PINA 149
Pina ya Phenyo
E e Gatisitsweng
1. Bakang Jehofa. Leina la ’gwe ke le legolo.
O gogotse Faro le batlhabani ba ’gwe.
Mothatayotlhe,
Ke ene Molaodimogolo.
Ga’a tshwane le ope;
O fenya ’tšhaba tsotlhe.
(KHORASE)
Modimo Jah, Mothatayotlhe,
Ga o fetoge wena Modimo.
O tla fedisa baba ba gago,
O’itshepise leina la ’go.
2. Ditšhaba tsotlhe tse di kgatlhanong le Jehofa,
O tlile go di senya
Le fa di le maatla.
Di tla nyelela
Kwa ntweng ya Aramagedona.
Botlhe ba tla itse
Fa Jehofa’e le Kgosi.
(KHORASE)
Modimo Jah, Mothatayotlhe,
Ga o fetoge wena Modimo.
O tla fedisa baba ba gago,
O’itshepise leina la ’go.
(Bona le Pes. 2:2, 9; 92:8; Mal. 3:6; Tshen. 16:16.)