Kgaolo ya Lesomenngwe
Boloka Legae la Gago Le na Le Kagiso
1. Ke dilo dife tse di ka dirang gore go se ka ga nna le kutlwano mo malapeng?
BATHO ba ba nnang mo malapeng a a nang le lorato, bopelotlhomogi le kagiso ba itumela tota. Re solofela gore lelapa la gago le ntse jalo. Se se botlhoko ke gore go na le malapa a mantsi tota a a sa nnang jalo e bile go na le mabaka a mantsi a a dirang gore kutlwano e tlhokege. Ke eng se se dirang gore ba ba mo legaeng ba tlhoke kutlwano? Re tlile go tlotla ka dilo tse tharo mo kgaolong eno. Mo malapeng a mangwe, maloko a teng ga a mo bodumeding bo le bongwe. Mo go a mangwe, bana ba teng ga se ba batsadi ba le bangwe. Mo go a mangwe gape, maloko a lelapa a tlhoka kutlwano ka ntlha ya go batla se ba itshedisang ka sone kana ka ntlha ya go eletsa go nna le dithoto tse dintsi. Lefa go ntse jalo, maemo a a dirang gore lelapa lengwe le tlhoke kutlwano a ka nna a tswa a seyo mo go le lengwe. Pharologano e leriwa ke eng?
2. Batho bangwe ba senka kaelo ya botshelo jwa lelapa kwa kae mme motswedi o o gaisang thata wa kaelo e e ntseng jalo ke ofe?
2 Tsela e motho a lebang dilo ka yone e botlhokwa thata. Fa o leka ka tlhoafalo go tlhaloganya kgopolo ya motho yo mongwe, o tla kgona go lemoga gore o ka boloka legae jang le utlwana. Ntlha ya bobedi ke motswedi o o bonang kaelo go tswa mo go one. Batho ba bantsi ba latela kaelo ya badirimmogo, baagisani, bakwadi ba makwalodikgang kana kaelo e nngwe e e tswang mo bathong. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ile ba kgona go bona se Lefoko la Modimo le se bolelang ka maemo a bone mme morago ba dirisa se ba se ithutileng. Seno se ka thusa jang lelapa gore le boloke legae la lone le na le kagiso?—2 Timotheo 3:16, 17.
FA MONNA WA GAGO E LE WA BODUMEDI JO BONGWE
3. (a) Baebele e gakolola jang mabapi le go nyala motho wa tumelo e e farologaneng le ya gago? (b) Ke melaometheo efe ya botlhokwa e e dirang fa yo mongwe mo lenyalong e le modumedi mme yo mongwe e se ene?
3 Baebele e re gakolola e nonofile gore re se ka ra nyalana le motho wa bodumedi jo bo farologaneng le jwa rona. (Duteronome 7:3, 4; 1 Bakorinthe 7:39) E ka tswa e le gore o ne wa ithuta boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng o sena go nyalwa mme monna wa gago ene a se ka a bo ithuta. Go tweng ka seo? Gone mme, ikano ya gago ya lenyalo e santse e go bofile. (1 Bakorinthe 7:10) Baebele e gatelela gore kgolagano ya lenyalo ke ya bosakhutleng e bile e kgothaletsa batho ba ba nyalaneng go rarabolola mathata go na le go a tshabela. (Baefeso 5:28-31; Tito 2:4, 5) Go tweng he fa e le gore monna wa gago ga a batle o dira ditiro tsa bodumedi jwa Baebele? A ka nna a leka go go thibela go ya kwa dipokanong tsa phuthego kana a ka nna a bolela gore ga a batle mosadi wa gagwe a tsamaya le matlo a bua ka bodumedi. O tla dira eng?
4. Mosadi a ka supetsa monna wa gagwe jang gore o a mo akanyetsa fa monna a se mo tumelong e le nngwe le ene?
4 Ipotse, ‘Ke eng fa monna wa me a ikutlwa ka tsela eno?’ (Diane 16:20, 23) Fa e le gore tota ga a tlhaloganye se o se dirang, a ka tswa a tlhobaela thata ka wena. Kana a ka tswa a gatelelwa ke ba losika gonne o sa tlhole o kopanela le bone mo dingwaong tse di botlhokwa mo go bone. “Ke ne ke ikutlwa ke latlhilwe fa ke setse ke le nosi,” go ne ga bolela jalo monna mongwe. Monna yono o ne a ikutlwa gore bodumedi bo mo tseela mosadi. Lefa go ntse jalo, boikgogomoso bo ne bo mo thibela go dumela gore o ne a jewa ke bodutu. Monna wa gago a ka tswa a tlhoka go tlhomamisediwa gore lebaka la go bo o rata Jehofa ga le reye gore jaanong ga o tlhole o mo rata jaaka pele. Tlhomamisa gore o nna nako e ntsi le ene.
5. Mosadi yo monna wa gagwe e leng wa tumelo e sele o tshwanetse go lekalekanya dilo jang?
5 Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se botlhokwa thata se o tshwanetseng go se akanyetsa gore o tle o kgone go rarabolola boemo jono ka botlhale. Lefoko la Modimo le ikuela jaana mo basading: “Ineeleng mo banneng ba lona, jaaka go tshwanetse mo Moreneng.” (Bakolosa 3:18) Ka jalo, e tlhagisa kgatlhanong le moya wa go itirela dilo o sa laolwe ke ope. Mo godimo ga moo, lokwalo lono fa lo re “jaaka go tshwanetse mo Moreneng” lo supa gore o ikobela monna wa gago o ntse o ikobela le Morena. Go tlhokega tekatekano.
6. Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go nna a gakologetswe melaometheo efe?
6 Mo Mokereseteng, go ya kwa dipokanong tsa phuthego le go neela ba bangwe bosupi ka tumelo ya gago e e thailweng mo Baebeleng ke dikarolo tsa botlhokwa tsa kobamelo ya boammaaruri tse di sa tshwanelang go tlhokomologiwa. (Baroma 10:9, 10, 14; Bahebere 10:24, 25) O ne o tla dira eng fa motho a ne a ka go laela ka tlhamalalo gore o se ka wa dira se Modimo o se batlang? Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Sekao sa bone ke thulaganyo e e ka latelwang mo maemong a mantsi a botshelo. A go bo o rata Jehofa go tla go tlhotlheletsa gore o ineele mo go ene ka botlalo ka tsela e e mo tshwanetseng? Ka nako e e tshwanang, a tsela e o ratang le go tlotla monna wa gago ka yone e go dira gore o leke go dira seno ka tsela e e ka se kang ya mo kgopisa?—Mathaio 4:10; 1 Johane 5:3.
7. Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go iketleetsa jang?
7 Jesu o ne a lemoga gore seno ga se kitla se kgonega ka metlha. O ne a tlhagisa ka gore go ganediwa ga kobamelo ya boammaaruri go tla dira gore maloko a a dumelang a malapa mangwe a ikutlwe e kete a kgaogantswe, jaaka e kete go fetile lerumo fa gare ga bone le maloko a mangwe a lelapa. (Mathaio 10:34-36) Seno se ne sa diragalela mosadi mongwe wa kwa Japane. Monna wa gagwe o ne a mo ganetsa ka dingwaga di le 11. O ne a mo tshwara makgwakgwa e bile a tlhola a mo lotlelela kwa ntle. Lefa go ntse jalo, o ne a itshoka. O ne a thusiwa ke ditsala tse di mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a rapela a sa kgaotse e bile a ikgothatsa ka 1 Petere 2:20. Mosadi yono wa Mokeresete o ne a tlhatswegile pelo gore fa a ne a ka nna a nonofile, letsatsi lengwe ene le monna wa gagwe ba tla direla Jehofa mmogo. Mme o ne a dira fela jalo.
8, 9. Mosadi o tshwanetse go dira eng gore a tile go beela monna wa gagwe dikgoreletsi tse di sa tlhokegeng?
8 Go na le dilo tse dintsi tse di mosola tse o ka di dirang go fetola maikutlo a yo o nyalaneng nae. Ka sekai, fa monna wa gago a sa batle bodumedi jwa gago, se dire dilo tse dingwe tse di tla dirang gore a ngongorege. Tshola ntlo e le phepa. Apara o bo o ipaakanye sentle mo mmeleng. Mmolelele thata gore o a mo rata le gore o a mo anaanela. Mo eme nokeng, o se ka wa mo kgala. Supa gore o lebeletse gore a go etelele pele. O se ka wa ipusolosetsa fa o ikutlwa gore o go diretse phoso. (1 Petere 2:21, 23) Itlhokomolose bosaitekanelang jwa gagwe mme fa go tsoga dikgogakgogano, ikokobetse mme o ikope maitshwarelo pele.—Baefeso 4:26.
9 Se dire go ya dipokanong lebaka la go bo o mo fa dijo nako e setse e fetile. O ka nna wa swetsa go ya kwa bodireding jwa Bokeresete ka dinako tsa fa monna wa gago a seyo mo gae. Mosadi wa Mokeresete o tla bo a supa botlhale fa a dira gore a se ka a rerela monna gagwe fa a sa batle. Go na le moo o latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Le lona basadi ba lo nyetsweng, lo nne kutlo mo banneng ba lona; e tle e re, le fa bangwe ba sa utlwe lefoko le, ba tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone; ba bone mokgwa o montle wa lona, lo le bori go pataganye le poifo.” (1 Petere 3:1, 2) Basadi ba Bakeresete ba leka go supa maungo a moya wa Modimo ka botlalo.—Bagalatia 5:22, 23.
FA MOSADI E LE WA TUMELO E SELE
10. Monna yo o dumelang o tshwanetse go dira jang fa mosadi wa gagwe e le wa bodumedi bo sele?
10 Go tweng fa monna e le Mokeresete mme mosadi e le wa tumelo e sele? Baebele e a re kaela mo maemong a a ntseng jalo. Ya re: “Fa monna yo e leng modumedi a na le mosadi yo o sa dumeleng, fa mosadi a itumela go aga nae, monna a se mo tlogele.” (1 Bakorinthe 7:12) Gape e kgothatsa banna jaana: “Banna, ratang basadi ba lona.”—Bakolosa 3:19.
11. Monna a ka supa temogo le go dirisa botlhogo jwa gagwe ka kelotlhoko jang fa mosadi wa gagwe e se Mokeresete jaaka ene?
11 Fa o le monna yo mosadi wa gagwe e leng wa tumelo e e farologaneng le ya gago, ela tlhoko thata gore o tlotle mosadi wa gago o bo o akanyetse maikutlo a gagwe. Jaaka mogolo, o tshwanelwa ke go newa kgololesego ya go dira ditiro tsa kobamelo ya gagwe, lefa o sa dumalane le tsone. Fa o bua le ene la ntlha ka tumelo ya gago, se solofele gore o tla latlha dilo tse a sa bolong go di dumela a bo a dumela tse disha. Go na le gore o bolele gore ditiro tse ene le lelapa la gaabo ba sa bolong go di tseela kwa godimo ke tsa maaka, mo tlhalosetse mabaka a Dikwalo ka bopelotelele. A ka nna a ikutlwa e kete o mo latlhile fa o dirisa nako e ntsi ya gago mo ditirong tsa phuthego. A ka nna a go ganetsa fa o direla Jehofa, se a se batlang fela e le gore: “Nna le nna nako e ntsinyana!” Nna pelotelele. Fa o mo akanyetsa ka lorato, e ka nna ya re moragonyana a thusiwa gore a amogele kobamelo ya boammaaruri.—Bakolosa 3:12-14; 1 Petere 3:8, 9.
GO THAPISA BANA
12. Lefa monna le mosadi e le ba ditumelo tse di farologaneng, melaometheo ya Dikwalo e ka dirisiwa jang mo go thapiseng bana ba bone?
12 Mo legaeng la batho ba ba seng mo kobamelong e le nngwe, gantsi go ruta bana ka bodumedi go tsosa dikgang. Melaometheo ya Dikwalo e tshwanetse go dirisiwa jang? Baebele e abela rre boikarabelo jwa go thapisa bana, mme mmè le ene o na le seabe sa botlhokwa. (Diane 1:8; bapisa Genesise 18:19; Duteronome 11:18, 19.) Rre e santse e le tlhogo ya lelapa lefa a sa ikobele botlhogo jwa ga Keresete.
13, 14. Mosadi a ka dira eng fa monna a mo thibela go tsamaya le bana kwa dipokanong tsa Bokeresete kana go ithuta le bone?
13 Borre bangwe ba ba sa dumelang ga ba gane bommè ba ruta bana bodumedi. Ba bangwe ba a gana. Go tweng fa monna wa gago a gana o tsamaya le bana kwa dipokanong tsa phuthego kana a go thibela go ithuta le bone Baebele mo legaeng? Jaanong o tla tshwanela ke go dira maikarabelo a le mmalwa o a lekalekanya—boikarabelo jwa gago mo go Jehofa Modimo, le mo monneng yo e leng tlhogo ya gago le mo baneng ba gago ba o ba ratang. O ka kgona go di dira tsotlhe jang?
14 Ruri o tla rapelela kgang eno. (Bafilipi 4:6, 7; 1 Johane 5:14) Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong, o tshwanetse wa swetsa gore o tsaya tsela efe. Fa o dira dilo ka kelotlhoko, o phepafaletsa monna wa gago gore ga se gore o nyatsa botlhogo jwa gagwe, kgabagare o tla fokotsa go go ganetsa. O santse o ka ruta bana ba gago, lefa monna wa gago a sa batle o tsamaya le bone kwa dipokanong kana o ithuta Baebele le bone. Leka go ba ruta go rata Jehofa, go dumela Lefoko la gagwe, go tlotla batsadi—go akaretsa le rraabo—go amega ka lorato ka batho ba bangwe le go anaanela ditsela tsa go dira ditiro ka kelotlhoko, ka go tlotla le bone letsatsi le letsatsi le ka go ba tlhomela sekao se se siameng. Kgabagare, rre o tla bona matswela ano a a molemo e bile a ka nna a lebogela matsapa a gago.—Diane 23:24.
15. Boikarabelo jwa rre yo o dumelang ke eng mo go ruteng bana?
15 Fa o le monna yo o dumelang mme mosadi wa gago ene a sa dumele, he o tshwanetse go rwala boikarabelo jwa go godisetsa bana ba gago “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Fa o ntse o dira jalo, gone o tshwanetse go nna pelonomi, lorato le pelotlhomogi fa o dirisana le mosadi wa gago.
FA BODUMEDI JWA GAGO E SE JWA BATSADI BA GAGO
16, 17. Ke melaometheo efe ya Baebele e bana ba tshwanetseng go e gakologelwa fa tumelo e ba e ratang e farologane le ya batsadi ba bone?
16 Tota go tlwaelegile gore bana ba bannye le bone ba nne mo bodumeding jo bo farologaneng le jwa batsadi ba bone. A o dirile jalo? Fa go ntse jalo, Baebele e na le se e go gakololang ka sone.
17 Lefoko la Modimo la re: “Utlwang batsadi ba lona mo Moreneng, gonne mo, go siame. Tlotla rraago le mmaago.” (Baefeso 6:1, 2) Seo se akaretsa go tlotla batsadi o ba boifa ka tshwanelo. Lefa go ntse jalo, le mororo go le botlhokwa gore o ikobele batsadi, ga o a tshwanela go dira jalo o tlhokomologile Modimo wa boammaaruri. Fa ngwana a setse a godile mo a ka itirelang ditshwetso, o nna le boikarabelo ka se a se dirang. Seno ga se reye fela mo molaong wa selefatshe mme segolobogolo mo molaong wa bomodimo. “Mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela Modimo,” go bolela jalo Baebele.—Baroma 14:12.
18, 19. Bana ba ka thusa batsadi ba bone jang go tlhaloganya tumelo ya bone botoka fa bodumedi jwa bone bo farologane le jwa batsadi ba bone?
18 Fa dilo tse o di dumelang di dira gore o fetole botshelo jwa gago, leka go tlhaloganya kafa batsadi ba lebang dilo ka teng. Ba tla itumela fa o ba tlotla, o ba reetsa e bile o dira ditiro tsa gago ka botlhaga go feta pele ka ntlha ya go bo o ithuta Baebele le go dirisa dithuto tsa yone. Lefa go ntse jalo, fa tumelo eno ya gago e ntšha e dira gore o gane tumelo le dingwao tse ba di ratang thata, ba ka nna ba akanya gore o gana boswa jo ba batlang go bo go naya. Ba ka nna ba tlhobaela gore ga o kake wa atlega mo dilong fa se o se dirang se sa ratwe mo tikologong eo, kana fa go dira gore o se ka wa latela tsela e ba akanyang gore e ne e tla go thusa go nna le dithoto. Boikgogomoso le jone bo ka kgoreletsa. Ba ka nna ba akanya gore totatota se o se kayang ke gore o nepile mme bone ba phoso.
19 Ka gone, fa go kgonega rulaganya ka bonako jo bo ka kgonegang gore batsadi ba gago ba kopane le bangwe ba bagolwane kana Basupi ba ba nonofileng ba phuthego ya lefelo la lona. Kgothaletsa batsadi ba gago go etela Holo ya Bogosi go ya go ikutlwela se go buiwang ka sone le go iponela ka bobone gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba mofuta ofe. Boikutlo jwa batsadi ba gago bo ka nna jwa fetoga fa nako e ntse e tsamaya. Tota lefa batsadi ba ganetsa thata, ba senya dikgatiso tsa Baebele e bile ba thibela bana ba bone go ya dipokanong tsa Bokeresete, gantsi o ka kgona go balela felo gongwe, wa kgona go bua le Bakeresetekawena le go neela bana ba bangwe bosupi ka tsela e e seng ya tlwaelo le go ba thusa. Gape o ka rapela Jehofa. Basha ba bangwe ba tshwanela go leta go fitlha ba godile mo ba ka tswang mo legaeng la lelapa la bone pele ba ka kgona go dira mo go oketsegileng. Lefa go ntse jalo, lefa seemo se ka tswa se ntse jang, se lebale go “tlotla rraago le mmaago.” Dira seabe sa gago mo go direng gore legae le nne le kagiso. (Baroma 12:17, 18) Mo godimo ga moo, nna le kagiso le Modimo.
KGWETLHO YA MOTSADI YO E SENG WA TLHOLEGO
20. Bana ba ka nna ba ikutlwa jang fa rraabo kana mmaabo e se motsadi wa bone wa tlholego?
20 Boemo jo bo gwetlhang go a feta otlhe mo magaeng a mantsi, ga se jwa bodumedi mme ke jwa motsadi yo o seng wa tlholego. Magae a mantsi gompieno a na le bana ba ba tshotsweng mo manyalong a pele a motsadi a le mongwe kana boobabedi. Mo lelapeng le le ntseng jalo, bana ba ka nna ba fufega le go galefa kana ba se ka ba itse gore ba ikanyege mo go mang. Seno se ka felela ka gore, ba itlhokomolose maiteko a motsadi yo o seng wa bone wa tlholego a a dirang ka tlhoafalo go nna rre kana mmè yo o molemo. Ke eng se se ka thusang gore lelapa le le nang le motsadi yo o seng wa tlholego le atlege?
21. Le mororo maemo a bone e le a a sa tlwaelegang, ke eng fa batsadi ba e seng ba tlholego ba tshwanetse go solofela gore melaometheo e e mo Baebeleng e tla ba thusa?
21 Itse gore melaometheo ya Baebele e e dirang gore magae a mangwe a atlege le fano e a dira le mororo ano e le maemo a a sa tshwaneng gotlhelele. Mathata a ka nna a lebega a tokafala ka lobakanyana fa melaometheo eo e tlhokomologiwa mme go dira jalo go tlile go tlisa kutlobotlhoko moragonyana. (Pesalema 127:1; Diane 29:15) Ithute go nna le botlhale le temogo—botlhale jwa go dirisa melaometheo ya bomodimo o akantse ka melemo ya gone e e tsayang lobaka lo loleele le temogo ya go itse lebaka la go bo maloko a lelapa a bua le go dira ditiro dingwe tse di rileng. Gape o tlhoka go akanyetsa ba bangwe o ba utlwela botlhoko.—Diane 16:21; 24:3; 1 Petere 3:8.
22. Ke eng fa bana ba bangwe ba ka fitlhela go le bokete go amogela motsadi yo o sa ba tsalang?
22 Fa o se motsadi wa bone wa tlholego, o ka gakologelwa gore gongwe bana ba ne ba go itumelela fa o ne o santse o le tsala fela ya lelapa. Maikutlo a bone a ka tswa a ne a fetoga fa o nna motsadi wa bone. Fa ba gakologelwa motsadi wa bone wa tlholego yo a sa tlholeng a tshela le bone, bana ba ka tswa ba lwa le kgopolo ya gore ba ikanyege mo go mang, gongwe e bile ba akanya gore o batla gore ba go rate mme ba se ka ba tlhola ba rata motsadi wa bone yo o seyong. Ka dinako tse dingwe ba ka nna ba go bolelela ka tlhamalalo gore ga o rre wa bone kana mmè wa bone. Dipolelo tse di ntseng jalo di utlwisa botlhoko. Lefa go ntse jalo, “o se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale.” (Moreri 7:9) Temogo le go akanyetsa di tlhokega thata gore o kgone go itshokela maikutlo a bana.
