LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 2 ts. 5
  • Ba Latlhegelwa ke Paradaise

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Latlhegelwa ke Paradaise
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Go na Le Batho ba Bagolo go re Feta
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 2 ts. 5
Efa o tshwere leungo le le ileditsweng

KAROLO 2

Ba Latlhegelwa ke Paradaise

Moengele mongwe wa motsuolodi o tlhotlheletsa monna wa ntlha le mosadi e bong Adame le Efa gore ba gane bolaodi jwa Modimo. Ka ntlha ya seo, boleo le loso di tsena mo lefatsheng

DINGWAGANGWAGA pele ga Modimo a bopa batho, o ne a bopa dibopiwa di le dintsi tsa semoya—baengele. Kwa Edene, moengele mongwe wa motsuolodi, yo moragonyana a neng a itsege e le Satane Diabolo, o ne a raela Efa ka boferefere gore a je leungo la setlhare se le sengwe fela se Modimo a neng a ba laetse gore ba se ka ba se ja.

Satane o ne a dirisa noga go bolelela Efa gore Modimo o tima mosadi yono le monna wa gagwe sengwe se se monate. Moengele yono o ne a bolelela Efa gore ene le monna wa gagwe ba ne ba se kitla ba swa fa ba ka ja leungo le le ileditsweng. Ka go dira jalo, Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore o aketsa bana ba gagwe ba mo lefatsheng. Motsietsi yono o ne a dira gore go bonale e kete go tsuologela Modimo go dira gore motho a nne le kitso e e kgethegileng le kgololesego. Mme seno sotlhe e ne e le maaka—tota e bile, ke one maaka a ntlha a a neng a buiwa mo lefatsheng. Tota fano kgangkgolo e ne e ama bolaodi jwa Modimo, kgotsa gore ke mang yo o tshwanelwang ke go busa—gore a Modimo o na le tshwanelo ya go busa le gore a o busa ka tsela e e siameng le e e tla solegelang batho ba a ba busang molemo.

Efa o ne a dumela maaka a ga Satane. A simolola go eletsa leungo, mme a le ja. Moragonyana ga moo o ne a le naya monna wa gagwe, mme le ene a le ja. Ka ntlha ya seo ba ne ba nna baleofi. Tiragalo eo e go neng go bonala e sa re sepe, tota e ne e bontsha gore ba a tsuologa. Fa Adame le Efa ba tlhopha go tlola taelo ya Modimo ka boomo, ba ne ba gana go laolwa ke Mmopi yo o neng a ba neile sengwe le sengwe, go akaretsa le botshelo jo bo itekanetseng.

Losika lo tla ‘go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla lo gobatsa mo seretheng.’—Genesise 3:15

Modimo o ne a atlhola batsuolodi bano botlhoko ka ntlha ya botsuolodi joo jwa bone. O ne a bolelela pele go tla ga Losika lo lo solofeditsweng kgotsa Mogolodi, yo o neng a tla senya noga e e emelang Satane. Modimo ga a ka a diragatsa katlholo ya gagwe ya loso mo go Adame le Efa ka yone nako eo, ka go dira jalo a bontsha kutlwelobotlhoko mo baneng ba bone ba ba neng ba ise ba tsholwe. Bana bano ba ne ba tla nna le lebaka la go nna le tsholofelo ka gonne Yo Modimo a neng a tla mo romela o ne a tla dirolola ditlamorago tse di botlhoko tse di neng tsa nna gone ka ntlha ya botsuolodi jwa kwa Edene. Fa Baebele e ntse e kwalwa, go ne ga senoga kgato ka kgato gore Modimo o ne a tla diragatsa jang boikaelelo jwa gagwe ka Mmoloki yoo yo o neng a tla tla mo isagweng le gore morongwa yoo e tla nna mang.

Modimo o ne a leleka Adame le Efa mo Paradaiseng. E le gore ba kgone go tswelela ba tshela ba ne ba tla tshwanelwa ke go bereka ka thata gore ba kgone go lema mmu o o neng o le kwa ntle ga tshimo ya Edene. Moragonyana Efa o ne a ima mme a tshola Kaine, ngwana wa ntlha wa ga Adame le Efa. Banyalani bano ba ne ba nna le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana, go akaretsa Abele le Sethe, rremogologolwane wa ga Noa.

—E tswa mo go Genesise kgaolo 3 go ya go 5; Tshenolo 12:9.

  • Maaka a ntlha a a neng a buiwa ke afe, mme a ne a buiwa ke mang?

  • Go tlile jang gore Adame le Efa ba latlhegelwe ke Paradaise?

  • Fa Modimo a atlhola batsuolodi ka ntlha ya botsuolodi jwa bone, o ne a dira jang gore go nne le lebaka la go nna le tsholofelo?

BOSAITEKANELANG LE LOSO

Modimo o ne a bopa Adame le Efa ba itekanetse, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng. Ba ile ba leofa fa ba ne ba tsuologela Modimo. Ka jalo, Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke go itekanela mme ba senya kamano ya bone le Moneibotshelo, Jehofa. Go simolola ka nako eo go ya pele, bone mmogo le ditlogolwana tsotlhe tsa bone tse di sa itekanelang ba ne ba ka se kgone go tila boleo mme kgabagare ba ne ba tla swa.—Baroma 5:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela