PINA 108
Lorato Lwa Modimo Lo lo Sa Kgaotseng
1. Modimo’o lorato.
O re bontshitse lorato
Ka go romela Morwawe
Gore a tle go re swela
Mme re nne le tsholofelo
Ya ’tshelo jo bo sa khutleng.
(KHORASE)
Lona ba lo nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Jah o’a lo laletsa.
2. Modimo’o lorato.
O re bontsha ka ditiro.
O rulagantse Bogosi,
Mme a tlhoma Jesu, Kgosi.
Gore a buse ka tshiamo.
A dira thato’a Modimo!
(KHORASE)
Lona ba lo nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Jah o’a lo laletsa.
3. Modimo’o lorato.
Re tlhoka go nna lorato
Fa re ntse re thusa batho
Gore ba itse Modimo.
Re rerela batho botlhe,
Re rera ka moya otlhe.
(KHORASE)
Lona ba lo nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Jah o’a lo laletsa.
(Bona le Pes. 33:5; 57:10; Baef. 1:7.)