PINA 48
Go Tsamaya le Jehofa ka Metlha
E e Gatisitsweng
(Mika 6:8)
1. Re tsamaya le Jehofa,
Ka metlha re le boikobo.
Ruri seno ke tshiamelo,
E Jehofa a re fang yone!
Ka ’rato o re laletsa
Go tsamaya le ene.
Ka jalo fa re ineela,
Re nna ’tlhakoreng la ga Jah.
2. Fa bokhutlo bo’atamela,
Satane o ntse a kurutla.
Fa re ntse re bogisiwa,
Seo se ka re tsenya poifo.
Mme re tla sirelediwa
Fa re nna re’ikanya Jah,
Re mo direla ka metlha.
Re mo rata re sa kgaotse.
3. Jehofa o a re thusa,
Ka moya le ka ’Foko la ’gwe,
Ka phuthego ya Bokreste,
Gape o’araba dithapelo.
Fa re tsamaya le Mmopi,
O tla nna a re kaela
Gore re nne re’ikanyega,
Re tsamaye ka boingotlo.
(Bona le Gen. 5:24; 6:9; 1 Dikg. 2:3, 4.)