23. Bana ba ka kgalemelwa jang mo lelapeng le motsadi yo mongwe e seng wa tlholego?
23 Dinonofo tseo di botlhokwa thata fa o ba kgalemela. Go botlhokwa gore o ba kgalemele nako le nako fa go tshwanetse. (Diane 6:20; 13:1) E re ka bana ba sa tshwane, o ka se ka wa ba kgalemela ka tsela e e tshwanang. Batsadi ba e seng ba tlholego ba fitlhela gore, kwa tshimologong, go botoka fa karolo eno ya botsadi e dirwa ke yo e leng motsadi wa bone wa tlholego. Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore batsadi boobabedi ba dumalane ka kgalemelo ba bo ba e dirise, ba sa e dire fela mo baneng ba e seng ba bone ba tlholego mme ba tlogela ba e leng ba bone. (Diane 24:23) Boikobo bo botlhokwa mme go tshwanetse ga elwa tlhoko diphoso tse di bakiwang ke bosaitekanelang. Se feteletse dilo. Kgalemelo e supa lorato.—Bakolosa 3:21.
24. Ke eng se se ka thusang go tila mathata a boitsholo fa gare ga maloko a bong jo bo sa tshwaneng mo lelapeng le le nang le motsadi yo o seng wa tlholego le bana?
24 Go tlotla ka dilo jaaka lelapa go ka thusa thata mo go thibeleng mathata. Seno se ka thusa lelapa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata tsa botshelo. (Bapisa Bafilipi 1:9-11.) Gape go ka thusa mongwe le mongwe go lemoga seabe se a tshwanetseng go se dira gore lelapa le fitlhelele mekgele ya lone. Mo godimo ga moo, go bua ka tlhamalalo jaaka lelapa go ka thibela mathata a boitsholo. Basetsana ba tshwanetse go itse gore ba apare jang le go itshwara jang mo go rre le bomorwarraabone ba e seng ba tlholego le basimane ba tshwanetse go gakololwa gore ba itshware jang mo go mmaabone le bokgaitsadiabone ba e seng ba tlholego.—1 Bathesalonika 4:3-8.
25. Ke dinonofo dife tse di ka bolokang kagiso mo lelapeng la motsadi yo o seng wa tlholego?
25 Nna pelotelele fa o ntse o lwa le kgwetlho ya go nna motsadi yo o seng wa tlholego. Go tsaya nako go bopa botsalano jo bosha. Go dira gore o ratwe le go tlotliwa ke bana ba o sa ba tsalang e ka nna tiro e kgolo. Lefa go ntse jalo, go a kgonega. Pelo e e botlhale e e nang le temogo, mmogo le keletso e e nonofileng ya go itumedisa Jehofa, ke selotlele sa go bona kagiso mo lelapeng le motsadi yo mongwe e seng wa tlholego. (Diane 16:20) Dinonofo tse di ntseng jalo di ka go thusa go itshokela maemo a mangwe gape.
A KUTLWANO YA LEGAE LA GAGO E SENNGWA KE GO BATLA DITHOTO?
26. Mathata le tsela e dithoto di lejwang ka yone di ka senya kutlwano ya lelapa jang?
26 Mathata le maikutlo a batho ka dithoto a ka senya kutlwano ya lelapa ka ditsela tse dintsi. Se se botlhoko ke gore, malapa a mangwe a tlhakatlhakanngwa ke dikomang tsa madi le keletso ya go huma—kana go huma ka mo go oketsegileng. Kutlwano e ka tlhokega fa banyalani ba dira botlhe e bile ba na le boikutlo jwa gore “ke madi a me, ke madi a gago.” Lefa gone dikgogakgogano di ka kgona go tilwa, banyalani ba ba dirang botlhe ba ka fitlhela ba dira dilo ka tsela e ba dirisang nako e nnye thata ba le mmogo. Selo sengwe se se atang mo lefatsheng ke gore borre ba kgaogana le malapa a bone ka lobaka lo loleele—dikgwedi kana le tsone dingwaga—gore ba bone madi a a kwa godimo ga a ba neng ba ka a bona kwa gae. Seno se ka baka mathata a a masisi.
27. Ke melaometheo efe e e ka thusang lelapa le le nang le mathata a madi?
27 Ga go kake ga tlhongwa melao epe ya gore maemo ano a ka rarabololwa ka tsela efe gonne malapa a na le mathata a a sa tshwaneng e bile a tlhoka dilo tse di sa tshwaneng. Lefa go ntse jalo, kgakololo ya Baebele e ka thusa. Ka sekai, Diane 13:10 e supa gore dikgogakgogano tse di sa tlhokegeng di ka tilwa ka go ‘amogela kgakololo.’ Seno ga se reye fela go bolelela ba bangwe dikgopolo tsa gago mme go raya go kopa kgakololo le go batla go itse gore motho yo mongwe o leba kgang jang. Mo godimo ga moo, go lekanyetsa madi le dilo tse di rekwang sentle go ka thusa go dira gore lelapa le utlwane. Ka dinako tse dingwe, go ka tlhokega—gongwe ka lobakanyana—gore banyalani ba dire boobabedi gore ba kgone go duelela ditshenyegelo segolobogolo fa ba na le bana kana bangwe ba ba ikaegileng ka thuso ya bone. Fa go ntse jaana, monna a ka tlhomamisetsa mosadi wa gagwe gore o santse a na le nako ya go nna nae. Ene le bana ba ka thusa ka lorato go dira dingwe tsa ditiro tse a neng a tlhola a di dira a le nosi.—Bafilipi 2:1-4.
28. Ke dikgakololo dife tse fa di nna di gakologetswe di tla thusang lelapa gore le leke go dira mmogo ka kutlwano?
28 Lefa go ntse jalo, nna o gakologetswe gore le mororo madi a tlhokega thata mo tsamaisong eno ya dilo, ga a tlise boitumelo. Ga a kake a go naya botshelo. (Moreri 7:12) Eleruri, go batla dithoto ka mo go feteletseng go ka senya bomoya le boitsholo. (1 Timotheo 6:9-12) A bo go le botoka jang ne gore re batle pele Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe, re tlhomamisa gore o tla segofatsa maiteko a rona fa re ntse re senka dilo tse re di tlhokang tsa botshelo! (Mathaio 6:25-33; Bahebere 13:5) Fa o boloka dilo tsa semoya kwa pele le fa o senka go nna le kagiso pele le Modimo, o tla fitlhela gore lo tla nna seoposengwe lo utlwana ka boammaaruri mo dilong tse di botlhokwa thata, le mororo go na le maemo mangwe mo legaeng la gago a a dirang gore lo se ka lwa utlwana.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BA BA MO LELAPENG JANG GO BOLOKA LEGAE LA BONE LE NA LE KAGISO?
Bakeresete ba ithuta go nna le temogo.—Diane 16:21; 24:3.
Banyalani ga ba bontshane lorato le tlotlo mo lenyalong fela fa e le ba bodumedi bo le bongwe.—Baefeso 5:23, 25.
Mokeresete ga a kake le ka motlha a tlola molao wa Modimo ka boomo.—Ditiro 5:29.
Bakeresete ba rata kagiso.—Baroma 12:18.
Se kgopisege ka bonako.—Moreri 7:9.
[Lebokoso mo go tsebe 139]
MANYALO A A TSHWANETSENG A NAYA SERITI E BILE A NA LE KAGISO
Mo metlheng eno ya rona, banna le basadi ba bantsi ba nna mmogo jaaka borre le bommè mme ba sa nyalana kafa molaong. Jono ke boemo jo modumedi yo mosha a ka nnang a tshwanela go bo rarabolola. Mo maemong a mangwe, bokopano jono jwa bone bo ka tswa bo dumelelwa mo tikologong kana bo siame fela go ya ka ngwao ya morafe oo, mme gone bo sa dumelelwe ke molao. Lefa go ntse jalo, molao wa Baebele o batla gore lenyalo le kwadisiwe sentle. (Tito 3:1; Bahebere 13:4) Baebele e laela batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete gore monna a nne le mosadi a le mongwe le mosadi a nne le monna a le mongwe mo kgolaganong ya lenyalo. (1 Bakorinthe 7:2; 1 Timotheo 3:2, 12) Go dira tumalanong le molao ono ke kgato ya ntlha ya go nna le kagiso mo legaeng. (Pesalema 119:165) Melao ya ga Jehofa ga e a gagamala e bile ga e bokete. Se a se re se rutang se diretswe gore se re solegele molemo.—Isaia 48:17, 18.
[Setshwantsho mo go tsebe 130]
Leka go tlhaloganya kgopolo ya motho yo mongwe
[Setshwantsho mo go tsebe 138]
Lefa o ka tswa o le motsadi wa tlholego kana o se motsadi wa tlholego wa bana ikaege ka Baebele gore e go kaele