THUTO 38
Matseno a a Tsosang Kgatlhego
MATSENO ke karolo e e botlhokwa thata ya puo. Fa o tsositse kgatlhego ya bareetsi ba gago tota, ba tla reetsa ka tlhoafalo se o tlileng go se bua. Mo tshimong, fa matseno a gago a sa tsose kgatlhego, o ka nna wa se ka wa kgona go tswelela pele ka molaetsa wa gago. Fa o neela puo kwa Holong ya Bogosi, bareetsi ga ba na ba tswa ba tsamaya, mme batho bangwe ba ka nna ba simolola go eta ka mogopolo fa o sa dira gore ba kgatlhegele se o se buang.
Fa o baakanyetsa matseno a gago, akanyetsa dilo tse di latelang tse o batlang go di fitlhelela: (1) go dira gore bareetsi ba go reetse, (2) go bua setlhogo sa gago ka tsela e e utlwalang sentle, le (3) go bontsha gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore bareetsi ba gago ba utlwe setlhogo se o buang ka sone. Mo makgetlhong mangwe, dilo tse tharo tseno di ka fitlhelelwa mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ka kgona go dira se le sengwe fela ka nako, e bile o ka nna wa se ka wa di dira ka tatelano e e beilweng fa godimo.
Kafa o ka Dirang ka Gone Gore Bareetsi ba go Reetse. Lebaka la go bo batho ba kgobokane go tla go reetsa puo ga le bolele gore ba siametse go reetsa setlhogo sa gago ka kelotlhoko. Ka ntlha yang? Matshelo a bone a tletse ka dilo di le dintsi tse di batlang gore ba di tlhokomele. Ba ka tswa ba tshwenyegile ka bothata bongwe kwa gae kgotsa ka ditlhobaelo tse dingwe tsa botshelo. Go na le ditsela di le mmalwa tsa go fitlhelela seno.
Nngwe ya dipuo tse di itsegeng thata tse di kileng tsa neelwa e ne e le Thero ya kwa Thabeng. E ne ya simolola jang? Go ya ka pego ya ga Luke, Jesu o ne a re: “Go itumela lona bahumanegi, . . . go itumela lona ba lo tshwerweng ke tlala jaanong, . . . go itumela lona ba lo lelang jaanong, . . . go itumela lona le fa e le leng fela fa batho ba lo tlhoa.” (Luke 6:20-22) Ke ka ntlha yang fa tsela eno e ne ya tsosa kgatlhego? Ka mafoko a sekae fela, Jesu o ne a bontsha gore o lemoga mangwe a mathata a a masisi a bareetsi ba gagwe ba neng ba tshwanelwa ke go lebana le one. Go tswa foo, go na le go tlotla lobaka lo loleele ka mathata ano, o ne a bontsha gore batho ba ba neng ba na le mathata ano ba ne ba sa ntse ba ka itumela, mme o ne a dira seno ka tsela e e neng ya dira gore bareetsi ba gagwe ba batle go utlwa mo go oketsegileng.
Dipotso di ka dirisiwa ka tsela e e nang le matswela go tsosa kgatlhego, mme di tshwanetse go nna tse di tshwanelang. Fa dipotso tsa gago di bontsha gore o tlile go bua fela ka dilo tse bareetsi ba gago ba setseng ba kile ba di utlwa, go ise go ye kae ba ka simolola go se kgatlhegele se o tlileng go se bua. O se ka wa botsa dipotso tse di tla tlhabisang bareetsi ba gago ditlhong kgotsa tse di ba rayang di re ga ba dire dilo dingwe sentle. Go na le moo, leka go botsa dipotso tsa gago ka tsela e e tla dirang gore ba akanye. Kgwa moya go sekae morago ga potso nngwe le nngwe gore bareetsi ba gago ba nne le nako ya go itirela karabo mo megopolong ya bone. Fa ba utlwa gore ba buisana le wena mo megopolong ya bone, go raya gore ba go reeditse.
Go tlhalosa boitemogelo bongwe ke tsela e nngwe e e molemo ya go dira gore bareetsi ba go reetse. Mme go bua boitemogelo fela go ka nna ga se ka ga go thusa go fitlhelela boikaelelo jwa gago fa boitemogelo joo bo tlogela mongwe mo bareetsing ba gago a tlhabilwe ke ditlhong. Fa bareetsi ba gakologelwa kgang ya gago mme ba sa gakologelwe thuto e kgang eo e neng e e ruta, go raya gore ga o a fitlhelela boikaelelo jwa gago. Fa go dirisiwa boitemogelo mo matsenong, bo tshwanetse go nna jone jo karolo e kgolo ya puo ya gago e theilweng mo go jone. Le fa go ka nna ga tlhokega go tlhalosa dintlha dingwe go dira gore kgang e o e buang e utlwale sentle, ela tlhoko gore o se ka wa dira gore maitemogelo a nne maleele thata.
