PINA 75
“Ke Fano! Roma Nna!”
1. Batho ba kgoba Jehofa,
Leina la ’gwe ba’a le sotla.
Bangwe ba re o setlhogo.
Dimatla tsa re Jah ga’a yo.
Ke mang yo’o tla ithaopang,
Go ruta nnete ka Mmopi?
(KHORASE 1)
‘Morena ke fano nthome!
Ke tla ba ruta ka wena.
Tiro eno ke tshiamelo.
Ke fano roma nna Jah.’
2. Bangwe ba re Jah o bonya;
Ga ba boife Jehofa.
Ba obamela ditshwantsho,
Ba obamela babusi.
Ke mang yo’o tla ba tlhagisang
Ka letsatsi la katlholo?
(KHORASE 2)
‘Morena ke fano nthome!
Ke tla ya go ba tlhagisa.
Tiro eno ke tshiamelo.
Ke fano roma nna Jah.’
3. Ba ba bonolo ba’a lela
Gonne go tletse bosula.
Ba eletsa go gololwa
Mo mathateng a lefatshe.
Ke mang yo’o tla ba gomotsang?
Le go ba ruta tshiamo?
(KHORASE 3)
‘Morena ke fano nthome!
Ke tla ya go ba gomotsa.
Tiro eno ke tshiamelo.
Ke fano roma nna Jah.’
(Bona le Pes. 10:4; Esek. 9:4.)