THUTO 10
Go Nna Matlhagatlhaga
TLHAGAFALO e thusa go tsenya puo botshelo. Le fa gone go le botlhokwa go nna le puo e e rutang, puo e e matlhagatlhaga e e tletseng botshelo ke yone e e tla thusang sebui go gapa mogopolo wa bareetsi. Le fa o ka tswa o le wa lotso lofe kgotsa le fa botho jwa gago bo ka tswa bo ntse jang, o ka kgona go tlhagolela nonofo ya go nna matlhagatlhaga.
Tsenya Maikutlo fa o Bua. Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa kwa Samarea, o ne a re ba ba obamelang Jehofa ba tshwanetse go dira jalo “ka moya le ka boammaaruri.” (Joh. 4:24) Kobamelo ya bone e tshwanetse go tlhotlhelediwa ke dipelo tse di tletseng kanaanelo le go nna tumalanong le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Fa motho a na le kanaanelo eo e e boteng, e tla bonala mo tseleng e a buang ka yone. O tla tlhagafalela go bua le ba bangwe ka dilo tse Jehofa a re fileng tsone ka lorato. Tebego ya sefatlhego sa gagwe, boitshikinyo jwa gagwe jwa mmele le lentswe la gagwe di tla supa tsela e tota a ikutlwang ka yone.
Ka jalo, ke ka ntlha yang fa sebui se se ratang Jehofa e bile se dumela dilo tse di se buang se ka nna sa se ka sa tlhagafala fa se bua? Ga go a lekana fela gore a baakanyetse se a tlileng go se bua. O tshwanetse gore a tsamaisane le kgang ya gagwe sentle, a tsenye maikutlo otlhe a gagwe mo go yone. A re tseye gore o abetswe go bua ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Fa motho a neela puo eno ga a tshwanela go akanya fela ka dintlha tsa puo mme o tshwanetse a akanya le kafa a anaanelang ka teng se setlhabelo sa ga Jesu se se bolelang mo go ene le mo bareetsing ba gagwe. O tshwanetse a akanya kafa a lebogang Jehofa Modimo le Keresete Jesu ka teng ka ntlha ya thulaganyo eno e e molemo. O tshwanetse go akanya ka tebelelo e e molemo thata ya botshelo e thulaganyo eno e e bulelang batho—boitumelo jo bo sa khutleng ka botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le le tsosolositsweng la paradaise! Ka jalo, o tshwanetse go tsenya pelo ya gagwe yotlhe mo kgannyeng eno.
Malebana le Esera wa mokwadi, e leng morutisi kwa Iseraele, Baebele e bolela gore “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira le go ruta mo Iseraele.” (Esera 7:10) Thanolo ya lefoko ka lefoko ya mafoko a ntlhantlha a Baebele a a ranotsweng ka gore ‘etleeditse pelo ya gagwe’ ke ‘baakantse pelo ya gagwe.’ Fa re dira ka tsela e e tshwanang—re sa baakanye fela tshedimosetso mme re baakanya le dipelo tsa rona—re tla bua go tswa pelong. Go bua boammaaruri go tswa pelong ka tsela e e ntseng jalo go ka thusa thata batho ba re buang le bone gore ba rate boammaaruri tota.
Akanya ka Bareetsi ba Gago. Selo se sengwe sa botlhokwa se se dirang gore o bontshe tlhagafalo ke go tlhatswega pelo gore bareetsi ba gago ba tshwanetse go utlwa se o tlileng go ba bolelela sone. Seno se bolela gore fa o baakanyetsa puo ya gago, ga o a tshwanela go kokoanya dintlha tse di botlhokwa fela mme gape o tshwanetse go rapela Jehofa gore a go kaele gore o di dirisetse go thusa ba o tlileng go bua le bone. (Pes. 32:8; Math. 7:7, 8) Sekaseka go bona gore ke ka ntlha yang fa bareetsi ba gago ba tshwanetse go utlwa tshedimosetso eno, e tla ba solegela molemo ka tsela efe, le gore o ka e neela jang ka tsela e ba tla lemogang mosola wa yone ka gone.
Baakanyetsa dintlha tsa gago go fitlha o nna le sengwe se o utlwang se go kgatlha thata. Ga go tlhokege gore di bo di le disha, mme tsela e o di tlhalosang ka yone e ka dira gore di utlwale di le disha. Fa e le gore o baakanyetsa sengwe se ruri se tla thusang bareetsi ba gago go nonotsha kamano ya bone le Jehofa, go anaanela dilo tse a re direlang tsone, go lebana le mathata a botshelo ka katlego mo tsamaisong eno ya bogologolo ya dilo, kgotsa gore ba nne le matswela mo bodireding jwa bone, he o na le mabaka a a utlwalang a go tlhagafala fa o neela puo ya gago.
Go tweng fa kabelo ya gago e le go bala phatlalatsa? Gore o dire jalo ka tlhagafalo, go tlhokega se se fetang fela go kgona go bitsa mafoko sentle le go a baya ka ditlhopha ka tsela e e tshwanetseng. Ithute dintlha tseo. Fa e le gore o tlile go bala karolo nngwe ya Baebele, dira patlisiso ka yone. Tlhomamisa gore o tlhaloganya bokao jwa yone jwa konokono. Akanya kafa e solegelang wena le bareetsi ba gago molemo ka gone, mme o bale o na le keletso ya go batla go fetisetsa seo mo go ba ba go reeditseng.
A o baakanyetsa bodiredi jwa tshimo? Boeletsa kgang e o tlileng go tlotla ka yone le ditemana tse o ikaeletseng go di dirisa. Gape, akanya ka se se leng mo megopolong ya batho. Metswedi ya dikgang e ntse e bega eng? Ba kopana le mathata afe? Fa o na le dintlha tse o tla bontshang batho ka tsone gore Lefoko la Modimo le na le ditharabololo tsa mathata a a ba tshwenyang, o ikutlwa o eletsa go dira jalo, mme tlhagafalo e itlela fela.
Bontsha Tlhagafalo ka go Neela Puo e e Nang le Botshelo. Tlhagafalo e bontshiwa sentle ka go neela puo ka tsela e e nang le botshelo. Seno se tshwanetse go bonala mo sefatlhegong sa gago. O tshwanetse go utlwala o tlhatswegile pelo, e seng go gatelela fela maikutlo a gago.
O tshwanetse go nna tekatekano. Bangwe ba ka nna ba tlhagafala thata kaga sengwe le sengwe. Ba ka nna ba tlhoka go thusiwa go lemoga gore fa motho a bua ka boikgogomoso kgotsa a tseega maikutlo ka tsela e e feteletseng, bareetsi ba gagwe ba tla akanya ka ene go na le go akanya ka molaetsa wa gagwe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ba ditlhong ba tlhoka go kgothadiwa gore ba tsenye lentswe la bone maatla go sekaenyana.
Tlhagafalo ke boikutlo jo bo tshelanwang. Fa o leba bareetsi sentle mme o neela puo ya gago ka tlhagafalo, bareetsi ba gago le bone ba tla tlhagafala ka tsela e e tshwanang. Apolose o ne a bua ka tlhagafalo, e bile o ne a tlhalosiwa go twe ke setswerere mo puong. Fa e le gore o tuka ka moya wa Modimo, puo ya gago e e nang le botshelo e tla tlhotlheletsa ba ba go reeditseng go tsaya kgato.—Dit. 18:24, 25; Bar. 12:11.
Tlhagafalo e Tshwanela Dintlha Tsa Puo. Ela tlhoko gore o se ka wa tlhagafala thata mo puong yotlhe ya gago mo e tla lapisang bareetsi. Fa ba lapile jalo ga ba na ba utlwa kgothatso epe fela e o e nayang gore ba berekele mo go yone. Seno se gatelela botlhokwa jwa go baakanyetsa dintlha tse di dirang gore o nne o fetofetole tsela e o buang ka yone fa o neela puo. Leka go dira gore o se ka wa iphitlhela o bua ka mokgwa o o dirang gore go bonale e kete ga o kgathale. Fa o tlhopha dintlha tsa gago ka kelotlhoko, o tla di kgatlhegela fela thata. Mme go na le dintlha dingwe tse tsone ka tlholego fela di batlang gore o nne tlhaga go feta fa o bua tse dingwe, mme di tshwanetse go lomaganngwa sentle mo puong yotlhe ya gago.
Segolobogolo dintlha tsa konokono di tshwanetse go neelwa ka tlhagafalo. Puo ya gago e tshwanetse gore e nne le setlhoa se o batlang gore e fitlhe kwa go sone. E re ka tseno e le dintlha tsa konokono tsa puo ya gago, gantsi e tla nna dintlha tse boikaelelo jwa tsone e leng go tlhotlheletsa bareetsi ba gago. Fa o sena go tlhatswa bareetsi ba gago pelo ka se o se buang, jaanong o tshwanetse go ba tlhotlheletsa, go ba bontsha melemo ya go dirisa dilo tse o tlotlileng ka tsone. Tlhagafalo ya gago e tla go thusa go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gago. Puo e e nang le botshelo ga e a tshwanela go nna selo se se dirwang ka bothata. Go tshwanetse ga nna le lebaka la go e neela jalo, mme dintlha tsa gago di tla go naya lebaka la go dira jalo.