LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 10 ts. 22-23
  • Jesu O ne A le Kutlo ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu O ne A le Kutlo ka Metlha
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu O ne A Ithuta go Nna Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Yono ke Morwaake”
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 10 ts. 22-23
Josefa le Marea ba fitlhela Jesu yo mmotlana a le mo tempeleng

KAROLO 10

Jesu O ne A le Kutlo ka Metlha

A go motlhofo go reetsa batsadi ba gago ka metlha?— Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo. A o ne o itse gore ka metlha Jesu o ne a le kutlo mo go Jehofa le mo batsading ba gagwe?— Se a se dirileng se ka go thusa gore o reetse batsadi ba gago le fa ka dinako dingwe go se motlhofo. A re ithute se sengwe gape ka kgang eno.

Pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a na le Rraagwe, e bong Jehofa kwa legodimong. Mme gape, Jesu o ne a na le batsadi mo lefatsheng. Maina a bone e ne e le Josefa le Marea. A o itse gore go tlile jang gore e nne batsadi ba gagwe?—

Jehofa o ne a tsaya botshelo jwa ga Jesu kwa legodimong mme a bo tsenya mo go Marea, gore Jesu a kgone go tsholwa a bo a tshele mo lefatsheng. Seno e ne e le kgakgamatso! Jesu o ne a gola mo teng ga Marea fela jaaka bana ba bangwe ba gola mo teng ga bommè ba bone. Mo e ka nnang dikgwedi di le robongwe moragonyana, Jesu o ne a tsholwa. Ke ka tsela eo Marea le monna wa gagwe, e bong Josefa ba neng ba nna batsadi ba ga Jesu ba mo lefatsheng ka yone.

Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12, o ne a dira sengwe se se neng se bontsha kafa a ratang Rraagwe, e bong Jehofa ka gone. Seno se ne sa diragala fa Jesu le batsadi ba gagwe ba ne ba tsaya loeto lo loleele go ya kwa Jerusalema ba ya Tlolaganyong. Fa ba boela gae, Josefa le Marea ba ne ba sa bone Jesu gope. A o itse gore o ne a le kae?—

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a le kwa tempeleng?

Josefa le Marea ba ne ba itlhaganela ba boela kwa Jerusalema mme ba batla Jesu gongwe le gongwe. Ba ne ba tshwenyegile tota ka gonne ba ne ba sa mmone. Mme morago ga malatsi a mararo ba ne ba mo fitlhela mo tempeleng! A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a le kwa tempeleng?— Ka gonne fa a le koo o ne a ka ithuta ka Rraagwe, Jehofa. O ne a rata Jehofa mme a batla go itse gore a ka mo itumedisa jang. Tota le fa a ne a gola a nna monna, ka metlha Jesu o ne a le kutlo mo go Jehofa. Jesu o ne a le kutlo le fa ka dinako dingwe go ne go le thata gore a dire jalo e bile go kaya gore o tshwanetse go utlwa botlhoko. A Jesu o ne a le kutlo le mo go Josefa le Marea?— Ee, Baebele ya re o ne a le kutlo.

O ka ithuta eng mo go se Jesu a se dirileng?— O tshwanetse go reetsa batsadi ba gago, le fa go se motlhofo ka dinako dingwe. A o tla dira jalo?—

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Luke 1:30-35; 2:45-52

  • Baefeso 6:1

  • Bahebera 5:8

DIPOTSO:

  • Go tlile jang gore Josefa le Marea e nne batsadi ba ga Jesu ba mo lefatsheng?

  • Fa batsadi ba ga Jesu ba ne ba mmatla kwa Jerusalema, ba ne ba mo fitlhela kae?

  • O ka ithuta eng mo go se Jesu a se dirileng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela