LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-24 ts. 2-6
  • Jesu Keresete—Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete—Ke Mang?
  • Jesu Keresete—Ke Mang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lorato—Taelo ya Gagwe
  • Lorato Lwa Gagwe lo a Dira
  • Jesu a ka Fetola Jang Botshelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Dumela mo go Jesu Keresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A O Tla Tsaya Kgato ka Ntlha ya Lorato lwa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jesu O ne A Dira Eng Fa a Ne a Le mo Lefatsheng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu Keresete—Ke Mang?
T-24 ts. 2-6

Jesu Keresete—Ke Mang?

“LE E LENG batho ba bantsi ba e seng Bakeresete ba dumela gore Ene e ne e le moruti yo mogolo le yo o botlhale. Eleruri e ne e le mongwe wa batho ba ba tlhotlheletsang go gaisa ba ba kileng ba tshela.” (The World Book Encyclopedia) “Ene” ke mang? Jesu Keresete, mothei wa Bokeresete. A o a itse gore ke mang? A o ama botshelo jwa gago ka tsela epe fela?

Ditiragalo tsa bodiredi jwa ga Jesu di boletswe mo Baebeleng mo dibukeng di le nnè tsa hisitori tse di bidiwang Diefangele. Dipego tseno di boammaaruri go le kana kang? Morago ga gore rahisitori yo o itsegeng e bong Will Durant a di sekaseke, o ne a kwala jaana: “Gore banna ba sekae fela ba e seng ba maemo a a kalo ba ka bo ba ile ba tlhama ka kokomana e le nngwe fela polelo kaga motho wa mofuta o o ntseng jalo yo o gapang maikutlo, ba bua ka melaometheo ya maemo a a kwa godimo thata ya boitsholo le bokaulengwe jo bo kgatlhisang fela thata jwa batho, e ne e tla nna kgakgamatso e kgolo thata go gaisa epe fela e e kwadilweng mo Diefangeleng.”

Le fa go ntse jalo, dimilione di le dintsi tsa batho ba kwa Botlhaba le ba kwa dinageng tse dingwe, ga di itse Jesu Keresete. Ba ka nna ba dumela gore o kile a nna teng, mme ga ba akanye gore a ka tswa a amana ka gope le matshelo a bone. Ba bangwe ba tlhobosa Jesu e le motho yo go ka se lebiweng kwa go ene ka ntlha ya dilo tse di dirilweng ke ba ba ipolelang e le balatedi ba gagwe. Bangwe kwa Japane ba ne ba tle ba re, ‘Ba ne ba latlhela bomo ya atomo kwa Nagasaki, motse o o nang le Bakeresete ba bantsi go feta bontsi jwa metse ya Japane.’

Le fa go ntse jalo, a o ka bona ngaka molato ka go bo molwetse a lwala fa e le gore molwetse ga a dirisa ditaelo tse a di neetsweng ke ngaka? Go phepafetse gore o ka se ka wa dira jalo. Batho ba Labokeresete ga ba bolo go itlhokomolosa ditaelo tsa ga Jesu malebana le go fenya mathata a bone a letsatsi le letsatsi. Ka jalo go na le gore o gane Jesu ka ntlha ya batho ba go tweng ke Bakeresete, ba ba sa lateleng ditaelo tsa gagwe, ke ka ntlha yang fa wena ka bowena o sa ithute sengwe kaga gagwe? Leba mo Baebeleng mme o bone gore tota Jesu ke mang le gore ke jang e bile a ka fetolang botshelo jwa gago.

Lorato—Taelo ya Gagwe

Jesu Keresete e ne e le moruti yo mogolo yo o neng a nna kwa Palesetina mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Go itsewe go le gonnye fela ka botshelo jwa gagwe jwa fa a sa le ngwana. (Mathaio, dikgaolo 1 le 2; Luke, dikgaolo 1 le 2) Fa Jesu a nna dingwaga di le 30, o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa gore a “neye bosupi ka boammaaruri.” (Johane 18:37; Luke 3:21-23) Batho ba le banè ba ba neng ba bega ka hisitori ya botshelo jwa ga Jesu ba ne ba tlhoma mogopolo mo bodireding jwa gagwe jwa phatlalatsa, dingwaga di le tharo le sephatlo tsa bofelo tsa go nna ga gagwe mo lefatsheng.

Mo bodireding jwa gagwe, Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe senotlolo sa go rarabolola mathata a a farologaneng mo matshelong a bone. Senotlolo seo e ne e le eng? E ne e le lorato. Mo go nngwe ya dithero tse di itsegeng thata mo hisitoring, e e bidiwang Thero ya kwa Thabeng, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe kafa ba ka bontshang batho ba bangwe lorato ka teng. O ne a bolela jaana: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Molaomotheo ono o bidiwa Molao wa Sekagouta. “Batho” ba Jesu a buang ka bone fano ba akaretsa le e leng baba ba motho. Mo go yone thero eo, o ne a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) A lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo se kitla lo rarabolola mathata a mantsi a re lebaneng le one gompieno? Moeteledipele wa Mohindu e bong Mohandas Gandhi o ne a akanya jalo. O ne a nopolwa a bolela gore: “Fa [re] ka dumalana mo dithutong tse di neng tsa bolelwa ke Keresete mo Therong eno ya kwa Thabeng, re tla bo re kgonne go rarabolola mathata . . . a lefatshe lotlhe.” Fa dithuto tsa ga Jesu kaga lorato di ka dirisiwa, di ka fedisa mathata a batho.

Lorato Lwa Gagwe lo a Dira

Jesu o ne a dira se a neng a se ruta. O ne a baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe e bile o ne a supa lorato ka ditiro. Letsatsi lengwe Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba direla bontsi jwa batho, ba sa ikhutse go ja dijo. Jesu o ne a bona gore barutwa ba gagwe ba tlhoka gore ba “ikhutse go sekae,” ka jalo ba ne ba ya kwa lefelong le le se nang batho. Mme boidiidi bo ne jwa ba raka mme bo ne bo ba letetse gore ba fitlhe. O ka bo o ile wa tsibogela seno jang fa o ne o le mo boemong jwa ga Jesu? Ebu, Jesu o ne a “ba tlhomogela pelo” mme “a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:30-34) Boikutlo jono jo bo maatla jwa kutlwelobotlhoko bo ne jwa mo tlhotlheletsa go thusa ba bangwe.

Se Jesu a neng a se dira gore batho ba solegelwe molemo e ne e se fela go ba ruta dilo tsa semoya. O ne a ba neela le thuso ya dilo tse di bonalang. Ka sekai, o ne a fepa banna ba le 5 000 (mmogo le basadi le bana) ba ba neng ba ntse ba mo reeditse go fitlha e nna thari letsatsi lengwe. Mo lekgetlhong le lengwe moragonyana o ne a fepa ba bangwe ba le 4 000. Mo tiragalong ya ntlha, o ne a dirisa dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi mme mo go e nngwe dinkgwe di le supa le ditlhapi di le mmalwa fela. (Mathaio 14:14-21; 15:32-38; Mareko 6:35-44; 8:1-9) Dikgakgamatso tsone? Ee, o ne a dira dikgakgamatso.

Gape Jesu o ne a fodisa balwetse ba le bantsi. O ne a fodisa difofu, digole, balepero le bosusu. Ebu, o ne a bo a tsosa le baswi! (Luke 7:22; Johane 11:30-45) Nako nngwe molepero o ne a mo rapela jaana: “Fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” Jesu o ne a tsibogela seno jang? “A otlolola seatla sa gagwe a mo ama, mme a mo raya a re: ‘Ke a batla. Phepafadiwa.’” (Mareko 1:40, 41) Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke keletso e e maatla gore a ba thuse. Ka dikgakgamatso tse di ntseng jalo, o ne a bontsha go rata ga gagwe batho ba ba tshwenyegileng.

A go thata go dumela seo? Mme gone Jesu o ne a dira bontsi jwa dikgakgamatso tsa gagwe phatlalatsa. Le e leng baganetsi ba gagwe, ba ba neng ba leka go mmona molato mo tiragalong nngwe le nngwe, ba ne ba ka se ganetse boammaaruri jwa gore o ne a dira dikgakgamatso. (Johane 9:1-34) Go feta moo, dikgakgamatso tsa gagwe di ne di na le boikaelelo. Di ne di thusa batho go tlhomolola Jesu e le yo o romilweng ke Modimo.—Johane 6:14.

Go sekaseka ka bokhutshwane fela dithuto tsa ga Jesu le botshelo jwa gagwe go dira gore re mo anaanele e bile go re tlhotlheletsa gore re batle go etsa lorato lwa gagwe. Le fa go ntse jalo, eo ga se yone fela tsela e Jesu a ka amang botshelo jwa gago ka yone. E ne e se fela moruti yo mogolo yo o rutang ka ga lorato. O ne a supa gore o ne a tshela pele ga e nna motho e le Morwa wa Modimo yo o tsetsweng a le esi. (Johane 1:14; 3:16; 8:58; 17:5; 1 Johane 4:9) Gape o ntse a tshela morago ga gore e nne motho, e leng se se mo dirang gore a nne wa botlhokwa thata mo go wena. Baebele e supa gore Jesu o ne a tsosiwa mme jaanong o tlhomilwe go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. (Tshenolo 11:15) Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3; 20:31) Eleruri, go anya kitso kaga Jesu Keresete go ka raya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng! Seno se ka diragala jang? Ke ka ntlha yang o sa ithute mo go oketsegileng kaga Jesu mme o bone ka moo ‘lorato lo Keresete a nang le lone lo re patelelang’ ka teng go mo etsa? (2 Bakorintha 5:14) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.—Johane 13:34, 35.

Dinopolo tsa Dikwalo Tsa Segerika di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme tsa Dikwalo Tsa Sehebera di tswa mo thanolong ya Baebele E E Boitshepo ya 1992, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga nopolo nngwe gone go supa gore e ranotswe go tswa go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya puo ya Seesemane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela