LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 3 potso 1-4
  • A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ithuta mo Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Baebele ke Molaetsa o o Tswang Kwa Modimong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Lekwalo le le Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 3 potso 1-4

THUTO 3

A Tota Dikgang Tse di Molemo di Tswa Kwa Modimong?

1. Mokwadi wa Baebele ke mang?

Dikgang tse di molemo tsa gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng di kwadilwe mo Baebeleng. (Pesalema 37:29) Baebele e na le dibukana di le 66. Modimo o ne a dirisa banna ba ba ikanyegang ba ka nna 40 gore ba di kwale. Dibuka tsa ntlha tse tlhano di kwadilwe ke Moshe mo e ka nnang dingwaga tse 3 500 tse di fetileng. Buka ya bofelo e kwadilwe ke moaposetoloi Johane dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng. Bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala megopolo ya ga mang? Modimo o ne a buisana le bakwadi ba Baebele a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo. (2 Samuele 23:2) Ba ne ba kwala megopolo ya Modimo e seng ya bone. Ka jalo, Jehofa ke ene Mokwadi wa Baebele.—Bala 2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:20, 21.

Leba bidio ya Mokwadi wa Baebele ke Mang?

2. Re ka tlhomamisega jang gore Baebele e boammaaruri?

Re a itse gore Baebele e tswa kwa Modimong ka gonne e bolelela pele isagwe ka botlalo le ka nepo. Ga go motho ope yo o ka kgonang go dira jalo. (Joshua 23:14) Modimo Mothatayotlhe ke ene fela a ka kgonang go bonela pele isagwe ya batho ka nepo.—Bala Isaia 42:9; 46:10.

Re ka solofela gore buka e e tswang kwa Modimong e tlhomologe, mme go ntse jalo ka Baebele. Go anamisitswe dikhopi tsa Baebele di le dibilione ka dipuo tse dintsintsi. Le fa Baebele e le buka ya bogologolo, e dumalana le dintlha tse di boammaaruri tsa saense. Gape dintlha tse bakwadi ba yone ba le 40 ba di kwadileng ga di ganetsane.a Mo godimo ga moo se Baebele e se buang ka lorato, se ka buiwa fela ke Modimo wa boammaaruri—Modimo yo o lorato. Gape Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho gore a nne botoka. Dintlha tseno di tlhomamisetsa dimilione tsa batho gore Baebele ke Lefoko la Modimo.—Bala 1 Bathesalonika 2:13.

Leba bidio ya Re ka Itse Jang Gore Baebele e Boammaaruri?

3. Baebele e bua ka eng?

Sengwe sa ditlhogo tse dikgolo tsa Baebele ke dikgang tse di molemo tse di buang gore Modimo o na le boikaelelo jo bo lorato ka batho. Dikwalo di tlhalosa kafa kwa tshimologong batho ba ileng ba latlhegelwa ka gone ke tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise le kafa kgabagare paradaise e tla tsosolosiwang ka gone.—Bala Tshenolo 21:4, 5.

Gape Lefoko la Modimo le na le melao, melaometheo le dikgakololo. Mo godimo ga moo, mo Baebeleng go na le pego ya kafa Modimo a ileng a dirisana le batho ka gone mo nakong e e fetileng—pego e e senolang botho jwa Modimo. Ka jalo, Baebele e ka go thusa go itse Modimo. E tlhalosa kafa o ka nnang tsala ya gagwe ka gone.—Bala Pesalema 19:7, 11; Jakobe 2:23; 4:8.

4. Ke eng se se ka go thusang go tlhaloganya Baebele?

Boroutšhara jono bo tla go thusa go tlhaloganya Baebele o dirisa mokgwa o Jesu le ene a neng a o dirisa. O ne a umaka ditemana tsa Baebele tse di farologaneng go tlhalosa “se se kaiwang ke Dikwalo.”—Bala Luke 24:27, 45.

Ke dilo di le mmalwa fela tse di itumedisang jaaka dikgang tse di molemo tse di tswang kwa Modimong. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ga ba di kgatlhegele e bile ba bangwe di a ba tena. O se ka wa kgobega marapo. Tsholofelo ya gago ya go bona botshelo jo bo sa khutleng e ikaegile ka gore o itse Modimo.—Bala Johane 17:3.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 2 ya, buka ya Baebele e re Ruta Eng?

a Bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela