LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 7 ts. 16-17
  • A o Tle o Ikutlwe o Jewa ke Bodutu e Bile o Boifa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tle o Ikutlwe o Jewa ke Bodutu e Bile o Boifa?
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o a Tle o Jewe ke Bodutu O bo O Ikutlwe o Boifa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Gomodiwa ke Modimo wa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o Tla Ikanyega Jaaka Elija?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 7 ts. 16-17
Mosimanyana o jewa ke bodutu e bile o tshogile

KAROLO 7

A o Tle o Ikutlwe o Jewa ke Bodutu e Bile o Boifa?

Lebelela mosimanyana yo o mo setshwantshong. O lebega a jewa ke bodutu e bile a tshogile, a o a mmona? A le wena o kile wa ikutlwa jalo?— Mongwe le mongwe o a tle a ikutlwe jalo ka dinako tse dingwe. Baebele e bua ka ditsala tsa ga Jehofa tse le tsone di neng di tle di ikutlwe di jewa ke bodutu e bile di boifa. Mongwe wa bone e ne e le Elija. A re ithute ka ene.

Kgosigadi Jesebele o goa ka bogale

Jesebele o ne a batla go bolaya Elija

Elija o ne a nna kwa Iseraele bogologolo, pele ga Jesu a tsholwa. Ahabe, kgosi ya Iseraele, o ne a sa obamele Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Ahabe le mosadi wa gagwe Jesebele, ba ne ba obamela modimo wa maaka Baale. Ka jalo, batho ba le bantsi ba kwa Iseraele le bone ba ne ba simolola go obamela Baale. Kgosigadi Jesebele o ne a le bosula thata mme a batla go bolaya batho botlhe ba ba obamelang Jehofa, go akaretsa le Elija! A o itse gore Elija o ne a dira eng?—

O ne a tshaba! O ne a siela kgakala kwa nageng mme a iphitlha mo logageng. O akanya gore ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo?— Ee, o ne a boifa. Mme Elija o ne a sa tlhoke go boifa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa. Jehofa o kile a bontsha Elija gore o na le maatla. Ka nako nngwe, Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Elija mme a romela molelo go tswa kwa legodimong. Ka jalo, ruri Jehofa o ne a tla thusa Elija gone jaanong!

Jehofa o araba thapelo ya ga Elija ka go romela molelo go tswa kwa legodimong; Elija o mo logageng; Elija o itumetse fa a sena go utlwa mafoko a a kgothatsang a ga Jehofa

Jehofa o ne a thusa Elija jang?

Fa Elija a ne a sa ntse a le mo logageng, Jehofa o ne a bua le ene mme a mmotsa a re: ‘O dira eng fano?’ Elija a araba a re: ‘Ke nna fela ke sa ntseng ke go obamela. Ke nosi mme ke tshaba gore ke tla bolawa.’ Elija o ne a akanya gore baobamedi ba bangwe botlhe ba ga Jehofa ba bolailwe. Mme Jehofa o ne a raya Elija a re: ‘Nnyaa, seo ga se boammaaruri. Go sa ntse go na le batho ba bangwe ba le 7 000 ba ba sa ntseng ba nkobamela. Nna pelokgale. Go na le tiro e nngwe e ntsi e ke batlang gore o e dire!’ A o akanya gore Elija o ne a itumelela go utlwa seo?—

O ka ithuta eng ka se se diragaletseng Elija?— Ga o a tshwanela go ikutlwa o le nosi kgotsa o boifa ka nako epe. O na le ditsala tse di ratang Jehofa le tse di go ratang. Gape, Jehofa o na le maatla a magolo, mme ka metlha o tla go thusa! A o itumelela go itse gore ga go na nako epe e o leng nosi ka yone?—

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • 1 Dikgosi 19:3-18

  • Pesalema 145:18

  • 1 Petere 5:9

DIPOTSO:

  • A batho ba le bantsi kwa Iseraele ba ne ba obamela Jehofa ka nako e Elija a neng a tshela ka yone? Ba ne ba obamela mang?

  • Ke ka ntlha yang fa Elija a ile a sia mme a ya go iphitlha mo legageng?

  • Jehofa o ne a raya Elija a reng?

  • Re ka ithuta eng ka se se diragaletseng Elija?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela