Mafoko a a mo go tsebe 77]
“Tiro ya Mokeresete mo lefatsheng . . . ke go bolela molaetsa wa bogosi jwa Morena”
[Mafoko a a mo go tsebe 78]
“Itsiseng kaga Bogosi lo tlhoafetse ebile lo na le lorato lo lo fetang lwa nako epe fela pele”
[Mafoko a a mo go tsebe 82]
“Re eletsa go itsiwe . . . ka leina, basupi ba ga Jehofa”
[Mafoko a a mo go tsebe 83]
Ee! Bajonadabe ba tshwanetse go kolobediwa
[Mafoko a a mo go tsebe 84]
‘Go batla batho ba sekadinku ba ba neng ba santse ba tshwanetse go phuthiwa’
[Mafoko a a mo go tsebe 85]
Rutherford o ne a kgala baganetsi ba bodumedi a tlhamaletse
[Mafoko a a mo go tsebe 86]
Bana ba le 15 000 ba ema mo letlhakoreng la Bogosi
[Mafoko a a mo go tsebe 89]
“Ka gone, fa Modimo a rata, ke tla lo bona gape. Mme fa go ka diragala gore ke se ka ka lo bona gape, tswelelang pele mo ntweng.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 76]
“Ntlo ya Dikgosana”
Mokaulengwe Rutherford o ne a tshwerwe ke bolwetsi jo bo maswe thata jwa pneumonia fa a sena go gololwa mo kgolegelong fa a ne a tshwerwe a sena molato ka ngwaga wa 1919. Morago ga moo, lekgwafo le lengwe la gagwe le ne le sa siama. Mo dingwageng tsa bo 1920, ka nako ya fa a ne a okiwa ke ngaka, o ne a ya kwa San Diego, kwa California, mme ngaka e ne ya mo kgothaletsa gore a senye nako e ntsi kafa a neng a ka kgona ka gone a le koo. Go simolola ka ngwaga wa 1929 go ya pele, Mokaulengwe Rutherford o ne a fetsa mariga otlhe a dira kwa dikagong tsa bonno tsa San Diego tseo a neng a di teile leina la Beth-Sarim. Dikago tseno tsa Beth-Sarim di ne tsa agiwa ka meneelo eo e neng ya ntshediwa boikaelelo joo ka tlhamalalo. Lokwalo lwa semolao lwa go rekwa ga lefelo leo le le neng la gatisiwa ka botlalo mo makasineng wa “The Golden Age” wa March 19, 1930, le ne la naya J. F. Rutherford kago eno mme morago ga moo e ne ya newa Mokgatlho wa Watch Tower.
Buka e e bidiwang “Salvation” e e gatisitsweng ka ngwaga wa 1939, e ne ya tlhalosa jaana malebana le Beth-Sarim: “Mafoko a Sehebera a a reng ‘Beth Sarim’ a kaya ‘Ntlo ya Dikgosana’; ebile boikaelelo jwa go reka kago eo le go aga ntlo eno e ne e le gore go tle go nne le bosupi jo bo nonofileng jwa gore gompieno go na le batho mo lefatsheng bao ba dumelang mo Modimong le mo go Keresete Jesu ka botlalo le mo bogosing jwa Gagwe, le bao ba dumelang gore Morena o tloga a tsosa banna ba ba ikanyegang ba bogologolo gore ba boele gape mo lefatsheng gore ba tle go laola dilo tse di dirwang mo lefatsheng.”
Dingwaga di le mmalwa morago ga fa Mokaulengwe Rutherford a sena go tlhokafala, lekgotla la bakaedi la Mokgatlho wa Watch Tower le ne la swetsa ka gore le rekise Beth-Sarim. Ka ntlha yang? Makasine wa “Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) wa December 15, 1947, o ne wa tlhalosa jaana: “E ne e diragaditse boikaelelo jwa yone ka botlalo mme jaanong e ne e lebega jaaka sefikantswe fela seo se neng se le botlhokwa fela thata go se boloka; tumelo eo re nang nayo ya gore banna ba bogologolo ba tlile go boa bao Kgosi Keresete Jesu a tla ba dirang dikgosana mo lefatsheng LOTLHE (eseng fela mo California) ga e a theiwa mo ntlong ya Beth-Sarim, mme lefa go ntse jalo e theilwe mo Lefokong la Modimo la tsholofetso.” j
[Ntlhanyana e e kwa tlase]
j Ka nako eo, go ne go dumelwa gore banna ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba ntseng jaaka Aberahame, Josefa, le Dafide, ba ne ba tlile go tsosiwa pele tsamaiso eno ya dilo e fela le gore ba ne ba tlile go direla jaaka “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe,” go diragatsa lekwalo la Pesalema 45:16. Kgopolo eno e ne ya siamisiwa ka ngwaga wa 1950, ka nako ya fa go ithuta Dikwalo ka mo go oketsegileng go ne ga supa gore borremogolo bao ba selefatshe ba ga Jesu Keresete ba ne ba tlile go tsosiwa morago ga Hara-Magedona.—Bona makasine wa “Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) wa November 1, 1950, ditsebe 414-17.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 80, 81]
Go Gasa Molaetsa wa Bogosi
Mo dingwageng di le pedi morago ga fa go sena go simololwa kgwebo ya kgaso ya ka metlha ya radio, radio e ne ya dirisiwa go gasa molaetsa wa Bogosi. Ka gone, ka February 26, 1922, Mokaulengwe Rutherford o ne a gasa molaetsa ono lekgetlo la ntlha mo radiong, kwa California. Morago ga dingwaga di le pedi, ka February 24, 1924, seteishane sa “radio” sa WBBR, seo e neng e le sa Mokgatlho wa Watch Tower ka boone, seo se neng se le kwa Setlhaketlhakeng sa Staten kwa New York, se ne sa simolola go gasa. Kgabagare, Mokgatlho o ne wa rulaganya dilo gore go tle go golaganngwe diteishane tseo di leng mo lefatsheng ka bophara gore di tle di gase dithulaganyo tsa Bibela le dithuto tsa Bibela. Ka ngwaga wa 1933, diteishane di le 408 di ne di gasetsa molaetsa wa Bogosi kwa dikontinenteng di le thataro!
[Ditshwantsho]
Seteishane sa WBBR, kwa New York, se ne sa dirisiwa ke Mokgatlho wa Watch Tower go simolola ka ngwaga wa 1924 go fitlha ka ngwaga wa 1957
Setlhopha sa okesetara sa seteishane sa WBBR ka ngwaga wa 1926
J. F. Rutherford a neela puo ya setlhogo se se reng “Lebana le Boammaaruri,” kwa Royal Albert Hall, kwa Lontone, kwa Engelane, ka September 11, 1938; batho ba ba fetang 10 000 ba ne ba tsene mo holong eno (e e fa tlase) fa ba bangwe ba le dimilionemilione ba ne ba mo reeditse mo radiong
Thulaganyo e e simololang ya WBBR
Badiri ba kwa seteishaneng se se neng se bidiwa 2HD, kwa Newcastle, NSW, Australia
Seteishane sa radio sa CHCY kwa Edmonton, kwa Alberta, e ne e le sengwe sa diteishane di le mmalwa tseo e neng e le tsa Mokgatlho ka boone ebile se dirisiwa ke one kwa Canada
Go gasetsa molaetsa kwa Finland go dirisiwa seteishane sa radio kwa Estonia
Didirisiwa tsa go gasa kwa seteishaneng sa WORD, gaufi le Chicago, kwa Illinois; se e neng e le sa Mokgatlho ebile se tsamaisiwa ke one
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 87]
Go Rera Go Dirisiwa Difonokerafa
Ka ngwaga wa 1933, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go dirisa mokgwa o mongwe o mosha wa go rera. Go ne ga dirisiwa motšhini o o nang le segodisamodumo le sebuelagodimo o o kgonang go gatisa modumo go gasa dithuto tsa Bibela tsa ga Mokaulengwe Rutherford tsa radio tseo di gatisitsweng mo direkotong tsa 33 1/3-rpm mo diholong, mo diparakeng, le mo mafelong a mangwe a botlhe. Gape, go ne go dirisiwa dikoloi tseo di nang le dibuelagodimo le mekoro eo e nang le dibuelagodimo gore molaetsa wa Bogosi o utlwale.
Go atlega mo go diriseng metšhine e e kgonang go gatisa modumo eno go ne ga felela ka gore go dirisiwe mokgwa o mongwe gape o mosha wa go rera—go rera ka ntlo le ntlo go dirisiwa fonokerafa e e motlhofo go tsholediwa. Ka ngwaga wa 1934 Mokgatlho o ne wa simolola go dira difonokerafa tseo di kgonang go akgiwa ka seatla le direkoto di le dintsi tsa 78-rpm tseo di nang le dithuto tsa Bibela tseo di tsayang metsotso e le 4 1/2. Kgabagare, go ne go dirisiwa direkoto tseo mo go tsone go neng go gatisitswe ditlhogo tsa dikgang di le 92 tse di farologaneng. Difonokerafa tsotlhe tseo Mokgatlho o di dirileng gore go anamisiwe molaetsa wa Bogosi ka tsone di ne di feta 47 000 ka palo. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya go ne ga otlelelwa thata gore molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go anamisiwa ka go bua ka molomo, ka gone tiro ya go rera go dirisiwa fonokerafa e ne ya khutlisiwa.
[Ditshwantsho]
Molaetsa wa Bogosi o ne o ka kgona go utlwiwa dikilometara di le dintsi go ya kwa kgakala, go dirisiwa koloi e e nang le sebue-lagodimo mo godimo ga yone (fa godimo)
Go dirisa motšhini o o kgonang go gatisa modumo kwa Mexico (kafa mojeng)
Mokoro o o nang le sebuelagodimo o gasa molaetsa mo Nokeng ya Thames, kwa Lontone, kwa Engelane (fa godimo)
Go dirisa fonokerafa kwa tirelong ya tshimo (kafa molemeng)
Go bontsha kafa fonokerafa e dirisiwang ka gone, ka ngwaga wa 1940 (kafa mojeng)
[Setshwantsho mo go tsebe 79]
J. A. Bohnet
[Setshwantsho mo go tsebe 88]
Go tloga ka 1917 fa J. F. Rutherford e ne e nna poresidente go fitlha ka 1941, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa gatisa dikgatiso tse dintsi, go akaretsa dibuka di le 24 le dibukana di le 86, le Di-“Yearbook” tsa ngwaga le ngwaga, mmogo le ditlhogo tsa “Tora ya Tebelo” le “The Golden Age” (e moragonyana e neng ya bidiwa “Consolation”)