Dibui dingwe di simolola puo ka ntlha nngwe ya bosheng ya dikgang, nopolo nngwe go tswa mo lokwalodikgannyeng, kgotsa polelo nngwe e e builweng ke motswedi mongwe wa tshedimosetso o o itsegeng. Dilo tseno le tsone di ka thusa fa di tshwanela kgang tota e bile di tshwanela bareetsi.
Fa puo ya gago e le karolo ya dipuo tsa simphosiamo kgotsa e le karolo ya dipuo tsa mo Pokanong ya Tirelo, he go molemo go dira gore matseno a gago a nne makhutshwane mme a ope kgomo lonaka. Fa o neela puo ya phatlalatsa, kgomarela nako e e beetsweng matseno ka kelotlhoko. Mmele wa puo ke one o o tla nayang bareetsi ba gago tshedimosetso e e botlhokwa thata.
Ka dinako dingwe o ka nna wa iphitlhela o bua le bareetsi ba ba sa dumeleng se o se buang kgotsa e bile ba se botsalano. O ka dira jang gore ba go reetse? Setefane, Mokeresete wa bogologolo yo o tlhalosiwang a ‘tletse moya le botlhale,’ o ne a patelediwa go ema fa pele ga Sanehederine ya Bajuda. Fa a le koo o ne a femela Bokeresete ka botswerere. O ne a simolola jang? Ka tlotlo, e bile a bua ka sengwe se botlhe ba neng ba se amogela. “Banna, bakaulengwe le borra, utlwang. Modimo wa kgalalelo o ne a bonala kwa go rraaronamogologolwane Aborahame.” (Dit. 6:3; 7:2) Kwa Areopago kwa Athena, moaposetoloi Paulo o ne a dira gore matseno a gagwe a tshwanele bareetsi ba ba neng ba farologane gotlhelele le ba ga Setefane, a re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe.” (Dit. 17:22) Ka ntlha ya matseno ano a a nang le matswela, bareetsi mo makgetlhong ano a mabedi ba ne ba rata go utlwa mo go oketsegileng.
Fa o le mo tshimong, le teng o tlhoka go dira gore batho ba go reetse. Fa o sa rulaganya loeto lwa gago go sa le gale, mong wa ntlo a ka nna a bo a tshwaregile ka dilo tse dingwe. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go lebeletswe gore baeng ba ba sa lalediwang ba tlhalose ka bonako gore ba etetseng. Kwa mafelong mangwe, dingwao tsa teng di tlhoka gore go latelwe mekgwa mengwe pele ga o tlhalosa lebaka la go eta ga gago.—Luke 10:5.
Le fa boemo e ka tswa e le bofe, go nna botsalano ka tsela ya mmatota go ka thusa go dira gore lo kgone go tlotla. Gantsi go molemo go simolola ka sengwe se se amanang ka tlhamalalo le se motho yono a se akantseng. O ka bona jang gore ke eng se o tshwanetseng go se dirisa? Ebu, fa o ne o atamela motho yono, o ne a dira eng? Gongwe o a lema, o tlhokometse mabala go dikologa ntlo ya gagwe, o baakanya koloi, o a apaya, o tlhatswa diaparo, kgotsa o tlhokometse bana. A o ne a lebile sengwe—lokwalodikgang kgotsa sengwe se se diregang kwa mmileng? A lefelo le a nnang mo go lone le bontsha gore o kgatlhegela thata go tshwara ditlhapi, metshameko, mmino, go eta, dikhomputara, kgotsa sengwe se sele? Batho ba tshwenyegile ka se ba sa tswang go se utlwa mo radiong kgotsa go se bona mo thelebisheneng. Potso kgotsa kakgelo e khutshwane ka nngwe le nngwe ya dilo tseno e ka dira gore lo nne le motlotlo o o botsalano.
Tiragalo ya fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng se se gaufi le Sikara ke sekao se sentle se se bontshang kafa motho a ka simololang motlotlo ka gone gore a neele bosupi.—Joh. 4:5-26.
O tshwanetse go baakanyetsa matseno a gago ka kelotlhoko, bogolo jang fa phuthego ya lona e bereka tshimo ya yone gangwe le gape. E seng jalo o ka nna wa se ka wa kgona go neela bosupi.
Bua Setlhogo sa Gago. Mo phuthegong ya Bokeresete, gantsi modulasetulo kgotsa mongwe yo o tlang pele ga gago mo thulaganyong o tla itsise setlhogo sa puo ya gago a bo a go bitse. Le fa go ntse jalo, go ka nna molemo go gakolola bareetsi ba gago ka setlhogo sa gago fa o simolola. O ka dira seno ka go bua mafoko a setlhogo jaaka a ntse, mme legale ga go reye gore go tshwanetse ga nna jalo ka metlha. Mokgwa le fa e le ofe o o o dirisang, ka iketlo go tshwanetse ga bonala gore setlhogo sa reng fa puo e ntse e tsweletse. Ka tsela nngwe mo matsenong, o tshwanetse go dira gore bareetsi ba lemoge setlhogo sa gago.
Fa Jesu a ne a romela barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne a ba bolelela ka tsela e e utlwalang sentle molaetsa o ba neng ba tshwanetse go o bua. “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Math. 10:7) Fa Jesu a ne a bua ka motlha wa rona, o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa.” (Math. 24:14) Re kgothalediwa go “rera lefoko,” ke gore re kgomarele Baebele fa re neela bosupi. (2 Tim. 4:2) Le fa go ntse jalo, pele ga o bula Baebele kgotsa o bolelela motho ka Bogosi, gantsi go botlhokwa go bontsha sengwe se batho ba tshwenyegileng ka sone ka nako eo. O ka nna wa bua ka tlolomolao, go tlhoka ditiro, tshiamololo, ntwa, kafa o ka thusang basha ka gone, bolwetse kgotsa loso. Mme o se ka wa bua ka lobaka lo loleele ka dilo tse di sa itumediseng; molaetsa wa gago ke o o itumedisang. Leka go isa motlotlo kwa Lefokong la Modimo le kwa tsholofelong ya Bogosi.
Bontsha Gore ke ka Ntlha Yang Fa go Le Botlhokwa Gore Bareetsi ba Utlwe Setlhogo se o Buang ka Sone. Fa e le gore o tla bo o bua mo phuthegong, o ka tlhomamisega gore bareetsi ba gago ka kakaretso ba tla kgatlhegela se o tlotlang ka sone. Mme a ba tla reetsa ka tsela e e tshwanang le ya motho a ithuta sengwe se tota se mo amang? A ba tla reetsa ka tlhoafalo ka gonne ba lemoga gore se ba se utlwang se tshwanela boemo jo ba leng mo go jone le ka gonne o dira gore ba eletse go dira sengwe ka gone? Go tla nna jalo fela fa e le gore o ne wa akanyetsa bareetsi ba gago ka kelotlhoko—o ne wa akanyetsa maemo a bone, dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone, maikutlo a bone—fa o baakanyetsa puo ya gago. Fa e le gore o ne wa akanyetsa dilo tseno, he mo matsenong a gago akaretsa sengwe se se bontshang seo.
Le fa o ka tswa o bua mo seraleng kgotsa o neela mongwe bosupi, nngwe ya ditsela tse di molemo thata tsa go tsosa kgatlhego mo kgannyeng e o buang ka yone ke go dira gore bareetsi ba amege mo go se o se buang. Bontsha kafa mathata a bone, dilo tse ba di tlhokang, kgotsa dipotso tse ba ipotsang tsone di amanang ka gone le setlhogo se o se tlotlang. Fa o ba bontsha gore ga o ye go tlotla dilo ka go di akaretsa fela mme o tlile go tlotla ka dintlha tse di maleba tsa kgang ya gago, ba tla go reetsa ka tlhoafalo le go feta. Gore o dire jalo, o tshwanetse go baakanyetsa sentle.
Tsela e o Buang ka Yone. Se o se buang mo matsenong a gago se botlhokwa thata, mme tsela e o se buang ka yone le yone e ka tsosa kgatlhego. Ka ntlha ya moo fa o baakanyetsa ga o a tshwanela go akaretsa fela se o tlileng go se bua mme gape le tsela e o tlileng go se bua ka yone.
Fa o batla go fitlhelela maikaelelo a gago go botlhokwa gore o tlhophe mafoko a a tshwanetseng, ka jalo o ka nna wa go fitlhela go le molemo go baakanyetsa dipolelo tsa ntlha tse pedi kgotsa tse tharo ka kelotlhoko. Gantsi go molemo go dirisa dipolelo tse dikhutshwane tse di sa raraanang. Fa o baakanyetsa puo e o tlileng go e neela mo phuthegong, o ka nna wa rata go kwalolola mafoko ano jaaka fa o tla a bua mo aotlelaeneng ya gago, kgotsa o ka nna wa tlhopha go a tshwara ka tlhogo gore mafoko a gago a a simololang a tswe a le maatla jaaka go tshwanela. Go neela matseno a gago ka katlego o iketlile go ka go thusa go ritibala ka tsela e e tlhokegang gore o neele puo yotlhe ya gago.
Nako E o Ka Baakanyetsang Matseno ka Yone. Batho ba na le maikutlo a a sa tshwaneng mo ntlheng eno. Dibui dingwe tse di nang le maitemogelo di dumela gore fa o baakanyetsa puo o tshwanetse go simolola ka matseno. Ba bangwe ba ba ithutileng go bua phatlalatsa ba na le maikutlo a gore matseno a tshwanetse go baakanyediwa fa o sena go baakanyetsa mmele wa puo.
Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse go itse gore setlhogo sa gago sa reng le gore o rulaganyetsa go tlhalosa dintlha dife tsa konokono pele ga o ka baakanyetsa matseno a a tshwanetseng. Mme go tweng fa o baakanyetsa puo ka aotlelaene e e kwadilweng? Fa o sena go bala aotlelaene, o kgona go bona gore o tla dirisa matseno afe, go tla bo go ntse go siame go e kwala fa fatshe. Gakologelwa gape gore, fa o batla gore matseno a gago a nne le matswela, o tshwanetse go akanyetsa bareetsi ba gago, le dintlha tse di mo aotlelaeneng.