PINA 129
Re Tla Tswelela re Itshokile
1. Jesu o rile
Re itshoke fa re lekwa.
Fa’a ne a boga,
O ne a kgona go’itshoka.
Ka gonne ka metlha
O ne a’ikantse Jah.
(KHORASE)
Re tlhoka boitshoko.
Re tlhoka tumelo.
Fa re tshepa Modimo,
Re tla itshoka go ya bokhutlong.
2. Botshelo jono
Bo tletse ka matshwenyego.
Le fa re lela,
Mme re na le tsholofelo,
Go bona re tshela
Mo ’fatsheng le lesha.
(KHORASE)
Re tlhoka boitshoko.
Re tlhoka tumelo.
Fa re tshepa Modimo,
Re tla itshoka go ya bokhutlong.
3. Ga re ineele
E bile ga re belaele.
Re tla direla
Jehofa ka boikanyegi.
A re nneng re’itshoke.
Nako e gaufi.
(KHORASE)
Re tlhoka boitshoko.
Re tlhoka tumelo.
Fa re tshepa Modimo,
Re tla itshoka go ya bokhutlong.
(Bona le Dit. 20:19, 20; Jak. 1:12; 1 Pet. 4:12-14.)