PINA 21
Nnang lo Batle Bogosi Pele
E e Gatisitsweng
1. Jehofa o’itumelela,
Bogosi jwa ga Kreste,
Gonne o tla bo dirisa
Go baakanya lefatshe.
(KHORASE)
Lo batleng Bogosi pele
Le tshiamo ya ga Jah.
Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,
Mo direleng ka metlha.
2. Ke eng fa lo tshwenyegile
Ka letsatsi le le tlang?
Fa re batla ’Gosi pele
Jah o tla re tlamela.
(KHORASE)
Lo batleng Bogosi pele
Le tshiamo ya ga Jah.
Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,
Mo direleng ka metlha.
3. Jalo rerang ka Bogosi;
Thusang batho ba bangwe
Gore ba itse Jehofa,
Ba nne le tsholofelo.
(KHORASE)
Lo batleng Bogosi pele
Le tshiamo ya ga Jah.
Lo mmakeng ditšhabeng tsotlhe,
Mo direleng ka metlha.
(Bona le Pes. 27:14; Math. 6:34; 10:11, 13; 1 Pet. 1:21.)