PINA 84
Go Dira ka Natla
E e Gatisitsweng
1. Jah Modimo o’a re rata,
O batla re itumela.
Tiro ya ’gwe e’a ipedisa.
A re’e direng ka botlhaga.
(KHORASE)
Re dira ka natla
mo tirong ya Jah.
Mme fa go tlhokega badiri,
re tla ithaopa.
2. Tiro e ntsi, ’fatsheng lotlhe.
A re direng ka bojotlhe.
Fa re’ithaopa ka go rata,
Re tla thusa le go aba.
(KHORASE)
Re dira ka natla
mo tirong ya Jah.
Mme fa go tlhokega badiri,
re tla ithaopa.
3. Tiro e nngwe ke go aga,
Mafelo a kobamelo.
Tiro e nngwe ke go rera;
Go rerela batho botlhe.
(KHORASE)
Re dira ka natla
mo tirong ya Jah.
Mme fa go tlhokega badiri,
re tla ithaopa.
(Bona le Joh. 4:35; Dit. 2:8; Bar. 10:14.)