LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • T-35 ts. 1-4
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
    Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?
  • A Pogo e Tla Fela?
    A Pogo e Tla Fela?
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
    Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?
T-35 ts. 1-4
Batsadi ba lebile ditshwantsho tsa morwadia bone yo monnye yo o tlhokafetseng

A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?

A o ka re . . .

  • ee?

  • nnyaa?

  • gongwe?

SE BAEBELE E SE RUTANG

“Go tlile go nna le tsogo.”​—Ditiro 24:15, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

KAFA SEO SE KA RE SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

Re a gomotsega fa mongwe yo re mo ratang a swa.​—2 Bakorintha 1:3, 4.

Re gololesega mo go boifeng loso.​—Bahebera 2:15.

Re nna le tsholofelo ya mmatota ya gore re tla boa re kopana le baratiwa ba rona ba ba suleng.​—Johane 5:28, 29.

Lelapa le motlholagadi ba gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo

A TOTA RE KA DUMELA SE BAEBELE E SE RUTANG?

Ee, ka ntlha ya mabaka a ka nna mararo:

  • Modimo ke Modiri wa botshelo. Baebele ya re Jehofa Modimo ke “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9; Ditiro 17:24, 25) Ga go pelaelo gore Ene yo o neileng dibopiwa tsotlhe botshelo o kgona go dira gore motho yo o suleng a boe a tshele.

  • Modimo o ne a tsosa batho mo nakong e e fetileng. Baebele e umaka batho ba le robedi​—basha, bagolo, banna le basadi​—ba ba neng ba tsosediwa mo lefatsheng. Bangwe ba bone ba ne ba se na lobaka lo loleele ba sule mme a le mongwe wa bone o ne a na le malatsi a le manè a le mo lebitleng!​—Johane 11:39-44.

  • Modimo o tlhoafaletse go tsosa batho gape. Jehofa o tlhoile loso; o lo tsaya e le mmaba. (1 Bakorintha 15:26) O “tlhologelelwa” go fenya mmaba yoo, a dirisa tsogo go fedisa loso. O eletsa go tsosa ba ba leng mo mogopolong wa gagwe gore ba boe ba tshele gape mo lefatsheng.​—Jobe 14:14, 15.

SE O KA AKANYANG KA SONE

Mosimanyana  o gola go fitlha e nna monnamogolo

Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa?

Baebele e araba potso eo mo go GENESISE 3:17-19 le mo go BAROMA 5:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela