Sekao se se Molemo—Asafe
Asafe o na le mathata mo botshelong jwa gagwe. O bona batho botlhe ba ba mo dikologileng ba tlola melao ya Modimo mme go bonala ba sa otlhaiwe! Mme ka ntlha ya seo, Asafe o ipotsa gore a tota a tswelele ka go leka go itumedisa Modimo. A re: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato.” Le fa go ntse jalo, fa Asafe a sena go akanya thata ka kgang eno, o fetola mogopolo. O lemoga gore boitumelo le fa e ka nna bofe jo baikepi ba nnang le jone ke jwa nakwana. Asafe o swetsa ka goreng? O bolelela Jehofa mo pineng a re: “Kwantle ga gago ga ke na sepe se sengwe se se nnatefelelang mo lefatsheng.”—Pesalema 73:3, 13, 16, 25, 27.
Gongwe ka dinako dingwe o ipotsa gore go molemo go le kana kang go tshela ka melao ya Modimo. Mme gone, dira jaaka Asafe, akanya ka matswela a se baikepi ba se dirang. Akanya ka seemo sa batho ba ba sa ikobeleng melao ya ga Jehofa. A ruri ba itumetse? A ba bone boitumelo bongwe jo batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba se nang jone? Fa o sena go akanya sentle ka kgang eno, o tla tlhotlheletsega go bua mafoko ano a a neng a buiwa ke Asafe: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.”—Pesalema 73:28.