PINA 63
Re Basupi ba ga Jehofa!
1. Ba dira medingwana,
Ga ba itse Jehofa
Modimo wa nnete,
Mothatayotlhe.
Mme medimo ya bone
Ga e na thuso epe.
Mme Jehofa Modimo ene,
O na le maatla’a magolo.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah!
Re bua re sa boife.
Tsotlhe tse a di solofetsang,
Ka metlha di’a direga.
2. Re ruta ka leina
La Modimo wa rona.
Re rerela botlhe
’Kgang tsa Bogosi.
Re batla gore batho
Ba itse boammaaruri.
Mme ba obamele Jehofa,
Ba mmake ka metlha yotlhe.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah!
Re bua re sa boife.
Tsotlhe tse a di solofetsang,
Ka metlha di’a direga.
3. Fa re rerela batho,
Re tlotlomatsa Mmopi.
Re tlhagisa botlhe
Ba ba bosula.
O tla ba itshwarela
Fa ba ka sokologa.
Go direla Jah go molemo,
Go re naya tsholofelo.
(KHORASE)
Re Basupi ba ga Jah!
Re bua re sa boife.
Tsotlhe tse a di solofetsang,
Ka metlha di’a direga.
(Bona le Isa. 37:19; 55:11; Esek. 3:19.)