LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hf karolo 4 karolo 1-2
  • Tsela ya go Dirisa Madi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Dirisa Madi
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 ITHULAGANYENG SENTLE
  • 2 BUANG KA TSHOSOLOGO
  • Go Dirisa Madi Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • Madi
    Tsogang!—2014
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lelapa la Gago le ka Itumela
hf karolo 4 karolo 1-2
Banyalani ba rulaganya ditsela tse ba ka dirisang madi ka tsone

KAROLO 4

Tsela ya go Dirisa Madi

“Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.”—Diane 20:18

Rotlhe re tlhoka madi gore re tlamele ba malapa a rona ka dilo tse ba di tlhokang. (Diane 30:8) Mo godimo ga moo, ‘madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Ga go motlhofo gore banyalani ba bue ka madi, le fa go ntse jalo lo se ka lwa letla madi a baka mathata mo lenyalong la lona. (Baefeso 4:32) Banyalani ba tshwanetse go tshepana le go dira mmogo fa ba dira tshwetso ya gore ba tla dirisa madi jang.

1 ITHULAGANYENG SENTLE

SE BAEBELE E SE BUANG: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Go botlhokwa gore lo dire dithulaganyo mmogo gore lo tla dirisa madi a lona jang. (Amose 3:3) Buang gore lo tlhoka go reka eng le gore lo ka kgona go dirisa bokae. (Diane 31:16) Go nna le madi a go reka sengwe ga go reye gore lo tshwanetse go se reka. Lekang go tila dikoloto. Lo se ka lwa dirisa madi a a fetang a lo nang le one.—Diane 21:5; 22:7.

SE O KA SE DIRANG:

  • Fa lo saletswe ke madi kwa bowelong jwa kgwedi, dirang tshwetso ya gore lo tla a dirisa jang

  • Fa lo dirisitse madi a a fetang a lo nang le one, dirang dithulaganyo tsa gore lo tla fokotsa ditshenyegelo tsa lona jang. Ka sekai, go na le go ya diresetšhurenteng, apayang dijo mo lapeng

Banyalani ba akanya ka ditshenyegelo tsa bone

2 BUANG KA TSHOSOLOGO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Aba ka boikanyegi [kgotsa “ikanyege mo dilong tsotlhe”], e seng fela mo ponong ya ga Jehofa, mme le mo ponong ya batho.” (2 Bakorintha 8:21) Bolelela molekane wa gago boammaaruri malebana le gore o amogela bokae le gore o dirisa bokae.

Ka metlha bua le molekane wa gago pele o dira ditshwetso tse di masisi tse di amanang le madi. (Diane 13:10) Go bua ka madi go tla dira gore go nne go na le kagiso mo lenyalong la lona. O se ka wa tsaya madi a o a amogelang e le a gago, a tseye e le a lelapa.—1 Timotheo 5:8.

Banyalani ba sekaseka lenaane la dilo tse ba tlhokang go di reka

SE O KA SE DIRANG:

  • Dumalanang ka madi a mongwe le mongwe wa lona a ka a dirisang lo sa rerisana

  • Lo se ka lwa emela gore go nne le mathata e bo e le gone lo buang ka madi

KAFA O LEBANG MADI KA GONE

Le fa madi a le botlhokwa, lo se ka lwa a letla gore a bake kgotlhang mo lenyalong la lona kgotsa a dire gore lo tlhobaele go sa tlhokege. (Mathaio 6:25-34) Ga lo tlhoke madi a mantsi gore lo itumelele botshelo. Baebele ya re: “Lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” (Luke 12:15) Ga go sepe se se ka rekwang ka madi se se botlhokwa go feta lenyalo la lona. Ka jalo, kgotsofalelang se lo nang le sone mme lo se ka lwa tlhokomologa kamano ya lona le Modimo. Fa lo dira jalo, lelapa la lona le tla itumela e bile le tla itumedisa Jehofa.—Bahebera 13:5.

IPOTSE . . .

  • Re le lelapa, re ka dira jang gore re se ka ra tsena mo dikolotong?

  • Ke leng la bofelo ke neng ka bua le molekane wa me ka tshosologo ka dikgang tsa madi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela